Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thanolo ya “Septuagint”—E ne E le Mosola Bogologolo le Gompieno e Mosola

Thanolo ya “Septuagint”—E ne E le Mosola Bogologolo le Gompieno e Mosola

Thanolo ya “Septuagint”E ne E le Mosola Bogologolo le Gompieno e Mosola

MONNA mongwe wa kwa Ethiopia yo o nang le maemo o ne a le mo tseleng ya go ya gae a tswa Jerusalema. Fa a ntse a tsamaya mo tseleng ya sekaka a le mo kareng ya gagwe, o ne a bala momeno mongwe wa bodumedi a o balela kwa godimo. Tsela e a neng a tlhalosediwa mafoko a a neng a a bala ka yone e ne ya mo ama thata jaana mo a neng a fetola botshelo jwa gagwe go tloga ka nako eo go ya pele. (Ditiro 8:26-38) Monna yono o ne a bala Isaia 53:7, 8 go tswa mo thanolong ya ntlhantlha ya Baebele—thanolo ya Segerika ya Septuagint. Thanolo eno e ile ya thusa thata mo go anamiseng molaetsa wa Baebele ka makgolo a le mantsi a dingwaga mo go neng ga twe ke thanolo ya Baebele e e fetotseng lefatshe.

Thanolo ya Septuagint e ne ya ranolwa leng le gone mo maemong afe? Ke ka ntlha yang fa thanolo eno e ne e tlhokega? E ile ya nna mosola jang mo makgolong a le mantsi a dingwaga? A tota go na le sengwe se thanolo ya Septuagint e ka re rutang sone gompieno?

E ne E Diretswe Bajuda ba ba Buang Segerika

Ka 332 B.C.E. fa Alexander yo Mogolo a ne a gwantela kwa Egepeto morago ga go senya motse wa Ture o o kwa Fonekia, o ne a amogelwa jaaka mogolodi. Koo o ne a thaya motse wa Alexandria, o e neng ya nna lefelo la konokono la thuto mo metlheng ya bogologolo. E re ka Alexander a ne a batla go anamisa setso sa Segerika mo bathong ba ba neng ba nna mo dinageng tse a di gapileng, o ne a simolola go ruta batho ba ba mo bogosing jwa gagwe jo bogolo Segerika se se tlwaelegileng (Se-Koine).

Mo lekgolong la boraro la dingwaga B.C.E., Alexandria e ne ya nna legae la Bajuda ba le bantsi. Bajuda ba le bantsi ba e neng ya re fa ba boa kwa botshwarong jwa Babelona ba bo ba nna kwa dikoloneng tse di gasameng ka kwa ntle ga Palesetina, ba ne ba fudugela kwa Alexandria. Bajuda bano ba ne ba itse Sehebera sentle go le kana kang? Cyclopedia ya ga McClintock le Strong e bolela jaana: “Go itsiwe sentle gore fa Bajuda ba sena go boa kwa botshwarong jwa Babelona, ba lebetse bontsi jwa Sehebera sa bogologolo, ba ne ba tlhalosediwa ka Sekaladia dilo tse di neng di balwa mo dibukeng tsa ga Moshe kwa sinagogeng ya Palesetina . . . Bajuda ba kwa Alexandria bone ba tshwanetse ba bo ba ne ba na le kitso e nnye thata ya Sehebera le go feta; puo e ba neng ba e tlwaetse e ne e le Segerika sa kwa Alexandria.” Go bonala seemo kwa Alexandria se ne se tshwanela gore Dikwalo Tsa Sehebera di ranolelwe mo Segerikeng.

Mojuda mongwe yo o neng a tshela mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E. e bong Aristobulus, o ne a kwala gore mokwalo mongwe wa molao wa Bahebera o ne wa ranolelwa mo Segerikeng mme wa wediwa ka nako ya puso ya ga Ptolemy Philadelphus (285-246 B.C.E.). Batho ba na le dikgopolo tse di farologaneng malebana le se Aristobulus a neng a se kaya fa a re “molao.” Bangwe ba akanya gore o ne a bua fela ka Dibuka Tsa Ntlha Tse Tlhano Tsa Dikwalo, fa ba bangwe bone ba bolela gore a ka tswa a ne a akantse ka Dikwalo Tsa Sehebera tsotlhe.

Le fa seemo e ka tswa e le sefe, go ya ka dipolelo tsa bogologolo, bakanoki ba ka nna 72 ba Bajuda ba ile ba nna le seabe fa Dikwalo di ne di ranolwa la ntlha go tswa mo Sehebereng di ranolelwa mo Segerikeng. Moragonyana go ne ga simololwa go dirisiwa palo e e feletseng ya 70. Ke gone ka moo, thanolo eno e neng ya bidiwa Septuagint, e e kayang “70,” mme ya newa leina la LXX, e leng palo ya Seroma ya 70. Kwa bofelong jwa lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E., dibuka tsotlhe tsa Dikwalo Tsa Sehebera di ne di ka kgona go balwa ka Segerika. Ka jalo, leina Septuagint le ne la dirisiwa go kaya Dikwalo tsotlhe Tsa Sehebera tse di ranoletsweng mo Segerikeng.

E ne E le Mosola mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga

Thanolo ya Septuagint e ne e dirisiwa thata ke Bajuda ba ba neng ba bua Segerika mo motlheng wa ga Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe le pele ga one. Bontsi jwa Bajuda le basokologi ba ba neng ba phuthegile kwa Jerusalema ka letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E. ba ne ba tswa kwa kgaolong ya Asia, Egepeto, Libia, Roma le Kereta—mafelo a mo go one batho ba neng ba bua Segerika. Ga go na pelaelo gore ba ne ba tlwaetse go bala thanolo ya Septuagint. (Ditiro 2:9-11) Ka jalo, thanolo eno e ne ya thusa thata go anamisa dikgang tse di molemo mo lekgolong la ntlha la dingwaga.

Ka sekai, fa morutwa Setefane a ne a bua le banna ba kwa Kurene, Alekesanderia, Kilikia le Asia, o ne a re: “Josefa a roma mme a bitsa Jakobe rraagwe le botlhe ba losika lwa gagwe kwa lefelong leo [la Kanana], ba nna palo ya meya e le masome a supa le botlhano.” (Ditiro 6:8-10; 7:12-14) Mokwalo wa Sehebera mo go Genesise kgaolo 46 o bolela gore palo ya ba losika lwa ga Josefa e ne e le masome a supa. Mme thanolo ya Septuagint e dirisa palo ya masome a supa le botlhano. Go bonala gore Setefane o ne a nopola thanolo ya Septuagint.Genesise 46:20, 26, 27.

Fa moaposetoloi Paulo a ntse a ralala Asia Minor le Gerika mo loetong lwa gagwe lwa bobedi le lwa boraro lwa borongwa, o ne a rerela Baditšhaba ba le bantsi ba ba neng ba boifa Modimo le ‘Bagerika ba ba neng ba obamela Modimo.’ (Ditiro 13:16, 26; 17:4) Batho bano ba ne ba simolola go boifa kana go obamela Modimo ka gonne ba ne ba bone kitsonyana ka ene mo thanolong ya Septuagint. Fa Paulo a ne a rerela batho bano ba ba buang Segerika, gantsi o ne a nopola dikarolo tsa thanolo eo kana a di tlhalosa ka mafoko a gagwe.—Genesise 22:18; Bagalatia 3:8.

Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di nopola Dikwalo Tsa Sehebera ka tlhamalalo ka makgetlho a le 320 mme di nopola mo go tsone e se ka tlhamalalo le go di umaka ka makgetlho a ka nna 890. Bontsi jwa dinopolo tseno di tswa mo thanolong ya Septuagint. Ka jalo, dinopolo tse di tserweng mo thanolong eo mme di sa tsewa mo mekwalong ya Sehebera di ne tsa nna bontlhanngwe jwa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika tse di tlhotlheleditsweng. A bo eno e ne e le ntlha ya botlhokwa jang ne! Jesu o ne a bolelela pele gore dikgang tse di molemo tsa Bogosi di ne di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni. (Mathaio 24:14) Gore seno se diragale, Jehofa o ne a tla letlelela gore Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng le ranolelwe mo dipuong tse di farologaneng tse di balwang ke batho mo lefatsheng lotlhe.

E Mosola Gompieno

Thanolo ya Septuagint e sa ntse e le mosola le gompieno mme e dirisiwa go thusa go senola diphoso tsa bakwalolodi tse di ka tswang di ile tsa tsena mo mekwalong ya Sehebera e e kwalolotsweng moragonyana. Ka sekai, pego e e mo go Genesise 4:8 e balega jaana: “Morago ga moo Kaine a raya Abele monnawe a re: [‘A re ye kwa nageng.’] Ka jalo go ne ga diragala gore fa ba le kwa nageng Kaine a tlhasele Abele monnawe mme a mmolaye.”

Mafoko a a mo masakaneng a a reng “a re ye kwa nageng” ga a yo mo mekwalong ya Sehebera e e kwadilweng go tloga kwa lekgolong la bolesome la dingwaga C.E. Le fa go ntse jalo, a teng mo mekwalong ya bogologolo ya thanolo ya Septuagint le mo ditshupisong tse dingwe di le mmalwa tsa bogologolo. Mokwalo wa Sehebera o na le lefoko le gantsi le bontshang gore go tla mafoko a a builweng mme fano ga go na mafoko ape a a latelang. Go ka tswa go diragetseng? Genesise 4:8 e na le dipolelwana tse pedi tse di latelanang tse di felelang ka mafoko a a reng “kwa nageng.” Cyclopedia ya ga McClintock le Strong e akantsha jaana: “Mokwalolodi wa Mohebera a ka tswa a ile a latlhiwa ke lefoko [le le tshwanang] . . . le le tlang kwa bofelong jwa dipolelwana tseno tse pedi.” Ka jalo, mokwalolodi yono a ka tswa a ile a tlola polelwana e e felelang ka mafoko a a reng “kwa nageng” fa a tlhaga lekgetlho la ntlha. Ga go na pelaelo gore thanolo ya Septuagint, mmogo le mekwalo e mengwe ya bogologolo e e sa ntseng e le teng, e ka thusa thata go senola diphoso tse di mo dikhoping tsa moragonyana tsa mokwalo wa Sehebera.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, go ka nna ga fitlhelwa diphoso mo dikhoping tsa thanolo ya Septuagint, mme ka dinako tse dingwe mokwalo wa Sehebera o dirisediwa go baakanya diphoso tse di mo thanolong ya Segerika. Ka jalo, go bapisa mekwalo ya Sehebera le ya Segerika le dithanolo tsa dipuo tse dingwe go felela ka gore go bonwe diphoso tse di dirilweng fa go ranolwa mmogo le diphoso tsa bakwalolodi e bile go dira gore re tlhatswege pelo gore Lefoko la Modimo le ranotswe ka tlhomamo.Dikhopi tse di feletseng tsa thanolo ya Septuagint tse di leng teng gompieno e sa le di nna teng go tloga ka lekgolo la bonè la dingwaga C.E. Mekwalo e e ntseng jalo le dikhopi tse di neng tsa nna teng moragonyana ga di na leina la Modimo, Jehofa, le ka Sehebera le tlhagang ka ditlhaka tse nnè tsa leina la Modimo (YHWH). Dikhopi tseno di dirisitse mafoko a Segerika a “Modimo” le “Morena” gongwe le gongwe mo ditlhaka tseno tse nnè tsa leina la Modimo di tlhagang teng mo mokwalong wa Sehebera. Le fa go ntse jalo, sengwe se se neng sa ribololwa kwa Palesetina dingwaga di ka nna 50 tse di fetileng se ne sa naya lesedi mo kgannyeng eno. Setlhopha sengwe sa batho ba ba neng ba batlisisa mo magageng gaufi le lotshitshi lo lo kafa bophirima lwa Lewatle le le Suleng ba ne ba ribolola dikarolwana tsa momeno wa bogologolo wa letlalo wa baporofeti ba le 12 (go simolola ka Hosea go ya go Malaki) o o kwadilweng ka Segerika. Mekwalo eno e ne e le ya nako nngwe fa gare ga 50 B.C.E. le 50 C.E. Mo dikarolwaneng tseno tsa bogologolo tsa momeno, ditlhaka tse nnè tsa leina la Modimo di ne di sa emisediwa ka mafoko a Segerika a “Modimo” le “Morena.” Ka gone, seno se ne sa tlhomamisa gore leina la Modimo le ne le dirisitswe mo thanolong ya Dikwalo ya bogologolo ya Septuagint.

Ka ngwaga wa 1971 go ne ga letlelelwa gore dikarolwana tsa momeno wa bogologolo wa papirase (dipapirase tsa Fouad 266) di gatisiwe. Dikarolwana tseno tsa thanolo ya Septuagint tsa lekgolo la bobedi kgotsa la ntlha la dingwaga B.C.E., di ne tsa senola eng? Leina la Modimo le ne le bolokilwe le mo go tsone. Dikarolwana tseno tsa bogologolo tsa thanolo ya Septuagint di naya bosupi jo bo nonofileng jwa gore Jesu le barutwa ba gagwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba itse leina la Modimo e bile ba le dirisa.

Gompieno, Baebele ke buka e e ranotsweng ka dipuo di le dintsi go feta dibuka tse dingwe tsotlhe mo hisitoring. Batho ba feta diperesente di le 90 ba kgona go bala bobotlana karolo ya yone ka dipuo tsa bone. Re lebogela thata thanolo e e tlhomameng e e ranotsweng ka puo ya gompieno ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo, e e leng gone ka dipuo di feta 40 e feletse kgotsa bontlhanngwe jwa yone. New World Translation of the Holy Scriptures—With References e na le dintlha di le makgolo a le mantsi tse di kwa tlase tse di umakang thanolo ya Septuagint le mekwalo e mengwe ya bogologolo. Ee ruri, baithuti ba Baebele ba motlha wa gompieno ba sa ntse ba kgatlhegela thanolo ya Septuagint le go e tsaya e le mosola.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Morutwa Filipo o ne a tlhalosa temana e e neng e balwa mo thanolong ya “Septuagint”

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Gantsi moaposetoloi Paulo o ne a nopola thanolo ya “Septuagint”