Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lwela go Nna Kutlo fa Bokhutlo bo Ntse Bo Atamela

Lwela go Nna Kutlo fa Bokhutlo bo Ntse Bo Atamela

Lwela go Nna Kutlo fa Bokhutlo bo Ntse Bo Atamela

“Ditšhaba di tla utlwa [Shilo].”—GENESISE 49:10.

1. (a) Mo nakong e e fetileng, go utlwa Jehofa go ne go akaretsang? (b) Jakobe o ne a porofeta eng ka go nna kutlo?

GO UTLWA Jehofa gantsi go amana le go utlwa baemedi ba gagwe. Baemedi bano ba akaretsa baengele, ditlhogo tsa lotso, baatlhodi, baperesiti, baporofeti le dikgosi. Setulo sa bogosi sa dikgosi tsa Iseraele se ne e bile se bidiwa setulo sa bogosi sa ga Jehofa. (1 Ditiragalo 29:23) Ka maswabi, babusi ba le bantsi ba Iseraele ba ne ba se ka ba utlwa Modimo mme ba tlisetsa bone le babusiwa ba bone masetlapelo. Mme Jehofa ga a ka a tlogela batho ba gagwe ba ba ikanyegang ba se na tsholofelo; o ne a ba gomotsa ka tsholofetso ya go tlhoma Kgosi e e se kitlang e senngwa, e basiami ba tla itumelelang go e utlwa. (Isaia 9:6, 7) Tlhogo ya lotso Jakobe yo o neng a le gaufi le go swa o ne a porofeta ka mmusi yono wa mo isagweng a re: “Lore lwa segosi ga lo kitla lo fapoga mo Juda, le fa e le lore lwa molaodi mo gare ga dinao tsa gagwe, go fitlha Shilo a tla; mme ditšhaba di tla utlwa ene.”—Genesise 49:10.

2. “Shilo” e raya eng, mme puso ya gagwe ya segosi e tla busa bomang?

2 “Shilo” ke lefoko la Sehebera le le rayang “Yo e Leng ya Gagwe.” Ee, Shilo ga a kitla a rua sepe fela fa e se tshwanelo ya go busa, jaaka go tshwantshediwa ke lore le maatla a go laola a a tshwantshediwang ke lore lwa molaodi. Mo godimo ga moo, puso ya gagwe ya segosi ga e ne e busa ditlogolwana tsa ga Jakobe fela, mme e tla busa “ditšhaba” tsotlhe. Seno se dumalana le tsholofetso eno e Jehofa a neng a e dira mo go Aborahame: “Losika lwa gago lo tla rua kgoro ya baba ba lone. Mme setšhaba sotlhe sa lefatshe se tla itshegofatsa ka losika lwa gago.” (Genesise 22:17, 18) Ka 29 C.E., Jehofa o ne a itsise gore “losika” lono ke mang fa a ne a tlotsa Jesu wa Nasaretha ka moya o o boitshepo.—Luke 3:21-23, 34; Bagalatia 3:16.

Bogosi Jwa Ntlha Jwa ga Jesu

3. Jesu o ne a amogela bogosi bofe fa a tlhatlogela kwa legodimong?

3 Fa Jesu a ne a tlhatlogela legodimong, ga a ka a tsaya lore lwa segosi ka bonako gore a buse ditšhaba tsa lefatshe. (Pesalema 110:1) Le fa go ntse jalo, o ne a amogela “bogosi” jo bo nang le babusiwa ba ba mo utlwang. Moaposetoloi Paulo o ne a umaka bogosi joo fa a ne a kwala a re: “[Modimo] o ne a re golola [Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya] mo taolong ya lefifi a ba a re fetisetsa mo bogosing jwa Morwa wa lorato lwa gagwe.” (Bakolosa 1:13) Go gololwa moo, go simolotse ka Pentekosete ya 33 C.E., fa moya o o boitshepo o ne o tshololelwa mo balateding ba ba ikanyegang ba ga Jesu.—Ditiro 2:1-4; 1 Petere 2:9.

4. Barutwa ba ntlha ba ga Jesu ba ne ba supa go nna kutlo ga bone ka ditsela dife, mme Jesu o ne a bitsa setlhopha sa bone a re ke eng?

4 Jaaka “baemedi ba ba emetseng Keresete,” barutwa ba ba tloditsweng ka moya ba ne ba simolola go phutha ba bangwe ba ba tla nnang “baagimmogo” mo bogosing jwa semoya. (2 Bakorintha 5:20; Baefeso 2:19; Ditiro 1:8) Mo godimo ga moo, bano ba ne ba tshwanela go nna “seoposengwe ka tsela e e tshwanetseng mo mogopolong o le mongwe fela le mo tseleng e le nngwe fela ya go akanya” gore ba itumelele go amogelwa ke Kgosi ya bone Jesu Keresete. (1 Bakorintha 1:10) Jaaka setlhopha, ba ne ba bopa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” kgotsa setlhopha sa molebedi yo o boikanyego.—Mathaio 24:45; Luke 12:42.

Ba Segofalediwa go Utlwa “Molebedi” yo o tlhomilweng ke Modimo

5. Jehofa o ne a ruta batho ba gagwe jang go tloga mo motlheng wa bogologolo?

5 Ka dinako tsotlhe Jehofa o ne a naya batho ba gagwe barutisi. Ka sekai, fa Bajuda ba sena go boa kwa Babelona, Esera le banna ba le mmalwa ba ba tshwanelegang ga ba a ka ba balela batho Molao wa Modimo fela, ba ne ba ‘tlhalosa’ molao oo, ba ‘dira gore o nne le bokao le go dira gore Lefoko la Modimo le tlhaloganngwe.’—Nehemia 8:8.

6, 7. Setlhopha sa motlhanka se ne sa re tlamela jang ka dijo tse di mo nakong tsa semoya se dirisa Setlhopha se se Laolang, mme ke eng fa go tshwanela go ikobela setlhopha seo sa motlhanka?

6 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, fa go ne go tsoga kgang ya go rupa ka 49 C.E., setlhopha se se laolang sa motlhanka wa nako eo se ne sa sekaseka kgang eo ka thapelo mme ba dira tshwetso e e dumalanang le Dikwalo. Fa ba ne ba itsise tshwetso ya bone ka lekwalo, diphuthego di ne tsa utlwa taelo e e neng e ntshitswe mme tsa itumelela ditshegofatso tse dintsi tsa Modimo. (Ditiro 15:6-15, 22-29; 16:4, 5) Ka tsela e e tshwanang le mo motlheng wa gompieno, motlhanka yo o boikanyego, a dirisa Setlhopha se se Laolang, o ne a tlhalosa dikgang tse di botlhokwa tse di tshwanang le boitlhaodi jwa Bokeresete, boitshepo jwa madi le go dirisiwa ga diokobatsi le motsoko. (Isaia 2:4; Ditiro 21:25; 2 Bakorintha 7:1) Jehofa o ne a segofatsa batho ba gagwe go bo ba utlwa Lefoko la gagwe le motlhanka yo o boikanyego.

7 Batho ba Modimo ba bontsha gore ba ikobela Mong wa bone, Jesu Keresete, fa ba ikobela setlhopha sa motlhanka. Go ikoba moo, go bonala thata mo motlheng wa gompieno ka ntlha ya bolaodi jo bogolo jwa ga Jesu jaaka go boleletswe pele mo boporofeting jwa ga Jakobe yo o neng a tloga a swa.

Shilo o Nna Mmusi yo o Tshwanetseng wa Lefatshe

8. Taolo ya ga Keresete e ne ya atolosiwa jang le gone leng?

8 Boporofeti jwa ga Jakobe bo ne jwa bolelela pele gore “ditšhaba di tla utlwa” Shilo. Go phepafetse gore puso ya ga Keresete ga e ne e busa Iseraele wa semoya fela. E tla busa bomang gape? Tshenolo 11:15 e araba jaana: “Bogosi jwa lefatshe bo fetogile bogosi jwa Morena wa rona le jwa ga Keresete wa gagwe, mme o tla busa e le kgosi ka bosaengkae le go ya go ile.” Baebele e senola gore Jesu o ne a amogela taolo eno kwa bokhutlong jwa “metlha e supa” ya boporofeti—“dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba”—ka 1914. * (Daniele 4:16, 17; Luke 21:24) Mo ngwageng oo, “go nna gone” go go sa bonaleng ga ga Keresete jaaka Kgosi ya Bomesia go ne ga simolola ka nako e le nngwe fela le go simolola ga nako ya gagwe ya gore a ‘fenye mo gare ga baba ba gagwe’—Mathaio 24:3; Pesalema 110:2.

9. Jesu o ne a dirang fa a newa Bogosi, mme seno se ne sa ama batho jang, segolobogolo barutwa ba gagwe?

9 Kgato ya ntlha e Jesu a neng a e tsaya fa a sena go newa maatla a bogosi e ne ya nna go piriganyetsa Satane yo o se nang kutlo mmogo le badimona ba gagwe “kwa tlase kwa lefatsheng.” Fa e sale ka nako eo, meya e e boikepo eo e tliseditse batho masetlapelo a a seng kana ka sepe, mo godimo ga go dira gore go utlwa Jehofa go se ka ga nna motlhofo. (Tshenolo 12:7-12; 2 Timotheo 3:1-5) Tota e bile, mo ntweng eno ya gagwe ya semoya, Satane o tlhasela thata batlodiwa ba ga Jehofa le ditsala tsa bone tsa “dinku tse dingwe, ba ba bolokang ditaolo tsa Modimo e bile ba na le tiro ya go naya bosupi ka Jesu.”—Tshenolo 12:17; Johane 10:16.

10. Ke go diragadiwa ga boporofeti bofe jwa Baebele go go bontshang gore Satane ga a kitla a fenya Bakeresete ba boammaaruri mo ntweng ya gagwe?

10 Le fa go ntse jalo, Satane ga a kitla a atlega ka gonne re mo “letsatsing la Morena,” mme ga go na sepe se se ka thibelang Jesu gore a se ka ‘a wetsa phenyo ya gagwe.’ (Tshenolo 1:10; 6:2) Ka sekai, o tla tlhomamisa gore go tshwaiwa ga bofelo ga Baiseraele ba semoya ba le 144 000 go a dirwa. Gape, o tla sireletsa “boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o neng a kgona go bo bala, bo tswa mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme.” (Tshenolo 7:1-4, 9, 14-16) Le fa go ntse jalo, go farologana le ditsala tsa bone tsa batlodiwa, bano e tla nna babusiwa ba mo lefatsheng ba ba kutlo ba ga Jesu. (Daniele 7:13, 14) Go nna teng ga bone mo lefatsheng go setse go re naya bosupi jo bo nonofileng jwa gore tota Shilo ke Mmusi mo “bogosing jwa lefatshe.”—Tshenolo 11:15.

Eno ke Nako ya go “Utlwa Dikgang Tse di Molemo”

11, 12.(a) Ke bomang fela ba ba tla falolang bokhutlo jwa tsamaiso ya gone jaanong ya dilo? (b) Batho ba ba anyang “moya wa lefatshe” ba na le botho jo bo ntseng jang?

11 Botlhe ba ba batlang go bona botshelo jo bo sa khutleng ba tshwanetse go ithuta go nna kutlo ka gonne Baebele e bolela ka phepafalo gore “ba ba sa itseng Modimo le ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo kaga Morena wa rona Jesu,” ga ba kitla ba falola letsatsi la pusoloso la Modimo. (2 Bathesalonika 1:8) Le fa go ntse jalo, boikepo jo bo leng teng gone jaanong le moya wa jone wa go tsuologela melao le melaometheo ya Baebele bo dira gore go nne thata gore batho ba utlwe dikgang tse di molemo.

12 Baebele e tlhalosa moya ono wa go tsuologela Modimo e re ke “moya wa lefatshe.” (1 Bakorintha 2:12) Fa moaposetoloi Paulo a tlhalosa ka fa o amang batho ka gone, o ne a kwalela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga a re: “Tse ka nako nngwe lo neng lo tsamaya mo go tsone go ya ka tsamaiso ya dilo ya lefatshe leno, go ya ka mmusi wa taolo ya moya, moya o jaanong o dirang mo baneng ba botlhokakutlo. Ee, fa re ne re le mo gare ga bone rotlhe ka nako nngwe re ne re itshwara tumalanong le dikeletso tsa nama ya rona, re dira dilo tse di ratwang ke nama le dikakanyo, mme ka tlholego re ne re le bana ba tšhakgalo jaaka ba bangwe botlhe.”—Baefeso 2:2, 3.

13. Bakeresete ba ka emelana jang ka katlego le moya wa lefatshe, mme ka diphelelo dife?

13 Se se itumedisang ke gore Bakeresete ba kwa Efeso ga ba a ka ba sala e le batlhanka ba moya wa go tlhoka kutlo. Go na le moo, ba ne ba nna bana ba ba utlwang Modimo ka go ineela go laolwa ke moya wa gagwe le go ungwa maungo a mantsi a a siameng a one. (Bagalatia 5:22, 23) Ka tsela e e tshwanang gompieno, moya wa Modimo—o o maatla go e gaisa yotlhe mo lobopong—o thusa dimilione tsa batho gore ba utlwe Jehofa mme seno se felela ka gore ba nne le “tlhomamisego e e tletseng ya tsholofelo go fitlha fela kwa bokhutlong.”—Bahebera 6:11; Sekarea 4:6.

14. Jesu o ne a tlhagisa jang Bakeresete botlhe ba ba tshelang mo metlheng ya bofelo ka dilo dingwe tse di tla lekang go nna kutlo ga bone?

14 Gape, nna o gakologetswe gore, Shilo o re tshegetsa ka botlalo, mme ene le Rraagwe ga ba kitla ba letla mmaba ope—ledimona kgotsa motho ope—a leke go nna kutlo ga rona go feta ka fa re ka kgonang go itshoka ka gone. (1 Bakorintha 10:13) Tota e bile, go re thusa mo ntweng ya rona ya semoya, Jesu o ne a umaka mathata a le mmalwa a a rileng a re neng re tla lebana le one mo metlheng eno ya bofelo. O ne a dira jalo ka makwalo a le supa, a a neng a a neela moaposetoloi Johane ka ponatshegelo. (Tshenolo 1:10, 11) Ga go pelaelo gore a ne a na le kgakololo e e botlhokwa thata e e neng e ya kwa Bakereseteng ka nako eo mme kgakololo eo e dira thata mo “letsatsing la Morena” fa e sale ka 1914. A bo go tshwanela jang ne gore re reetse melaetsa eno! *

Tila go se Akanyetse, Boitsholo jo bo Maswe le go Rata Dikhumo

15. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go itisa kgatlhanong le bothata jo bo neng jwa ama phuthego ya Efeso, mme re ka dira seo jang? (2 Petere 1:5-8)

15 Lekwalo la ntlha la ga Jesu le ne le ya kwa phuthegong ya Efeso. Fa a sena go akgolela phuthego eo boitshoko jwa yone, Jesu o bolela jaana: “Le fa go ntse jalo, ke na le seno se ke se nyatsang ka wena, gore o tlogetse lorato lo o neng o na le lone pele.” (Tshenolo 2:1-4) Le gompieno, bangwe ba e neng e le Bakeresete ba ba tlhoafetseng ga ba sa tlhole ba na le lorato lo ba neng ba na le lone pele lwa Modimo. Go tlhoka lorato mo go ntseng jalo go ka koafatsa botsalano jwa rona le Modimo, ka jalo re tlhoka go baakanya boemo joo ka bonako. Lorato lo lo ntseng jalo lo ka tsosolosiwa jang? Ka go ithuta Baebele ka metlha, go nna teng kwa dipokanong, go rapela le go tlhatlhanya. (1 Johane 5:3) Ke boammaaruri gore seno se tlhoka go ‘iteka ka tlhoafalo’ mme gone seno se a tlhokega. (2 Petere 1:5-8) Fa o itlhatlhoba mme o lemoga gore lorato lwa gago lo tsidifetse, baakanya boemo ka yone nako eo go bontsha gore o utlwa mafoko a kgakololo a ga Jesu a a reng: “Gakologelwa gore o ole mo go eng, mme o ikwatlhaye o bo o dire ditiro tsa pele.”—Tshenolo 2:5.

16. Ke ditlhotlheletso dife tsa semoya tse di kotsi tse di neng di le kwa diphuthegong tsa Peregamo le Thiatira, mme ke ka ntlha yang fa mafoko a ga Jesu a a yang kwa go tsone a tshwanela le gompieno?

16 Bakeresete ba kwa Peregamo le Thiatira ba ne ba akgolelwa boikanyego, boitshoko le tlhagafalo ya bone. (Tshenolo 2:12, 13, 18, 19) Le fa go ntse jalo, ba ne ba tlhotlhelediwa ke bangwe ba ba rileng ba ba bontshang moya o o bosula wa ga Balaame le Jesebele, ba ka ntlha ya boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le go obamela Baale, ba neng ba tlhotlheletsa Baiseraele ba bogologolo ka tsela e e sa siamang. (Dipalo 31:16; 1 Dikgosi 16:30, 31; Tshenolo 2:14, 16, 20-23) Go tweng ka motlha wa rona—‘letsatsi la Morena’? A go na le ditlhotlheletso tse di ntseng jalo tse di bosula? Ee, ka gonne boitsholo jo bo sa siamang ke lone lebaka le legolo le le dirang gore batho ba Modimo ba kgaolwe. Ka jalo he, go botlhokwa thata gore re tile go itsalanya le batho botlhe—mo phuthegong le kwa ntle ga phuthego—ba ba nang le tlhotlheletso e e sa siamang mo boitsholong! (1 Bakorintha 5:9-11; 15:33) Ba ba batlang go nna babusiwa ba ba utlwang Shilo, ba tla tila boitlosobodutu jo bo leswe, dibuka le ditshwantsho tse di hepisang tsa Internet.—Amose 5:15; Mathaio 5:28, 29.

17. Tsela e batho ba Saredisa le ba Laodikea ba neng ba leba dilo ka yone, le e ba neng ba ikutlwa ka yone, e ne e farologana jang le e Jesu a neng a leba boemo jwa bone jwa semoya ka yone?

17 Kwantle ga batho fela ba le mmalwa, phuthego ya kwa Saredisa ga ya a ka ya akgolwa gotlhelele. E ne e na le “leina,” kgotsa e ne e bonala e tshela, mme go se tshwenyege ka dilo tsa semoya go ne go tseneletse thata mo Jesu a neng a re e “sule.” Go utlwa dikgang tse di molemo e ne e le seomodiro fela. Seno e ne e le molato o mogolo tota! (Tshenolo 3:1-3) Phuthego ya Laodikea e ne e le mo boemong jo bo tshwanang. Ba ne ba ikgantsha ka dikhumo ba re, “Ke humile,” le fa go ntse jalo mo go Keresete, ba ne ba ‘hutsafatsa mme ba tlhomola pelo, ba ne ba humanegile, ba foufetse e bile ba sa ikatega.’—Tshenolo 3:14-17.

18. Re ka tila jang go nna mololo semoyeng mo matlhong a Modimo?

18 Gompieno, bangwe ba e neng e le Bakeresete ba ba ikanyegang ba wetse mo serung se se tshwanang sa go tlhoka kutlo. Gongwe ba letlile moya wa lefatshe go ba dira gore ba se ka ba tlhola ba tlhoafala, mme ba nna mololo mo dilong tsa semoya, ba se ka ba tlhola ba ithuta Baebele, go rapela le go ya dipokanong tsa Bokeresete le go ya bodireding. (2 Petere 3:3, 4, 11, 12) A bo go le botlhokwa jang gore ba ba ntseng jalo ba utlwe Keresete ka go batla dikhumo tsa semoya—ee, ba “reke mo go [Keresete] gouta e e itshekisitsweng ka molelo”! (Tshenolo 3:18) Dikhumo tseo tsa mmatota di akaretsa “go huma ditiro tse di molemo, go aba ka bopelontle, go iketleeletsa go abelana.” Ka go nna le dikhumo tseno tsa mmatota, re ‘ipolokela motheo o o molemo wa isagwe ka pabalesego, gore re tshware botshelo jwa mmatota ka thata.’—1 Timotheo 6:17-19.

Ba Akgolelwa go Nna Kutlo

19. Jesu o ne a akgola le go gakolola Bakeresete ba kwa Semerena le ba kwa Filadelefia jang?

19 Diphuthego tsa kwa Semerena le Filadelefia ke dikai tse di tlhomologileng tsa go nna kutlo, ka gonne makwalo a ga Jesu a a yang kwa go tsone ga a ba kgalemelele sepe. O ne a raya batho ba kwa Semerena a re: “Ke itse pitlagano ya gago le lehuma—mme o humile.” (Tshenolo 2:9) A bo ba ne ba farologana jang ne le ba kwa Laodikea ba ba neng ba ikgantsha ka dikhumo tsa lefatshe mme tota ba ne ba humanegile! Eleruri, Diabolo o ne a sa kgatlhwe ke go bona le fa e le mang a bontsha go ikanyega le go nna kutlo mo go Keresete. Ka jalo, Jesu o ne a ba tlhagisa jaana: “O se ka wa boifa dilo tse o tlogang o di boga. Bona! Diabolo o tla nna a latlhela bangwe ba lona mo kgolegelong gore lo lekwe ka botlalo, le gore lo nne le pitlagano malatsi a le lesome. Itshupe o ikanyega go ya losong, mme ke tla go naya serwalo sa botshelo.” (Tshenolo 2:10) Ka tsela e e tshwanang, Jesu o ne a akgola Bakeresete ba kwa Filadelefia a re: “O ne wa boloka lefoko la me [kgotsa, o ne wa nkutlwa] mme wa se ka wa itatola leina la me. Ke tla ka bonako. Nna o ngangatlele se o nang le sone, gore ope a se ka a tsaya serwalo sa gago.”—Tshenolo 3:8, 11.

20. Batho ba le dimilione ba kgonne jang go boloka lefoko la ga Jesu, mme ba ne ba dira jalo mo maemong afe?

20 Mo “letsatsing la Morena” le le simolotseng ka 1914, masalela a a ikanyegang le ditsala tsa bone tsa dinku tse dingwe ba gone jaanong ba fitlhang go dimilione, le bone ba utlwile lefoko la ga Jesu ka go tlhagafala mo bodireding le go tswelela ba ikanyega. Fela jaaka barwarraabone ba lekgolo la ntlha la dingwaga, bangwe ba ne ba bogisediwa go utlwa Keresete, ba latlhelwa mo dikgolegelong le mo dikampeng tsa pogisetso. Ba bangwe ba bolokile lefoko la ga Jesu ka go nna ba na le ‘leitlho le le sa raraanang’ go sa kgathalesege gore ba dikologilwe ke batho ba ba nang le dikhumo tse dintsintsi le ba ba pelotshetlha. (Mathaio 6:22, 23) Ee, mo mafelong otlhe le mo maemong otlhe, Bakeresete ba boammaaruri ba tswelela go itumedisa pelo ya ga Jehofa ka go nna kutlo.—Diane 27:11.

21. (a) Ke boikarabelo bofe jwa dilo tsa semoya jo setlhopha sa motlhanka se tswelelang se bo diragatsa? (b) Re ka bontsha jang gore tota re batla go utlwa Shilo?

21 Fa re ntse re atamela pitlagano e kgolo, “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o nna a ititeile sehuba gore o tla nna a ntse a utlwa Mong wa gagwe, e bong Keresete. Seno se akaretsa go baakanyetsa ba ntlo ya Modimo dijo tsa semoya tse di mo nakong. Ka jalo, a re tsweleleng re anaanela phuthego ya ga Jehofa le se e re tlamelang ka sone. Ka tsela eo, re bontsha gore re ikobela Shilo yo o tla duelang babusiwa botlhe ba gagwe ba ba kutlo ka botshelo jo bo sa khutleng.—Mathaio 24:45-47; 25:40; Johane 5:22-24.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 8 Go bona tlhaloso ya “metlha e supa,” bona kgaolo 10 ya buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 14 Gore o bone tlhaloso e e oketsegileng ka makwalo ano otlhe a le supa, tsweetswee bona tsebe 33 ya buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

A o A Gakologelwa?

• Seabe se Jesu a neng a tla nna le sone e ne e le sefe jaaka go boleletswe pele mo boporofeting jwa ga Jakobe fa a ne a le gaufi le go swa?

• Re bontsha jang gore re tsaya Jesu e le Shilo, mme re tshwanetse go tila go nna le moya ofe?

• Ke kgakololo efe e e dirang mo motlheng wa rona e e leng mo makwalong a a yang kwa diphuthegong tse supa tsa Tshenolo?

• Re ka etsa jang ba ba neng ba le kwa diphuthegong tsa Semerena le Filadelefia wa bogologolo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Jehofa o segofatsa batho ba gagwe fa ba utlwa “molebedi” yo o ikanyegang

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Tlhotlheletso ya ga Satane e dira gore go utlwa Modimo go nne thata

[Ditshwantsho mo go tsebe 21]

Go nna le botsala jo bo nonofileng le Jehofa go re thusa go mo utlwa