Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Tshwanetse go Leba Diteko Jang?

Re Tshwanetse go Leba Diteko Jang?

Re Tshwanetse go Leba Diteko Jang?

DITEKO! Rotlhe re tshwanetse go lebana le tsone. Di ka nna tsa bo di bakwa ke go nna le dikgotlhang le ba bangwe, mathata a itsholelo, bolwetse, dithaelo, go gatelelwa ke balekane gore re dire se se sa siamang, pogiso, dilo tse di gwetlhang boemo jwa rona jwa go se tseye letlhakore kgotsa jwa go gana kobamelo ya medingwana le dilo tse dingwe tse dintsi. Le fa diteko e ka nna tsa mofuta ofe, gantsi di dira gore re tlhobaele thata. Re ka lebana le tsone jang ka katlego? A di ka re solegela molemo ka tsela nngwe?

Thuso e e Molemo go Gaisa Tsotlhe

Kgosi Dafide wa bogologolo o ne a na le diteko di le dintsi mo botshelong, le fa go ntse jalo, o ne a swa a ikanyega. O ne a kgona jang go itshoka? O ne a umaka motswedi wa maatla a gagwe fa a ne a re: “Jehofa ke Modisa wa me. Ga ke na go tlhoka sepe.” Go tswa foo o ne a tswelela jaana: “Le fa gone ke tsamaya mo mokgatšheng wa moriti o montsho, ga ke boife sepe se se bosula, gonne o na le nna; thobane ya gago le lore lwa gago ke dilo tse di nkgomotsang.” (Pesalema 23:1, 4) Ee, Jehofa ke ene motswedi wa thuso e e sa feleng. O ne a disa Dafide mo dinakong tsa mathata, mme o iketleeleditse go re direla se se tshwanang fa re mo tlhoka.

Re ka bona thuso ya ga Jehofa jang? Baebele e bontsha kafa re ka e bonang ka teng fa e re: “Lekang mme lo bone gore Jehofa o molemo.” (Pesalema 34:8) Eno ke taletso e e lorato eleruri, mme e kaya eng? E re kgothaletsa go direla Jehofa le go tshela tumalanong le thato ya gagwe ka botlalo. Go dira jalo go bolela gore re se ka ra gololesega jaaka fa re ne re ka rata, re itime dilo dingwe. Ka dinako tse dingwe, seno se ka nna sa ba sa dira gore re lebane le diteko—ra bogisiwa. Le fa go ntse jalo, batho ba ba amogelang taletso ya ga Jehofa ka pelo yotlhe ga ba a tshwanela go ikwatlhaela go bo ba e amogetse. Jehofa o tla nna molemo thata mo go bone. O tla ba kaela le go ba tlhokomela semoyeng. O tla dirisa Lefoko la gagwe, moya wa gagwe o o boitshepo le phuthego ya Bokeresete go ba thusa go lebana le diteko. Mme kgabagare o tla ba duela ka botshelo jo bo sa khutleng.—Pesalema 23:6; 25:9; Isaia 30:21; Baroma 15:5.

Batho ba ba dirang tshwetso e kgolo thata ya gore ba direle Jehofa mme ba e kgomarela, ba lemoga gore Jehofa o diragatsa ditsholofetso tsotlhe tsa gagwe. Seno ke sone se Baiseraele ba ba neng ba latela Joshua go ya kwa Nageng e e Solofeditsweng ba neng ba se lemoga. Fa ba sena go kgabaganya Joredane, ba ne ba tshwanelwa ke go itshokela diteko, go lwa ditlhabano le go ithuta dithuto tse di botlhoko. Le fa go ntse jalo, kokomana eo e ne e ikanyega go feta borraabone, ba ba neng ba tswa kwa Egepeto mme ba swela mo nageng. Ka gone Jehofa o ne a thusa batho bano ba ba ikanyegang, mme pego ya Baebele e bolela jaana malebana le seemo sa bone kwa bokhutlong jwa botshelo jwa ga Joshua: “Jehofa a ba naya boikhutso mo tikologong yotlhe, kafa go sotlhe se a neng a se ikanela borraabonemogologolwane . . . Ga go na tsholofetso epe e e neng ya se ka ya diragadiwa mo tsholofetsong yotlhe e e molemo e Jehofa a neng a e solofeditse ntlo ya Iseraele; e ne ya diragadiwa yotlhe fela.” (Joshua 21:44, 45) Le rona re ka diragalelwa ke seo fa re ikaega gotlhelele ka Jehofa fa re lekwa le ka dinako tse dingwe tsotlhe.

Ke eng se se ka nnang sa koafatsa tsela e re tshepang Jehofa ka yone? Jesu o ne a umaka selo sengwe fa a ne a re: “Ga go ope yo o ka nnang motlhanka wa beng ba babedi . . . Ga lo ka ke lwa nna batlhanka ba Modimo le ba Dikhumo.” (Mathaio 6:24) Fa re ikanya Jehofa, ga re kitla re batla pabalesego koo batho ba le bantsi mo lefatsheng ba e batlang teng, mo dikhumong. Jesu o ne a gakolola balatedi ba gagwe jaana: “Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe [tse lo di tlhokang] lo tla di okelediwa.” (Mathaio 6:33) Mokeresete yo o nnang le pono e e lekalekaneng ka dikhumo a bo a dira gore Bogosi Jwa Modimo bo tle pele mo botshelong jwa gagwe o tlhopha se se siameng. (Moreri 7:12) Ke boammaaruri gore seno se ka nna sa dira gore a tshwanelwe ke go itima dilo dingwe. A ka nna a tshwanelwa ke go ithontsha dilo dingwe tse di bonalang. Le fa go ntse jalo, o tla duelwa thata. Mme Jehofa o tla mo thusa.—Isaia 48:17, 18.

Se Diteko di re Rutang Sone

Gone ke boammaaruri gore fa motho a tlhopha go ‘leka le go bona gore Jehofa o molemo,’ ga go reye gore seno se tla mo sireletsa mo maemong a a sa lebelelwang a botshelo; e bile ga go reye gore se tla re sireletsa gotlhelele mo ditlhaselong tsa ga Satane le baemedi ba gagwe ba batho. (Moreri 9:11) Ka gone, tlhoafalo ya Mokeresete le boikemisetso jwa gagwe di ka nna tsa lekwa. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a dumelela gore baobamedi ba gagwe ba lekwe jalo? Moaposetoloi Petere o ne a tlhalosa lebaka lengwe fa a ne a kwala jaana: “Ka lobakanyana mo nakong eno, fa e le gore go tshwanetse, lo hutsafaditswe ke diteko tse di farologaneng, gore boleng jo bo lekilweng jwa tumelo ya lona, e e leng tlhwatlhwakgolo thata go feta gouta e e nyelelang le fa e lekwa ka molelo, bo fitlhelwe e le lebaka la pako le kgalalelo le tlotlo fa Jesu Keresete a senolwa.” (1 Petere 1:6, 7) Ee, diteko di re naya sebaka sa go bontsha gore re na le tumelo e e kana kang le gore re rata Jehofa go le kana kang. Mme di thusa go araba dikgobo le ditatofatso tsa ga Satane Diabolo.—Diane 27:11; Tshenolo 12:10.

Gape diteko di re thusa go tlhagolela dinonofo tse dingwe tsa Bokeresete. Ka sekai, akanya ka mafoko ano a mopesalema: “[Jehofa] o bona yo o ikokobeditseng; mme yo o ikgodisang o mo itsetse kgakala fela.” (Pesalema 138:6) Ka tlholego fela ba le bantsi mo go rona ga re boikokobetso, mme diteko di ka re thusa go tlhagolela nonofo eno e e botlhokwa. Akanya ka nako nngwe bogologolo mo motlheng wa ga Moshe fa bangwe ba Baiseraele ba ne ba lapisiwa ke go ja mana beke le beke, kgwedi le kgwedi. Go bonala seno e ne e le teko, le fa mana e ne e le dijo tse ba neng ba di fiwa ka kgakgamatso. Ke ka ntlha yang fa ba ne ba lekwa ka tsela eno? Moshe o ne a ba raya a re: “[Jehofa o ne] a go fepa ka mana mo nageng . . . gore a go kokobetse le gore a go leke.”—Duteronome 8:16.

Le rona re ka lekwa go bona gore a re ikokobeditse. Jang? Akanya ka seno, re itshwara jang fa go dirwa diphetogo dingwe mo phuthegong? (Isaia 60:17) A re tshegetsa tiro ya go rera le go ruta ka pelo yotlhe? (Mathaio 24:14; 28:19, 20) A re amogela ka tlhoafalo tsela e “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” a tlhalosang dithuto tsa boammaaruri jwa Baebele ka yone? (Mathaio 24:45-47; Diane 4:18) A re lwa le kgatelelo ya go batla go nna le didirisiwa tsa bosheng, diaparo tse di mo fesheneng, kgotsa koloi ya modiro o mosha? Motho yo o ikokobeditseng o tla kgona go araba dipotso tseno ka ee.—1 Petere 1:14-16; 2 Petere 3:11.

Diteko di re thusa go tlhagolela nonofo e nngwe gape e e botlhokwa—boitshoko. Morutwa Jakobe o ne a re: “Go tseyeng e le boipelo fela, bakaulengwe ba me, fa lo kopana le diteko tse di farologaneng, lo itse jaaka lo itse gore boleng jono jo bo lekilweng jwa tumelo ya lona bo felela ka boitshoko.” (Jakobe 1:2, 3) Go itshokela diteko di le dintsi ka katlego re ikaegile ka botlalo ka Jehofa, go dira gore re eme re nitame, re thokgame e bile re sa fetoge. Go re naya maatla a go emelana le ditlhaselo tse modimo yo o galefileng wa lefatshe leno e bong Satane a ka re tlhaselang ka tsone mo nakong e e tlang.—1 Petere 5:8-10; 1 Johane 5:19; Tshenolo 12:12.

Leba Diteko ka Tsela e e Siameng

Morwa yo o itekanetseng wa Modimo e bong Jesu Keresete o ne a lebana le diteko di le dintsi fa a ne a le mo lefatsheng mme o ne a bona melemo e megolo ka ntlha ya go di itshokela. Paulo o ne a kwala gore Jesu “o ne a ithuta kutlo mo dilong tse a neng a di boga.” (Bahebera 5:8) Go ikanyega ga gagwe go fitlha losong go ne ga tlisa pako mo leineng la ga Jehofa ga ba ga dira gore Jesu a kgone go ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng gore e nne thekololo. Seno se ne sa dira gore batho ba ba bontshang tumelo mo go Jesu ba nne le tebelelo ya go tshela ka bosakhutleng. (Johane 3:16) Gone jaanong Jesu ke Moperesiti yo Mogolo le Kgosi e e tlhomilweng ka gonne o ne a nna a ntse a ikanyega fa a ne a lekwa.—Bahebera 7:26-28; 12:2.

Go tweng ka rona? Le rona re ka bona masego a magolo fa re ikanyega ka dinako tsa diteko. Baebele e bolela jaana malebana le ba ba nang le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong: “Go itumela motho yo o nnang a itshokela teko, ka gonne e tla re fa a amogelwa o tla amogela serwalo sa botshelo, se Jehofa a neng a se solofetsa ba ba tswelelang ba mo rata.” (Jakobe 1:12) Ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba tlhomamisegile gore fa ba itshoka ka boikanyegi, ba tla rua botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. (Tshenolo 21:3-6) Mme selo sa botlhokwa le go feta ka gore go itshoka ga bone ka boikanyegi go tlisa pako mo leineng la ga Jehofa.

Fa re ntse re latela dikgato tsa ga Jesu, re ka tlhomamisega gore re ka kgona go itshokela ka katlego diteko tsotlhe tse re lebanang le tsone mo tsamaisong eno ya dilo. (1 Bakorintha 10:13; 1 Petere 2:21) Jang? Ka go ikanya Jehofa, yo o nayang batho ba ba ikaegang ka ene “maatla a a fetang a a tlwaelegileng.” (2 Bakorintha 4:7) E kete re ka tlhatswega pelo jaaka Jobe, yo le fa a ne a itshokela diteko tse di setlhogo a neng a bua jaana a sa belaele sepe: “Morago ga fa a sena go nteka, ke tla tswa jaaka gouta.”—Jobe 23:10.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Go ikanyega ga ga Jesu fa a ne a lekwa go ne ga tlisa pako mo leineng la ga Jehofa. Le rona re ka dira se se tshwanang