Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baagelani ba Feletse Kae?

Baagelani ba Feletse Kae?

Baagelani ba Feletse Kae?

“Gompieno batho ga ba itse gore moagelani ke eng.”—Benjamin Disraeli, radipolotiki wa Moesemane wa lekgolo la bo19 la dingwaga.

BATSOFE ba kwa Cuba ba na le tsela e e sa tlwaelegang ya go dira gore ba tshele sentle: mekgatlho ya baagelani, e ba e bitsang ditlhopha tsa borremogolo le bommemogolo. Go ya ka pego nngwe ya 1997, mo e ka nnang batsofe ba palo ya a le 1 mo go ba le 5 kwa Cuba ba mo ditlhopheng tseo, mme mo go tsone ba nna le ditsala, ba a kgothadiwa e bile ba thusiwa gore ba tshele ba itekanetse. Makasine wa World-Health o akgela jaana: “Nako le nako fa dingaka tsa lefelo lengwe di tlhoka thuso mo letsholong la go enta batho, di ka ya kwa círculos de abuelos [ditlhopha tsa borremogolo le bommemogolo] go bona batho ba ba ratang e bile ba kgona go thusa.”

Le fa go ntse jalo, sebe sa phiri ke gore mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, ga go tlhole go na le batho ba ba nang le kamego jalo mo setšhabeng. Ka sekai, akanya ka kgang e e utlwisang botlhoko ya ga Wolfgang Dircks, yo o neng a nna mo kagong nngwe ya difolete kwa Yuropa bophirima. Dingwaga di se kae tse di fetileng, The Canberra Times e ne ya bega gore le mororo malapa a le 17 a a neng a nna mo go yone kago eo ya difolete e Wolfgang a neng a nna mo yone a ne a lemogile gore ga a tlhole a bonala, “ga go ope wa bone yo o neng a tlelwa ke kgopolo ya gore a kokote fa mojakong wa gagwe.” Kgabagare fa mong wa difolete a tla, “o ne a fitlhela marapo a setopo a ntse fa pele ga thelebishene.” Mo diropeng tsa sone go ne go na le pampiri ya dithulaganyo tsa thelebishene ya December 5, 1993. Wolfgang o ne a na le dingwaga di le tlhano a sule. A sesupo se se utlwisang botlhoko jang ne sa gore baagelani ga ba tlhole ba kgatlhegelana le go tlhokomelana! Ga go gakgamatse go bo mo kgatisong ya The New York Times Magazine mokwadi mongwe wa ditlhamo a ne a bolela gore lefelo la gabone, fela jaaka a mangwe a mantsi, le ne le fetogile “setšhaba sa batho ba ba sa itsaneng.” A go ntse jalo le mo lefelong la lona?

Ke boammaaruri gore ditšhaba dingwe tsa kwa magaeng di sa ntse di na le botsalano le gore batho bangwe ba kwa ditoropong ba leka ka natla gore ba bontshe ka tsela e kgolwane gore ba amega ka baagelani ba bone. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ba nnang mo ditoropong ba ikutlwa ba se karolo ya setšhaba se ba leng mo go sone e bile ba sa sireletsega. Ke batshelaesi ka gonne ga ba itsane le baagelani ba bone. Jang?

Ba Nna go Bapa Mme ga ba Itsane

Ke boammaaruri gore bontsi jwa rona re tshela go bapa le baagelani ba rona. Go benyabenya ga lesedi la thelebishene, go kgabola ga seriti sa motho mo fensetereng, dipone tse di nnang di tshubiwa di timiwa, modumo wa dikoloi tse di ntseng di tswa di tsena, mosito wa batho mo diphasiking, modumo wa dilotlele di lotlela le go lotlolola mejako, dilo tseno tsotlhe di supa gore baagelani ba teng. Le fa go ntse jalo, moya ope fela wa boagelani o a fela, fa batho ba ba nnang go bapa ba sa itsane kgotsa ba tlhokomologana ka ntlha ya go tshelela mo lobelong. Batho ba ka nna ba akanya gore ga ba tlhoke go inaakanya le baagelani ka tsela epe kgotsa go ikutlwa ba tshwanetse go ba direla sengwe. Lokwalodikgang lwa kwa Australia lwa Herald Sun lo bolela jaana: “Batho ga ba itsane le batho ba ba nnang gaufi le bone, ka jalo ga ba ikutlwe ba na le maikarabelo go le kalo mo setšhabeng. Go setse go le motlhofo go tlhokomologa kgotsa go kgaphela kwa thoko batho ba ba itomolotseng mo setšhabeng.”Phetogo eno ga e gakgamatse. Mo lefatsheng le mo go lone batho e leng “baithati,” mafelo a le mantsi a utlwa ditlamorago tsa mokgwa wa botshelo wa batho ba ba ikakanyetsang bobone fela. (2 Timotheo 3:2) Seno se feletse ka gore batho ba le bantsi ba ikutlwe ba jewa ke bodutu e bile ba kgaphetswe kwa thoko. Boikutlo jwa go kgaphelwa kwa thoko bo dira gore batho ba se ka ba tshepana, segolo jang fa lefelo le ba nnang mo go lone le tshwenngwa ke thubakanyo le bokebekwa. Mme go se tshepane go dira gore batho ba se ka ba tlhola ba utlwelana botlhoko.

Le fa seemo e ka tswa e le sefe mo lefelong la lona, kwantle ga pelaelo o tla dumela gore baagelani ba ba molemo ke batho ba botlhokwa mo setšhabeng. Go ka fitlhelelwa mo gontsi fa batho ba leka go fitlhelela mokgele o o tshwanang. Baagelani ba ba molemo gape ba ka nna tshegofatso. Setlhogo se se latelang se tla bontsha gore jang.