Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Segofatsa le go Sireletsa ba ba Kutlo

Jehofa o Segofatsa le go Sireletsa ba ba Kutlo

Jehofa o Segofatsa le go Sireletsa ba ba Kutlo

“Fa e le yo o ntheetsang, o tla nna ka polokesego mme ga a na go tshwenngwa ke go boifa masetlapelo.”DIANE 1:33.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go utlwa Modimo? Tshwantsha.

DIKOKWANA tse dintlenyane di nna di ntse di komakoma dijo mo bojannyeng jo bo khutshwane, gotlhelele ga di bone segodi se se fofang kwa godimo. Ka tshoganyetso, mmaatsone o di tlhagisa ka modumo o mogolo a tshogile a bo a tsharolola diphuka tsa gagwe. Dikokwana di tabogela kwa go ene, mme go ise go ye kae, di sireletsegile kafa tlase ga diphuka tsa gagwe. Segodi se tlogela go tlhasela. * Seno se re rutang? Go nna kutlo go boloka botshelo!

2 Thuto eno e botlhokwa thata mo Bakereseteng gompieno ka gonne Satane o tlhasela batho ba Modimo ka tlhamalalo. (Tshenolo 12:9, 12, 17) Mokgele wa gagwe ke go senya bomoya jwa rona gore re se ka ra amogelwa ke Jehofa le gore re se ka ra nna le tsholofelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng. (1 Petere 5:8) Le fa go ntse jalo, fa re atamela Modimo le go utlwa kaelo ya gagwe ka bonako, e re e amogelang ka Lefoko la gagwe le phuthego ya gagwe, re ka tlhomamisega gore o tla re sireletsa. Mopesalema o ne a kwala jaana: “O tla thiba ka dintlha tsa diphuka tsa gagwe gore o se ka wa atamelwa, mme o tla tshabela kafa tlase ga diphuka tsa gagwe.”—Pesalema 91:4.

Setšhaba Se se Sa Utlweng se a Tlhaselwa

3. Diphelelo tsa go tlhoka kutlo ga ga Iseraele gangwe le gape e ne e le dife?

3 Fa batho ba setšhaba sa Iseraele ba ne ba utlwa Jehofa, ba ne ba ipelela go sirelediwa ke ene ka dinako tsotlhe. Le fa go ntse jalo, gantsi batho ba ne ba tlogela Mmopi wa bone ba bo ba simolola go direla medimo ya logong le leje—“dilo tse e seng tsa mmatota tse di se nang mosola le tse di sa gololeng.” (1 Samuele 12:21) Makgolokgolo a dingwaga morago ga botsuolodi joo, ba ne ba tlhotlheleditswe thata ke botlhanogi mo e leng gore ba ne ba ka se ka ba fetoga. Ka gone, Jesu o ne a bua jaana a hutsafetse: “Jerusalema wee, Jerusalema wee, mmolai wa baporofeti le mokgobotletsi wa ba ba rometsweng kwa go ene,—a bo ke ne ka batla gantsi jang ne go phutha bana ba gago mmogo, ka tsela e koko e namagadi e phuthelang dikokwana tsa yone mmogo ka fa tlase ga diphuka tsa yone! Mme lo ne lwa se ka lwa go batla. Bonang! Ntlo ya lona e tlogeletswe lona.”—Mathaio 23:37, 38.

4. Ka 70 C.E., go ne ga bontshiwa jang gore Jehofa o latlhile Jerusalema?

4 Ka 70 C.E., go ne ga bontshiwa ka tsela e e hutsafatsang gore Jehofa o latlhile Baiseraele ba batsuolodi. Mo ngwageng oo, masole a Roma a a neng a tsholeditse difolaga tse di nang le setshwantsho sa ntsu, a ne a tlhasela Jerusalema ka polao e e setlhogo. Ka nako eo, motse o ne o tletse ka batho ba ba ketekang moletlo wa Tlolaganyo. Ditlhabelo di le dintsi tse ba neng ba di dira di ne tsa se ka tsa dira gore Modimo a ba amogele. Seno se ne sa ba gakolola ka tsela e e botlhoko mafoko ano a Samuele a neng a a bolelela Kgosi Saulo yo o sa utlweng: “A Jehofa o natefelwa ke ditshupelo tse di fisiwang le ditlhabelo jaaka a natefelwa ke go utlwiwa ga lentswe la ga Jehofa? Bona! Go utlwa go botoka go na le setlhabelo, go tlhwaya tsebe go na le mafura a diphelefu.”—1 Samuele 15:22.

5. Jehofa o batla gore re nne le kutlo ya mofuta ofe, mme re itse jang gore go a kgonega go nna kutlo ka tsela eo?

5 Le fa Jehofa a gatelela gore batho ba mo utlwe, o a itse gore ba na le makoa e bile ga ba a itekanela. (Pesalema 130:3, 4) Se a se batlang mo go rona ke gore re nne peloephepa, le go nna le kutlo e e theilweng mo tumelong, mo loratong, le go boifa go mo kgopisa. (Duteronome 10:12, 13; Diane 16:6; Isaia 43:10; Mika 6:8; Baroma 6:17) ‘Leru le legolo la basupi ba pele ga motlha wa Bokeresete,’ ba ba neng ba boloka bothokgami fa ba ne ba lebane le diteko tse dikgolo, tota le loso, ba ne ba bontsha gore go a kgonega go nna kutlo. (Bahebera 11:36, 37; 12:1) Ba ne ba itumedisa pelo ya ga Jehofa fela thata! (Diane 27:11) Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba ne ba simolola ba ikanyega mme ba palelwa ke go tswelela pele ba le kutlo. Mongwe wa bone e ne e le Kgosi Jehoashe wa Juda wa bogologolo.

Kgosi e e Neng ya Tlhotlhelediwa ke Ditsala Tse di Bosula

6, 7. Jehoashe e ne e le kgosi ya mofuta ofe fa Jehoiada a ne a sa ntse a tshela?

6 Fa Kgosi Jehoashe a ne a sa ntse a le monnye, o ne a falola polao ka lesoba la mogodu. E ne ya re fa Jehoashe a nna le dingwaga di le supa, Jehoiada Moperesiti yo Mogolo a mo ntsha ka bopelokgale mo a neng a iphitlhile teng mme a mo dira kgosi. E re ka Jehoiada yo o boifang Modimo a ne a nna jaaka rre le mogakolodi mo go Jehoashe, mmusi yo mmotlana yono o ne “a nna a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa mo metlheng yotlhe ya ga moperesiti Jehoiada.”—2 Ditiragalo 22:10–23:1, 11; 24:1, 2.

7 Ditiro tse di molemo tse Jehoashe a neng a di dira di ne di akaretsa go tlhabolola tempele ya ga Jehofa—tiro e ‘Jehoashe a neng a e rata thata.’ O ne a gakolola Moperesiti yo Mogolo Jehoiada gore go ne go tlhokega gore go phuthwe lekgetho la tempele kwa Juda le Jerusalema, “le le laotsweng ke Moshe,” gore go duelelwe ditshenyegelo tsa go e baakanya. Go bonala Jehoiada a ile a atlega mo go kgothaletseng kgosi e potlana eno go ithuta Molao wa Modimo le go o ikobela. Ka ntlha ya seo, tiro ya go tlhabolola tempele le dilwana tsa tempele e ne ya wediwa ka bonako.—2 Ditiragalo 24:4, 6, 13, 14; Duteronome 17:18.

8. (a) Ke eng se totatota se neng sa senya bomoya jwa ga Jehoashe? (b) Go sa utlwe ga kgosi go ne ga dira gore e feleletse e dirileng?

8 Ka maswabi, Jehoashe ga a ka a tswelela a utlwa Jehofa. Ka ntlha yang? Lefoko la Modimo le re bolelela jaana: “Morago ga loso lwa ga Jehoiada dikgosana tsa Juda tsa tsena mme tsa ikobela kgosi. Ka nako eo kgosi ya di reetsa. Kgabagare ba tlogela ntlo ya ga Jehofa Modimo wa borraabonemogologolwane mme ba simolola go direla dikota tse di boitshepo le medingwana, mo Juda le Jerusalema di neng tsa shakgalelwa ka ntlha ya molato ono wa bone.” Tlhotlheletso e e sa siamang ya dikgosana tsa Juda e ne ya dira gore gape kgosi e se ka ya reetsa baporofeti ba Modimo, ba mongwe wa bone e neng e le Sekarea morwa Jehoiada, yo o neng a kgalemela Jehoashe le batho ka bopelokgale ka ntlha ya go sa utlwe ga bone. Go na le gore Jehoashe a ikwatlhaye, o ne a dira gore Sekarea a bolawe ka go kgobotlediwa ka maje. Jehoashe o ne a fetogile monna yo o setlhogo yo o sa utlweng—mme seno sotlhe e le ka ntlha ya go bo a ile a ineela mo tlhotlheletsong ya ditsala tse di bosula!—2 Ditiragalo 24:17-22; 1 Bakorintha 15:33.

9.Se se neng sa diragalela Jehoashe le dikgosana se gatelela jang boeleele jwa go sa utlwe?

9 E re ka Jehoashe le dikgosana tsa gagwe tse di boikepo ba ne ba latlhile Jehofa, ba ne ba diragalelwa ke eng? Mophato wa masole a Siria—‘palo e nnye fela ya batho’—o ne wa tlhasela Juda mme wa “senya dikgosana tsotlhe tsa batho.” Gape batlhasedi bano ba ne ba patelela kgosi gore e ba neye dilo tsa yone mmogo le gouta le selefera ya lefelo le le boitshepo. Le fa Jehoashe a ne a falola, o ne a sala a le bokoa e le molwetse. Ka bonako fela morago ga moo, balogamaano bangwe mo batlhankeng ba gagwe ba ne ba mo lobela dintsi. (2 Ditiragalo 24:23-25; 2 Dikgosi 12:17, 18) Mafoko ano a Jehofa a neng a a bolelela Baiseraele a ne a le boammaaruri: “Fa o sa reetse lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago ka go tlhokomela gore o dira ditaelo tsotlhe tsa gagwe le melao ya gagwe . . . , diphutso tseno tsotlhe di tla go tlela di bo di go wela ka tshoganyetso”!—Duteronome 28:15.

Mokwaledi yo o Neng a Bolokwa ke go Nna Kutlo

10, 11. (a) Ke ka ntlha yang fa go le mosola go akanya ka kgakololo e Jehofa a neng a e naya Baruke? (b) Jehofa o ne a naya Baruke kgakololo efe?

10 A ka dinako tse dingwe o ikutlwa o kgobegile marapo fa batho ba le mmalwa fela ba o kopanang le bone mo bodireding jwa Bokeresete ba kgatlhegela dikgang tse di molemo? A gongwe o a tle o ikutlwe o eletsa dikhumo tsa bone le tsela e ba tshelang ka yone? Fa go le jalo, akanya ka mokwaledi wa ga Jeremia e bong Baruke, le ka kgakololo e e lorato e Jehofa a neng a e mo naya.

11 Baruke o ne a ntse a kwala molaetsa wa boporofeti fa Jehofa a bona gore o tlhoka kgakololo. Ka ntlha yang? Ka gonne Baruke o ne a simolola go sa kgotsofalele botshelo jwa gagwe mme a eletsa sengwe se se botoka go feta tshiamelo ya gagwe e e botlhokwa ya go direla Modimo. Fa Jehofa a ne a lemoga gore maikutlo a ga Baruke a ne a fetogile, o ne a mo naya kgakololo e e utlwalang mme e le e e molemo, a re: “O nna o ntse o ipatlela dilo tse dikgolo. Se nne o ntse o batla. Gonne bona, ke tlisa masetlapelo mo nameng yotlhe, . . . mme ke tla go naya moya wa gago e le thopo mo mafelong otlhe a o tla yang kwa go one.”—Jeremia 36:4; 45:5.

12. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go ipatlela “dilo tse dikgolo” mo tsamaisong ya gone jaanong ya dilo?

12 A o kgona go lemoga tsela e Jehofa a neng a amegile thata ka yone ka Baruke mo mafokong A a neng a a bua le monna yono yo o molemo, yo o neng a mo direla le Jeremia ka boikanyegi le ka bopelokgale? Ka tsela e e tshwanang gompieno, Jehofa o amegile thata ka ba ba raelesegang go gagamalela se ba akanyang gore ke botshelo jo bo botoka mo tsamaisong eno ya dilo. Go a itumedisa gore fela jaaka Baruke, bontsi jwa ba ba ntseng jalo ba amogetse kgakololo e ba neng ba e newa ke bakaulengwe ba ba godileng semoyeng. (Luke 15:4-7) Ee, e kete rotlhe re ka lemoga gore ba ba ipatlelang “dilo tse dikgolo” mo tsamaisong eno ga ba na isagwe. Ba ba ntseng jalo, ga se gore ba palelwa fela ke go bona boitumelo jwa boammaaruri, mme gape se se botlhoko ke gore go ise go ye kae, ba tla senngwa le lefatshe leno le dikeletso tsotlhe tsa lone tsa bopelotshetlha.—Mathaio 6:19, 20; 1 Johane 2:15-17.

13. Pego ya ga Baruke e re ruta thuto efe ya go ikokobetsa?

13 Gape pego eno ya ga Baruke e re ruta thuto e e molemo ya go nna boikokobetso. Ela tlhoko gore Jehofa ga a ka a gakolola Baruke ka tlhamalalo mme o ne a dirisa Jeremia, yo Baruke a neng a itse bosaitekanelang le makoa a gagwe sentle. (Jeremia 45:1, 2) Le fa go ntse jalo, Baruke ga a ka a ikgogomosa; o ne a nna boikobo mme a lemoga gore ke mang yo tota a neng a mo gakolola—Jehofa. (2 Ditiragalo 26:3, 4, 16; Diane 18:12; 19:20) Ka jalo, fa re ‘tsaya kgato nngwe e e phoso pele ga re e lemoga’ re bo re amogela kgakololo e e tswang mo Lefokong la Modimo, a re etseng sekao sa ga Baruke sa go gola sentle semoyeng le sa go nna boikokobetso.—Bagalatia 6:1.

14. Ke ka ntlha yang fa go le mosola gore re utlwe ba ba re eteletseng pele?

14 Fa re le boikokobetso, re thusa ba ba re neelang kgakololo. Bahebera 13:17 ya re: “Utlwang ba ba etelelang pele mo gare ga lona mme lo ikobe, gonne ba nna ba lebeletse meya ya lona jaaka ba ba tla ikarabelelang; gore ba dire jalo ka boipelo mme e seng ka go fegelwa, gonne seno se ne se tla lo gobatsa.” Aitsane, bagolwane ba rapela Jehofa ka tlhoafalo, ba rapelela bopelokgale, botlhale le go bua ka matsetseleko gore ba diragatse tiro ya bone e e thata ya go alosa! A re ‘neyeng banna ba mofuta oo tlotlo.’—1 Bakorintha 16:18.

15. (a) Jeremia o ne a bontsha jang gore o tshepa Baruke? (b) Go nna kutlo ga ga Baruke go ne ga duelwa jang?

15 Go bonala fa Baruke a ne a fetola tsela ya gagwe ya go akanya ka gonne morago ga moo, Jeremia o ne a mo naya kabelo e e gwetlhang thata—ya go ya kwa tempeleng go ya go balela kwa godimo molaetsa wa katlholo o o neng o kwadilwe ke ene a o bolelelwa ke Jeremia. A Baruke o ne a mo utlwa? Ee, o ne “a dira go ya ka sotlhe se moporofeti Jeremia a neng a se mo laetse.” Tota e bile, o ne a balela dikgosana tsa Jerusalema one molaetsa oo, e leng se kwantle ga pelaelo se neng se tlhoka bopelokgale. (Jeremia 36:1-6, 8, 14, 15) Fa Bababelona ba ne ba thopa motse dingwaga di le 18 moragonyana, akanya kafa Baruke a neng a itumela ka gone go bo a ile a sirelediwa ka gonne a ne a utlwa tlhagiso ya ga Jehofa mme a tlogela go ipatlela “dilo tse dikgolo”!—Jeremia 39: 1, 2, 11, 12; 43: 6.

Go Nna Kutlo ka Nako ya go Gapiwa ga Motse Go ne Ga Boloka Matshelo

16. Jehofa o ne a bontsha Bajuda ba kwa Jerusalema boutlwelobotlhoko jang ka 607 B.C.E. fa Bababelona ba ne ba gapa motse oo?

16 Modimo o ne a bontsha ba ba kutlo boutlwelobotlhoko jwa gagwe ka 607 B.C.E., fa Jerusalema e ne e senngwa. Ka nako ya go gapiwa ga motse, Jehofa o ne a raya Bajuda a re: “Ke baya fa pele ga lona tsela ya botshelo le tsela ya loso. Yo o ntseng fela mo motseng ono o tla swa ka tšhaka le ka leuba le ka bolwetse jwa leroborobo; mme yo o tswang le yo ruri a ngwegelang kwa Bakaladieng ba ba lo dikanyeditseng o tla nna a ntse a tshela, mme moya wa gagwe e tla nna wa gagwe jaaka thopo.” (Jeremia 21:8, 9) Le fa gone banni ba Jerusalema ba ne ba tshwanelwa ke go senngwa, Jehofa o ne a bontsha ba ba neng ba mo ikobela boutlwelobotlhoko le ka motsotso oo wa bofelo o o thata. *

17. (a) Go nna kutlo ga ga Jeremia go ne ga lekwa ka ditsela dife tse pedi fa Jehofa a ne a mo laela gore a bolelele Bajuda ba ba dikaganyeditsweng gore ‘ba ngwegele kwa Bakaladieng’? (b) Re ka solegelwa molemo jang ke sekao sa ga Jeremia sa go nna kutlo ka bopelokgale?

17 Ga go pelaelo gore go bolelela Bajuda gore ba ineele go ne ga leka Jeremia gore a o tla nna kutlo. Lebaka ke gore o ne a amega thata ka leina la Modimo. O ne a sa batle gore le kgojwe ke baba ba ba neng ba tla tsaya gore ba neilwe phenyo ke medingwana e e sa tsheleng. (Jeremia 50:2, 11; Dikhutsafalo 2:16) Mo godimo ga moo, Jeremia o ne a itse gore fa a ka bolelela batho gore ba ineele, o ne a tla bo a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing e kgolo ka gonne ba le bantsi ba ne ba tla tsaya mafoko a gagwe e le a botsuolodi. Le fa go ntse jalo, o ne a se ka a boifa, mme o ne a nna kutlo go bua ka dikatlholo tsa ga Jehofa. (Jeremia 38:4, 17, 18) Mme jaaka Jeremia, le rona re bolelela batho molaetsa o o sa rategeng. Ke one molaetsa o Jesu a neng a nyadiwa ka ntlha ya one. (Isaia 53:3; Mathaio 24:9) Ka jalo ga re a tshwanela “go boifa batho,” mme jaaka Jeremia, a re utlweng Jehofa ka bopelokgale re mo ikanye ka botlalo.—Diane 29:25.

Go Nna Kutlo fa Gogo a Tlhasela

18. Go nna kutlo ga batlhanka ba ga Jehofa go tla lekwa jang mo isagweng?

18 Go ise go ye kae, tsamaiso yotlhe e e boikepo ya ga Satane e tla senngwa ka “pitlagano e kgolo” e e sa lekaneng le epe e e kileng ya nna teng. (Mathaio 24:21) Ga go pelaelo gore ka nako eo le pele ga yone, tumelo ya batho ba Modimo le go nna kutlo ga bone go tla lekwa thata. Ka sekai, Baebele e re bolelela gore Satane yo e leng “Gogo wa lefatshe la Magogo” o tla tlhasela batlhanka ba ga Jehofa ka tlhamalalo, a dirisa masomosomo a a tlhalosiwang e le “mophato o mogolo wa sesole . . . jaaka maru a a bipang lefatshe.” (Esekiele 38:2, 14-16) Ereka batho ba Modimo ba le bannye ka palo e bile ba sa tlhomelela ka sepe, ba tla tshabela mo “diphukeng” tsa ga Jehofa tse a sireletsang ba ba mo utlwang ka tsone.

19, 20. (a) Ke ka ntlha yang fa go nna kutlo ga Baiseraele go ne go le botlhokwa thata fa ba ne ba le kwa Lewatleng le Lehibidu? (b) Go akanyetsa pego ya kwa Lewatleng le Lehibidu ka thapelo go ka re solegela molemo jang gompieno?

19 Tiragalo eno e re gakolola ka Phudugo ya Baiseraele go tswa kwa Egepeto. Fa Jehofa a sena go itaya Egepeto ka dipetso di le lesome tse di setlhogo, o ne a etelela batho ba gagwe pele mo tseleng e telele go ya kwa Nageng e e Solofeditsweng, e leng tsela e e yang kwa Lewatleng le Lehibidu kwa ba neng ba se kitla ba falola gone fa ba tlhaselwa. Go ya kafa masole a neng a leba dilo ka gone, go ne go le kotsi go tsamaya ka tsela eo. Fa o ka bo o ne o le mongwe wa bone, a o ka bo o ile wa utlwa lefoko la ga Jehofa ka Moshe mme wa tsamaela kwa Lewatleng le Lehibidu ka tsholofelo o itse gore ga o tsamaele kwa Nageng e e Solofeditsweng?—Ekesodo 14:1-4.

20 Fa re ntse re bala Ekesodo kgaolo 14, re bona kafa Jehofa a neng a golola batho ba gagwe ka maatla a a gakgamatsang ka gone. Dipego tse di ntseng jalo di ka nonotsha tumelo ya rona thata fa re ipha nako ya go di ithuta le go tlhatlhanya ka tsone! (2 Petere 2:9) Tumelo e e nonofileng e nonotsha go nna kutlo ga rona mo go Jehofa le fa go lebega e kete dilo tse a di batlang mo go rona ga di kgonege. (Diane 3:5, 6) Ka jalo ipotse jaana, ‘A ke leka thata go aga tumelo ya me ka go ithuta Baebele ka tlhagafalo, go rapela, go tlhatlhanya le go kopana mmogo le batho ba Modimo?’—Bahebera 10:24, 25; 12:1-3.

Go Utlwa go re Naya Tsholofelo

21. Ba ba utlwang Jehofa ba tla segofadiwa jang gone jaanong le mo isagweng?

21 Ba ba tshelang ka go utlwa Jehofa ba tla bona tiragatso ya Diane 1:33, e e reng: “Fa e le yo o ntheetsang [a bo a utlwa], o tla nna ka polokesego mme ga a na go tshwenngwa ke go boifa masetlapelo.” Mafoko ano a a gomotsang a tla diragadiwa ka tsela e e gakgamatsang mo letsatsing le le tlang la pusoloso la ga Jehofa! Tota e bile, Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Mme fa dilo tseno di simolola go diragala, emang lo tlhamaletse lo bo lo tsholetse ditlhogo tsa lona, ka gonne kgololo ya lona e a atamela.” (Luke 21:28) Go phepafetse gore ke ba ba utlwang Modimo fela ba ba tsayang mafoko ano tsia ba ba nang le tsholofelo.—Mathaio 7:21.

22. (a) Ke lebaka lefe le le dirang gore batho ba ga Jehofa ba nne le tsholofelo? (b) Go tla tlotliwa ka eng mo setlhogong se se latelang?

22 Lebaka le lengwe la go nna le tsholofelo ke gore “Morena Molaodimogolo Jehofa ga a kitla a dira sepe fa a sa senolela batlhanka ba gagwe, e bong baporofeti sephiri sa gagwe.” (Amose 3:7) Gompieno, Jehofa ga a tlhotlheletse baporofeti jaaka mo nakong e e fetileng; go na le moo, o laetse motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale go naya ba ntlo ya gagwe dijo tsa semoya tse di mo nakong. (Mathaio 24:45-47) Ka jalo, a bo go le botlhokwa jang ne gore re utlwe “motlhanka” yoo! Go nna kutlo ka tsela e e ntseng jalo go bontsha kafa re ikutlwang ka gone ka Jesu, mong wa ‘motlhanka,’ fela jaaka setlhogo se se latelang se tla bontsha. Ke Ene yo ‘ditšhaba di tla mo utlwang.’—Genesise 49:10.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 1 Buka nngwe ya mokgatlho o o sireletsang diphologolo e bolela gore le mororo “koko e tsewa e le legatlapa, e lwa ka mo e ka kgonang ka gone go sireletsa dikokwana tsa yone gore di se ka tsa gobadiwa.”

^ ser. 16 Jeremia 38:19 e bontsha gore Bajuda ba le bantsi ‘ba ne ba ngwegetse’ kwa Bakaladieng mme ba se ka ba bolawa mme ba isiwa botshwarwa. Ga re bolelelwe gore a ba ne ba ineela e le fa ba tsibogela mafoko a ga Jeremia. Le fa go ntse jalo, go falola ga bone go ne ga supa gore mafoko a moporofeti yono a ne a le boammaaruri.

A o A Gakologelwa?

• Go tlhoka kutlo gangwe le gape ga Baiseraele go ne ga felela ka eng?

• Ditsala tsa ga Kgosi Jehoashe di ne tsa mo tlhotlheletsa ka tsela e e ntseng jang fa a sa ntse a le mmotlana le fa a godile?

• Re ithuta thuto efe mo go Baruke?

• Ke ka ntlha yang fa batho ba ba utlwang Jehofa ba sa tlhoke go boifa fa tsamaiso ya gone jaanong e ntse e atamela bokhutlo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Jehoashe yo mmotlana o ne a utlwa Jehofa a kaelwa ke Jehoiada

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ditsala tse di bosula di ne tsa tlhotlheletsa Jehoashe gore a bolaye moporofeti wa Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

A o ka bo o ile wa utlwa Jehofa mme wa bona maatla a gakgamatsang a a bolokang?