Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Ikatise’

‘Ikatise’

‘Ikatise’

KA BONAKO, kwa godimo, thata! Tseno ke dilo tse baatlelete ba kwa Gerika le kwa Roma ba neng ba batla gore ba kgone go di dira. Ka makgolokgolo a dingwaga, dikgaisano tse dikgolo tsa diatleletiki di ne di dirwa ka “tshegofatso” ya medingwana go bogetse diketekete tsa batho kwa Olympia, Delphi, Nemea le kwa Isthmus ya kwa Korintha. Motho o ne a tshwanetse go fetsa dingwaga di le dintsi a ikatisa thata gore a tle a kgone go nna le tshiamelo ya go gaisana mo metshamekong eno. Phenyo e ne e tlisetsa bafenyi le motse wa gabone kgalalelo.

Ga go gakgamatse go bo bakwadi ba Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ba ne ba bapisa metshameko e e tlwaelegileng eno le lobelo lwa semoya lwa Bakeresete lwa dikgaisano tsa diatleletiki. Moaposetoloi Petere le Paulo ba ne ba dirisa ditshwantsho ka botswerere tse di buang ka dikgaisano tseno gore ba kgone go ruta ka dintlha tse di botlhokwa. Mo motlheng wa rona, lobelo lo lo boima lwa Bokeresete lo santse lo tsweletse. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tshwanetse go ‘lwantshana’ le tsamaiso ya pele ya Sejuda; mme rona gompieno re lwantshana le tsamaiso ya lefatshe lotlhe e e tlogang e senngwa. (2 Timotheo 2:5; 3:1-5) Bangwe ba ka nna ba fitlhela gore ‘lobelo lwa bone lwa tumelo’ ga lo fele e bile lo a lapisa. (1 Timotheo 6:12, The New English Bible) Go sekaseka dipapiso dingwe tse di buang ka diatleletiki mo Baebeleng go ka re solegela molemo thata.

Mokatisi yo o Molemo Thata

Go ya bokgakaleng jo bo rileng, go atlega ga moatlelete go ikaegile thata ka mokatisi wa gagwe. Archaeologia Graeca e bua jaana ka dikgaisano tsa bogologolo: “Bagaisani ba ne ba patelesega go ikana gore ba feditse dikgwedi di le lesome ba ikatisa e le go ipaakanyetsa dikgaisano.” Bakeresete le bone ba tshwanetse go ikatisa fela thata. Paulo o ne a gakolola Timotheo mogolwane wa Mokeresete jaana: “Ithapise, mokgele wa gago e le boineelo jwa bomodimo.” (1 Timotheo 4:7) Ke mang yo o katisang “moatlelete” wa Mokeresete? Ga se ope fa e se Jehofa Modimo ka boene! Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Modimo wa bopelonomi jotlhe jo bo sa re tshwanelang, . . . ene ka boene o tla wetsa thapiso ya lona, o tla lo nitamisa, o tla lo nonotsha.”—1 Petere 5:10.

Mafoko a a reng “o tla wetsa thapiso ya lona,” a tswa mo lediring la Segerika le go ya ka Theological Lexicon of the New Testament, totatota le rayang “go dira gore selo [kgotsa motho] se tshwanele boikaelelo jwa sone, go se baakanya le go dira gore se tshwanele tsela e se tla dirisiwang ka yone.” Ka tsela e e tshwanang, Greek-English Lexicon ya ga Liddell le Scott, ya re lediri leno le ka tlhalosiwa e le “go baakanya, go thapisa kgotsa go itshiamisetsa sengwe ka botlalo.” Jehofa o dirisa ditsela dife go re ‘baakanyetsa, go re thapisetsa le go re siamisetsa ka botlalo’ lobelo lo lo boima lwa Bokeresete? Go tlhaloganya papiso eno, a re sekasekeng mekgwa mengwe e bakatisi ba neng ba e dirisa.

Buka ya The Olympic Games in Ancient Greece ya re: “Ba ba neng ba katisa basha, ba ne ba dirisa mekgwa e mebedi ya konokono, wa ntlha e ne e le go kgothaletsa mokatisiwa gore a iteke thata gore a tle a kgone go fitlhelela maduo a a gaisang a ba bangwe botlhe, mme wa bobedi e ne e le go dira gore a tokafatse bokgoni le mokgwa o a ikatisang ka one.”

Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o a re kgothatsa le go re nonotsha gore re dire bojotlhe jwa rona le go tokafatsa bokgoni jwa rona mo tirelong. Modimo wa rona o re nonotsha ka Baebele, phuthego ya gagwe ya mo lefatsheng le ka Bakeresete ka rona ba ba godileng. Ka dinako tse dingwe o re katisa ka go re otlhaya. (Bahebera 12:6) Mme ka dinako tse dingwe, a ka nna a letla gore re tlelwe ke diteko le mathata a a farologaneng gore re tle re kgone go ithuta boitshoko. (Jakobe 1:2-4) Gape o re naya nonofo e re e tlhokang. Moporofeti Isaia o bolela jaana: “Ba ba solofetseng mo go Jehofa ba tla nna le maatla gape. Ba tla tlhatlogela kwa godimo ka diphuka jaaka bontsu. Ba tla siana mme ga ba kitla ba lapa; ba tla tsamaya mme ga ba kitla ba felelwa ke nonofo.”—Isaia 40:31.

Mo godimo ga tsotlhe, Modimo o re naya moya wa gagwe ka botlalo o o re nonotshang gore re tswelele re mo direla tirelo e a e amogelang. (Luke 11:13) Gantsi batlhanka ba Modimo ba itshoketse diteko tse di thata tsa tumelo ya bone lobaka lo loleele. Ba ba dirileng jalo, ke banna le basadi fela ba ba tlwaelegileng ba ba tshwanang le mongwe le mongwe wa rona. Mme go ikanya ga bone Modimo ka botlalo go dirile gore ba kgone go itshoka. Ke boammaaruri gore, ‘maatla a a fetang a a tlwaelegileng ke a Modimo mme e seng a a tswang mo go rona.’—2 Bakorintha 4:7.

Mokatisi yo o Kutlwelobotlhoko

Nngwe ya ditiro tsa bakatisi ba bogologolo e ne e le “go bona gore moatlelete mongwe le mongwe o nna le seabe mo motshamekong wa mofuta ofe le gore o tshwanetse go ikatisa ka tsela ya mofuta ofe le gone makgetlo a le kae,” go bolela jalo mokanoki mongwe. Fa Modimo a ntse a re katisa, o akanyetsa maemo a rona, bokgoni, dinonofo le makoa a rona. Gantsi fa re katisiwa ke Jehofa, re mo kopa jaaka Jobe a ne a mo kopa a re: “Gakologelwa, tsweetswee, gore o ntirile ka letsopa.” (Jobe 10:9) Mokatisi wa rona yo o kutlwelobotlhoko o arabela seo jang? Dafide o ne a kwala jaana ka Jehofa: “Gonne o itse popego ya rona sentle, a gakologelwa gore re lorole.”—Pesalema 103:14.

O ka tswa o na le bothata jo bo masisi jwa botsogo jo bo go kgoreletsang mo bodireding kgotsa o ka tswa o lwantshana le maikutlo a go inyatsa. Gongwe o kgaratlhela go tlogela mokgwa mongwe o o sa siamang kgotsa o ikutlwa gore ga o kgone go lebana le kgatelelo ya balekane mo lefelong la gaeno, kwa tirong kgotsa kwa sekolong. Le fa maemo a gago e ka tswa e le afe, le ka motlha o se ka wa lebala gore Jehofa o itse mathata a gago botoka go gaisa ope fela—go gaisa le wena tota! Jaaka mokatisi yo o kutlwelobotlhoko, ka metlha o ikeetleleditse go go thusa fa o mo atamela.—Jakobe 4:8.

Bakatisi ba bogologolo “ba ne ba kgona go lemoga letsapa kgotsa bokoa jo bo neng bo sa bakiwe ke go ikatisa, mme e le jo bo neng bo bakiwa ke mathata mangwe a tlhaloganyo, go sa ikutlwe sentle, go tshwenyega thata mo maikutlong, jalo le jalo. . . . Maikarabelo a [bakatisi] ba neng ba na le one a ne a le mantsi thata mo e leng gore ba ne ba batla go itse le dilo tsa botho tse baatlelete ba neng ba di dira ba bo ba ba thusa fa ba akanya gore go a tlhokega.”

A ka dinako tse dingwe o ikutlwa o na le letsapa kgotsa o le bokoa ka ntlha ya dikgatelelo le diteko tse di sa feleng tsa lefatshe leno? Jaaka mokatisi wa gago, Jehofa o amega thata ka wena. (1 Petere 5:7) O kgona go lemoga ka bonako sepe fela se se bontshang gore o bokoa semoyeng le gore o tsenwe ke letsapa. Le fa gone Jehofa a akanyetsa kgololesego e re nang le yone ya go itlhophela, e re ka a batla gore dilo di re tsamaele sentle ka bosakhutleng, o re naya thuso e re e tlhokang le go re otlhaya fa go tlhokega. (Isaia 30:21) Jang? Ka Baebele le ka dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng, bagolwane ba semoya mo phuthegong le ka bakaulengwe ba rona ba ba lorato.

“Go Ikgapa mo Dilong Tsotlhe”

Ke boammaaruri gore go ne go sa tlhokege fela mokatisi yo o molemo gore moatlelete a atlege. Go ne go ikaegile thata ka moatlelete ka boene le gore o ineetse go le kanakang mo go ikatiseng ka tlhagafalo. Thulaganyo ya go ikatisa e ne e gagametse thata e re ka e ne e akaretsa go itima dilo dingwe le go tlhokomela se motho a se jang. Horace, ramaboko wa lekgolo la ntlha la dingwaga B.C.E., o ne a re “bagaisani ba ne ba ikgapa mo basading le mo bojalweng” gore ba “fitlhelele mokgele o ba sa bolong go o letela.” Mme go ya ka mokanoki wa Baebele e bong F. C. Cook, “ba ba gaisanang mo metshamekong, ba ne ba tshwanetse go nna le boikgapo [le] go itima dijo dingwe dikgwedi di le lesome.”

Paulo o ne a dirisa papiso eno fa a ne a kwalela Bakeresete kwa Korintha, e leng motse o o neng o itsege thata ka Metshameko ya Isthmus: “Motho mongwe le mongwe yo o tsayang karolo mo kgaisanong o ikgapa mo dilong tsotlhe.” (1 Bakorintha 9:25) Bakeresete ba boammaaruri ba tila go rata dikhumo, boitsholo jo bo sa siamang le mekgwa ya lefatshe ya go tshela botshelo jo bo leswe. (Baefeso 5:3-5; 1 Johane 2:15-17) Mekgwa e e sa siamang e e seng ya Dikwalo le yone e tshwanetse go tlogelwa mme e tseelwe sebaka ke dinonofo tsa Bokeresete.—Bakolosa 3:9, 10, 12.

Seno se ka dirwa jang? Ela tlhoko karabo ya ga Paulo e mo go yone a dirisang setshwantsho ka tsela e e molemo: “Ke itaya mmele wa me ke bo ke o tshwara jaaka motlhanka, gore fa ke sena go rerela ba bangwe, nna ka bonna ke se ka ka nna yo o sa amogelweng ka tsela nngwe.”—1 Bakorintha 9:27.

Ntlha e Paulo a e umakileng fano e molemo thata! O ne a sa reye gore motho a ikutlwise botlhoko mo mmeleng. Go na le moo, o ne a dumalana gore le ene ka boene o ne a na le makoa a a neng a lwantshana le one. Ka dinako tse dingwe, o ne a dira dilo tse a neng a sa eletse go di dira e bile o ne a sa dire dilo tse a neng a eletsa go di dira. Mme o ne a lwa gore le ka motlha a se ka a fenngwa ke makoa a gagwe. O ne a ‘itaya mmele wa gagwe,’ a leka ka thata go laola dikeletso tsa nama le mekgwa ya yone.—Baroma 7:21-25.

Bakeresete botlhe ba tshwanetse go dira se se tshwanang. Paulo o ne a umaka diphetogo tse di neng tsa dirwa ke bangwe kwa Korintha ba pele ba neng ba nna le seabe mo kgokafalong, mo kobamelong ya medingwana, mo bosodomeng, mo bogodung, jalo le jalo. Ke eng se se neng sa dira gore ba fetoge? Ke maatla a Lefoko la Modimo le moya o o boitshepo mmogo le go ikemisetsa ga bone go dumalana le one. Paulo o ne a re: “Mme lo tlhapisitswe lwa nna phepa, lo itshepisitswe, lo boletswe lo le ba ba siameng mo leineng la Morena wa rona Jesu Keresete le ka moya wa Modimo wa rona.” (1 Bakorintha 6:9-11) Petere o ne a kwala jalo le ka ba ba tlogetseng mekgwa eo e e maswe. Jaaka Bakeresete ba dirile diphetogo tsa mmatota.—1 Petere 4:3, 4.

Maiteko a a Atlegang

Paulo o ne a dira setshwantsho ka go tlhomama ga gagwe le go tlhoma mogopolo ga gagwe mo go lateleng mekgele ya semoya a re: “Tsela e ke lebantshang go itaya ga me ka yone ke gore ke se ka ka itaya phefo.” (1 Bakorintha 9:26) Motho yo o mo dikgaisanong o ka lebantsha jang mabole a gagwe? Buka ya The Life of the Greeks and Romans e araba jaana: “Go ne go sa tlhokege go iteka ka maatla fela, gape go ne go tlhokega go tlhoma leitlho mo go boneng gore yo o lwang le ene o na le bokoa bofe. Gape go ne go tlhokega go dirisa bokgoni jwa go lwa jo a bo ithutetseng kwa sekolong sa teng le go nna bonako go fenya yo o lwang le ene.”

Re lwa le nama ya rona e e sa itekanelang. A re itse “makoa” a re nang le one? A re iketleeleditse go iteba ka tsela e ba bangwe ba re lebang ka yone—segolobogolo ka tsela e Satane a ka tswang a re leba ka yone? Seo se tlhoka gore re itshekatsheke ka boikanyegi le go iketleeletsa go dira diphetogo. Go motlhofo go itsietsa. (Jakobe 1:22) Go motlhofo thata go nyenyefatsa phoso ya sengwe se se sa siamang se re ka tswang re se dirile! (1 Samuele 15:13-15, 20, 21) Seo se tshwana fela le “go itaya phefo.”

Mo metlheng eno ya bofelo, ba ba batlang go itumedisa Jehofa le go bona botshelo ga ba kitla ba etsaetsega go tlhopha fa gare ga se se siameng le se se sa siamang, fa gare ga phuthego ya Modimo le lefatshe le le bosula. Ba tshwanetse ba tila go etsaetsega, ‘go sa kgoneng go dira tshwetso le go sa nitamang mo ditseleng tsotlhe tsa bone.’ (Jakobe 1:8) Ga ba a tshwanela go senya nako ya bone ba batla dilo tse di se nang mosola. Fa motho a tshela botshelo jo bo ntseng jalo jo bo tlhomameng o tla itumela mme ‘botswelelopele jwa gagwe bo tla bonala mo go botlhe.’—1 Timotheo 4:15.

Ee, lobelo lwa Bokeresete lo santse lo tsweletse. Jehofa—Mokatisi yo Mogolo wa rona—o re laya ka lorato le go re naya thuso e re e tlhokang gore re itshoke re bo re fenye kwa bokhutlong. (Isaia 48:17) Fela jaaka baatlelete ba bogologolo, re tshwanetse go ikgalemela, go ikgapa le go nna re tlhomame mo go lweleng tumelo. Maiteko a rona a a atlegang a tla duelwa thata.—Bahebera 11:6.

[Lebokoso mo go tsebe 31]

‘Mo Tlotse ka Leokwane’

Tiro e nngwe ya go katisa baatlelete kwa Gerika wa bogologolo e ne e dirwa ke motho yo o tlotsang ba bangwe ka leokwane. Tiro ya gagwe e ne e le go tlotsa ka leokwane mebele ya banna ba ba neng ba tloga ba ikatisa. “Bakatisi ba ne ba lemoga gore go sidila mesifa ka botswerere pele ba ikatisa go ne go na le melemo ya gone, le gore go ba sidila ka bonolo ba le kelotlhoko go ne go thusa gore moatlelete yo o feditseng lobaka lo loleele a ikatisa a phuthologe mesifa mme a fole,” go bolela jalo The Olympic Games in Ancient Greece.

E re ka go itlotsa mmele ka leokwane la mmatota go alafa e bile go fodisa, go dirisa Lefoko la Modimo mo ‘moatleleteng’ wa Mokeresete yo o lapileng, go ka mmaakanya, ga mo gomotsa le go mo fodisa. Ka jalo, banna ba bagolwane mo phuthegong, ba kaelwa ke Jehofa, ba gakololwa gore ba rapelele motho yo o ntseng jalo “ba mo tlotse ka leokwane ka leina la ga Jehofa” ka tsela ya tshwantshetso, e leng tsela e e botlhokwa ya go dira gore a fole semoyeng.—Jakobe 5:13-15; Pesalema 141:5.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Fa baatlelete ba se na go iintsha setlhabelo, ba ne ba ikana gore ba feditse dikgwedi di le lesome ba ikatisa

[Motswedi wa Setshwantsho]

Musée du Louvre, Paris

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 29]

Copyright British Museum