“Ke Lo Tlhometse Sekao”
“Ke Lo Tlhometse Sekao”
“Lo tshwanetse lo ka bo lo le barutisi ka ntlha ya nako.”—BAHEBERA 5:12.
1. Ke ka ntlha yang fa go utlwala gore mafoko a a mo go Bahebera 5:12 a bo a ka dira gore Mokeresete a ikutlwe a tshwenyegile ka tsela nngwe?
FA O ntse o bala mafoko a a tlhotlheleditsweng a temana eno ya rona ya setlhogo, a o ikutlwa o tshwenyegile ka ga gago ka tsela nngwe? Fa go ntse jalo, ga o esi. E re ka re le balatedi ba ga Keresete, re a itse gore re tshwanetse go nna barutisi. (Mathaio 28:19, 20) Re a itse gore mo metlheng e re tshelang mo go yone go botlhokwa thata gore re rute ka botswerere ka mo re ka kgonang ka teng. E bile re a itse gore tsela e re rutang ka yone e ka dira gore batho ba re ba rutang ba se ka ba swa mme ba bone botshelo! (1 Timotheo 4:16) Ka jalo, go a utlwala go bo re ka ipotsa jaana: ‘A tota ke ruta ka tsela e ke tshwanetseng go ruta ka yone? Nka tokafatsa jang?’
2, 3. (a) Morutisi mongwe o ne a tlhalosa jang se go ruta sentle go ikaegileng ka sone? (b) Jesu o ne a re tlhomela sekao sefe malebana le go ruta?
2 Go tshwenyega jalo ga go a tshwanela go re kgoba marapo. Fa re tsaya go ruta e le bokgoni bongwe jo motho a tshwanetseng a bo ithutela, re ka nna ra akanya gore go tla nna thata gore re tokafatse. Le fa go ntse jalo, go ruta sentle ga go a ikaega ka bokgoni mme go ikaegile ka sengwe se se botlhokwa go feta seo. Ela tlhoko se morutisi mongwe yo o nang le maitemogelo a neng a se kwala mo bukeng nngwe ka kgang eno: “Go ruta sentle ga go a ikaega ka bokgoni bongwe kgotsa mekgwa, dithulaganyo kgotsa ditiro. . . . Tota go ruta go ikaegile ka lorato.” Gone mme, o ne a bua a akantse ka morutisi yo e seng wa bodumedi. Le fa go ntse jalo, mafoko a gagwe a ka tswa a dira thata mo go ruteng mo go dirwang ke rona Bakeresete. Jang?
3 Morutisi yo e leng Motlhomasekao wa rona ke Jesu Keresete, yo o neng a raya balatedi ba gagwe a re: “Ke lo tlhometse sekao.” (Johane 13:15) O ne a bua ka sekao sa gagwe sa go bontsha boikokobetso, mme ruri sekao se Jesu a se re tlhometseng se akaretsa tiro e e botlhokwa e a neng a e dira fa a ne a le mo lefatsheng e le motho—ya go ruta batho dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. (Luke 4:43) Ka gone, fa go ne go ka twe o tlhophe lefoko le le lengwe go tlhalosa bodiredi jwa ga Jesu, gongwe o ne o tla tlhopha “lorato,” a ga go jalo? (Bakolosa 1:15; 1 Johane 4:8) Lorato lo Jesu a neng a rata Rraagwe wa selegodimo e bong Jehofa ka lone lo ne lo le logolo tota. (Johane 14:31) Le fa go ntse jalo, Jesu yo e neng e le morutisi o ne a bontsha lorato ka ditsela tse dingwe tse pedi. O ne a rata dithuto tsa boammaaruri tse a neng a di ruta e bile o ne a rata batho ba a neng a ba ruta. A re sekasekeng dikarolo tse pedi tseno tsa sekao se a se re tlhometseng.
Ga a Bolo go Rata Dithuto Tsa Modimo Tsa Boammaaruri
4. Jesu o ne a tlhagolela jang lorato lwa go rata dithuto tsa ga Jehofa?
4 Tsela e morutisi a ikutlwang ka yone ka se a se rutang e ama thata tsela e a tla rutang ka yone. Baithuti ba gagwe ba ka nna ba bona fa e le gore ga a kgatlhegele se a se rutang mme mokgwa ono o ka fetela mo go bone. Jesu o ne a se na maikutlo a go sa kgatlhegele dithuto tse di botlhokwa tsa boammaaruri Isaia 50:4, 5 go kwadilwe mafoko ano a a tshwanelang: “Morena Molaodimogolo Jehofa o nneile loleme lwa ba ba rutilweng, gore ke tle ke itse kafa ke arabang yo o lapileng ka teng ka lefoko. O tsoga moso le moso; o tsosa tsebe ya me gore e utlwe jaaka ba ba rutilweng. Morena Molaodimogolo Jehofa o butse tsebe ya me, mme fa e le nna ke ne ke sa tsuologe. Ga ke a ka ka retologela go sele.”
tse a neng a di ruta malebana le Jehofa le Bogosi jwa Gagwe. Jesu o ne a rata kgang eno fela thata. O ne a tlhagoletse lorato loo fa a sa ntse a le moithuti. Morwa yono yo o tsetsweng a le esi e ne e le moithuti yo o tlhoafetseng tota mo dingwageng tsotlhe tsa botshelo jwa gagwe pele e nna motho. Mo go5, 6. (a) Go bonala Jesu a ne a diragalelwa ke eng fa a kolobediwa, mme seo se ne sa mo ama jang? (b) Tsela e Jesu a neng a dirisa Lefoko la Modimo ka yone e farologane jang le tsela e Satane a neng a le dirisa ka yone?
5 Fa Jesu a ntse a gola e le motho mo lefatsheng, o ne a nna a ntse a rata botlhale jwa Modimo. (Luke 2:52) Mme fa a ne a kolobediwa, o ne a diragalelwa ke sengwe se se sa tlwaelegang. Luke 3:21 ya re: “Legodimo la bulwa.” Go tswa foo go bonala Jesu a ne a kgona go gakologelwa botshelo jwa gagwe jwa pele e nna motho. Morago ga foo o ne a fetsa malatsi a le 40 a itima dijo kwa nageng. O tshwanetse a bo a ile a itumelela thata go tlhatlhanya ka dinako tse dintsi tse ka tsone a neng a rutiwa ke Jehofa kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, lorato lwa gagwe lwa go rata dithuto tsa Modimo tsa boammaaruri lo ne lwa lekwa.
6 Fa Jesu a ne a lapile e bile a tshwerwe ke tlala, Satane o ne a leka go mo raela. A bo barwa bano ba Modimo ba ne ba sa tshwane jang ne! Ka bobedi jwa bone ba ne ba nopola Dikwalo Tsa Sehebera—mme ba dira jalo ka maikutlo a a sa tshwaneng gotlhelele. Satane o ne a sokamisa Lefoko la Modimo, a le dirisa ka tsela e e sa bontsheng tlotlo go diragatsa maikaelelo a gagwe a bopelotshetlha. Ruri motsuolodi yono o ne a nyatsa dithuto tsa Modimo tsa boammaaruri. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa Jesu a ne a nopola Dikwalo go ne go bonala sentle gore o na le lorato, a dirisa Lefoko la Modimo ka kelotlhoko nako le nako fa a araba. Jesu o ne a nnile teng lobaka lo loleele pele mafoko ao a a tlhotlheleditsweng a simolola go kwalwa, le fa go ntse jalo o ne a a tlotla. E ne e le dithuto tse di botlhokwa tsa boammaaruri tse di tswang kwa go Rraagwe wa selegodimo! O ne a bolelela Satane gore mafoko ao a a tswang kwa go Jehofa a botlhokwa thata go feta dijo. (Mathaio 4:1-11) Ee, Jesu o ne a rata dithuto tsotlhe tsa boammaaruri tse Jehofa a neng a di mo rutile. Le fa go ntse jalo, o ne a bontsha lorato loo jang fa a ruta?
O ne A Rata Dithuto Tsa Boammaaruri Tse a Neng a di Ruta
7. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a sa itlhamele dithuto tsa gagwe?
7 Go ne go bonala ka dinako tsotlhe gore Jesu o ne a rata dithuto tsa boammaaruri tse a neng a di ruta. Aitsane, go ne go ka nna motlhofo gore a itlhamele dikgopolo tsa gagwe. O ne a na le letlotlo la kitso le botlhale. (Bakolosa 2:3) Le fa go ntse jalo, gangwe le gape o ne a gopotsa bareetsi ba gagwe gore sengwe le sengwe se a neng a se ruta se ne se sa tswe mo go ene mme se ne se tswa kwa go Rraagwe wa selegodimo. (Johane 7:16; 8:28; 12:49; 14:10) O ne a rata dithuto tsa Modimo tsa boammaaruri thata mo a neng a ka se ka a di emisetsa ka dikakanyo tsa gagwe.
8. Fa Jesu a ne a simolola bodiredi jwa gagwe, o ne a tlhoma sekao jang malebana le go ikaega ka Lefoko la Modimo?
8 Fa Jesu a ne a simolola bodiredi jwa gagwe jwa phatlalatsa, o ne a tlhoma sekao gone fela foo. Akanya ka tsela e a neng a bolelela batho ba Modimo ka yone e le la ntlha gore e ne e le ene Mesia yo o solofeditsweng. A o ne a tla fela fa pele ga boidiidi, a ipolela gore ke Keresete mme go tswa foo a bo a supela seo ka go dira dikgakgamatso tse dikgolo? Nnyaa. O ne a ya kwa sinagogeng, koo batho ba Modimo ba neng ba tlwaetse go bala Dikwalo gone. Fa a le koo o ne a balela kwa godimo mafoko a boporofeti a Isaia 61:1, 2 a bo a tlhalosa gore mafoko ao a boammaaruri a boporofeti a ne a bua ka ene. (Luke 4:16-22) Dikgakgamatso tse dintsi tse a neng a di dira di ne di thusa go bontsha gore Jehofa o ne a mo eme nokeng. Le fa go ntse jalo, ka metlha o ne a ikaega ka Lefoko la Modimo fa a ruta.
9. Fa Jesu a ne a dirisana le Bafarasai o ne a bontsha jang gore o rata Lefoko la Modimo ka lorato lo lo ikanyegang?
9 Fa baganetsi ba bodumedi ba ne ba botsa Jesu dipotso, ga a ka a leka go gaisana le bone, le fa a ne a ka ba fenya motlhofo fela mo kgaisanong e e ntseng jalo. Go na le moo, o ne a letla gore Lefoko la Modimo e nne lone le ba arabang. Ka sekai, gakologelwa nako ya fa Bafarasai ba ne ba latofatsa balatedi ba ga Jesu ka la gore ba tlodile molao wa Sabata ka go kgetla diako di le mmalwa tsa dijo tsa ditlhaka mo tshimong ba bo ba di ja fa ba ntse ba tsamaya. Jesu o ne Mathaio 12:1-5) Ke boammaaruri gore banna bao ba ba neng ba ipona e le ba ba siameng ba ka tswa ba ile ba bala pego eo e e tlhotlheleditsweng e e mo go 1 Samuele 21:1-6. Fa e le gore go ntse jalo, ba ne ba sa lemoga thuto ya botlhokwa ya pego eo. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a dirile se se fetang go bala pego eo fela. O ne a ile a akanya ka yone a bo a tsaya molaetsa wa yone tsia. O ne a rata melaometheo e Jehofa a neng a e ruta ka pego eo. Ka jalo, o ne a dirisa pego eo mmogo le sekai sengwe se se tswang mo Molaong wa ga Moshe, go bontsha kafa Molao o leng tekatekano ka teng. Ka tsela e e tshwanang, lorato lo lo ikanyegang lwa ga Jesu lo ne lwa mo tlhotlheletsa go femela Lefoko la Modimo fa baeteledipele ba bodumedi ba ne ba leka go le sokamisa gore le dumalane le bone kgotsa ba le emisetsa ka dingwao tse dintsintsi tsa batho.
a araba jaana: “A ga lo a bala se Dafide a neng a se dira fa ene le banna ba ba neng ba na le ene ba ne ba tshwarwa ke tlala?” (10. Jesu o ne a diragatsa jang dipolelelopele tse di malebana le tsela e a neng a ruta ka yone?
10 Lorato lo Jesu a neng a rata se a se rutang ka lone lo ne lo ka se ka lwa mo letla go ruta ka go boaboeletsa dilo ka tsela e e lapisang kgotsa e e se nang botshelo. Dipolelelopele tse di tlhotlheleditsweng di ne di boletse gore Mesia o ne a tla bua a na le ‘bontle mo dipounameng tsa gagwe,’ a dirisa “mafoko a mantle.” (Pesalema 45:2; Genesise 49:21) Jesu o ne a diragatsa dipolelelopele tseo ka go dira gore molaetsa wa gagwe o nne o kgatlha e bile o tletse botshelo, a dirisa “mafoko a a ipedisang” fa a ruta dithuto tsa boammaaruri tse a neng a di rata thata. (Luke 4:22) Ga go na pelaelo gore tlhagafalo ya gagwe e ne e bonala le mo sefatlhegong sa gagwe, mme matlho a gagwe a ne a phatsima go bontsha gore o ne a kgatlhegela thata se a neng a se ruta. Go tshwanetse ga bo go ne go itumedisa thata go mo reetsa, mme a bo a re tlhometse sekao se se molemo jang ne se re tshwanetseng go se latela fa re bua le ba bangwe ka se re se ithutileng!
11. Ke ka ntlha yang fa bokgoni jwa ga Jesu jwa go ruta bo ne bo se ke bo dira gore a ikgodise?
11 A lebaka la go bo Jesu a ne a tlhaloganya dithuto tsa Modimo tsa boammaaruri sentle e bile a kgona go dirisa mafoko a a ngokang kgatlhego le ne le dira gore a ikgodise? Gantsi go direga jalo ka barutisi ba batho. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore Jesu o ne a le botlhale ka tsela ya bomodimo. Botlhale jo bo ntseng jalo ga bo letle motho go nna mabela, ka gonne “botlhale bo na le ba ba boingotlo.” (Diane 11:2) Go ne go na le sengwe gape se se neng se dira gore Jesu a se ka a ikgodisa kgotsa a nna mabela.
Jesu O ne A Rata Batho ba a Neng a ba Ruta
12. Jesu o ne a bontsha jang gore o ne a sa batle gore balatedi ba gagwe ba nne le boikutlo jwa gore o a ba tshosetsa?
12 Lorato lo logolo lo Jesu a neng a rata batho ka lone lo ne lo bonala ka metlha fa a ruta. Le ka motlha o ne a sa rute batho ka tsela ya go ba tshosetsa jaaka batho ba ba ikgodisang ba dira. (Moreri 8:9) Fa Petere a sena go bona nngwe ya dikgakgamatso tsa ga Jesu o ne a tshwarwa ke kgakge a ba a wela fa mangoleng a ga Jesu. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a sa batle gore balatedi ba gagwe ba mmoife ka tsela e e sa siamang. O ne a raya Petere ka bopelonomi a re, “Tlogela go boifa,” go tswa foo a bo a mmolelela ka tiro e e itumedisang ya go dira barutwa e a neng a tla nna le seabe mo go yone. (Luke 5:8-10) Jesu o ne a batla gore barutwa ba gagwe ba tlhotlhelediwe ke lorato lo ba ratang ka lone dithuto tse di botlhokwa tsa boammaaruri malebana le Modimo, e seng ke go boifa morutisi wa bone.
13, 14. Jesu o ne a bontsha ka ditsela dife gore o utlwela batho botlhoko?
13 Lorato lo Jesu a neng a rata ka lone batho ba a neng a ba ruta lo ne lo bontshiwa gape ke gore o ne a ba utlwela botlhoko. “Fa a bona boidiidi a utlwa a ba tlhomogela pelo, ka gonne ba ne ba sotlegile e bile Mathaio 9:36) O ne a ba utlwela botlhoko ka ntlha ya seemo sa bone se se tlhomolang pelo mme o ne a tlhotlheletsega go ba thusa.
ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” (14 Ela tlhoko kafa Jesu a neng a bontsha kutlwelobotlhoko ka gone mo lekgetlhong le lengwe. Fa mosadi mongwe yo o nang le kelelo ya madi a ne a tla fa go ene mo boidiiding jwa batho a bo a tshwara lekantsa la seaparo sa gagwe, o ne a fodisiwa ka kgakgamatso. Jesu o ne a utlwa maatla a tswa mo go ene, mme o ne a sa bone gore ke mang yo o fodisitsweng. O ne a senka mosadi yono. Ka ntlha yang? O ne a sa mo senkele go mo omanya ka gonne a robile Molao kgotsa melao ya bakwadi le Bafarasai, jaaka mosadi yono a ka tswa a ne a boifa. Go na le moo, o ne a mo raya a re: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso, o bo o fole mo pobolong ya gago e e hutsafatsang.” (Mareko 5:25-34) Ela tlhoko kutlwelobotlhoko e e bontshiwang ke mafoko ao. Ga a ka a mo raya fela a re, “O fole.” Mo boemong jwa moo, o ne a re: “O fole mo pobolong ya gago e e hutsafatsang.” Fano Mareko o dirisa lefoko le ka tlhamalalo le ka kayang go “seola,” mofuta wa go kgwathisa o gantsi o dirisiwang go tlhokofatsa motho. Ka gone, Jesu o ne a dumela gore bolwetse jwa mosadi yono bo ne bo mmogisitse, gongwe bo mo utlwisitse botlhoko thata mo mmeleng le mo maikutlong. O ne a mo utlwela botlhoko.
15, 16. Ke ditiragalo dife mo bodireding jwa ga Jesu tse di supang gore o ne a batla dinonofo tse di molemo mo bathong ba bangwe?
15 Gape Jesu o ne a bontsha batho lorato ka go batla dinonofo tsa bone tse di molemo. Akanya ka se se neng sa direga fa a kopana le Nathanaele, yo moragonyana a neng a nna moaposetoloi. “Jesu a bona Nathanaele a tla kwa go ene mme a bua jaana ka ga gagwe: ‘Bona, Moiseraele ruri, yo go se nang tsietso epe mo go ene.’” Jesu o ne a lebile ka kgakgamatso mo teng ga pelo ya ga Nathanaele, mme a ithuta go le gontsi ka ene. Gone ke boammaaruri gore Nathanaele o ne a sa itekanela ka gope. O ne a dira diphoso, fela jaaka rona rotlhe. E bile tota, fa a ne a utlwa ka ga Jesu o ne a bua mafoko ano a a neng a utlwala e kete a a sotla: “A go ka tswa sengwe se se molemo mo Nasaretha?” (Johane 1:45-51) Le fa go ntse jalo, mo dilong tsotlhe tse di neng di ka bolelwa ka Nathanaele, Jesu o ne a tlhopha go bua ka sengwe se se molemo, boikanyegi jwa monna yono.
16 Ka tsela e e tshwanang, fa modiredi mongwe wa masole—yo gongwe e neng e le Moditšhaba, Moroma—a ne a tla fa go Jesu a bo a mo kopa gore a fodise motlhanka wa gagwe yo o neng a lwala, Jesu o ne a itse gore lesole leno le ne le na le diphoso. Mo metlheng eo modiredi wa masole o ne a ka nna a bo a dirile ditiro tse dintsi tsa thubakanyo, tsa tshololo ya madi le tsa kobamelo ya maaka mo botshelong jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tlhoma mogopolo mo go sengwe se se molemo—tumelo e kgolo ya monna yono. (Mathaio 8:5-13) Moragonyana, fa Jesu a ne a bua le modirabosula yo o neng a pegilwe mo koteng ya tlhokofatso fa thoko ga gagwe, ga a ka a kgalema monna yono ka ntlha ya ditiro tse a di dirileng tsa bokebekwa mme o ne a mo kgothatsa ka go mo naya tsholofelo ka isagwe. (Luke 23:43) Jesu o ne a itse sentle gore go leba batho ba bangwe ka tsela e e sa siamang le go ba nyatsa go ka ba kgoba marapo. Kwantle ga pelaelo maiteko a gagwe a go batla se se molemo mo bathong ba bangwe a ne a kgothaletsa ba le bantsi gore ba tokafatse seemo sa bone.
O ne a Iketleeleditse go Direla Batho
17, 18. Fa Jesu a ne a amogela kabelo ya gore a tle mo lefatsheng, o ne a bontsha jang gore o iketleeleditse go direla ba bangwe?
17 Bosupi jo bongwe jo bogolo jwa gore Jesu o ne a rata batho ba a neng a ba ruta ke gore o ne a iketleeleditse go ba direla. Fa Morwa Modimo a ne a sa ntse a tshela pele e nna motho, o ne a ntse a rata batho. (Diane 8:30, 31) E re ka e ne e le “Lefoko” la ga Jehofa kgotsa mmueledi wa gagwe, a ka tswa a ile a dirisana thata le batho. (Johane 1:1) Le fa go ntse jalo, lebaka lengwe la go bo ‘a ne a iithontsha, a tsaya sebopego sa motlhanka,’ a tlogela maemo a gagwe a a tlotlometseng kwa legodimong e ne e le gore a kgone go ruta batho ka tlhamalalo go feta pele. (Bafilipi 2:7; 2 Bakorintha 8:9) Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a sa lebelela gore batho ba mo direle. Mo boemong jwa moo, o ne a re: “Morwa motho [o] ne a tla, e seng go direlwa, fa e se go direla le go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Jesu o ne a diragatsa mafoko ao ka botlalo.
18 Fa batho ba Jesu a neng a ba ruta ba ne ba tlhoka sengwe, o ne a ba direla sone ka boikokobetso, e bile a sa okaoke. O ne a tsamaya ka maoto go ralala Naga e e Solofeditsweng, a tsamaya dikilometara di le makgolokgolo mo mesepeleng e a neng a tsamaya a ruta mo go yone a leka go fitlhelela batho ba le bantsi ka mo a ka kgonang ka teng. O ne a sa tshwane le Bafarasai le bakwadi ba ba ikgodisang ka gonne o ne a nna a ikokobeditse e bile a atamelesega motlhofo. Batho ba mefuta yotlhe—ba maemo, masole, babueledi, basadi, bana, bahumanegi, balwetse, tota le batho ba ba neng ba sa amogelwe mo setšhabeng—ba ne ba ya kwa go ene ka tlhoafalo, ba sa boife. Le fa Jesu a ne a itekanetse, e ne e le motho, a kgona go lapa le go tshwarwa ke tlala. Le fa go ntse jalo, le fa a ne a lapile kgotsa a tlhoka go ikhutsa kgotsa a tlhoka nako e e didimetseng ya go rapela, o ne a dira gore dilo tse batho ba bangwe ba di tlhokang di tle pele ga tsa gagwe.—Mareko 1:35-39.
19. Jesu o ne a tlhoma jang sekao sa go dirisana le barutwa ba gagwe ka boikokobetso, ka bopelotelele le ka bopelonomi?
19 Gape Jesu o ne a iketleeleditse go direla barutwa ba gagwe. O ne a dira jalo ka go ba ruta ka bopelonomi le ka bopelotelele. Fa ba ne ba nna bonya go tlhaloganya dithuto dingwe tsa botlhokwa, o ne a sa fele pelo, a sa galefe kgotsa go ba omanya. O ne a nna a batla ditsela tse disha tsa go ba thusa go tlhaloganya. Ka sekai, akanya fela kafa barutwa ba neng ba ganetsana gantsi ka teng ka gore ke mang yo mogolo mo go bone. Gangwe le gape, tota le go fitlha ka bosigo jwa pele a bolawa, Jesu o ne a bona ditsela tse disha tsa go ba ruta gore ba dirisane ka boikokobetso. Mo ntlheng eno ya boikokobetso, fela jaaka mo dilong tse dingwe tsotlhe, Jesu o ne a ka bolela jaana ka tshwanelo: “Ke lo tlhometse sekao.”—Johane 13:5-15; Mathaio 20:25; Mareko 9:34-37.
20. Ke mokgwa ofe wa go ruta o o neng o farologanya Jesu le Bafarasai mme ke ka ntlha yang fa mokgwa ono o ne o na le matswela?
20 Ela tlhoko gore Jesu ga a ka a bolelela barutwa ba gagwe ka molomo fela gore sekao ke sefe; o ne a ‘tlhoma sekao.’ O ne a ba ruta ka se a neng a se dira. O ne a sa ba laele a le mo maemong a a kwa godimo, jaaka e kete o ne a itsaya e le motho wa botlhokwa thata mo a ka se kang a dira dilo tse a ba laelang gore ba di dire. Bafarasai ke bone ba neng ba dira jalo. Jesu o ne a bolela jaana ka bone: “Ba a bua mme ba bo ba sa dire.” (Mathaio 23:3) Jesu o ne a bontsha barutwa ba gagwe ka boikokobetso se tota dithuto tsa gagwe di neng di se kaya ka go di dirisa mo botshelong jwa gagwe. Ka jalo fa a ne a rotloetsa balatedi ba gagwe gore ba kgotsofalele se ba nang le sone mo botshelong mme ba se ka ba rata dikhumo, ba ne ba sa tlhoke go fopholetsa gore o kaya eng. Ba ne ba kgona go bona sentle bokao jwa mafoko a gagwe fa a re: “Diphokoje di na le mengobo le dinonyane tsa legodimo di na le dintlhaga, mme Morwa motho ga a na gope kwa a ka latsang tlhogo ya gagwe gone.” (Mathaio 8:20) Jesu o ne a direla barutwa ba gagwe ka go ba tlhomela sekao ka boikokobetso.
21. Go tla sekasekiwa eng mo setlhogong se se latelang?
21 Go bonala sentle gore Jesu e ne e le Morutisi yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba nna teng mo lefatsheng! Batho botlhe ba ba dipelo di ikanyegang ba ba neng ba mmona le go mo utlwa ba ne ba kgona go bona gore o rata se a se rutang e bile o rata batho ba a ba rutang. Le rona ba gompieno re ithutang sekao se a se tlhomileng re kgona go bona seo. Le fa go ntse jalo, re ka latela jang sekao se se itekanetseng sa ga Keresete? Setlhogo se se latelang se tla araba potso eo.
O ka Araba Jang?
• Go ruta sentle go ikaegile ka eng, mme ke mang yo o bontshitseng seo?
• Jesu o ne a bontsha ka ditsela dife gore o rata dithuto tsa boammaaruri tse a neng a di ruta?
• Jesu o ne a bontsha jang gore o rata batho ba a neng a ba ruta?
• Ke dikai dife tse di bontshang gore Jesu ka boikokobetso o ne a iketleeleditse go direla batho ba a neng a ba ruta?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Jesu o ne a bontsha jang gore o rata melaometheo e e mo Lefokong la Modimo?