Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A Baebele e dirisa leina Lusifa go bitsa Satane?

Leina Lusifa le tlhaga gangwe fela mo Dikwalong le gone le tlhaga fela mo dithanolong dingwe tsa Baebele. Ka sekai, Baebele ya King James Version e ranola Isaia 14:12 e re: “A bo o kile wa wa kwa legodimong wena Lusifa, morwa bosa!”

Lefoko la Sehebera le le ranotsweng go twe “Lusifa” le raya “yo o phatsimang.” Septuagint e dirisa lefoko la Segerika le le rayang “yo o tlisang bosa.” Ka jalo, dithanolo dingwe di dirisa mafoko a a dirisitsweng mo Sehebereng sa ntlha e leng “naledi ya moso” kgotsa “Mphatlalatsane.” Mme Vulgate ya Selatine ya ga Jerome e dirisa “Lusifa” (motshodi wa lesedi), mme seno se tlhalosa lebaka la go bo dithanolo dingwe tsa Baebele di dirisa leina leo.

Lusifa yono ke mang? Mafoko a a reng “yo o phatsimang,” kgotsa “Lusifa,” a fitlhelwa mo mafokong a boporofeti a Isaia a neng a laela Baiseraele gore ba ‘ntshetse kgosi ya Babelona polelo ya seane’ ka one. Ka jalo, ke karolo ya mafoko a a neng a lebisitse kwa bogosing jwa Babelona. Gape re kgona go bona ka mafoko ano, “O tla folosediwa kwa Sheole,” gore mafoko “yo o phatsimang” a lebisitswe kwa mothong mme e seng kwa sebopiweng sa moya. Sheole ke lebitla le le tlwaelegileng la batho—ga se lefelo le Satane Diabolo a nnang mo go lone. Mo godimo ga moo, ba ba bonang Lusifa a tsena mo boemong jono ba botsa jaana: “A yo ke ene motho yo o neng a fudua lefatshe?” Go phepafetse gore “Lusifa” ke motho, ga se sebopiwa sa moya.—Isaia 14:4, 15, 16.

Ke ka ntlha yang fa bogosi jwa Babelona bo tlhalosiwa ka tsela e e tlotlometseng jaana? Re tshwanetse go lemoga gore kgosi ya Babelona e ne e tla bidiwa yo o phatsimang fela fa e sena go wa e bile e le ka tsela ya go mo sotla. (Isaia 14:3) Dikgosi tsa Babelona di ne tsa tlhotlhelediwa ke boikgogomoso gore di ikgogomosetse ditšhaba tse di neng di ba dikologile. Bogosi joo bo ne bo ikgogomositse thata jaana mo e leng gore bo tlhalosiwa bo ikgantsha jaana: “Ke tla tlhatlogela kwa magodimong. Ke tla tsholeletsa setulo sa me sa bogosi kwa godimo ga dinaledi tsa Modimo, mme ke tla nna fa fatshe mo thabeng ya bokopanelo, mo dikarolong tse di kwa kgakala thata tsa bokone. . . . Ke tla itira gore ke tshwane le Mogodimodimo.”—Isaia 14:13, 14.

“Dinaledi tsa Modimo” ke dikgosi tse di neng di tla tlhatlhama Dafide mo bogosing. (Dipalo 24:17) Go tloga mo go Dafide go ya pele, “dinaledi” tseno di ne tsa busa go tswa mo Thabeng ya Sione. Fa Solomone a sena go aga tempele kwa Jerusalema, motse otlhe o ne wa bidiwa Sione. Mo kgolaganong ya Molao, banna botlhe ba Baiseraele ba ne ba laelwa go ya Sione gararo ka ngwaga. Ka jalo, e ne ya nna ‘thaba ya bokopanelo.’ Nebukadenesare o ne a bontsha maikaelelo a gagwe a go nna kwa godimo ga “dinaledi” tseo ka go fenya dikgosi tsa Judea le go di tlosa mo thabeng eo. Go na le go dumela gore o di fentse ka thuso ya ga Jehofa, o ipaya mo boemong jwa ga Jehofa ka boikgogomoso. Fa bogosi jwa Babelona bo sena go wa, bo bidiwa ka go sotlwa go twe “yo o phatsimang.”

“Modimo wa tsamaiso eno ya dilo”—Satane Diabolo, le ene o ikgogomosa fela jaaka babusi ba Babelona. (2 Bakorintha 4:4) Le ene o eletsa go nna le maatla le go nna kwa godimo ga Jehofa Modimo. Mme Lusifa ga se leina la Dikwalo le le filweng Satane.

Ke ka ntlha yang fa 1 Ditiragalo 2:13-15 e re Dafide ke morwa wa bosupa wa ga Jese, fa 1 Samuele 16:10, 11 yone e re ke wa borobedi?Fa Kgosi Saulo wa Iseraele wa bogologolo a ne a furalela kobamelo ya boammaaruri, Jehofa Modimo o ne a romela moporofeti Samuele go ya go tlotsa mongwe wa bomorwa Jese go nna kgosi. Pego eno ya Baebele ya tiragalo eno e e fetileng, e e kwadilweng ke Samuele ka boene mo lekgolong la bo11 la dingwaga B.C.E., ya re Dafide ke ngwana wa borobedi wa ga Jese. (1 Samuele 16:10-13) Le fa go ntse jalo, pego e e kwadilweng ke moperesiti Esera dingwaga di le 600 morago ga moo, ya re: “Jese ene a nna rraagwe leitibolo la gagwe e bong Eliabe, le wa bobedi Abinadade, le wa boraro Shimea, wa bonè Nethanele, wa botlhano Radai, wa borataro Oseme, wa bosupa Dafide.” (1 Ditiragalo 2:13-15) Go ile ga diragalang ka mongwe wa bomorwarraagwe Dafide, mme ke ka ntlha yang fa Esera a sa umake leina la gagwe?

Dikwalo tsa re Jese “o ne a na le bana ba le robedi ba basimane.” (1 Samuele 17:12) Go lebega mongwe wa bana ba gagwe ba basimane a sa tshela lobaka lo loleele gore a nyale a ba a nne le bana. Ka gonne a ne a se na bana, o ne a ka se newe boswa jwa morafe e bile o ne a sa tlhage mo losikeng lwa lotso lwa ga Jese.

Jaanong a re akanye ka motlha wa ga Esera. Akanya ka nako ya fa a ne a kwala Ditiragalo. Botshwaro jwa Bajuda kwa Babelona bo ne bo khutlile dingwaga tse 77 pele ga foo, mme ba ne ba setse ba boetse gape kwa nageng ya bone. Kgosi ya Peresia e ne e neile Esera taelo ya gore a tlhome baatlhodi le barutisi ba Molao wa Modimo le gore ba kgabise ntlo ya ga Jehofa. Go ne go tlhokega gore go bo go na le manaane a losika a a neng a tlhomamisa boswa jwa lotso le go tlhomamisa gore e ne e le batho ba ba tshwanelegang fela ba ba neng ba nna baperesiti. Ka jalo Esera o ne a kwala pego e e feletseng ya hisitori ya setšhaba, le rekoto e e tlhomameng le e e ka ikanngwang ya lotso lwa Juda le lwa ga Dafide. Leina la morwa wa ga Jese yo o tlhokafetseng a se na bana le ne le se kitla le tlhokega. Ka jalo, Esera ga a ka umaka leina la gagwe.