Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lefatshe le le Nang le Dikgopolo Tse di Phoso ka Boikanyegi

Lefatshe le le Nang le Dikgopolo Tse di Phoso ka Boikanyegi

Lefatshe le le Nang le Dikgopolo Tse di Phoso ka Boikanyegi

LABOTLHANO mongwe mo maitseboeng a a bothitho kwa Tel Aviv, Iseraele, lekawana lengwe le ne la ya go ema le setlhopha sa basha ba ba neng ba letile ka fa ntle ga diseko. Nakwana fela morago ga moo, go ne ga nna le go thunya mo gogolo mo gare ga boidiidi joo.

Motho yo mongwe yo o dirisang bomo go ipolaela mo bathong o ne a sa tswa go ipolaya a bo a bolaya le basha ba bangwe ba le 19 ka tsela e e setlhogo. Moragonyana ga foo, modiri mongwe wa thuso ya pele o ne a bolelela babegadikgang jaana: “Go ne go tletse dikarolo tsa mmele gongwe le gongwe, botlhe e le basha, ba bannye tota. Ruri e ne e le tiragalo e e tsitsibanyang mmele go gaisa tsotlhe tse nkileng ka di bona.”

Thurstan Brewin o ne a kwala jaana mo bukeng ya The Lancet: “Dinonofo tse di ratwang ke batho botlhe, tse di jaaka boikanyegi, ke tsone . . . tse di ka bakang ntwa e bile ke tsone tse di ka dirang gore go nne thata gore e fele.” Ee, go tloga ka Botlhabanelatumelo jwa Labokeresete go fitlha ka go ganyaolwa ga batho kwa Jeremane ya Bonasi, hisitori ya batho e tletse ka madi a batho ba le bantsi ba ba bolailweng go twe go bontshiwa boikanyegi.

Batho ba ba Amiwang Ke go Sa Ikanyege ba a Oketsega

Ga go pelaelo gore go ikanyega ka go tseega maikutlo go ka nna diphatsa, mme go se ikanyege le gone go ka baka mathata mo setšhabeng. Boikanyegi ke go ikanyega mo mothong kgotsa mo sengweng mme bo kaya gore motho o tla ema a nitame fa a raelesega gore a latlhe kgotsa a oke motho. Le fa batho ba le bantsi ba bolela gore ba rata mofuta ono wa boikanyegi, setšhaba se tlhaelelwa thata ke boikanyegi mo lefelong le le botlhokwa thata—mo lelapeng. Palo ya ditlhalo e ile magoletsa, mme seo se bakwa thata ke mathata a botshelo le ke gore go kgothalediwa katlego ya motho ka namana, le ke ditlamorago tsa mokgwa o o anameng wa go sa ikanyege mo go tsa tlhakanelodikobo. Mme gantsi basha ke bone ba amegang le mororo ba se na molato fela jaaka bale ba ba ileng ba amega fa bomo e thunya kwa Tel Aviv.

Pego nngwe ya re: “Gantsi thuto ya ngwana ke sengwe sa dilo tse di amiwang thata ke go reketla ga lelapa fa batsadi ba tlhalana kgotsa ba kgaogana le fa bana ba godisiwa ke motsadi a le mongwe fela.” Basimane ba ba godisitsweng ke bommaabone ba le bosi ke bone ba gantsi ba nnang mo kotsing ya go se rutege, ya go ipolaya le ya go dira bokebekwa ba sa le basha. Ngwaga le ngwaga, bana ba le milione kwa United States ba bona batsadi ba bone ba tlhalana, mme go ka direga gore mo ngwageng ope fela, se se tla diragalelang halofo ya bana botlhe ba ba tshotsweng ke batsadi ba ba nyalaneng mo nageng eo ke gore batsadi ba bone ba tla tlhalana pele bana bao ba feta dingwaga tse 18. Dipalopalo di bontsha gore basha ba bangwe ba le bantsi mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe le bone ba ka nna le isagwe e e ntseng jalo e e utlwisang botlhoko.

Boikanyegi—A ke Nonofo ya Maemo a a Kwa Godimo mo go Feteletseng?

Go se ikanyege mo go leng teng gompieno go dira gore mafoko ano a ga Kgosi Dafide a lebege a tshwanela go feta le fa e le leng pele: “A ko o mpoloke, tlhe Jehofa, gonne motho yo o ikanyegang o khutlile; gonne batho ba ba ikanyegang ba nyeletse mo go bomorwa batho.” (Pesalema 12:1) Ke ka ntlha yang fa go tlhoka boikanyegi go aname jaana? Roger Rosenblatt o ne a akgela jaana a kwala mo makasineng wa Time: “Le fa boikanyegi e le nonofo ya maemo a a kwa godimo, go ka nna thata go lebelela gore rona batho ba ba bokoa re nne le yone ka gonne re na le go boifa thata le go inyatsa thata, go ipatlela dilo ka bopelotshetlha le go rata maemo thata.” Baebele e bolela jaana ka tlhamalalo fa e bua ka metlha e re tshelang mo go yone: “Batho ba tla nna baithati, . . . ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego.”—2 Timotheo 3:1-5.

E re ka boikanyegi—kgotsa go se nne le jone—bo ama tsela e motho a akanyang le go dira dilo ka yone, re ka botsa jaana, ‘Ke mang yo o tshwanelwang ke gore re ka ikanyega mo go ene?’ Ela tlhoko se se bolelwang ke setlhogo se se latelang malebana le potso eno.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

Photo above: © AFP/CORBIS