Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Meya e e Bosula e Tlhotlheletsa Batho?

A Meya e e Bosula e Tlhotlheletsa Batho?

A Meya e e Bosula e Tlhotlheletsa Batho?

“Lefatshe le mo maibing, jaaka e kete maatla mangwe a masaitseweng a leka ka kelotlhoko go thiba dikgoro tsotlhe tsa botso.”—Mokwadi wa dikgang Jean-Claude Souléry.

‘Fa motho a ikutlwa a feletswe ke maatla, gantsi seno se dira gore a ikutlwe e kete o fekeeditswe ke maatla mangwe a a bosula.’—Mokwalahisitori Josef Barton.

SELA e ditlhaselo tsa dirukhutlhi tsa September 11, 2001 di neng di tsitlisa marapo ka yone e ne ya dira gore batho ba le bantsi ba akanye. Michael Prowse o ne a bolela jaana fa a ne a kwala mo lokwalodikgannyeng lwa kwa Engelane lwa Financial Times: “Ga go na phologolo epe e e neng e ka dira bosetlhogo jo bo kalo.” Setlhogo sengwe sa New York Times se ne sa bolela gore kwantle ga thulaganyo e e neng e tlhokega gore go dirwe tlhaselo eno, “gape go botlhokwa gore re akanye ka letlhoo le legolo le batho bano ba tshwanetseng ba bo ba ne ba na le lone gore ba diragatse ditlhaselo tseo. Ke letlhoo le le fetang le gantsi le nnang teng ka nako ya ntwa, letlhoo le le sa thibelweng ke sepe, le le sa laolweng ke ditumalano dipe.”

Batho ba ditumelo tse di farologaneng ba ile ba akanya thata ka kgang ya gore go ka tswa go na le maatla mangwe a a bosula a a tlhotlheletsang batho. Rakgwebo mongwe kwa Sarajevo yo o iponetseng ka matlho masetlapelo a letlhoo la bomorafe kwa Bosnia o ne a bolela jaana: “Morago ga go bona ntwa ya kwa Bosnia ngwaga o le mongwe fela ke dumela gore Satane ke ene yo o laolang dilo. Seno ke botsenwa tota.”

Mokwalahisitori Jean Delumeau o ne a araba jaana fa a ne a bodiwa gore a o dumela gore Diabolo o teng: “Nka ganetsa jang gore go na le maatla a a bosula fa ke bona se se diregang le se se ileng sa direga fa e sa le ke tsholwa: Ntwa ya bobedi ya lefatshe, e e amileng batho ba feta dimilione di le 40; Auschwitz le dikampa tsa polaelo; dipolao tsa kgailo kwa Cambodia; ditiro tse di setlhogo tsa tshololo ya madi mo pusong ya ga Ceauşescu; go tlhokofatsa batho mo go dirilweng tlwaelo ke dipuso tsa mafelo a mantsi mo lefatsheng. Masetlapelo ga a fele. . . . Ka jalo ke dumela gore go a utlwala go bo re ka re ditiro tse di ntseng jalo ke ‘tsa ga diabolo,’ e seng gore di tlhotlhelediwa ke Diabolo yo o nang le dinaka le ditlhakwana tse di patologaneng mme di tlhotlhelediwa ke Diabolo yo o tshwantshetsang tlhotlheletso le maatla a a boikepo a a dirang mo lefatsheng.”

Fela jaaka Jean Delumeau, batho ba le bantsi ba bolela gore ditiragalo tsa masetlapelo tse di diregang gompieno mo setšhabeng ke ‘tsa ga diabolo,’ go tloga fela ka tse di diregang mo lelapeng go fitlha ka tse di diregang mo lefatsheng lotlhe. Le fa go ntse jalo, seno se kaya eng? A re ka bolela gore masetlapelo a a ntseng jalo a bakiwa ke maatla a a boikepo a e seng motho, kgotsa a go na le meya ya mmatota e e bosula e e tlhotlheletsang batho go dira ditiro tse di setlhogo tsa bokebekwa tse di fetang bosula jo batho ba tlwaetseng go bo dira? A meya eo e okamelwa ke kgosana ya bosula—Satane Diabolo?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

Children: U.S. Coast Guard photo