Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Bakeresete ba Tshwanetse go Nna Lefufa?

A Bakeresete ba Tshwanetse go Nna Lefufa?

A Bakeresete ba Tshwanetse go Nna Lefufa?

LEFUFA—a ke nonofo e Bakeresete ba tshwanetseng go nna le yone? Rona Bakeresete re kgothalediwa go ‘latelela lorato,’ le gone re bolelelwa gore “lorato ga lo fufege.” (1 Bakorintha 13:4; 14:1) Ka fa letlhakoreng le lengwe, gape re bolelelwa gore “Jehofa . . . ke Modimo yo o lefufa” e bile re laelwa gore re ‘nne baetsi ba Modimo.’ (Ekesodo 34:14; Baefeso 5:1) Ke eng fa kgang eno e utlwala e kete e a ikganetsa?

Ke ka ntlha ya gore lefoko la Sehebera le la Segerika a a ranotsweng go twe “lefufa” mo Baebeleng a na le bokao jo bogolo. A ka nna le bokao jo bo molemo kgotsa jo bo seng molemo, go ikaegile ka gore a dirisiwa jang. Ka sekai, lefoko la Sehebera le le ranotsweng go twe “lefufa” le ka kaya “go batla gore go ineelwe mo go wena fela; go se letle go pataganngwa le ope; go tlhoafala; go tlhagafala; go fufega [ka tsela e e siameng kgotsa e e sa siamang]; go tswa pelo.” Lefoko la Segerika le le tsamaisanang le leno le na le bokao jo bo tshwanang. Mafoko ano a ka kaya boikutlo jo bo sokameng jo motho a ka nnang le jone ka mongwe ka gonne a akanya gore o tla mo tseela maemo kgotsa go lebega a le mo seemong se se botoka. (Diane 14:30) Gape a ka nna a kaya pontsho e e siameng ya nonofo e e tswang kwa Modimong—go batla go sireletsa mongwe yo o mo ratang mo kotsing.—2 Bakorintha 11:2.

Sekao Se se Di Gaisang Tsotlhe

Jehofa o tlhoma sekao se se di gaisang tsotlhe sa go nna le lefufa le le tshwanetseng. Maitlhomo a gagwe a itshekile e bile a phepa, a tlhotlhelediwa ke gore o batla go sireletsa batho ba gagwe gore ba se ka ba leswafala semoyeng le mo boitsholong. O ne a bua jaana ka batho ba gagwe ba bogologolo ba ba bidiwang Siona ka tsela ya tshwantshetso: “Ke tla fufegela Siona ka lefufa le legolo, e bile ke tla mo fufegela ka tšararego e kgolo.” (Sekarea 8:2) Fela jaaka rre yo o lorato a nna a iketleeleditse go sireletsa bana ba gagwe mo kotsing, Jehofa o iketleeleditse go sireletsa batlhanka ba gagwe mo go sepe se se ka ba tsenyang mo kotsing ka tsela ya senama le ya semoya.

Jehofa o ne a sireletsa batho ba gagwe ka go ba naya Lefoko la gagwe e leng Baebele. Le ba kgothaletsa thata go tsamaya ka botlhale, mme le na le dikai di le dintsi tsa batho ba ba ileng ba dira jalo. Mo go Isaia 48:17 re bala jaana: “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, Yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone.” A bo go gomotsa jang ne go itse gore lefufa la gagwe le dira gore a re tlhokomele le go re sireletsa! Fa a ka bo a se lefufa ka tsela eno e e molemo, re ne re tla utlwa botlhoko ka ditsela tse di farologaneng ka gonne re se na maitemogelo. Ditsela tse Jehofa a bontshang lefufa ka tsone ga di supe bopelotshetlha le e seng.

Ka jalo, lefufa la bomodimo le farologana jang le lefufa le le sa tshwanelang? Go bona karabo, a re sekasekeng sekai sa ga Miriame le sa ga Finease. Ela tlhoko gore ba ne ba tlhotlhelediwa ke eng.

Miriame le Finease

Miriame e ne e le mogolowe Moshe le Arone, ba ba neng ba etelela Baiseraele pele ka nako ya Khudugo. Fa Baiseraele ba ne ba le kwa nageng, Miriame o ne a fufegela kgaitsadie e bong Moshe. Pego ya Baebele e balega jaana: “Jaanong Miriame le Arone ba simolola go bua kgatlhanong le Moshe ka ntlha ya mosadi wa Mokushe yo a neng a mo tsere . . . Mme ba nna ba re: ‘A Jehofa o buile ka Moshe a le nosi fela? A ga a bua le ka rona?’” Go bonala Miriame e le ene yo o neng a di goga kwa pele mo go tsogologeleng Moshe jaana, ka gonne Jehofa ga a ka a otlhaya Arone, mme o ne a otlhaya Miriame ka lepero le le neng la mo tshwara beke yotlhe ka ntlha ya go se bontshe tlotlo ga gagwe.—Dipalo 12:1-15.

Ke eng se se dirileng gore Miriame a tsogologele Moshe? A ke go tshwenyega ga gagwe ka kobamelo ya boammaaruri le go eletsa go sireletsa Baiseraele ka ene mo kotsing? Ga go lebege jalo. Go lebega Miriame a ne a letlile gore keletso e e sa tshwanelang ya go nna le maemo le taolo e gole mo pelong ya gagwe. E re ka e ne e le moporofeti wa sesadi kwa Iseraele, batho, bogolo jang basadi, ba ne ba mo tlotla thata. O ne a ba etelela pele fa go lediwa mmino e bile go opelwa fa Baiseraele ba sena go bolokwa ka kgakgamatso kwa Lewatleng le Lehibidu. Le fa go ntse jalo, jaanong Miriame o ka tswa a ile a tshwenyega go sa tlhokege, a akanya gore o tla latlhegelwa ke maemo a gagwe ka ntlha ya mongwe yo a mo akanyetsang gore o tla a tsaya e bong mosadi wa ga Moshe. E re ka a ne a tlhotlhelediwa ke lefufa le le bakwang ke bopelotshetlha, o ne a dira gore Moshe yo o neng a tlhomilwe ke Jehofa a ganediwe.—Ekesodo 15:1, 20, 21.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, Finease ene o ne a dira dilo ka maitlhomo a sele. Nakwana fela pele Baiseraele ba tsena mo Nageng e e Solofeditsweng, fa ba ne ba thibeletse mo Dipoeng Tsa Moabe, basadi ba Moabe le ba Midiana ba ne ba hepisa banna ba Baiseraele ba le bantsi gore ba kopanele mo boitsholong jo bo sa siamang le mo kobamelong ya medingwana. E le go itshekisa bothibelelo le go emisa bogale jo bo tukang jwa ga Jehofa, baatlhodi ba Iseraele ba ne ba laelwa gore ba bolaye banna botlhe ba ba neng ba fapogile jalo. Kgosana ya Mosimeone e bong Simeri o ne a nna le sebete sa go tlisa mosadi wa Momidiana e bong Kosebi mo bothibelelong “fa pele ga matlho a phuthego yotlhe ya bomorwa Iseraele” gore ba tle go dira boitsholo jo bo sa siamang. Finease o ne a tsaya kgato a sa okaoke. O ne a bolaya bagokafadi bao mo mogopeng wa bone a tlhotlhelediwa ke maikutlo a lefufa kgotsa tlhoafalo ka kobamelo ya ga Jehofa le keletso ya go batla go boloka boitsholo jo bo itshekileng mo bothibelelong. O ne a akgolelwa “go galefa ka ntlha ya lefufa,” “ka go sa letle gotlhelele gore [Jehofa a] pataganngwe le ope.” Go tsaya kgato ka bonako ga ga Finease go ne ga emisa petso ya kotlhao e e neng e setse e bolaile batho ba le 24 000 mme Jehofa a mo segofatsa ka kgolagano ya boperesiti e e neng e tla nna mo losikeng lwa gagwe ka bosakhutleng.—Dipalo 25:4-13; The New English Bible.

Ditsela tseno tse pedi tse lefufa le bontshitsweng ka tsone di ne di farologana ka eng? Miriame o ne a tsogologela kgaitsadie ka ntlha ya lefufa le le bakwang ke bopelotshetlha fa Finease ene a ne a diragatsa tshiamiso ka ntlha ya lefufa la bomodimo. Go a tle go nne le dinako tse ka tsone le rona re tshwanetseng go ikutlwa re tlhotlheletsega fela jaaka Finease, go ntsha maikutlo a rona kgotsa go tsaya kgato nngwe go sireletsa leina la ga Jehofa, kobamelo ya gagwe le batho ba gagwe.

Go Nna Lefufa ka Mabaka a a Phoso

Le fa go ntse jalo, a motho a ka nna lefufa ka mabaka a a phoso? Ee. Bontsi jwa Bajuda ba ne ba ntse jalo mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Ba ne ba nna lefufa mme ba sireletsa Molao o ba o neilweng ke Modimo le dingwao tsa bone. Ba ne ba leka go sireletsa Molao ka go tlhoma ditao le dithibelo tse dintsi tse di neng tsa fetoga morwalo o o bokete mo bathong. (Mathaio 23:4) E re ka ba ne ba sa kgone kgotsa ba sa batle go dumela gore jaanong Modimo o ne a emiseditse Molao wa ga Moshe ka sengwe sa mmatota se o neng o se tshwantshetsa, lefufa la bone le le bakwang ke mabaka a a phoso le ne la ba tlhotlheletsa gore ba galefele balatedi ba ga Jesu Keresete mo go feteletseng. Moaposetoloi Paulo, yo le ene a kileng a ikanyega ka lefufa mo Molaong ka mabaka a a phoso, o ne a bontsha gore batho ba ba neng ba sireletsa Molao ba ne ba na le “tlhoafalo [lefufa] ka Modimo; mme e seng go ya ka kitso ya boammaaruri.”—Baroma 10:2; Bagalatia 1:14.

Tota le Bajuda ba le bantsi ba ba neng ba nna Bakeresete ba ne ba fitlhela go le thata go tlogela go nna le tlhoafalo eno e e feteletseng mo Molaong. Fa Paulo a sena go wetsa mosepele wa gagwe wa boraro wa borongwa, o ne a naya setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga pego malebana le go sokololwa ga ditšhaba. Ka nako eo, Bajuda ba Bakeresete ba le diketekete ‘ba ne ba tlhoafetse botlhe mo Molaong.’ (Ditiro 21:20) Go ne go setse go fetile dingwaga di le dintsi setlhopha se se laolang se laetse gore Bakeresete ba Baditšhaba ga ba tlhoke go rupisiwa. Dikgang tse di malebana le go tshegetsa Molao di ne di ntse di baka dikgotlhang mo phuthegong. (Ditiro 15:1, 2, 28, 29; Bagalatia 4:9, 10; 5:7-12) E re ka Bakeresete bangwe ba Bajuda ba ne ba sa tlhaloganye ka botlalo gore jaanong Jehofa o dirisana jang le batho ba gagwe, ba ne ba ganelela mo dikgopolong tsa bone, ba tshwaya ba bangwe diphoso.—Bakolosa 2:17; Bahebera 10:1.

Ka jalo, re tshwanetse go tila serai sa go nna lefufa re bo re leka go sireletsa dikgopolo kgotsa ditsela tsa rona tse re di ratang tse di sa ikaegang thata ka Lefoko la Modimo. Re tshwanetse go amogela lesedi le lesha le le malebana le Lefoko la Modimo le re le bonesediwang ka thulaganyo e Jehofa a e dirisang gompieno.

Nna Lefufa ka Jehofa

Le fa go ntse jalo, go siame go nna le lefufa la bomodimo mo kobamelong ya boammaaruri. Fa re le batho ba ba tshwenyegang thata ka leina kgotsa ditshwanelo tsa rona, go nna le lefufa la bomodimo go tla dira gore re akanye thata ka Jehofa. Le re tlhotlheletsa go senka ditsela tsa go bolela boammaaruri ka ene, re femela ditsela tsa gagwe le batho ba gagwe.

Modiredi mongwe wa nako e e tletseng yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa e bong Akiko, o ne a ganediwa botlhoko ke mong wa ntlo yo o neng a na le dikgopolo tse di phoso malebana le se molao wa Modimo o se buang ka madi. Akiko o ne a femela Lefoko la Modimo ka botlhale, a ba a tlhalosa mathata a kalafi le mathata a mangwe a a amanang le go tshelwa madi. E re ka a ne a eletsa thata go bua ka Jehofa, o ne a tlhotlheletsega go lebisa motlotlo kwa go se a neng a lemoga gore ke sone se tota se neng se dira gore mosadi yono a ganetse—go se dumele ga gagwe gore go na le Mmopi. Akiko o ne a beela mong wa ntlo mabaka go bontsha kafa popo e tshegetsang ka teng tumelo ya gore go na le Mmopi. Go femela ga gagwe dithuto tsa boammaaruri ka bopelokgale jalo ga go a ka ga fedisa dikgopolo tse di phoso tsa mosadi yono fela mme gape go ne ga felela ka gore a amogele thuto ya legae ya Baebele. Gompieno mong wa ntlo yono yo o neng a galefile o baka Jehofa.

Go nna lefufa kgotsa go tlhoafala ka tsela e e tshwanetseng mo kobamelong ya boammaaruri go dira gore re nne re ntshitse matlho dinameng le go dirisa sebaka sengwe le sengwe go bua ka ga tumelo ya rona le go e femela kwa tirong, kwa sekolong, kwa mabenkeleng le fa re le mo loetong. Ka sekai, Midori o iketleeditse go bolelela badiri ka ene ka ga tumelo ya gagwe. Mongwe yo o dirang le ene yo o neng a le mo dingwageng tsa bo40 o ne a bolela gore ga a batle go utlwa sepe mo Basuping ba ga Jehofa. Moragonyana fa ba buisana gape, mosadi yono o ne a bua a tshwenyegile ka ga morwadie yo o neng a simolotse go nna le mekgwa e e sa siamang. Midori o ne a mmontsha buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, * mme o ne a mmolelela gore a ka rata go rulaganya gore morwadie a ithute buka eno. Go ne ga simololwa thuto le ene, le fa go ntse jalo, mmaagwe o ne a sa kopanele mo motlotlong. Midori o ne a swetsa ka gore a bontshe mosadi yono bidio ya Jehovah’s Witnesses—The Organization Behind the Name. * Seno se ne sa thusa go tlosa dikgopolo tse dintsi tse di phoso tse a neng a na le tsone. Se a neng a se bona se ne sa mo tlhotlheletsa go bolela jaana: “Ke batla go tshwana le Basupi ba ga Jehofa.” O ne a simolola go kopanela le morwadie go ithuta Baebele.

Le mo phuthegong ya Bokeresete go siame go nna le lefufa le le tshwanetseng. Le dira gore re rate ba bangwe thata le go amega ka bone e bile le dira gore re gane ditlhotlheletso tse di senyang tse di ka gobatsang bakaulengwe ba rona ba semoya, tse di jaaka tshebo e e senyang le dikgopolo tsa botlhanogi. Lefufa la bomodimo le re tlhotlheletsa go tshegetsa ditshwetso tsa bagolwane, ba ka dinako tse dingwe ba bonang go tshwanela gore ba kgaleme badiraphoso. (1 Bakorintha 5:11-13; 1 Timotheo 5:20) Paulo o ne a bolela jaana fa a kwala ka lefufa le a neng a na le lone ka badumedi ka ene ba kwa phuthegong ya Korintha: “Ke fufega ka lona ka lefufa la bomodimo, gonne nna ka namana ke ne ka lo solofetsa go nyalwa ke monna a le mongwe gore ke tle ke lo ise lo le kgarebane e e itshekileng kwa go Keresete.” (2 Bakorintha 11:2) Ka tsela e e tshwanang lefufa la rona le re tlhotlheletsa go dira sotlhe se re ka se kgonang go sireletsa boitsheko jwa dithuto, jwa bomoya le jwa boitsholo jwa botlhe ba ba leng mo phuthegong.

Ee, lefufa le le bakwang ke maitlhomo a a siameng—lefufa la bomodimo—le na le tlhotlheletso e e molemo mo bathong ba bangwe. Le dira gore Jehofa a re amogele mme ke nngwe ya dinonofo tse di tshwanetseng go bonwa mo Bakereseteng gompieno.—Johane 2:17.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 20 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 20 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Finease o ne a tsaya kgato ka ntlha ya lefufa la bomodimo

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Tila serai sa go nna lefufa ka mabaka a a phoso

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Lefufa la bomodimo le re tlhotlheletsa go bolelela ba bangwe ka ga tumelo ya rona le go rata bakaulengwe ba rona