Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ke ne Nka se Fetole Sepe!”

“Ke ne Nka se Fetole Sepe!”

Kgang ya Botshelo

“Ke ne Nka se Fetole Sepe!”

JAAKA GO BOLETSE GLADYS ALLEN

Ke a tle ke bodiwe gore, “Fa o ne o ka simolola botshelo sesha, o ne o ka fetola eng?” Nka araba jaana ka bopeloephepa, “Ke ne nka se fetole sepe!” Mma ke tlhalose lebaka la go bo ke ikutlwa ka tsela eno.

KA SELEMO sa 1929, fa ke ne ke le dingwaga di le pedi, Rre e bong Matthew Allen o ne a diragalelwa ke sengwe se se itumedisang. O ne a amogela bukana ya Millions Now Living Will Never Die!, e e neng e gatisitswe ke Baithuti ba Baebele ba Ditšhabatšhaba, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo. E ne ya re fa Rre a sena go bala ditsebe di le mmalwa fela tsa yone o ne a re: “Eno ke tshedimosetso e e molemo go gaisa yotlhe e nkileng ka e bala!”

Ka bonako fela morago ga foo, Rre o ne a amogela dikgatiso tse dingwe tsa Baithuti ba Baebele. Kwantle ga go senya nako o ne a simolola go bolelela baagelani botlhe dilo tse a neng a di ithuta. Le fa go ntse jalo, go ne go se na phuthego ya Basupi ba ga Jehofa mo motseng wa rona wa selegae. E re ka Rre a ne a lemoga gore re tshwanetse go kopanela ka metlha le phuthego ya Bokeresete, ka 1935 o ne a fudusetsa lelapa kwa Orangeville, Ontario, Canada, ka gonne go ne go na le phuthego koo.

Mo metlheng eo, bana ba ne ba sa kgothalediwe go nna gone mo dipokanong tsa phuthego ka metlha; gantsi ba ne ba nna ka kwa ntle ga lefelo le dipokano di tshwaretsweng mo go lone ba bo ba tshameka go fitlha bagolo ba wetsa pokano. Rre o ne a sa rate seo. O ne a akanya jaana, “Fa e le gore dipokano di ntshiametse, le bongwanake di ba siametse.” Ka jalo, le mororo Rre a ne a sa tswa go kopanela, o ne a laela nna, kgaitsadiake e bong Bob le bonkgonne e bong Ella le Ruby gore re nne gone kwa dipokanong le bagolo, mme re ne ra dira jalo. Go ise go ye kae, bana ba Basupi ba bangwe le bone ba ne ba nna gone. Go nna gone kwa dipokanong le go akgela kwa go tsone e ne ya nna sengwe sa botlhokwa thata mo matshelong a rona.

Rre o ne a rata Baebele, mme o ne a na le tsela e e kgatlhang ya go tshameka dipego tsa Baebele. O ne a dirisa tsela eno go gatelela dithuto tsa botlhokwa mo dipelong tsa rona re sa le basha mme ke sa ntse ke di gakologelwa sentle. Nngwe e ke e gakologelwang ke gore Jehofa o segofatsa batho ba ba mo utlwang.

Gape Rre o ne a re ruta go femela tumelo ya rona ka Baebele. Re ne re a tle re dire motshameko ka gone. Rre o ne a ka nna a re, “Ke dumela gore fa ke swa ke ya legodimong. Jaanong ntshupetsang gore ga go a nna jalo.” Nna le Ruby re ne re tla batlisisa thata mo khonkhodenseng re batla ditemana tse re ka di dirisang go ganetsa thuto eo. Fa re sena go bala ditemana tse re di boneng, Rre o ne a tla re, “Go a kgatlha go utlwa seo, mme ga ke ise ke tlhatswege pelo.” Ka jalo re ne re tla boa re ya go batlisisa gape mo khonkhodenseng. Gantsi seno se ne se tla tsaya diura di le dintsi go fitlha Rre a kgotsofalela dikarabo tse re di mo nayang. Seo se ne sa felela ka gore nna le Ruby re nne le bokgoni jwa go tlhalosa dilo tse re di dumelang le go femela tumelo ya rona.

Go Fenya Bothata Jwa go Boifa Batho

Le fa ke ne ke thapisitswe sentle kwa gae le kwa dipokanong tsa phuthego, go ne go na le dilo dingwe ka go nna Mokeresete tse ke neng ke fitlhela di le thata. Fela jaaka basha ba le bantsi, ke ne ke sa rate go farologana le batho ba bangwe, bogolo jang ba ke tsenang sekolo le bone. Selo se se neng sa leka tumelo ya me fa ke sa le mosha se amana le se re neng re se bitsa megwanto ya go anamisa molaetsa.

Mo go yone setlhopha sa bakaulengwe le bokgaitsadi se ne se tsamaya se iketlile mo mebileng e megolo ya toropo se tshwere dipolakate tse di nang le mekwalo mo go tsone. Mo toropong ya rona ya batho ba ka nna 3 000 batho botlhe ba ne ba itsane. Mo mogwantong mongwe wa go anamisa molaetsa, ke ne ke tsamaya kwa morago mo moleng ke tshwere polakate e e kwadilweng go twe “Bodumedi ke Serai le Maano a a Boferefere.” Ke ne ka bonwa ke bana bangwe ba ke tsenang sekolo le bone, mme gone fela foo ba ne ba ntshala morago mo moleng, ba opela pina ya setšhaba ya “God Save the King [Modimo Boloka Kgosi].” Ke ne ka dira jang ka seemo seo? Ke ne ka rapela ka tlhoafalo gore ke nne le maatla a go tswelela pele. Fa kgabagare mogwanto o fela, ke ne ka itlhaganelela kwa Holong ya Bogosi ke re ke busa polakate ya me ke bo ke boela gae. Le fa go ntse jalo, motho yo o neng a re eteletse pele o ne a mpolelela gore mogwanto o mongwe o ne o tloga o simologa le gore ba ne ba tlhoka motho yo mongwe gape gore a tshware polakate. Ka jalo ke ne ka tswa gape, ke rapela ka tlhoafalo le go feta pele. Le fa go ntse jalo, ka nako eo bana ba ke tsenang sekolo le bone ba ne ba lapile mme ba boetse gae. Dithapelo tsa me tsa go kopa maatla di ne tsa fetoga dithapelo tsa go leboga!—Diane 3:5.

Batlhanka ba nako e e tletseng ba ne ba nna ba amogelwa mo legaeng la rona. E ne e le setlhopha sa batho ba ba itumetseng mme go ne go le monate go ba amogela. Ke gakologelwa gore go tloga rona bana re sa le basha thata, ka metlha batsadi ba rona ba ne ba re bontsha gore bodiredi jwa nako e e tletseng ke yone tiro ya botshelo e e molemo go gaisa tsotlhe.

Ke ne ka tsibogela kgothatso ya bone ka gore ka 1945 ke simolole tiro ya me ya botshelo jotlhe ya bodiredi jwa nako e e tletseng. Moragonyana ke ne ka ya go dira le nkgonne e bong Ella, yo o neng a bula tsela kwa Lontone, Ontario. Fa ke le koo, ke ne ka bontshiwa karolo nngwe ya tirelo e ke neng ke akanya gore nka se tsoge ke kgona go e dira. Bakaulengwe ba ne ba tle ba ye kwa tafoleng nngwe le nngwe mo dibareng tsa lefelo leo ba naya batho ba ba tlileng go nwa foo dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Consolation (e jaanong e leng Tsogang!). Se se itumedisang ke gore, tiro eno e ne e dirwa ka Matlhatso thapama, ka jalo ke ne nka rapela beke yotlhe gore ke nne le bopelokgale jwa go ya! Nnyaa, tiro eno e ne e se motlhofo, le fa go ntse jalo e ne e duela.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, gape ke ne ka ithuta go tsamaisa dikgatiso tse di kgethegileng tsa Consolation tse di neng di bua ka go bogisiwa ga bakaulengwe ba rona kwa dikampeng tsa pogisetso tsa Banasi, mme ke ikopanya bogolo jang le borakgwebo ba Ba-Canada, go akaretsa le boporesidente ba dikhampani tse dikgolo. Fa dingwaga di ntse di ya, ke lemogile gore ka metlha Jehofa o a re tshegetsa fa fela re ikaega ka ene gore a re neye maatla. Fela jaaka Rre a ne a tle a bue, Jehofa o segofatsa batho ba ba Mo utlwang.

Go Amogela Taletso ya go Direla Kwa Quebec

Ka July 4, 1940, tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya thibelwa kwa Canada. Moragonyana thibelo eo e ne ya fela, mme re ne re sa ntse re bogisiwa mo porofenseng ya Roma Katoliki ya Quebec. Go ne ga duwa letsholo le le kgethegileng go dirisiwa pampitshana e e kwadilweng ka mafoko a a bogale ya Quebec’s Burning Hate for God and Christ and Freedom Is the Shame of All Canada go itsise batho ka go sotliwa ga bakaulengwe ba rona koo. Nathan H. Knorr, yo e neng e le leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, o ne a kopana le makgolokgolo a babulatsela mo motseng wa Montreal gore a ba tlhalosetse se se neng se ka direga fa ba dira tiro e ba neng ba tloga ba e simolola. Mokaulengwe Knorr o ne a re bolelela gore fa re ne re ka dumela go tsena mo letsholong leo, re ne re ka lebelela gore re tshwarwe mme re tsenngwe mo kgolegelong. Mme go ne ga nna fela jalo! Fa nako e ntse e ya, ke ne ka tshwarwa makgetlho a le 15. Fa re ne re ya tirelong ya tshimo, re ne re tlhomamisa gore re tsamaya re tshotse borashe jwa meno le kamo gore fa re ne re ka lala kwa kgolegelong re bo re di tshotse.

Kwa tshimologong re ne re dira bontsi jwa tiro bosigo gore re se ka ra bonwa ke batho ba le bantsi. Ke ne ke a tle ke tsamaye ke tshotse dipampitshana tse di oketsegileng ka beke e ke neng ke e kgwagetsa mo molaleng ka fa tlase ga jase ya me. Beke eno e e tletseng dipampitshana e ne e le tona tota, mme e ne e dira gore ke lebege e kete ke moimana. Seo se ne se nthusa fa ke ya tshimong ka sepalangwa se se tletseng sa batho botlhe. Ka makgetlho mangwe monna yo o nang le botho o ne a ema mo setulong go sutela mosadi yo o “moimana.”

Fa nako e ntse e ya, re ne ra simolola go dira tiro ya go anamisa dipampitshana motshegare. Re ne re tlogela dipampitshana mo matlong a le mararo kgotsa a le manè re bo re fetela kwa tshimong e nngwe. Gantsi seo se ne se nna le matswela thata. Le fa go ntse jalo, fa moruti wa lefelo leo a ne a ka utlwa gore re teng, re ne re ka nna le bothata. Ka lekgetlho lengwe, moruti o ne a rotloetsa segopa sa bagolo le bana ba le 50 kgotsa 60 gore ba re kolope ka ditamati le mae. Re ne ra tshabela mo legaeng la kgaitsadi mongwe wa Mokeresete, mme ra tshwanelwa ke go lala teng re robetse fa fatshe.

Go ne go na le tlhokego e kgolo ya babulatsela ba ba neng ba ka ya go rerela batho ba ba buang Sefora kwa Quebec, ka jalo ka December 1958, nna le nkgonne e bong Ruby re ne ra simolola go ithuta Sefora. Morago ga moo re ne ra abelwa kwa mafelong a le mmalwa a batho ba ba buang Sefora mo porofenseng eno. Kabelo nngwe le nngwe e ne e na le ditiragalo tsa yone fela. Kwa lefelong lengwe, re ne re dirisa diura di le robedi ka letsatsi re tsena ka ntlo le ntlo ka lobaka lwa dingwaga tse pedi mme go se na ope yo o re arabang! Batho ba ne ba tla go okomela fela ba bo ba tswala digaretene. Mme re ne re sa itlhoboge. Gompieno go na le diphuthego di le pedi tse di golang mo toropong eo.

Go Tlamelwa ke Jehofa ka Ditsela Tsotlhe

Re ne ra simolola tiro ya bobulatsela jo bo kgethegileng ka 1965. Mo kabelong nngwe fa re ne re le babulatsela ba ba kgethegileng, re ne ra simolola go tlhaloganya sentle bokao jwa mafoko ano a ga Paulo a a kwadilweng mo go 1 Timotheo 6:8: “E re ka re na le dijo le se re ipipang ka sone, re tla kgotsofalela dilo tseno.” Re ne ra tshwanelwa ke go lekanyetsa tsela e re dirisang madi ka yone gore re kgone go duelela ditshenyegelo tsa rona. Ka jalo re ne ra beela kwa thoko madi a go reka se re ka ithuthafatsang ka sone, go duela rente, go duela motlakase le go reka dijo. Fa re setse re dirile seo, re ne ra sala ka disente di le 25 tse re neng re ka di dirisa kafa re batlang ka teng mo kgweding yotlhe.

Ka madinyana a re neng re na le one, re ne re ka kgona fela go reka se re ithuthafatsang ka sone mo ntlong ka diura di se kae fela bosigo. Ka gone kamore ya rona e ne e se ke e feta didikirii di le 15 tsa Celsius mme gantsi e ne e le tsididi thata go feta moo. Mme letsatsi lengwe morwa wa motho mongwe yo Ruby a ithutang Baebele le ene o ne a re etela. O tshwanetse a bo a ile a ya gae mme a bolelela mmaagwe gore re ne re swa ke serame, ka gonne morago ga moo o ne a re romelela didolara di le lesome tsa go reka leokwane kgwedi le kgwedi gore re kgone go tlogela hitara e tshubilwe ka dinako tsotlhe. Re ne re sa ikutlwe re tlhoka ka tsela epe. Re ne re sa huma mme ka dinako tsotlhe re ne re na le dilo tsa botlhokwa. Re ne re tsaya gore sepe fela se se setseng ke mpho. A bo mafoko ano a a mo go Pesalema 37:25 a le boammaaruri jang ne: “Ga ke ise ke bone ope yo o siameng a tlogetswe gotlhelele, le fa e le bana ba gagwe ba batla senkgwe”!

Le fa re ne re lebana le kganetso, ke ne ka itumelela go bona batho ba le bantsinyana ba ke neng ke ithuta Baebele le bone ba amogela kitso ya boammaaruri. Se se neng sa dira gore ke itumele thata ke fa bangwe ba bone ba tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng.

Go Lebana le Dikgwetlho Tse Dingwe ka Katlego

Ka 1970 re ne ra newa kabelo e ntšha ya go ya go direla kwa Cornwall, Ontario. Mo e ka nnang ngwaga re sena go fitlha kwa Cornwall, Mmè o ne a simolola go lwala. Rre o ne a tlhokafetse ka 1957, mme nna le bonkgonne ba babedi re ne ra thusana go tlhokomela Mmè go fitlha a swa ka 1972. Batho ba re neng re dira mmogo le bone mo tirelong ya bobulatsela jo bo kgethegileng e bong Ella Lisitza le Ann Kowalenko ba ne ba na le tlhotlheletso e e molemo e bile ba re thusa ka lorato mo nakong eno. Ba ne ba tlhokomela batho ba re neng re ithuta Baebele le bone le go re direla dilo dingwe fa re seyo. A bo mafoko ano a Diane 18:24 a le boammaaruri jang ne: “Go na le tsala e e ngaparelang go gaisa morwarra motho”!

Ruri go na le dikgwetlho di le dintsi mo botshelong. Ke ile ka kgona go lebana le tsone ka ntlha ya tshegetso e e lorato ya ga Jehofa. Ke sa ntse ke ipelela go nna mo tirelong ya nako e e tletseng. Bob, yo o neng a swa ka 1993, o ne a fetsa dingwaga di feta di le 20 mo tirong ya bobulatsela, tse di neng di akaretsa dingwaga di le 10 tse di kgethegileng tse ka tsone a neng a bula tsela mmogo le mosadi wa gagwe e bong Doll. Nkgonne e bong Ella, yo o neng a tlhokafala ka October 1998, o ne a nna mmulatsela ka dingwaga di feta di le 30 mme o ne a nna a ntse a rata bobulatsela. Ka 1991, go ne ga fitlhelwa gore nkgonne e bong Ruby, o na le kankere. Le fa go ntse jalo, o ne a dirisa maatlanyana a gagwe go rera dikgang tse di molemo. Gape o ne a nna a ntse a rata go tshegisa go fitlha moso o a neng a swa ka one ka September 26, 1999. Le fa ke sa tlhole ke na le bonkgonne, gone ke na le lelapa la semoya la bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nthusang gore ke nne ke itumetse.

Fa ke akanya ka botshelo jwa me, ke ne nka fetola eng? Ga ke ise nko ke nyalwe, mme ke ile ka segofadiwa ka batsadi ba ba lorato, kgaitsadi le bonkgonne, ba ba neng ba dira gore boammaaruri bo tle pele mo matshelong a bone. Ke lebeletse pele go ba bona botlhe mo nakong e e sa fediseng pelo fa baswi ba tsosiwa. Gone jaanong ke bona ka leitlho la mogopolo Rre a ntlamparela le Mmè a tsholola dikeledi fa re ntse re tlamparelana. Ella, Ruby le Bob ba tla bo ba tlolaka ka boitumelo.

Fa ke sa ntse ke letile jalo, ke ikaeletse go tswelela pele ke dirisa botsogo le maatlanyana a me a a setseng go baka le go tlotla Jehofa. Go nna mo tirelong ya bobulatsela jwa nako e e tletseng, ke selo se se molemo le se se duelang thata mo botshelong. Go ntse fela jaaka mopesalema a ne a bua ka se se tla diragalelang batho ba ba tsamayang mo ditseleng tsa ga Jehofa, fa a re: ‘Lo tla itumela e bile dilo di tla lo tsamaela sentle.’—Pesalema 128:1, 2

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Rre o ne a rata Baebele. O ne a re ruta go femela tumelo ya rona ka yone

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Go tswa ka fa molemeng go ya ka fa mojeng: Ruby, nna, Bob, Ella, Mmè le Rre ka 1947

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Mola o o kwa pele, go tswa ka fa molemeng go ya ka fa mojeng: Nna, Ruby le Ella, kwa Kopanong ya Kgaolo, ka 1998