Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha ba ba Ratang Boammaaruri

Basha ba ba Ratang Boammaaruri

Basha ba ba Ratang Boammaaruri

MOPESALEMA wa Mohebera o ne a botsa jaana dingwaga di le diketekete tse di fetileng: “Lekau le tla ntlafatsa tselana ya lone jang?” (Pesalema 119:9) Potso eno e sa ntse e tshwanela le gompieno ka gonne basha ba lebane le mathata a le mantsi mo lefatsheng. Boitsholo jo bo sa siamang bo dirile gore basha ba le bantsi ba tsenwe ke AIDS, mme mo e ka nnang halofo ya ba ba setseng ba tshwaeditswe ke bolwetse jo bo maswe jono, ke basha ba ba nang le dingwaga tse di fa gare ga 15 le 24. Go sa diriseng diokobatsi sentle le gone go baka mathata a le mantsi, a a dirang gore basha ba swe pele ga nako. Mmino o o leswe, difilimi tse di tletseng thubakanyo le boitsholo jo bo maswe, mananeo a thelebishene le dibidio; le ditshwantsho tse di hepisang tsa Internet di nna le tlhotlheletso e kgolo thata mo basheng. Ka jalo gompieno, batsadi ba le bantsi le basha, ba tsaya potso eno e mopesalema a neng a e botsa masisi.

Mopesalema o ne a araba potso ya gagwe jaana: “Ka go nna le [lekawana] itebeletse kafa lefokong la gago.” Ga go pelaelo gore Lefoko la Modimo Baebele le naya basha kaelo e e molemo, mme fa basha ba le bantsi ba e latela, ba tla atlega mo botshelong. (Pesalema 119:105) A re tlhatlhobeng dikai dingwe tsa basha ba ba ratang Modimo le ba ba lekang go nna ba nonofile semoyeng mo lefatsheng leno la batho ba ba ratang menate le dikhumo.

Ba Lebogela Kaelo ya Batsadi

Jacob Emmanuel e ne e le modiredi wa mmulatsela wa nako e e tletseng dingwaga di le mmalwa pele a direla kwa ofising ya lekala la Basupi ba ga Jehofa kwa Mexico. O gakologelwa ka boitumelo gore go tlile jang gore a rate go direla Modimo: “Batsadi ba me ke bone ba ba neng ba ntlhotlheletsa thata, le fa ke ne ka thusiwa gape ke bakaulengwe bangwe ba ba nang le maitemogelo ba ba ratang dilo tsa semoya ba ke neng ke tsalane thata le bone. Ba ne ba ntlhotlheletsa go rata tiro ya go rera. Ba ne ba nkaela ka bonolo gore ke tsamaye mo tseleng e e siameng; ga ke ise ke ko ke tsamaye ke ikutlwe gore ba ne ba mpateletsa.”

David, yo o setseng a feditse dingwaga di le mmalwa a le mo bodireding jwa nako e e tletseng, o gakologelwa kafa go neng ga mo kgatlha tota fa batsadi ba gagwe ba ne ba nna babulatsela ba ba kgethegileng fa ene le morwarraagwe ba ne ba sa ntse ba le bannye. Fa rraagwe a tlhokafala, mmaagwe o ne a tswelela e le mmulatsela yo o kgethegileng. O ne a ba tlhokomela a ntse a rera dikgang tse di molemo. David o bolela jaana: “Ga ba ise ba ko ba mpateletse go nna mmulatsela, mme re ne re rata bobulatsela thata re le lelapa mo e leng gore tsela e re neng re atamalane ka yone le e re neng re dira dilo ka yone, e ne ya ntlhotlheletsa go nna mmulatsela.” Fa David a bua ka botlhokwa jwa go kaelwa ka tsela e e molemo le go tlhokomelwa ke batsadi, o tlhalosa jaana: “Maitseboa mangwe le mangwe, mmè o ne a re balela dipolelo tse di mo bukeng ya From Paradise Lost to Paradise Regained. * Tsela e a neng a di tlotla ka yone e ne ya re thusa go rata go ithuta dilo tsa semoya.”

Go Rata Dipokano

Basha bangwe ba go fitlhela go le thata go rata dipokano tsa Bokeresete. Ba nna teng kwa go tsone ka gonne batsadi ba bone ba batla ba ye. Le fa go ntse jalo, fa ba nna teng mo go tsone ka metlha, fa nako e ntse e tsamaya ba tla rata go tla dipokanong go se ope yo o ba pateletsang. Akanya ka Alfredo, yo o neng a simolola bodiredi jwa nako e e tletseng fa a ne a na le dingwaga di le 11. O dumela gore fa a ne a na le dingwaga di ka nna tlhano, o ne a sa rate go ya dipokanong ka gonne di ne di mo robatsa mme batsadi ba gagwe ba ne ba sa mo letle gore a robale kwa dipokanong. O gakologelwa jaana: “Fa ke ntse ke gola, ke ne ka simolola go rata dipokano, segolobogolo fa ke sena go ithuta go bala le go kwala ka gonne ke ne ka simolola go akgela ka mafoko a me.”

Cintia, mosetsana wa dingwaga di le 17 yo e leng mmulatsela wa ka metlha, o bolela kafa go nna le ditsala tse di molemo go mo thusitseng ka gone gore a rate go direla Modimo. O bolela jaana: “Go nna le botsalano jo bo molemo le bakaulengwe le go nna gone ka metlha kwa dipokanong go dirile gore ke se ka ka tlhologelelwa ditsala tsa me tsa lefatshe le dilo dingwe tse basha ba di ratang, jaaka go ya kwa maitisong a bosigo. Go reetsa dikakgelo le maitemogelo kwa dipokanong go ne ga dira gore ke eletse go direla Jehofa ka bojotlhe jwa me mme ke akanya gore nako e e siameng ya go dira jalo, ke fa ke sa ntse ke le mosha. Ka jalo ke ne ka swetsa ka gore ke dirise bosha jwa me mo tirelong ya gagwe.”

Le fa go ntse jalo, o dumalana jaana: “Pele ga ke kolobediwa, go na le nako e ke neng ke fitlhela go le motlhofo ka yone go foswa ke dipokano, ke dirisa tiro ya sekolo e ke e direlang fa gae kgotsa ditiro tse dingwe tsa sekolo jaaka seipato. Ke ne ke foswa ke dipokano di le mmalwa, mme seno se ne sa simolola go ama bomoya jwa me. Ke ne ka simolola go tsalana le mosimane mongwe yo o neng a sa ithute Baebele. Ka thuso ya ga Jehofa, ke ne ka baakanya dilo go sa ntse go na le nako.”

Tshwetso ya Botho

Fa Pablo, e leng mosha mongwe yo o direlang Jehofa ka nako e e tletseng a bodiwa gore ke selo sefe sa konokono se se dirang gore a rate boammaaruri jwa Lefoko la Modimo, o bolela jaana: “Ke akanya gore go na le dilo di le pedi: go nna le thuto ya botho ya ka metlha le go tlhoafala mo tirong ya go rera. Ke leboga batsadi ba me go bo ba nthutile boammaaruri ka Jehofa, e bile ke akanya gore ba nneile selo se se molemo go di gaisa tsotlhe. Le fa go ntse jalo, ke tshwanetse go tlhatswega pelo gore ke ka ntlha yang fa ke rata Jehofa. Gore ke kgone go dira jalo, go tlhokega gore ke itse ‘bophara le boteng’ jwa boammaaruri jwa Baebele. Ke ka tsela eno fela re tla tlhologelelwang Lefoko la ga Jehofa, le le tlhosetsang ‘molelo o o tukang’ mo teng ga rona gore re bue le ba bangwe ka lone. Go tlhoafalela tiro eo ya go rera go tla dira gore re nne re ntse re anaanela boammaaruri thata.”—Baefeso 3:18; Jeremia 20:9.

Jacob Emmanuel, yo o umakilweng fa godimo, le ene o gakologelwa botlhokwa jwa go itirela tshwetso ya go direla Jehofa. O bolela gore batsadi ba gagwe ga ba ise ba ke ba mo pateletse gore a kolobediwe. “Ke akanya gore eno e ne e le tsela e e molemo thata ka gonne ke bona matswela a a molemo a yone. Ka sekai, basha bangwe ba ke neng ke tsalane thata le bone ba ne ba dira tshwetso ya go kolobediwa ka nako e le nngwe fela. Le fa go ne go se molato ope ka seno, ke ne ke kgona go bona gore ba bangwe ba ne ba dira jalo ka ntlha ya go tseega maikutlo, mme ka bonako fela morago ga moo, go tlhoafalela ga bone ditiro tsa Bogosi go ne ga fela. Mme nna, batsadi ba me ba ne ba se ka ba mpateletsa gore ke dire tshwetso ya go ineela mo go Jehofa. Ke tshwetso e ke neng ka e itirela ka bonna.”

Seabe se Phuthego e Nnileng le Sone

Basha bangwe ba ithutile boammaaruri jwa Lefoko la Modimo ka bobone, kwantle ga thuso ya batsadi ba bone. Tota ga go motlhofo go ithuta go dira se se siameng le go tswelela o se dira ka fa tlase ga maemo a a ntseng jalo.

Noé o gakologelwa kafa boammaaruri bo mo solegetseng molemo thata ka gone. Fa a ne a sa ntse a le monnye, o ne a rata go galefa thata le go dira ditiro tsa bothubaki. Fa a ne a simolola go ithuta Baebele a le dingwaga di le 14, botho jwa gagwe bo ne jwa tokafala, mme batsadi ba gagwe ba ba neng ba sa kgatlhegele Baebele ka nako eo, ba ne ba itumelela seo. Fa Noé a ntse a gatela pele semoyeng, o ne a batla go dirisa botshelo jwa gagwe ka botlalo mo go direleng Modimo. Gone jaanong o mo bodireding jwa nako e e tletseng.

Ka tsela e e tshwanang, Alejandro o ne a simolola go kgatlhegela boammaaruri jwa Bokeresete fa a ne a sa ntse a le monnye thata le fa batsadi ba gagwe ba ne ba sa bo kgatlhegele. Fa a tlhalosa tsela e a anaanelang boammaaruri ka yone, o bolela jaana: “Ke goletse mo lelapeng la Bakatoliki. Le fa go ntse jalo, e re ka kereke e ne e sa kgone go araba dipotso tse di neng di ntshwenya go tloga fa ke ne ke sa le monnye, maikutlo a me a Bokomonisi a go latola gore Modimo o teng a ne a gola. Phuthego ya ga Jehofa e ne ya nthusa gore ke nne le kitso ka Modimo. Totatota, e bolokile botshelo jwa me ka gonne fa ke ka bo ke ne ke sa ithuta Baebele, gongwe ke ka bo ke ile ka tsenelela mo boitsholong jo bo sa siamang, ka nna letagwa kgotsa ka dirisa diokobatsi. Gongwe ke ka bo ke ile ka nna mongwe wa setlhopha sengwe se se lwelang diphetogo mme ka tlelwa ke ditlamorago tse di hutsafatsang.”

Mosha a ka tswelela pele jang go batla boammaaruri le go bo ngaparela le fa a sa tshegediwe ke batsadi ba gagwe? Go phepafetse gore bagolwane le ba bangwe mo phuthegong ke bone ba tshwanetseng go mo thusa. Noé o gakologelwa jaana: “Ga ke ise ke ikutlwe ke latlhegile e re ka Jehofa a ntse a le gaufi le nna ka dinako tsotlhe. Gape, ke ne ke tshegediwa ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba lorato ba ba neng ba nna borre, bommè le bokgaitsadiake ba semoya.” Gone jaanong o direla kwa Bethele mme o dirisa nako ya gagwe mo go direleng Modimo. Ka tsela e e tshwanang, Alejandro o bolela jaana: “Selo se ke tla nnang ke ntse ke se lebogela ka dinako tsotlhe ke gore ke ne ka solegelwa molemo ke go nna mo phuthegong e e nang le setlhopha sa bagolwane ba ba nkgathalelang. Ke itumelela seno thata ka gonne fa ke ne ke le dingwaga di le 16, ke simolola go ithuta Baebele, ke ne ka nna le mathata a gantsi basha ba nnang le one. Malapa a mo phuthegong a ne a se ka a ntatlha. Ka metlha go ne go na le mongwe yo o neng a nkamogela ka botsalano mo ntlong ya gagwe le go nnaya dijo mme gape le go reetsa mathata a me.” Jaanong Alejandro o feditse dingwaga tse di fetang 13 a le mo tirelong ya nako e e tletseng.

Batho ba bangwe ba akanya gore bodumedi ke jwa batho ba ba godileng fela. Le fa go ntse jalo, basha ba le bantsi ba ithutile boammaaruri jwa Baebele ba santse ba le bannye mme ba simolola go rata Jehofa ba bo ba nna ba ntse ba ikanyega mo go ene. Mafoko a ga Dafide a Pesalema 110:3 a dira sentle mo basheng bano: “Batho ba gago ba tla ithaopa ka go rata mo letsatsing la mophato wa gago wa sesole. Mo bontlentleng jwa boitshepo, go tswa mo sebopelong sa bosa, O na le setlhopha sa gago sa makau fela jaaka marothodi a monyo.”

Ga go motlhofo gore basha ba ithute boammaaruri ba bo ba bo ngaparele. Go itumedisa tota go bona gore ba le bantsi ba nna gaufi le phuthego ya ga Jehofa, go nna teng kwa dipokanong ka metlha le go ithuta Baebele ka tlhagafalo. Ka go dira jalo, ba kgonne go rata Lefoko la Modimo ka mmatota le go mo direla!—Pesalema 119:15, 16.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa ka 1958 (ka Seesemane); mme ga e tlhole e gatisiwa.