Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Metlele wa go Tlhokomelwa Sentle ga Holo ya Bogosi

Metlele wa go Tlhokomelwa Sentle ga Holo ya Bogosi

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Metlele wa go Tlhokomelwa Sentle ga Holo ya Bogosi

LEFAPHA LA TSA TIKOLOGO kwa Finland le ne la tlhopha ngwaga wa 2000 gore e nne “Ngwaga wa go Kgabisa Mabala.” Mongwe wa barulaganyi ba tiro eno o ne a tlhalosa gore “boikaelelo jwa setlhogo sa go kgabisa mabala sa ngwaga oo ke go re gakolola rotlhe kafa tikologo e tala e tlhotlheletsang botshelo jwa rona jwa letsatsi le letsatsi le boitekanelo jwa rona ka gone.”

Ka January 12, 2001, lekwalo le le tswang kwa Mokgatlhong wa kwa Finland wa go Kgabisa Mabala le ne la goroga kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Finland. Lekwalo leo le ne la tlhalosa gore Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa kwa Tikkurila e ne e neilwe mongwe wa dimetlele tsa ngwaga oo wa go kgabisa mabala ka ntlha ya tikologo ya yone e e neng e kgabisitswe ka tsela e e tlhomologileng le ka ntlha ya tshingwana ya yone e e neng e tlhokometswe sentle. Lekwalo leno le ne la oketsa ka go re “tsela e mabala a neng a lebega ka yone, selemo le mariga, e ne e le ntle thata e bile e le ya boleng jo bo kwa godimo.”

Metlele ono o ne wa abelwa Basupi ba ga Jehofa kwa Rosendahl Hotel kwa Tampere, kwa Finland, kwa tiragalong e mo go yone go neng go tlile baporofeshenale le borakgwebo ba le 400. Mokgatlho wa Kwa Finland wa go Kgabisa Mabala o ne wa naya metswedi ya dikgang ntlha e e balegang jaana: “Mo dikarolong tse di farologaneng tsa naga, ka metlha Diholo Tsa Bogosi tsa Basupi ba ga Jehofa di nna di baakantswe sentle. Tsela e ba tlhokomelang tikologo ya tsone ka yone, e kgatlha mongwe le mongwe yo o fetang ka tsela. Holo ya Bogosi e e kwa Tikkurila ke sengwe sa dikai tsa kafa tshingwana ya tsone e tlhokomelwang sentle ka gone. Kago le mabala a yone a magolo di dira gore go lebege go le gontle.”

Kwa Finland, go na le Diholo Tsa Bogosi di le 233, tse bontsi jwa tsone di dikologilweng ke ditshingwana tse dintle. Le fa go ntse jalo, se tota se dirang gore mafelo ano a nne mantle, ke gore ke mafelo a kobamelo ya boammaaruri le a go ithuta Baebele. Mo Basuping ba ga Jehofa ba feta dimilione di le thataro mo lefatsheng lotlhe, Holo ya Bogosi—e le ntle thata kana e siame fela—ke lefelo le le rategang tota. Ke gone ka moo ba tlhagafaletseng go e tlhokomela sentle. Botlhe ba ba leng mo tikologong e o nnang mo go yone ba a amogelwa kwa Diholong Tsa Bogosi!