Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Itumelela go Nna le Seabe mo go Atoloseng Tiro Morago ga Ntwa

Go Itumelela go Nna le Seabe mo go Atoloseng Tiro Morago ga Ntwa

Kgang ya Botshelo

Go Itumelela go Nna le Seabe mo go Atoloseng Tiro Morago ga Ntwa

JAAKA GO BOLETSE FILIP S. HOFFMANN

Ntwa ya Lefatshe ll e ne e sa tswa go fela ka May 1945. Ka December mo ngwageng oo, Nathan H. Knorr yo o neng a okametse tiro ya Basupi ba ga Jehofa ya go rera mo lefatsheng lotlhe o ne a etela kwa Denmark, a na le mokwaledi wa gagwe yo o nang le dingwaga di le 25 e bong Milton G. Henschel. Loeto loo lo lo neng lo sa bolo go letelwa, lo ne lwa hirelwa holo e kgolo. Puo e Mokaulengwe Henschel a neng a e neela, ya setlhogo se se reng: “Gakologelwa Mmopi wa gago yo Mogolo mo malatsing a bokau jwa gago,” e ne ya kgothatsa thata segolobogolo rona basha e re ka a ne a lekana le rona ka dingwaga.—Moreri 12:1.

MO LOETONG loo, re ne ra lemoga gore go ne go diragala dilo tse di itumedisang thata go tsweletsa tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe, le gore re ne re ka kgona go nna le seabe mo go yone. (Mathaio 24:14) Ka sekai, go ne go butswe sekolo se sesha sa go thapisetsa makau le makgarebe tiro ya borongwa kwa United States. Mokaulengwe Knorr o ne a gatelela gore fa re ne re ka lalediwa go tla sekolong seo, re ne re tla duelelwa fela “tekete ya go ya koo” le gore re ne re se kitla re itse kwa re tla felelang teng. Le fa go ntse jalo, bangwe ba rona re ne ra dira kopo ya go ya.

Pele ke tlhalosa se se neng sa ntiragalela morago ga Ntwa ya Lefatshe ll, mma ke boele morago kwa nakong ya fa ke ne ke tsholwa ka 1919. Go na le ditiragalo di le mmalwa tse di neng tsa direga pele ga ntwa le tsa nako ya ntwa tse di neng tsa ama botshelo jwa me fela thata.

Go Rutwa Baebele ke Leitlhaodi

Fa Mmè a ne a nkimile—nna ngwana wa gagwe wa ntlha—o ne a rapelela gore fa ke le mosimane ke nne morongwa. Kgaitsadie e ne e le Moithuti wa Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa jalo ka nako eo, mme ba lelapa la gaabo ba ne ba mo leba jaaka leitlhaodi. Legae la rona le ne le le gaufi le Copenhagen, mme fa Baithuti ba Baebele ba nna le dikopano tsa ngwaga le ngwaga koo, Mmè o ne a tle a laletse Malome Thomas, yo o neng a nna kgakala le rona gore a tle go sala le rona. Ka bo1930, kitso ya gagwe e e gakgamatsang ya Baebele le tsela e a neng a baya mabaka ka yone, di ne tsa tlhatswa Mmè pelo mme a nna mongwe wa Baithuti ba Baebele.

Mmè o ne a rata Baebele. O ne a latela taelo e e mo go Duteronome 6:7 mme a ruta nna le kgaitsadiake ‘fa a ne a ntse mo ntlong ya gagwe, fa a tsamaya mo tseleng, fa a rapame kgotsa fa a tsoga.’ Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka simolola go rera ka ntlo le ntlo. Ke ne ke rata go tlotla ka dikgang tse di tshwanang le go sa sweng ga moya le molelo wa dihele, tse di neng di rutwa ke dikereke. Ke ne ke kgona go bontsha motho go tswa mo Baebeleng gore dithuto tseo di ne di se boammaaruri.—Pesalema 146:3, 4; Moreri 9:5, 10; Esekiele 18:4.

Lelapa la Rona Le ne La Nna Seoposengwe

Morago ga kopano e e neng e le kwa Copenhagen ka 1937, go ne go tlhokega thuso ya nakwana kwa depong ya dibuka ya ofisi ya lekala la Denmark ya Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ke sa tswa go wetsa dithuto tsa me kwa kholetšheng ya kgwebo mme ke ne ke se na maikarabelo, ka jalo ka ithaopela go ya go thusa kwa depong. Fa tiro e sena go fela kwa depong, ke ne ka kopiwa gore ke thuse kwa ofising ya lekala. Ka bonako fela morago ga moo, ke ne ka tswa kwa gae mme ka ya kwa lekaleng kwa Copenhagen, le fa ke ne ke ise ke kolobediwe. Go kopana mmogo le Bakeresete ba ba godileng letsatsi le letsatsi go ne ga nthusa gore ke gatele pele semoyeng. Ngwaga o o latelang, ka January 1, 1938, ke ne ka tshwantshetsa boineelo jwa me mo go Jehofa Modimo ka go kolobediwa mo metsing.

Ka September 1939, Ntwa ya Lefatshe II e ne ya simolola. Morago ga moo, ka April 9, 1940, masole a Jeremane a ne a gapa Denmark. E re ka batho ba kwa Denmark ba ne ba na le kgololesego ya botho, re ne ra kgona go tswelela pele ka tiro ya rona ya go rera.

Morago ga moo, go ne ga diragala sengwe se se itumedisang. Rre o ne a nna Mosupi yo o ikanyegang le yo o tlhagafetseng, mme seno sa dira gore lelapa la gaetsho le itumele ka botlalo. Ka jalo, fa ke ne ke lalediwa mmogo le bakaulengwe bangwe ba le banè ba kwa Denmark go ya go nna mongwe wa setlhopha sa borobedi sa Sekolo sa Gileade, lelapa la gaetsho lotlhe le ne la ntshegetsa. Thuto ya sekolo seno e e tsereng dikgwedi di le tlhano, e e simolotseng ka September 1946, e ne e tshwaretswe kwa dikagong tse dintle, fela kafa ntle ga South Lansing kwa bokone jwa New York.

Thapiso ya Gileade le Morago ga Yone

Gileade e ne ya nnaya ditshono tsa go itirela ditsala tse di molemo tse disha. Maitseboa mangwe fa nna le Harold King yo o tswang kwa Engelane re ntse re iphokisa phefo go dikologa dikago, re ne re ntse re tlotla ka mafelo a re neng re ka nna ra romelwa kwa go one fa re fetsa go thapisiwa. Harold o ne a re: “Ga ke dumele gore ke labofelo ke bona mangope a masweu a kwa Dover.” O ne a opile kgomo lonaka, mme go ne ga mo tsaya dingwaga di le 17 pele a bona mangope ao gape, mme di le nnè le halofo tsa dingwaga tseo o ne a di fetsa a tswaletswe a le nosi kwa kgolegelong ya kwa China! *

Fa re sena go aloga, ke ne ka romelwa kwa Texas, U.S.A., gore ke ye go nna molebedi yo o etang, ke etela diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa go di thusa semoyeng. Ke ne ka amogelwa ka diatla tsoopedi. Bakaulengwe ba kwa Texas ba ne ba itumelela go etelwa ke lekawana la Moyuropa le le neng le sa tswa go aloga mo Sekolong sa Gileade. Mme morago ga dikgwedi di le supa ke le kwa Texas, ke ne ka bilediwa kwa ntlokgolong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, New York. Fa ke fitlha koo, Mokaulengwe Knorr o ne a nnaya tiro ya mo ofising, mme a ntaela gore ke ithute tsela e dilo di neng di dirwa ka yone mo mafapheng otlhe. Mme fa ke boela kwa Denmark, ke ne ke tshwanetse go dirisa se ke se ithutileng, ke tlhomamise gore dilo tsotlhe di ne di dirwa ka tsela e e tshwanang le ya kwa Brooklyn. Boikaelelo jwa seno e ne e le go dira gore makala otlhe mo lefatsheng a dire dilo ka tsela e e tshwanang. Moragonyana, Mokaulengwe Knorr o ne a nthomela kwa Jeremane.

Go Dira Gore Makala a Latele Ditaelo Tse ke di Neetsweng

Fa ke goroga kwa Wiesbaden, kwa Jeremane ka July 1949, ditoropo di le dintsi tsa Jeremane e ne e sa ntse e le matlotla. Ba ba neng ba eteletse pele mo tirong ya go rera e ne e le banna ba ba ileng ba bogisiwa go tloga ka nako ya fa Hitler a ne a tsaya puso ka 1933. Bangwe ba bone ba ile ba nna mo dikgolegelong le mo dikampeng tsa pogisetso dingwaga di le robedi go ya go di le lesome kgotsa go feta! Ke ne ka bereka le batlhanka bao ba ga Jehofa dingwaga di le tharo le halofo. Sekao sa bone se se tlhomologileng se ne sa nkgakolola mafoko a a neng a buiwa ke moitsehisitori mongwe wa Mojeremane e bong Gabriele Yonan, yo o neng a kwala jaana: “Fa re ka bo re ne re sa bona sekao sa setlhopha seno sa Bakeresete ba ba neng ba ema ba nitame fa go ne go busa puso e e gatelelang, re ne re tla—morago ga Auschwitz le Polao ya Kgailo—belaela gore a tota go ne go kgonega go diragatsa dithuto tsa Bokeresete tsa ga Jesu.”

Tiro e ke neng ke e dira mo lekaleng e ne e tshwana le e ke neng ke e dira kwa Denmark: ya gore go nne le tsela e ntšha le e e tshwanang ya go dira dilo. Ka bonako fela fa bakaulengwe ba Bajeremane ba tlhaloganya gore diphetogo tseno e ne e se go tshwaya tiro ya bone diphoso—mme gore e ne e le nako ya gore makala a a farologaneng mmogo le ntlokgolo, a dirisane mmogo—ba ne ba itumela thata mme ba nna le moya o mogolo wa tirisanommogo.

Ka 1952, ke ne ka amogela lekwalo le le tswang kwa go Mokaulengwe Knorr le le neng le ntaela gore ke fudugele kwa lekaleng la Bern, kwa Switzerland. Fa ke fitlha koo, ke ne ka abelwa go nna mookamedi wa lekala go simolola ka January 1, 1953.

Dilo Tse Dingwe Tse di Neng Tsa Intumedisa Kwa Switzerland

Ka bonako fela fa ke sena go goroga kwa Switzerland, ke ne ka kopana le Esther mo kopanong, mme go ise go ye kae, ke fa re beeletsana. Ka August 1954, Mokaulengwe Knorr o ne a ntaela gore ke boele kwa Brooklyn, koo ke neng ka fitlha ka newa tiro e nngwe e ntšha e e itumedisang. E re ka diofisi tsa makala di ne di oketsegile thata ka palo mo lefatsheng lotlhe e bile di le dikgolo, go ne ga simololwa thulaganyo nngwe e ntšha. Lefatshe le ne la kgaoganngwa ka dikgaolo, mme kgaolo nngwe le nngwe ya etelwa ke molebedi wa makala. Ke ne ka abelwa gore ke etele makala mo go di le pedi tsa dikgaolo tseno: Yuropa le lefelo la Mediterranean.

Ka bonako fela morago ga loeto lwa me lo lokhutshwane lwa go ya kwa Brooklyn, ke ne ka boela kwa Switzerland mme ka ipaakanyetsa go etela makala a a mo dikgaolong tseno. Nna le Esther re ne ra nyalana mme ra dira mmogo kwa ofising ya lekala la Switzerland. Mo loetong lwa me lwa ntlha, ke ne ka etela magae a barongwa le makala kwa Italy, Greece, Cyprus, dinaga tsa Botlhabagare le mafelo a a gaufi le losi lwa Afrika Bokone, Spain le Portugal—tsotlhe e le dinaga di le 13. Fa ke sena go boela kwa Bern, ke ne ka etela dinaga tse dingwe tsotlhe tsa Yuropa tse di kwa bophirima jwa Soviet Union. Mo ngwageng wa rona wa ntlha wa lenyalo, ke ne ka fetsa dikgwedi di le thataro ke seyo mo gae, ke ile go thusa bakaulengwe ba rona ba Bakeresete.

Go Fetoga ga Maemo

Ka 1957, Esther o ne a lemoga gore o imile, mme e re ka lekala e se lefelo la batho ba ba nang le bana, re ne ra swetsa ka gore re fudugele kwa Denmark, koo Rre a ileng a re amogela teng gore re tle go nna le ene. Esther o ne a tlhokomela morwadiarona, e bong Rakel, le rre, fa nna ke ntse ke thusa ka tiro e e neng e dirwa mo ofising ya lekala e e neng e sa tswa go agiwa. Ke ne ka nna motlhatlheledi mo Sekolong sa Bodiredi sa Bogosi sa balebedi ba phuthego mme gape ka tswelela ke etela makala.

Tiro ya go etela makala e ne ya dira gore ke fetse nako e ntsi ke seyo, mme ka maswabi, seno sa dira gore ke kgaogane le morwadiarona lobaka lo loleele. Seo se ne sa nna le matswela a a seng monate. Ke ne ka fetsa nako nngwe ke le kwa Paris, koo re neng ra berekana le go tsenya motšhini o monnye o o gatisang gone. Esther le Rakel ba ne ba tla ka terena go tla go mpona mme ba goroga kwa Gare du Nord. Nna le Léopold Jontès re ne ra ya koo go ya go ba kgatlhantsha. Rakel o ne a ema mo setepising sa letoroko la terena, a leba Léopold, morago ga moo a nteba, a boa gape a leba Léopold, a bo a mo tlamparela!

Fa ke na le dingwaga di le 45, go ne ga direga phetogo e nngwe e kgolo, ke ne ka tlogela bodiredi jwa nako e e tletseng go ya go bereka gore ke tlamele lelapa. E re ka ke ne ke na le maitemogelo jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ke ne ka bona tiro ya go nna manejara wa go romela dilo kwa ntle ga naga. Fa ke sena go berekela khampani eo dingwaga di ka nna robonngwe, mme Rakel a feditse sekolo, re ne ra swetsa ka gore re arabele kgothatso ya go ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolo gone ya bareri ba Bogosi.

Fa ke sena go batlisisa ka ditshono tsa go bona tiro kwa Norway, ke ne ka botsa mokgatlho o o thusang batho go bona tiro gore a go ne go ka kgonega gore ke e bone teng. Karabo ya bone e ne e sa kgotsofatse. Go ne go se motlhofo gore monna yo o nang le dingwaga di le 55 a bone tiro. Le fa go ntse jalo, ke ne ka ikgolaganya le ofisi ya lekala kwa Oslo mme ka hira ntlo gaufi le toropo ya Drøbak, ka tsholofelo ya gore ke ne ke tla bona tiro. Ke ne ka e bona, mme seno sa latelwa ke nako ya bodiredi jo bo itumedisang thata jwa Bogosi kwa Norway.

Dinako tse di itumedisang thata e ne e le tsa fa ba le bantsi mo phuthegong ba ne ba tsaya maeto a go ya kwa bokone go ya go bereka tshimo e e sa abiwang. Re ne ra hira matlo a borobalo mo lefelong lengwe le go tlhongwang ditente mo go lone, mme letsatsi le letsatsi ra etela dipolase tse di phatlaletseng mo dithabeng tse dintle. Go ne go itumedisa thata go bolelela batho ba ba itumedisang bano ka Bogosi Jwa Modimo. Re ne ra tsamaisa dibuka di le dintsi mme ra dira maeto a go boela mo ngwageng o o latelang. Le fa go ntse jalo, batho ba teng ba ne ba sa re lebala! Esther le Rakel ba sa ntse ba gakologelwa nako e re neng ra boela kwa go bone ka yone mme batho ba teng ba ba amogela jaaka maloko a lelapa a ba sa bolong go a tlhologelela. Morago ga dingwaga di le tharo re le kwa Norway, re ne ra boela kwa Denmark.

Boitumelo Jwa Botshelo Jwa Lelapa

Go ise go ye kae, Rakel o ne a beelediwa ke Niels Højer, e leng modiredi yo o tlhoafetseng wa mmulatsela wa nako e e tletseng. Fa ba sena go nyalana, Niels le Rakel ba ne ba tswelela e le babulatsela go fitlha ba nna le bana. Niels e ne e le monna yo o molemo le rre yo o siameng, a kgatlhegela lelapa la gagwe ka tsela ya mmatota. Moso mongwe o ne a pega morwawe mo baesekeleng mme ba ya kwa losing lwa lewatle go ya go lebelela letsatsi fa le tswa. Moagelani wa bone o ne a botsa mosimanyana yono gore ba ne ba fitlha ba dirang koo. A araba ka go re: “Re ne ra rapela Jehofa.”

Dingwaga di le mmalwa moragonyana, nna le Esther re ne ra bona ditlogolo tsa rona tsa ntlha tse pedi di kolobediwa, Benjamin le Nadja. Niels o ne a le teng mo gare ga babogedi, mme ka tshoganyetso a ema go lebagana le nna. O ne a nteba mme a re, “Monna ga a ke a lela.” Mme go ise go ye kae, ke fa re tlamparelane re lela. A bo go itumedisa jang ne go nna le mogwe yo o ka tshegang o bo o lela le ene!

Re Santse re Itlwaelanya le Maemo

Re ne ra segofadiwa gape ka gore nna le Esther re kopiwe go boela kwa ofising ya lekala la Denmark go ya go bereka teng. Le fa go ntse jalo, ka nako eo, go ne go dirwa dithulaganyo tsa go aga dikago tse dikgolo thata tsa lekala kwa Holbæk. Ke ne ka nna le tshiamelo ya go nna le seabe mo go okameleng tiro ya go aga, e yotlhe e neng e dirwa ke badiri ba baithaopi ba ba sa duelweng. Go sa kgathalesege mariga a a bogale, fa ngwaga wa 1982 o fela, tiro ya go aga e ne e setse e weditswe, mme rotlhe re ne ra itumelela go fudugela mo teng ga dikago tse di atolositsweng, tse di tlhabolotsweng!

Go ise go ye kae, ke fa ke dira tiro ya mo ofising e ke neng ke e rata thata, fa Esther ene a ne a dira tiro ya go araba difouno. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, o ne a tshwanelwa ke go ariwa noka, mme ngwaga le halofo le moragonyana, a ntshiwa kgetsana ya santlhokwe. Le fa badiri mo lekaleng ba ne ba re akanyetsa ka bopelonomi, re ne ra swetsa ka gore go tla nna botoka gore re tswe mo lekaleng gore re se ka ra nna mokgweleo mo go ope. Re ne ra fudugela kwa phuthegong e morwadiarona le lelapa la gaetsho le neng le kopanela le yone.

Gompieno, Esther o tshwenngwa ke botsogo. Le fa go ntse jalo, ruri nka bolela gore mo dingwageng tsotlhe tsa go dira mmogo ga rona, tse mo go tsone maemo a rona a ileng a nna a fetoga gantsintsi, o ile a nna motshegetsi wa me yo o molemo le tsala ya me. Le fa botsogo jwa rona ka bobedi bo ntse bo koafalela pele, re sa ntse re nna le seabe se se rileng mo tirong ya go rera. Fa ke akanya ka botshelo jwa me, ke gakologelwa mafoko a ga mopesalema ka boitumelo a a reng: “Wena Modimo, o nthutile go tswa bosheng jwa me go ya pele.”—Pesalema 71:17.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 15 Bona Tora ya Tebelo ya July 15, 1963, ditsebe 437-42. (Ka Seesemane)

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Fa re ne re folosa dibuka kwa lekaleng la Jeremane le le neng le sa ntse le agiwa ka 1949

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Badirimmogo le nna ba ne ba akaretsa Basupi ba ba tshwanang le bano ba ba tswang kwa dikampeng tsa pogisetso

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Ke na le Esther gompieno, le ka letsatsi la rona la lenyalo kwa Bethele ya Bern, ka October 1955