Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ntshale Morago ka Metlha”

“Ntshale Morago ka Metlha”

“Ntshale Morago ka Metlha”

“Lo ne lwa bilediwa tseleng eno, ka gonne le Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe gaufiufi.”—1 PETERE 2:21.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa sekao se se itekanetseng sa ga Jesu sa go ruta e se sa maemo a a kwa godimo thata mo re ka se kang ra kgona go se etsa?

JESU KERESETE e ne e le Morutisi yo mogolo ga gaisa botlhe ba ba kileng ba nna teng mo lefatsheng. Mo godimo ga moo, o ne a itekanetse, ka jalo ga a ise a ko a leofe mo botshelong jotlhe jwa gagwe fa e ne e le motho. (1 Petere 2:22) Le fa go ntse jalo, a seno se raya gore sekao sa ga Jesu sa go ruta ke sa maemo a a kwa godimo thata mo rona batho ba ba sa itekanelang re ka se kang ra kgona go se etsa? Nnyaa le e seng.

2 Jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, tsela e Jesu a neng a ruta ka yone e ne e ikaegile ka lorato. Mme rotlhe re ka kgona go tlhagolela lorato. Gantsi Lefoko la Modimo le re rotloetsa go godisa le go tokafatsa lorato lo re ratang batho ba bangwe ka lone. (Bafilipi 1:9; Bakolosa 3:14) Jehofa ga a ke a lebelela gore dibopiwa tsa gagwe di dire sengwe se di sa kgoneng go se dira. Tota e bile, e re ka ‘Modimo e le lorato’ mme a re dirile mo setshwanong sa gagwe, go ka bolelwa gore o re bopile ka tsela ya gore re kgone go bontsha lorato. (1 Johane 4:8; Genesise 1:27) Ka jalo fa re bala mafoko a ga moaposetoloi Petere a a mo temaneng ya rona ya setlhogo, re ka amogela taelo eo re tlhatswegile pelo gore re tla atlega. Re ka kgona go latela dikgato tsa ga Keresete gaufiufi. Tota e bile, re ka kgona go ikobela taelo eno e e builweng ke Jesu: “Ntshale morago ka metlha.” (Luke 9:23) A re sekasekeng kafa re ka etsang ka teng lorato lo Keresete a neng a lo bontsha. Sa ntlha re tla sekaseka lorato lo a neng a rata ka lone dithuto tsa boammaaruri tse a neng a di ruta, go tswa foo re bo re sekaseka lorato lo a neng a rata ka lone batho ba a neng a ba ruta.

Go Tlhagolela Lorato Lwa go Rata Dithuto Tsa Boammaaruri Tse re di Ithutang

3. Ke ka ntlha yang fa batho bangwe ba fitlhela go le thata go ithuta, mme Diane 2:1-5 e re kgothatsa jang?

3 Gore re kgone go rata dithuto tsa boammaaruri tse re di rutang batho ba bangwe, re tshwanetse ra rata go di ithuta ka borona. Gompieno mo lefatsheng, lorato lo lo ntseng jalo ga lo itlele fela ka dinako tsotlhe. Dilo tse di jaaka go se rutege sentle le mekgwa e e sa siamang e e tshwaetsang motho fa a sa le mosha di dira gore batho ba le bantsi ba se ka ba rata go ithuta. Le fa go ntse jalo, go botlhokwa gore re ithute ka Jehofa. Diane 2:1-5 ya re: “Morwaaka, fa e le gore o tla amogela mafoko a me mme wa boloka ditaelo tsa me mo go wena, gore o tle o tlhwaele botlhale tsebe, gore o tle o sekamisetse pelo ya gago kwa temogong; mo godimo ga moo, fa o tlhaeletsa tlhaloganyo mme o ntshetsa temogo lentswe la gago, fa o nna o e senka jaaka selefera o bo o nna o e batla jaaka matlotlo a a fitlhegileng, foo o tla tlhaloganya go boifa Jehofa, mme o tla bona e e leng kitso ya Modimo.”

4. Go ‘sekamisa’ pelo go kayang, mme re tshwanetse ra leba dilo jang gore re kgone go dira jalo?

4 Ela tlhoko gore mo go temana 1 go ya go 4, re kgothadiwa gangwe le gape gore re se ka ra leka fela go “amogela” le go “boloka” mme gape re ‘nne re senke’ le go ‘nna re batla.’ Le fa go ntse jalo, ke eng se se tshwanetseng go re tlhotlheletsa go dira seno sotlhe? Ela tlhoko polelwana e e reng “o sekamisetse pelo ya gago kwa temogong.” Buka nngwe e bolela gore kgothatso eno “ga e re rotloeletse go ela tlhoko fela; mme e re laela gore re nne le boikutlo jo bo rileng: boikutlo jwa go amogela ka tlhoafalo se re se rutiwang.” Ke eng se se ka dirang gore re nne le boikutlo jwa go amogela le go tlhoafalela go ithuta se Jehofa a re rutang sone? Ke tsela e re lebang dilo ka yone. Re tshwanetse ra leba “kitso ya Modimo” jaaka “selefera” le “matlotlo a a fitlhegileng.”

5, 6. (a) Ke eng se se ka nnang sa direga fa nako e ntse e tsamaya, mme re ka se thibela jang? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna re oketsa matlotlo a kitso e re ithutileng yone mo Baebeleng?

5 Ga go thata go leba dilo ka tsela eo. Ka sekai, “kitso ya Modimo” e o ithutileng yone e ka tswa e akaretsa boammaaruri jwa gore Jehofa o ikaeletse gore batho ba ba ikanyegang ba tshelele ruri mo Paradaiseng mo lefatsheng. (Pesalema 37:28, 29) Fa o ne o ithuta boammaaruri joo la ntlha, ga go pelaelo gore o ne o bo tsaya e le letlotlo la mmatota, kitso e e neng ya dira gore mogopolo le pelo ya gago di phophome ka tsholofelo le boipelo. Go tweng ka gone jaanong? A fa nako e ntse e tsamaya, tsela e o anaanelang letlotlo leno la gago ka yone e ile ya swafala? Ka jalo, leka go dira dilo tseno tse pedi. Sa ntlha, tsosolosa kanaanelo ya gago, ke gore o nne o ikgopotse lebaka la go bo o tsaya thuto nngwe le nngwe ya boammaaruri e Jehofa a go rutileng yone e le botlhokwa, tota le dithuto tse o di ithutileng dingwaga di le dintsi tse di fetileng.

6 Sa bobedi, nna o oketsa letlotlo la gago. Aitsane, fa go ne go ka direga gore o epolole leje le le tlhwatlhwakgolo, a o ne o tla le tsenya mo potleng o bo o itsamaela fela o kgotsofetse? Kgotsa a o ne o tla epa go bona gore a go na le a mangwe gape? Lefoko la Modimo le tletse ka maje a a tlhwatlhwakgolo a dithuto tsa boammaaruri. Le fa o ka tswa o bone a le mantsi jang, o sa ntse o ka bona a mangwe. (Baroma 11:33) Fa o ntse o epolola leje le le tlhwatlhwakgolo la thuto ya boammaaruri, ipotse jaana: ‘Ke eng fa ke e tsaya jaaka letlotlo? A e nnaya kitso e e oketsegileng ka botho jwa ga Jehofa kgotsa maikaelelo a gagwe? A e nnaya kaelo e e mosola e e ka nthusang gore ke latele dikgato tsa ga Jesu?’ Go tlhatlhanya ka dipotso tseno go tla go thusa gore o godise lorato lo o ratang ka lone dithuto tsa boammaaruri tse Jehofa a di go rutileng.

Go Rata Dithuto Tsa Boammaaruri Tse re di Rutang

7, 8. Dingwe tsa ditsela tse re ka bontshang batho ka tsone gore re rata dithuto tsa boammaaruri tse re di ithutileng mo Baebeleng ke dife? Naya sekai.

7 Fa re ntse re ruta batho ba bangwe, re ka bontsha jang gore re rata dithuto tsa boammaaruri tse re di ithutileng mo Lefokong la Modimo? Re latela sekao sa ga Jesu ka go ikaega thata ka Baebele fa re rera le fa re ruta. Bosheng jaana, batho ba Modimo mo lefatsheng lotlhe ba ile ba kgothalediwa go dirisa Baebele thata mo bodireding jwa bone jwa phatlalatsa. Fa o dirisa kakantsho eo, batla ditsela tse o ka bontshang mong wa ntlo ka tsone gore wena ka bowena o tsaya se o se rutang go tswa mo Baebeleng se le botlhokwa.—Mathaio 13:52.

8 Ka sekai, ngogola morago ga gore dirukhutlhi di tlhasele kwa New York City, kgaitsadi mongwe wa Mokeresete o ne a balela batho ba a neng a kopana le bone mo tshimong Pesalema 46:1, 11. O ne a simolola ka go botsa batho gore ba lepalepana jang le maemo morago ga masetlapelo ao. O ne a reetsa dikarabo tsa bone ka kelotlhoko, a di leboga, go tswa foo a bo a re: “A nka go balela temana nngwe e e ileng ya nkgomotsa tota mo nakong eno ya mathata?” Ke ba sekae fela ba ba neng ba gana, mme go ne ga felela ka gore a simolole metlotlo e e itumedisang le batho ba le bantsi. Gantsi kgaitsadi ene yono o bolela jaana fa a bua le basha: “Go setse go fetile dingwaga di le 50 jaanong ke ruta batho Baebele, mme lo itse gore ke eng? Ga ke ise ke bone bothata bope jo buka eno e sa kgoneng go bo rarabolola.” Fa re bua le batho ka bopeloephepa le ka tlhoafalo, re ba bontsha gore re tsaya dilo tse re di ithutileng mo Lefokong la Modimo di le botlhokwa le gore re a di rata.—Pesalema 119:97, 105.

9, 10. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re dirise Baebele fa re araba dipotso tse di malebana le dilo tse re di dumelang?

9 Fa batho ba re botsa dipotso malebana le dilo tse re di dumelang, re na le sebaka se se molemo thata sa go ba bontsha gore re rata Lefoko la Modimo. Re latela sekao sa ga Jesu ka go dira gore dikarabo tsa rona di se ka tsa ikaega ka se re se akanyang fela. (Diane 3:5, 6) Go na le moo, re dirisa Baebele fa re araba. A o boifa gore mongwe a ka nna a go botsa potso e o tla palelwang ke go e araba? Akanya ka dikgato tse pedi tse di molemo tse o ka di tsayang.

10 Dira se o ka se kgonang gore o nne o ipaakantse. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Itshepiseng Keresete e le Morena mo dipelong tsa lona, ka metlha lo iketleeleditse go iphemela fa pele ga mongwe le mongwe yo o lo batlang lebaka la tsholofelo e e mo go lona, mme lo dira jalo ka bonolo le tlotlo e e boteng.” (1 Petere 3:15) A o iketleeleditse go femela dilo tse o di dumelang? Ka sekai, fa mongwe a batla go itse gore ke ka ntlha yang fa o sa latele dingwao kgotsa ditlwaelo dingwe tse e seng tsa Dikwalo, o se ka wa kgotsofalela fela go re, “Di kgatlhanong le bodumedi jwa me.” Go araba jalo go ka nna ga kaya gore o letlelela batho ba bangwe gore ba go direle ditshwetso le gore o tshwanetse wa bo o le mo lekokong le le belaetsang. Go ka nna molemo gore o re, “Lefoko la Modimo, Baebele, le iletsa seo” kgotsa, “Go dira jalo go ka se itumedise Modimo wa me.” Go tswa foo o bo o tlhalosa ka tsela e e utlwalang gore ke ka ntlha yang fa o rialo.—Baroma 12:1.

11. Ke buka efe ya dipatlisiso e e ka nnang ya re thusa go ipaakanyetsa go araba dipotso tse di malebana le dithuto tsa boammaaruri tsa Lefoko la Modimo?

11 Fa o ikutlwa e kete ga wa ipaakanya sentle, ke eng fa o sa iphe nako ya go ithuta buka ya Go Fetolana ka Dikwalo? * Tlhopha dikgang di sekae tse batho ba ka nnang ba botsa ka tsone o bo o tshwara dintlha dingwe tsa Dikwalo ka tlhogo. Nna o tshwere Baebele le buka ya gago ya Go Fetolana. O se ka wa okaoka go di dirisa tsoopedi, o bo o tlhalosetsa motho yo o buang le ene gore o tshwere buka ya dipatlisiso e o ka ratang go e dirisa gore e go thuse go bona dikarabo go tswa mo Baebeleng.

12. Re ka araba jang fa re sa itse karabo ya potso nngwe malebana le Baebele?

12 Leka gore o se ka wa tshwenyega go sa tlhokege. Ga go na motho ope yo o sa itekanelang yo o ka arabang dipotso tsotlhe. Ka jalo, fa o bodiwa potso nngwe e e amanang le Baebele e o palelwang ke go e araba, o ka nna wa araba jaana: “Ke lebogela go bo o boditse potso e e kgatlhang jaana. Go go bolelela boammaaruri fela, ga ke itse karabo, mme Baebele e tshwanetse ya bo e bua ka kgang eno. Ke rata go dira dipatlisiso ka Baebele, ka jalo ke tla batlisisa ka potso ya gago ke bo ke boela kwa go wena.” Ruri go araba jalo ka tlhamalalo le ka boingotlo go ka dira gore o kgone go tsweledisa motlotlo wa lona pele.—Diane 11:2.

Go Rata Batho Ba re Ba Rutang

13. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna re akantse se se molemo ka batho ba re ba rerelang?

13 Jesu o ne a bontsha gore o rata batho ba a neng a ba ruta. Re ka mo etsa jang mo ntlheng eno? Le ka motlha ga re a tshwanela go nna le boikutlo jwa go se kgathalele batho ba re tshelang le bone. Gone ke boammaaruri, ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’ e ntse e atamela ka bofefo, mme mo gare ga dimilione di le diketekete tsa batho go tla senngwa ba le bantsi. (Tshenolo 16:14; Jeremia 25:33) Le fa go ntse jalo, ga re itse gore ke mang yo o tla falolang le gore ke mang yo o tla swang. Katlholo eo e tla dirwa mo isagweng e dirwa ke Jesu Keresete, yo o tlhomilweng ke Jehofa. Go fitlha katlholo eo e dirwa, re leba mongwe le mongwe e le yo go ka diregang gore a nne motlhanka wa ga Jehofa.—Mathaio 19:24-26; 25:31-33; Ditiro 17:31.

14. (a) Re ka sekaseka jang gore a re utlwela batho botlhoko? (b) Re ka bontsha ka ditsela dife tse di mosola gore re utlwela batho botlhoko e bile re a ba kgatlhegela?

14 Ka jalo, re leka go utlwela batho botlhoko fela jaaka Jesu a ne a dira. Re ka nna ra ipotsa jaana: ‘A ke utlwela botlhoko batho ba ba ileng ba tsiediwa ke maaka le boferefere jwa bodumedi, bopolotiki le kgwebo ya lefatshe leno? Fa ba lebega ba sa kgatlhegele molaetsa o re ba tlisetsang one, a ke leka go tlhaloganya lebaka la go bo ba ikutlwa jalo? A ke lemoga gore nna, kgotsa ba bangwe ba ba direlang Jehofa ka boikanyegi gone jaanong, le bone ba kile ba ikutlwa jalo mo nakong e e fetileng? A ke rera ke ntse ke akantse ka seo? A kgotsa ke tlhoboga batho ba ba ntseng jalo gore ba ka se tsoge ba fetogile?’ (Tshenolo 12:9) Fa batho ba lemoga gore re ba utlwela botlhoko tota, go ka nna motlhofo gore ba amogele molaetsa wa rona. (1 Petere 3:8) Gape kutlwelobotlhoko e ka re tlhotlheletsa gore re nne le kgatlhego go feta pele mo bathong ba re kopanang le bone mo tshimong. Re ka nna ra ela tlhoko dipotso tsa bone le dilo tse ba amegileng ka tsone. Fa re boa, re ka ba bontsha gore re ntse re akantse ka se ba ileng ba se bua fa re ne re ba etetse mo nakong e e fetileng. Le gore fa ba na le sengwe se ba se tlhokang ka potlako, re ka nna ra kgona go ba thusa.

15. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go batla dinonofo tse di molemo mo bathong, mme re ka dira seo jang?

15 Fela jaaka Jesu a ne a dira, re batla dinonofo tse di molemo mo bathong. Gongwe motsadi yo o godisang bana a le esi o leka ka natla go godisa bana ba gagwe. Monna mongwe o a kgaratlha o leka go tlamela lelapa la gagwe. Motho mongwe yo o godileng o bontsha kgatlhego mo dilong tsa semoya. A re lemoga dinonofo tse di ntseng jalo mo bathong ba re kopanang le bone re bo re ba akgolela tsone? Fa re dira jalo, re remelela mo dilong tse re tshwanang le bone ka tsone, mme re ka dira gore go nne motlhofo gore re ba rerele ka ga Bogosi.—Ditiro 26:2, 3.

Re Tlhoka go Ikokobetsa Gore re Bontshe Lorato

16. Ke eng fa go le botlhokwa gore re nne bonolo mo bathong ba re ba rerelang re bo re ba tlotle?

16 Lorato lo re ratang batho ba re ba rerelang ka lone lo tla re tlhotlheletsa gore re tseye tsia tlhagiso e e botlhale ya Baebele fa e re: “Kitso e a gogomosa, mme lorato lone lo a aga.” (1 Bakorintha 8:1) Jesu o ne a na le kitso e ntsi, mme le ka motlha o ne a sa nne mabela. Ka jalo fa o ntse o bolelela ba bangwe dilo tse o di dumelang, tila go nna manganga kgotsa go ikgodisa. Mokgele wa rona ke go fitlhelela dipelo le go gogela batho mo dithutong tsa boammaaruri tse re di ratang mo go kanakana. (Bakolosa 4:6) Gakologelwa gore fa Petere a ne a gakolola Bakeresete gore ba nne ba iketleeleditse go iphemela, gape o ne a gakolola gore re dire jalo “ka bonolo le tlotlo e e boteng.” (1 Petere 3:15) Fa re le bonolo e bile re na le tlotlo, go ka nna motlhofo gore re gogele batho kwa Modimong o re o direlang.

17, 18. (a) Re tshwanetse ra arabela jang fa batho ba re nyatsa ba re ga re tshwanelege go nna badiredi? (b) Ke ka ntlha yang fa go itse dipuo tsa bogologolo tse Baebele e neng e kwadilwe ka tsone go se botlhokwa thata mo baithuting ba Baebele?

17 Ga re tlhoke go kgatlha batho ka kitso kgotsa thutego ya rona. Fa bangwe mo tshimong ya lona ba sa batle go reetsa motho ope yo o se nang didikirii dingwe tsa yunibesithi kgotsa direto tsa teng, o se ka wa letla boikutlo jwa bone bo go kgoba marapo. Jesu o ne a itlhokomolosa dikganetso tsa batho ba ba neng ba re ga a tsena dikolo tsa maemo tsa borabi tsa motlha wa gagwe; le gone ga a ka a ineela gore maikutlo a a neng a tlwaelegile ka nako eo a go tlhaola batho a mo laole gore a bo a leke go kgatlha batho ka kitso ya gagwe e ntsi.—Johane 7:15.

18 Badiredi ba Bakeresete ba tsaya boikokobetso le lorato di le botlhokwa thata go feta thutego epe ya lefatshe. Moruti yo Mogolo, Jehofa, o dira gore re tshwanelegele bodiredi. (2 Bakorintha 3:5, 6) Mme le fa bangwe ba baruti ba Labokeresete ba ka reng, ga re tlhoke go ithuta dipuo tsa bogologolo tse Baebele e neng e kwadilwe ka tsone gore re nne barutisi ba Lefoko la Modimo. Jehofa o ne a tlhotlheletsa gore Baebele e kwalwe ka mafoko a a utlwalang sentle gore mo e ka nnang mongwe le mongwe a kgone go tlhaloganya dithuto tsa yone tsa botlhokwa tsa boammaaruri. Dithuto tseo tsa boammaaruri di nna di sa fetoge le fa di ka ranolelwa mo dipuong di le makgolokgolo. Ka jalo, le fa go itse dipuo tsa bogologolo go a tle go thuse, ga go botlhokwa go le kalo. Mo godimo ga moo, go ikgogomosa ka bokgoni jwa go bua dipuo di le dintsi go ka dira gore motho a tlhokomologe nonofo e e leng botlhokwa thata mo Bakereseteng ba boammaaruri—go kgona go ithuta.—1 Timotheo 6:4.

19. Fa re le mo bodireding jwa rona jwa Bokeresete re a bo re direla ka tsela efe?

19 Ga go na pelaelo gore bodiredi jwa rona jwa Bokeresete ke tiro e e tlhokang boikokobetso. Go le gantsi re ipaya mo kotsing ya go ganediwa, go tseelwa kwa tlase le eleng go bogisiwa. (Johane 15:20) Le fa go ntse jalo, fa re dira bodiredi jwa rona ka boikanyegi re dira tirelo ya botlhokwa. Fa re nna re direla ba bangwe ka boikokobetso mo tirong eno, re a bo re etsa lorato lo Jesu Keresete a neng a rata batho ka lone. Akanya ka seno: Fa re ne re ka tshwanelwa ke go rerela batho ba ba sa kgatlhegeng kgotsa ba ba ganetsang ba le sekete gore re bone motho a le mongwe fela wa sekanku, a tiro ya rona e ne e tla bo e le ya lefela? Le eseng! Ka jalo fa re tswelela mo tirong, re sa lape, re a bo re direla ka boikanyegi batho ba sekadinku bao re sa ntseng re tshwanetse go fitlha kwa go bone. Kwantle ga pelaelo Jehofa le Jesu ba tla tlhomamisa gore go bonwe batho ba bangwe gape ba le bantsi ba ba rategang jalo ba bo ba thusiwe pele bokhutlo bo tla.—Hagai 2:7.

20. Ditsela dingwe tse ka tsone re ka rutang ka se re se dirang ke dife?

20 Tsela e nngwe e re ka bontshang ka yone gore re iketleeleditse go direla ba bangwe ke go ruta ka se re se dirang. Ka sekai, re batla go ruta batho gore go direla Jehofa, “Modimo yo o itumetseng,” ke yone tsela e e molemolemo le e e kgotsofatsang go gaisa tsotlhe tsa go tshela. (1 Timotheo 1:11) Fa ba leba tsela e re itshwarang ka yone le tsela e re dirisanang ka yone le baagelani ba rona, batho ba re tsenang sekolo le bone le badirikarona, a ba kgona go bona gore re itumetse e bile re kgotsofetse? Ka tsela e e tshwanang, re ruta batho ba re ithutang le bone Baebele gore mo lefatsheng leno le le tletseng batho ba ba seng botsalano le ba ba bogale, phuthego ya Bokeresete ke lone lefelo le ba ka bonang lorato mo go lone. A batho ba re ithutang le bone ba kgona go bona motlhofo fela gore re rata batho botlhe ba ba mo phuthegong e bile re dira ka natla gore go nne go na le kagiso mo gare ga rona?—1 Petere 4:8.

21, 22. (a) Fa re sekaseka bodiredi jwa rona re ka feleletsa re bulegetswe ke diphatlha tsa go dira ditiro dife? (b) Go tla tlhalosiwa eng mo ditlhogong tsa makasine o o tlang wa Tora ya Tebelo?

21 Ka dinako tse dingwe boikutlo jwa go rata bodiredi jwa rona bo ka re tlhotlheletsa gore re itshekatsheke sesha. Ba le bantsi fa ba itshekatsheka jalo ka boikanyegi ba fitlhela gore ba ka kgona go atolosa tirelo ya bone ka go tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng kgotsa ka go fudugela kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone. Ba bangwe ba sweditse ka gore ba ithute puo ya seeng gore ba thuse batho ba ba ntseng ba oketsega ba ba tswang kwa nageng e sele ba ba nnang gone mo tshimong ya bone. Fa e le gore o ka kgona go dira dingwe tsa dilo tseno, di akanyetse ka kelotlhoko le ka thapelo. Go nna mo tirelong go tlisa boitumelo jo bogolo, kgotsofalo le thitibalo.—Moreri 5:12.

22 A re lekeng ka ditsela tsotlhe gore re tswelele pele re etsa Jesu Keresete ka go godisa lorato lo re ratang dithuto tsa boammaaruri ka lone le batho ba re ba rutang. Go tlhagolela lorato le go lo bontsha mo dintlheng tseno tse pedi go tla re thusa go thaya motheo o o siameng wa go nna barutisi ba ba tshwanang le Keresete. Le fa go ntse jalo, re ka aga jang mo godimo ga motheo oo? Mo makasineng o o tlang wa Tora ya Tebelo, ditlhogo di le mmalwa di tla tlhalosa mekgwa mengwe ya go ruta e Jesu a neng a e dirisa.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

O ka Araba Jang?

• Ke eng se se re tlhomamisetsang gore sekao sa ga Jesu sa go ruta ga se sa maemo a a kwa godimo thata mo re ka se kang ra kgona go se etsa?

• Re ka bontsha jang gore re rata dithuto tsa boammaaruri tse re di ithutileng mo Baebeleng?

• Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re nne re ikokobeditse fa kitso ya rona e ntse e gola?

• Ditsela dingwe tse re ka bontshang ka tsone gore re rata batho ba re lekang go ba ruta ke dife?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Dira se o ka se kgonang gore o nne o ipaakantse

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Fa o tsaya “kitso ya Modimo” e le letlotlo, o ka dirisa Baebele ka tsela e e nang le matswela

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Re bontsha gore re rata batho ka go ba bolelela dikgang tse di molemo