Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Gomodiwa ke Kitso e e Boammaaruri ya Modimo

Go Gomodiwa ke Kitso e e Boammaaruri ya Modimo

Go Gomodiwa ke Kitso e e Boammaaruri ya Modimo

SE Baebele e se bolelang ka lorato lwa Modimo le bopelotlhomogi jwa gagwe se tsosa dipotso mo bathong bangwe. Ba botsa jaana: “Fa Modimo a batla go fedisa bosula, a itse gore a ka bo fedisa jang, e bile a na le maatla a go bo fedisa, ke ka ntlha yang fa bo ntse bo oketsega? Bothata jwa bone ke go nyalanya dintlha tseno tse tharo: (1) Modimo o maatla otlhe; (2) Modimo o lorato e bile o molemo; le (3) masetlapelo a tswelela go nna teng. Ba bolela gore e re ka ntlha ya bofelo e ka se ka ya ganediwa, he go raya gore nngwe ya tse dingwe tse pedi ga e boammaaruri. Mo go bone, Modimo a ka tswa a sa kgone go fedisa bosula kgotsa ga a kgathale.

Malatsi a le mmalwa morago ga go senngwa ga World Trade Center kwa New York, moeteledipele mongwe yo o tumileng wa bodumedi kwa United States o ne a re: “Ke boditswe makgetlho a le mantsintsi mo botshelong jwa me gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letlelela masetlapelo le go boga. Go bua boammaaruri, tota ga ke itse.”

Fa a ne a bua ka kakgelo eno, porofesa wa thutabodumedi o ne a kwala a tlhalosa gore o ne a amiwa ke “thuto e e molemo ya bodumedi” e moeteledipele yono wa bodumedi a neng a rera ka yone. Gape o ne a dumalana la maikutlo a mokanoki yo o neng a kwala jaana: “Go sa tlhaloganye lebaka la go bo re boga go tshwana fela le go sa tlhaloganye Modimo ga rona.” Mme tota a go thata go tlhaloganya lebaka la go bo Modimo a letlelela bosula?

Kafa Bosula bo Simologileng ka Gone

Go farologana le se baeteledipele ba bodumedi ba se buang, Baebele ga e bolele gore go letlelela bosula ga Modimo ke selo se re ka se kang ra se tlhaloganya. Selo sa konokono se se ka re thusang go tlhaloganya lebaka la go bo bosula bo le teng, ke go lemoga gore Jehofa ga a bopa lefatshe le le boikepo. O ne a bopa batho ba babedi ba ntlha ba itekanetse, ba se na boleo. Jehofa o ne a leba popo ya gagwe mme a e fitlhela e le “molemo tota.” (Genesise 1:26, 31) Boikaelelo jwa gagwe e ne e le gore Adame le Efa ba atolosetse Paradaise ya Edene mo lefatsheng lotlhe le go e tlatsa ka batho ba ba itumetseng ba ba sireletsegileng mo pusong ya gagwe e e lorato.—Isaia 45:18.

Bosula bo simolotswe ke sebopiwa sa semoya se kwa tshimologong se neng se ikanyega mo Modimong, mme sa nna le keletso ya go obamelwa. (Jakobe 1:14, 15) Botsuolodi jwa gagwe bo ne jwa bonala mo lefatsheng fa a ne a tlhotlheletsa banyalani ba ntlha gore ba kopanele le ene mo go ganetseng Modimo. Go na le gore Adame le Efa ba ikobele taelo e e utlwalang sentle ya Modimo ya gore ba se ka ba ja kgotsa ba ama leungo la setlhare sa kitso ya molemo le bosula, ba ne ba le tsaya mme ba le ja. (Genesise 3:1-6) Ka go dira jalo, ba ne ba sa bontshe fela gore ga ba ikobele Modimo mme gape ba ne ba bontsha gore ba batla go itaola.

Kgangkgolo e e Neng ya Tsoswa

Botsuolodi jono jwa kwa Edene bo ne jwa tsosa kgangkgolo nngwe, e leng kgwetlho e e botlhokwa mo lobopong lotlhe. Batho bano ba ba tsuologileng ba ne ba belaela gore a Jehofa o busa dibopiwa tsa gagwe ka tsela e e tshwanetseng. A Mmopi o ne a na le tshwanelo ya go batla gore batho ba mo utlwe ka botlalo? A batho ba ne ba tla tshela botoka fa ba itaola?

Jehofa o ne a rarabolola go gwetlhiwa ga puso ya gagwe ka tsela e e bontshang gore o dirisa lorato, tshiamiso, botlhale le maatla ka tsela e e lekalekaneng. A ka bo a dirisitse maatla a gagwe go nyeletsa botsuolodi ka yone nako eo. Seno se ne se tla lebega e kete se siame, e re ka a ne a na le tshwanelo ya go dira jalo. Mme gone go dira jalo go ne go se kitla go araba dipotso tse kgangkgolo eno e neng ya di tsosa. Kafa letlhakoreng le lengwe, Modimo a ka bo a ile a tlhokomologa boleo. Mo bathong bangwe gompieno, tshwetso eno e ne e tla lebega e le go dira dilo ka lorato. Le fa go ntse jalo, seno le sone se ne se se kitla se araba maiphako a ga Satane a gore batho ba ne ba tla tshela botoka fa ba ipusa. Mo godimo ga moo, a tshwetso eo e ne e se kitla e rotloetsa ba bangwe gore le bone ba fapoge tsela ya ga Jehofa? Diphelelo tsa teng e ne e tla nna go boga go ya go ile.

Jehofa o ne a dirisa botlhale jwa gagwe go letla batho gore ba itaole ka nakwana. Le fa gone seno se raya go letlelela bosula ka nakwana, batho ba ne ba nna le sebaka sa go bontsha gore a ba ka kgona go ipusa ka katlego ba sa busiwe ke Modimo, ba tshela ka ditekanyetso tsa bone tsa se se molemo le se se bosula. Diphelelo e ne ya nna eng? Hisitori ya batho e ne ya nna e tletse ka dintwa, go tlhoka tshiamiso, kgatelelo le go boga. Go palelwa ga botsuolodi jo bo leng kgatlhanong le Jehofa go tla rarabololela ruri kgangkgolo e e neng ya tsosiwa kwa Edene.

Go sa ntse go ntse jalo, Modimo o bontshitse lorato lwa gagwe ka go re naya Morwawe, Jesu Keresete, yo o neng a ntsha botshelo jwa gagwe go nna setlhabelo sa thekololo. Seno se ne sa dira gore batho ba ba kutlo ba kgone go gololwa mo kotlhaong ya boleo le loso tse di neng tsa tlisiwa ke go tlhoka kutlo ga ga Adame. Thekololo e buletse botlhe ba ba dumelang mo go Jesu tsela e e isang botshelong jo bo sa khutleng.—Johane 3:16.

Jehofa o a re gomotsa e bile o re tlhomamisetsa gore go boga ga batho ke ga nakwana fela. Mopesalema o ne a kwala jaana: “Mme mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng; ruri o tla sekaseka lefelo la gagwe, mme o tla bo a seyo. Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:10, 11.

Isagwe e e Sireletsegileng Le e E Itumedisang

Go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele go bontsha gore nako ya gore Modimo a fedise bolwetse, bohutsana le loso e gaufi. Ela tlhoko ponatshegelo e e kgatlhang ya dilo tse di molemo tse di tlang e moaposetoloi Johane a neng a e bontshiwa. O ne a kwala jaana: “Mme ka bona legodimo le lesha le lefatshe le lesha; gonne legodimo la pele le lefatshe la pele di ne di fetile, le lewatle ga le tlhole le le gone. . . . Mme Modimo ka boene o tla nna le [batho]. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” Johane o ne a bolelelwa mafoko ano a a gatelelang gore ditsholofetso tseno di boammaaruri: “Kwala, ka gonne mafoko ano a a ikanyega e bile a boammaaruri.”—Tshenolo 21:1-5.

Go tweng ka dimilione di le diketekete tsa batho ba ba senang molato ba ba suleng fa e sa le ka botsuolodi jwa kwa Edene? Jehofa o ne a solofetsa gore o tla tsosa batho ba ba suleng. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Ke na le tsholofelo mo Modimong . . . gore go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Ditiro 24:15) Batho ba tla nna le tebelelo ya go tshela mo lefatsheng le ‘go tla nnang le tshiamo mo go lone.’—2 Petere 3:13.

Fela jaaka rre yo o lorato a letla gore ngwana wa gagwe a dirwe karo e e botlhoko fa a itse gore e tla nna le melemo e e nnetseng ruri, Jehofa le ene o letlile gore bosula bo nne teng ka nakwana mo gare ga batho mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, botlhe ba ba batlang go dira thato ya Modimo ba letetswe ke masego a bosakhutleng. Paulo o ne a tlhalosa jaana: “Gonne popo e ne ya bewa mo taolong e e se nang mosola, e seng ka go rata ga yone mme ka ene yo o neng a e baya mo taolong, mo motheong wa tsholofelo ya gore popo ka boyone le yone e tla gololwa mo go nneng motlhanka wa go bola mme e nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.”—Baroma 8:20, 21.

Eleruri, seno ke dikgang—e seng tsa mofuta o re o bonang mo thelebisheneng kgotsa mo makwalodikgannyeng, mme ke dikgang tse di molemo. Ke dikgang tse di molemo go di gaisa tsotlhe tse di tswang kwa ‘Modimong wa kgomotso yotlhe,’ yo ruri a amegang ka rona.—2 Bakorintha 1:3.

[Ditshwantsho mo go tsebe 6]

Nako e supile gore batho ga ba ka ke ba kgona go ipusa ka katlego ba sa busiwe ke Modimo

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Somalian family: UN PHOTO 159849/M. GRANT; atom bomb: USAF photo; concentration camp: U.S. National Archives photo