Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A go reka kago mo setlhopheng se sengwe sa bodumedi e bo e dirwa Holo ya Bogosi e tla bo e le go tlhakanya ditumelo?

Gantsi Basupi ba ga Jehofa ba tila go dirisana ka tsela eo le madumedi a mangwe. Le fa go ntse jalo, go reka kago ka tsela eno ga se go tlhakanya ditumelo. Go ka tsewa fela e le tirisano ya tsa kgwebo e e dirwang sewelo. Phuthego ya Basupi ba ga Jehofa ga e dirisane le setlhopha se sengwe sa bodumedi go aga lefelo la kobamelo le e tla le dirisang mmogo le setlhopha seo.

Ke eng se Jehofa a se lebang e le go tlhakanya ditumelo? Ela tlhoko kaelo eno ya ga moaposetoloi Paulo: “Lo se ka lwa pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng e le mo go sa lekalekaneng. Gonne tshiamo le go tlhoka molao di na le bolekane bofe? Kgotsa lesedi le na le kabalano efe le lefifi? Mo godimo ga moo, go na le kutlwano efe mo gare ga ga Keresete le Beliale? Kgotsa motho yo o ikanyegang o na le karolo efe le yo o sa dumeleng? Gape tempele ya Modimo e na le tumalano efe le medingwana? . . . ’Jalo tswang mo gare ga bone, lo bo lo itomolole,’ go bua Jehofa, ‘mme lo tlogele go ama selo se se seng phepa’; ‘mme ke tla lo amogela.’” (2 Bakorintha 6:14-17) Paulo o ne a kayang ka mafoko “bolekane” le “kabalano”?

Go phepafetse gore bolekane jo Paulo a buang ka jone bo akaretsa ditirisano tsa kobamelo le tsa semoya le batho ba ba obamelang medingwana le ba ba sa dumeleng. O ne a tlhagisa Bakorintha gore ba se ka ba “ja . . . mo tafoleng ya madimona.” (1 Bakorintha 10:20, 21) Ka jalo, go tlhakanya ditumelo ke go kopanela mo kobamelong kgotsa mo bolekaneng jwa semoya le mekgatlho e mengwe ya bodumedi. (Ekesodo 20:5; 23:13; 34:12) Fa go rekwa kago e e neng e dirisiwa ke mokgatlho mongwe wa bodumedi, boikaelelo fela e a bo e le go nna le kago e e tlhokegang gore go nne le Holo ya Bogosi. Pele e dirisiwa jaaka Holo ya Bogosi, go tlosiwa dilo dipe fela tse di amanang le kobamelo ya maaka. Fa e setse e baakantswe jalo, e neelwa Jehofa gore e dirisediwe kobamelo ya gagwe fela. Ga go nne le kabalano kgotsa bolekane bope fa gare ga kobamelo ya boammaaruri le ya maaka.

Fa go buisanwa ka dilo tse di malebana le go reka kago e e ntseng jalo, ga go a tshwanela ga dirisanwa thata le batho ba go rekwang mo go bone mme ditirisano e tshwanetse ya nna tse di amanang le go reka fela. Maloko a phuthego ya Bokeresete a tshwanetse a nna a gopotse tlhagiso ya ga Paulo ya gore ba se ka ba “pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng e le mo go sa lekalekaneng.” Le fa re sa ikutlwe re le kwa godimo ga batho ba madumedi a mangwe, re tila go nna le bolekane le bone kgotsa go tlhotlheletsega go tsena mo kobamelong ya bone. *

Go tweng fa phuthego e hira kago ya mokgatlho mongwe wa bodumedi? Gantsi go hira go dira gore go kopanwe thata le batho ba bodumedi joo, e leng se se tshwanetseng sa tilwa. Tota le fa kago e e ntseng jalo e hirelwa tiragalo e le nngwe fela, setlhopha sa bagolwane se tshwanetse sa akanyetsa dintlha tse di latelang: A go tla bo go na le medingwana epe le matshwao a bodumedi mo teng kgotsa ka kwantle ga kago? Batho mo setšhabeng ba tla akanyang fa re dirisa kago eno? A ga go na ope mo phuthegong yo o tla kgopisegang fa re dirisa kago eno? (Mathaio 18:6; 1 Bakorintha 8:7-13) Bagolwane ba sekaseka mabaka ano ba bo ba dira tshwetso. Ba tshwanetse ba akanyetsa segakolodi sa bone le sa phuthego ka kakaretso fa ba dira tshwetso ya gore a ba reke kago e e ntseng jalo le go e fetola go nna Holo ya Bogosi.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Bona Tora ya Tebelo, April 15, 1999 tsebe 28 le 29, go bona tshedimosetso e e malebana le gore a go a tshwanela go dirisana ka tsa kgwebo le mekgatlho e e sa amogelweng ke Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Kago eno, e e neng e le sinagoge, e ne ya rekwa ya bo ya fetolwa go nna Holo ya Bogosi