Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ganetsang Diabolo”

“Ganetsang Diabolo”

Ganetsang Diabolo”

“Ganetsang Diabolo, mme o tla lo tshaba.”—JAKOBE 4:7.

1. Lefatshe la gompieno le ka tlhalosiwa jang, mme ke ka ntlha yang fa batlodiwa le ditsala tsa bone ba tshwanetse go ntsha matlho dinameng?

“MODIMO o nyeletse, go setse Diabolo.” Mafoko ao a mokwadi wa Mofora e bong André Malraux a ka tshwanela sentle lefatshe le re tshelang mo go lone ka gonne go bonala sentle fa ditiro tsa batho di bontsha gore ba raelwa ke Diabolo ga ba dire thato ya Modimo. Satane o faposa batho “ka tiro nngwe le nngwe e e maatla le ditshupo tsa maaka le dikgakgamatso le ka tsietso nngwe le nngwe e e sa siamang mo go ba ba nyelelang.” (2 Bathesalonika 2:9, 10) Le fa go ntse jalo, mo ‘metlheng eno ya bofelo,’ Satane o itebagantse thata le batlhanka ba Modimo ba ba ineetseng, a tlhabana le Bakeresete ba ba tloditsweng, “ba ba bolokang ditaolo tsa Modimo e bile ba na le tiro ya go naya bosupi ka Jesu.” (2 Timotheo 3:1; Tshenolo 12:9, 17) Basupi bano le ditsala tsa bone tse di nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba tshwanetse go ntsha matlho dinameng.

2. Satane o ile a faposa Efa jang, mme moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore o boifa eng?

2 Satane ke motsietsi ka ditsela tsotlhe. O ne a iphitlha ka noga mme a tsietsa Efa gore a akanye gore a ka itumela thata fa a dira dilo kwantle ga go laelwa ke Modimo. (Genesise 3:1-6) Dingwaga di ka nna dikete di le nnè moragonyana, moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa kafa a boifang ka teng gore Bakeresete ba batlodiwa kwa Korintha ba ne ba ka raelwa ke boferefere jwa ga Satane. Paulo o ne a kwala jaana: “Ke boifa gore ka tsela nngwe, jaaka noga e ne ya faposa Efa ka boferefere jwa yone, megopolo ya lona e ka nna ya senngwa ya tswa mo bopeloephepeng le mo boitshekong tse di tshwanetseng Keresete.” (2 Bakorintha 11:3) Satane o kgotlela megopolo ya batho le go sokamisa dikakanyo tsa bone. Fela jaaka a ile a faposa Efa, a ka dira gore Bakeresete ba akanye ka tsela e e phoso mme ba dumele gore ba ka itumela fa ba dira sengwe se Jehofa le Morwawe ba sa se amogeleng.

3. Jehofa o naya tshireletso efe kgatlhanong le Diabolo?

3 Satane a ka tshwantshiwa le motshwaradinonyane yo o thayang dirai gore a tshware dinonyane tse di sa lemogeng kotsi. Fa re batla go tila dirai tsa ga Satane, re tshwanetse go ‘nna mo lefelong la sephiri la Mogodimodimo,’ ke gore lefelo la tshwantshetso le Jehofa a sireletsang mo go lone batho ba ba dirang dilo ba amogela gore ke ene molaodi wa lobopo lotlhe. (Pesalema 91:1-3) Re tlhoka tshireletso yotlhe e Modimo a e nayang ka Lefoko la gagwe, ka moya wa gagwe o o boitshepo le ka phuthego ya gagwe gore re tle re “kgone go ema [re] nitame kgatlhanong le maano a boferefere a ga Diabolo.” (Baefeso 6:11) Lefoko la Segerika le le ranolwang go twe “maano a boferefere” gape le ka ranolwa go twe “ditiro tsa boferefere,” kgotsa “tsietso.” Ga go pelaelo gore Diabolo o dirisa maano le ditiro di le dintsi tsa boferefere go leka go raela batlhanka ba ga Jehofa.

Dirai Tse Satane a Neng a di Thaetse Bakeresete ba Bogologolo

4. Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tshela mo maemong afe?

4 Bakeresete ba ba neng ba tshela mo lekgolong la ntlha le la bobedi la dingwaga C.E. ba ne ba tshela ka nako ya fa Mmusomogolo wa Roma o ne o nonofile thata. Maemo a a neng a lebega e le a kagiso kwa Roma a ne a dira gore kgwebo e atlege. Katlego eno e ne ya dira gore batho ba maemo ba nne le nako e ntsi ya boitlosobodutu mme babusi ba ne ba tlhomamisa gore batho fela ba nna le ditsela tse dintsi tsa go itlosa bodutu gore ba se ka ba tsuologa. Mo metlheng mengwe, malatsi a boikhutso a ne a le mantsi go feta malatsi a go bereka. Baeteledipele ba ne ba dirisa madi a setšhaba go naya batho dijo le boitlosobodutu, ba ba fepa e bile ba dira gore ba nne ba lapologetswe mo tlhaloganyong.

5, 6. (a) Ke ka ntlha yang fa go ne go sa tshwanela gore Bakeresete ba itlwaetse go ya kwa mafelong a bobogelo a kwa Roma? (b) Satane o ne a dirisa leano lefe, mme Bakeresete ba ne ba ka le tila jang?

5 A seemo seno se ne se le kotsi mo Bakereseteng ba bogologolo? Fa go iwa ka ditlhagiso tse di neng tsa kwalwa ke bakwadi ba morago fela ga motlha wa baaposetoloi ba ba jaaka Tertullian, bontsi jwa ditiro tsa boitapoloso tsa motlha oo di ne di tletse dilo tse di neng di ka tsenya bomoya le boitsholo jwa Bakeresete ba boammaaruri mo kotsing. Selo sa ntlha, bontsi jwa mekete le metshameko ya setšhaba e ne e tshwarelwa go tlotla medimo ya boheitane. (2 Bakorintha 6:14-18) Kwa mafelong a bobogelo, tota le metshameko e mentsi ya bogologolo e ne e tletse boitsholo jo bo sa siamang kgotsa e tletse thubakanyo e e nang le tshololo ya madi. Fa nako e ntse e ya batho ba ne ba felelwa ke kgatlhego mo metshamekong ya bogologolo, mme e ne ya emisediwa ke dipontsho tse di makgapha tsa metshameko e e bontshang botshelo jwa letsatsi le letsatsi e e tshamekiwang ka mmino. Mokwalahisitori Jérôme Carcopino o bolela jaana mo bukeng ya gagwe ya Daily Life in Ancient Rome: “Mo metshamekong eno batshameki ba basadi ba ne ba letlelelwa go apola sengwe le sengwe . . . Go ne go tletse tshololo ya madi. . . . [Metshameko e e bontshang botshelo jwa letsatsi le letsatsi] e ne e kgotsofatsa thata keletso e e maswe e batho ba motse ba neng ba setse ba na le yone. Dipontsho tseo di ne di sa ba ferose sebete ka gonne ditiro tse di sisimosang mmele tsa thubakanyo le tshololo ya madi tse di neng di dirwa kwa mafelong a bobogelo di ne di sa bolo go ba bolaya pelo e bile di sokamisitse maikutlo a bone a tlholego.”—Mathaio 5:27, 28.

6 Kwa mafelong a bobogelo, batlhabani ba ne ba lwa go fitlha mongwe wa bone a swa kgotsa ba lwa le dibatana, ba di bolaya kgotsa di ba bolaya. Dikebekwa tse di atlhotsweng mme kgabagare le Bakeresete ba le bantsi ba ne ba latlhelwa mo dibataneng tse di bogale. Tota le mo metlheng eo ya bogologolo, leano la ga Satane e ne e le go dira gore batho ba se ka ba tlhola ba ferosiwa sebete ke boitsholo jo bo sa siamang le ke thubakanyo go fitlha dilo tseno di tlwaelega mo go bone gore ba bo ba eletse go di dira. Tsela e le yosi fela ya go tila serai seo e ne e le go se ye kwa mafelong a bobogelo.—1 Bakorintha 15:32, 33.

7, 8. (a) Ke ka ntlha yang fa go ne go ka se nne botlhale gore Mokeresete a ye kwa mabelong a dikara? (b) Satane o ka tswa a ile a dirisa mafelo a dibata a kwa Roma jang go raela Bakeresete?

7 Ga go na palaelo gore mabelo a dikara a a neng a tshwarelwa mo mafelong a magolo a bobogelo a ne a kgatlha, mme a ne a sa siamela Bakeresete ka gonne gantsi boidiidi jo bo bogetseng bo ne bo dira ditiro tsa thubakanyo. Mokwadi mongwe wa lekgolo la boraro la dingwaga o ne a bega gore bangwe ba babogedi ba ne ba lwantshana, mme Carcopino o bolela gore “balepadinaledi le diaka ba ne ba direla kgwebo” ka fa tlase ga maribela a mafelo ano a bobogelo. Go bonala sentle gore Bakeresete ba ne ba sa tshwanela go ya kwa mafelong ano a bobogelo a kwa Roma.—1 Bakorintha 6:9, 10.

8 Go tweng ka mafelo a a itsegeng a dibata tsa metsi a kwa Roma? Ke boammaaruri gore go ne go se na sepe se se phoso ka gore motho a tlhape gore a nne phepa. Le fa go ntse jalo, mafelo a le mantsi a dibata a kwa Roma e ne e le dikago tse dikgolo tse di neng di na le diphaposi tse batho ba sidilwang mo go tsone, dijiminase, diphaposi tse go betšhediwang mo go tsone le mafelo a go jewang e bile go nowa mo go one. Le fa go ne go na le nako e e beetsweng banna le e e beetsweng basadi ya gore ba dirise dibata tseno, gantsi go ne go letlelelwa gore banna le basadi ba tsene botlhe. Clement wa kwa Alexandria o ne a kwala jaana: “Dibata di bulelwa banna le basadi go sa tlhaolwe; mme fa ba le koo ba nna ba sa apara gore ba itlhapedise mo boitsholong jo bo sa siamang.” Ka jalo, go ne go ka nna motlhofo fela gore Satane a direle Bakeresete serai ka kago e e siameng ya setšhaba. Bakeresete ba ba botlhale ba ne ba sa ye koo.

9. Ke dirai dife tse Bakeresete ba bogologolo ba neng ba tshwanetse go di tila?

9 Go betšha e ne e le boitlosobodutu jo batho ba neng ba bo rata thata ka nako ya fa Mmusomogolo wa Roma o ne o nonofile thata. Bakeresete ba bogologolo ba ne ba ka tila go betšha mo go neng go dirwa kwa mabelong a dikara ka go dira fela gore ba se ka ba ya kwa mafelong ao a go bogela. Gape go ne go betšhiwa ka dilo tse dinnye e se ka fa molaong mo diphaposing tse di fitlhegileng tsa matlo a baeti le matlo a bojalwa. Batshameki ba ne ba betšha gore a motshameki yo mongwe o tshwere majana kgotsa marapo a malokololo a palo e e ka arolwang ka bobedi kgotsa nnyaa. Go betšha go ne go natetsha matshelo a batho ka gonne go ne go ba naya tsholofelo ya gore ba ka nna le madi ba sa a berekela ka thata. (Baefeso 5:5) Mo godimo ga moo, gantsi basadi ba ba neng ba naya batho bojalwa mo mafelong ano a go nwelwang mo go one e ne e le diaka, mo go neng go baka kotsi ya gore go ka dirwa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Tseno e ne e le dingwe tsa dirai tse Satane a neng a di thaela Bakeresete ba ba neng ba nna mo metseng ya Mmusomogolo wa Roma. A dilo di fetogile gompieno?

Dirai Tsa ga Satane Gompieno

10. Seemo sa gompieno se tshwana jang le se se neng se le teng kwa Mmusomogolong wa Roma?

10 Ka kakaretso, maano a ga Satane ga a fetoga mo makgolong a dingwaga a a ntseng a feta. Moaposetoloi Paulo o ne a naya Bakeresete ba ba neng ba nna mo motseng o o senyegileng wa Korintha kgakololo e e maatla gore ba se ka ba “tsiediwa ke Satane.” O ne a re: “Ga re ba ba se nang kitso ka maano a [ga Satane].” (2 Bakorintha 2:11) Mo dinageng di le dintsi tse di tlhabologileng, seemo sa gompieno se tshwana le se se neng se le teng ka nako ya fa Mmusomogolo wa Roma o ne o nonofile thata. Batho ba le bantsi ba na le nako e ntsi thata ya boitlosobodutu go feta le fa e le leng pele. Dilothari tsa puso di dira gore tota le bahumanegi ba nne le tsholofelonyana. Go na le ditsela di le dintsi tsa boitlosobodutu tse di sa tlhokeng madi a mantsi tse di ka lapolosang batho ditlhaloganyo. Mabala a metshameko a a tlala, batho ba a betšha, ka dinako tse dingwe boidiidi jwa batho ba ba bogetseng bo dirisa dikgoka mme gantsi le batshameki ba dira jalo. Batho ba reetsa mmino o o leswe e bile go bontshiwa metshameko e e makgapha kwa mafelong a bobogelo, kwa dibaesekopong le mo dithelebisheneng. Mo dinageng dingwe, go tlwaelegile gore banna le basadi ba dirise di-sauna le metswedi ya metsi a a fisang ba le mmogo, re sa bue sepe ka go thuma ba sa apara kwa mawatleng mangwe. Fela jaaka mo makgolong a ntlha a dingwaga a Bokeresete, Satane o leka go raela batlhanka ba Modimo ka dilo tse lefatshe le itlosang botudu ka tsone.

11. Go eletsa go itapolosa le go itlosa bodutu go ka nna le dirai dife?

11 E re ka batho ba le bantsi gompieno ba ikutlwa ba gateletswe thata mo maikutlong, go tlwaelegile gore ba batle go itapolosa kgotsa go itlosa bodutu. Le fa go ntse jalo, fela jaaka mafelo a dibata a kwa Roma a ne a na le dilo tse di neng di ka tsenya Bakeresete ba bogologolo mo kotsing, Satane o ile a dirisa mafelo mangwe a boikhutso le a bojanala e le serai go gogela Bakeresete ba motlha wa gompieno mo boitsholong jo bo sa siamang kgotsa mo botagweng. Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba kwa Korintha jaana: “Lo se ka lwa tsiediwa. Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo. Tlhapogelwang ka tsela e e siameng mme lo se ka lwa dira boleo, gonne bangwe ga ba na kitso ya Modimo.”—1 Bakorintha 15:33, 34.

12. Mangwe a maano a Satane a a dirisang go raela batlhanka ba ga Jehofa gompieno ke afe?

12 Re bone kafa Satane a neng a dirisa boferefere ka teng go senya mogopolo wa ga Efa. (2 Bakorintha 11:3) Gompieno, sengwe sa dirai tsa ga Diabolo ke go dira gore Bakeresete ba akanye gore fa ba ka dira sotlhe se ba ka se kgonang go leka go bontsha gore Basupi ba ga Jehofa ba tshwana fela le batho ba bangwe, ba tla kgona go gogela bangwe mo boammaaruring jwa Bokeresete. Ka dinako tse dingwe, ba feteletsa dilo mme e nna bone ba ba gogelwang kwa ntle. (Hagai 2:12-14) Leano le lengwe la ga Satane ke go tlhotlheletsa Bakeresete ba ba ineetseng, ba bannye le ba bagolo, gore ba tshele botshelo jwa boitimokanyi mme ba ‘hutsafatse moya o o boitshepo wa Modimo.’ (Baefeso 4:30) Bangwe ba ile ba wela mo seraing seno ka go dirisa Internet ka tsela e e sa siamang.

13. Ke serai sefe se se fitlhegileng se e leng lengwe la maano a ga Diabolo a boferefere, mme ke kgakololo efe ya Diane e e dirang fano?

13 Serai se sengwe se Satane a se dirisang ke dilo tse di fitlhegileng tse di amanang le masaitseweng. Ga go na Mokeresete ope wa boammaaruri yo o ka inaakanyang le Kobamelo ya ga Satane kgotsa tirisabadimo ka boomo fela. Le fa go ntse jalo, bangwe ba simolola go se nne kelotlhoko ba sa lemoge fa ba lebile difilime, dithulaganyo tsa thelebishene, ba tshameka metshameko ya bidio le fa ba bala dibuka tsa bana le dibuka tsa metlae tse di tlotlomatsang thubakanyo kgotsa dilo tsa masaitseweng. Sengwe le sengwe se se amanang le masaitseweng se tshwanetse go tilwa. Seane se se molemo se re: “Mitlwa le dirai di mo tseleng ya yo o sokameng; yo o disang moya wa gagwe o nna kgakala le tsone.” (Diane 22:5) E re ka Satane e le “modimo wa tsamaiso eno ya dilo,” sengwe le sengwe se se ratwang ke batho ba le bantsi se ka tswa se fitlhile sengwe sa dirai tsa gagwe.—2 Bakorintha 4:4; 1 Johane 2:15, 16.

Jesu O ne A Ganetsa Diabolo

14. Jesu o ne a emelana le thaelo ya ntlha ya ga Diabolo jang?

14 Jesu o ne a tlhoma sekao se se molemo sa go ganetsa Diabolo le go dira gore a tshabe. Fa Jesu a sena go kolobediwa le go itima dijo ka malatsi a le 40, o ne a raelwa ke Satane. (Mathaio 4:1-11) Thaelo ya ntlha e ne e amana le tlala ya tlholego e Jesu a neng a e utlwa morago ga go itima dijo. Satane o ne a re Jesu a dire kgakgamatso ya gagwe ya ntlha gore a kgotsofatse keletso ya nama. Jesu o ne a nopola Duteronome 8:3 mme a gana go dirisa maatla a gagwe ka bopelotshetlha a bo a bontsha gore o tsaya dijo tsa semoya di le botlhokwa go feta dijo tsa senama.

15. (a) Satane o ne a dirisa keletso efe ya tlholego go leka go raela Jesu? (b) Lengwe la maano a konokono a a boferefere a Diabolo a a dirisang mo batlhankeng ba Modimo gompieno ke lefe, mme re ka mo ganetsa jang?

15 Ntlha e e kgatlhang malebana le thaelo eno ke gore Diabolo o ne a sa leke go dira gore Jesu a dire boleo bongwe jwa tlhakanelodikobo. Tlala e ka tlholego fela e dirang gore motho a batle dijo, e ne ya lebega e le yone keletso e e maatla ya nama e e neng e ka dirisiwa go raela Jesu mo lekgetlhong leno. Diabolo o dirisa dithaelo dife go gogela batho ba Modimo gompieno? Di dintsi e bile ga di tshwane, le fa go ntse jalo, dithaelo tsa tlhakanelodikobo ke lengwe la maano a konokono a a boferefere a a a dirisang go leka go fedisa bothokgami jwa batho ba ga Jehofa. Re ka ganetsa Diabolo le go emelana le dithaelo ka go etsa Jesu. Fela jaaka Jesu a ne a dira gore maano a ga Satane a iteye se fololetse ka go gopola ditemana tse di tshwanetseng, le rona re ka gopola ditemana tse di jaaka Genesise 39:9 le 1 Bakorintha 6:18 fa re raelwa.

16. (a) Satane o ne a leka go raela Jesu jang lekgetlho la bobedi? (b) Satane a ka leka go re raela ka ditsela dife gore re leke Jehofa?

16 Go tswa foo, Diabolo o ne a leka Jesu a re a itige a le kwa godimo ga lobota lwa tempele mme a leke gore a Modimo a ka kgona go mo sireletsa ka baengele ba Gagwe. Jesu o ne a nopola Duteronome 6:16, mme a gana go leka Rraagwe. Satane a ka nna a se ka a re raela gore re itige re le mo setlhoeng sa tempele, mme a ka re raela gore re leke Jehofa. A re raelesega go bona gore re ka latela difeshene tsa lefatshe thata go le kana kang mo tseleng e re aparang le e re ipaakanyang ka yone re bo re sa newe kgakololo? A re a raelesega fa go tliwa mo kgannyeng ya boitlosobodutu jo bo leswe? Fa re dira jalo re ka tswa re leka Jehofa. Fa re sekametse mo go direng dilo tseno, Satane a ka se re tshabele, go na le moo a ka re ngaparela, a leka ka dinako tsotlhe go re gogela ka fa letlhakoreng la gagwe.

17. (a) Diabolo o ile a leka go raela Jesu jang lekgetlho la boraro? (b) Jakobe 4:7 e ka re diragalela jang?

17 Fa Satane a ne a leka go dira gore Jesu a mo obamele gore a tle a mo neye magosi otlhe a lefatshe, le fano Jesu o ne a mo ganetsa ka go nopola Dikwalo, mme a ema a nitame mo kobamelong ya go obamela Rraagwe fela. (Duteronome 5:9; 6:13; 10:20) Satane a ka nna a se ka a leka go re naya magosi a lefatshe, mme o re raela ka dinako tsotlhe ka bontle jwa dilo tse di bonalang, le ka tebelelo ya gore motho a ka nna le bogosinyana jwa gagwe a le esi. A re tsibogela seo jaaka Jesu a ne a dira, re obamela Jehofa fela? Fa re dira jalo, re tla diragalelwa ke se se neng sa diragalela Jesu. Pego ya ga Mathaio ya re: “Foo Diabolo a mo tlogela.” (Mathaio 4:11) Satane o tla re tlogela fa re mo ganetsa ka nitamo ka go gopola melaometheo e e tshwanetseng ya Baebele re bo re e dirisa. Morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “Ganetsang Diabolo, mme o tla lo tshaba.” (Jakobe 4:7) Mokeresete mongwe o ne a kwalela ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Fora a re: “Ruri Satane ke leferefere. Le fa ke na le maitlhomo a mantle, ke fitlhela go le thata go laola maikutlo le dikeletso tsa me. Le fa go ntse jalo, ke ile ka kgona go boloka bothokgami jwa me le go ngaparela boammaaruri ka ntlha ya bopelokgale le bopelotelele mme mo godimo ga tsotlhe ka ntlha ya thuso ya ga Jehofa.”

Re Tlhomeletswe ka Botlalo go Ganetsa Diabolo

18. Ke seaparo sefe sa semoya sa tlhabano se se re tlhomelelang go ganetsa Diabolo?

18 Jehofa o re neile seaparo sa semoya se se feletseng sa tlhabano gore re kgone ‘go ema re nitame kgatlhanong le maano a boferefere a ga Diabolo.’ (Baefeso 6:11-18) Lorato lo re ratang boammaaruri ka lone lo tla gatlha lotheka lwa rona, kgotsa lwa re thusa go ipaakanyetsa tiro ya Bokeresete. Go ititaya sehuba ga rona gore re tla latela melao ya ga Jehofa e e siameng go tla nna jaaka seiphemelo sa sehuba se se sireletsang pelo ya rona. Fa dinao tsa rona di rwele dikgang tse di molemo, re tla nna le seabe ka metlha mo tirong ya go rera, mme seno se tla re nonotsha le go re sireletsa semoyeng. Tumelo ya rona e e nonofileng e tla nna jaaka thebe e kgolo, e e re sireletsang mo ‘dibetseng tse di konopiwang tse di fisang tsa yo o boikepo,’ e leng ditlhaselo le dithaelo tsa gagwe tse di boferefere. Tsholofelo ya rona e e nitameng ya gore Jehofa o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe e tla nna jaaka tlhoro ya phemelo e e sireletsang bokgoni jwa rona jwa go akanya le go dira gore re nne le mogopolo o o ritibetseng. (Bafilipi 4:7) Fa re dirisa Lefoko la Modimo ka botswerere, le tla nna jaaka tšhaka e e re thusang go golola batho mo botshwareng jwa semoya jwa ga Satane. Gape re ka le dirisa go iphemela, fela jaaka Jesu a ne a dira fa a raelwa.

19. Re tshwanetse ra dira eng gape mo godimo ga go ‘ganetsa Diabolo’?

19 Fa re nna re apere ‘diaparo tseno tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong’ re bo re nna re rapela re sa kgaotse, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re sireletsa fa Satane a re tlhasela. (Johane 17:15; 1 Bakorintha 10:13) Le fa go ntse jalo, Jakobe o ne a bontsha gore go ‘ganetsa Diabolo’ ga go a lekana. Selo se sengwe se re tshwanetseng ra se dira e bile se le botlhokwa go feta dilo tse dingwe tsotlhe ke go ‘ipaya mo taolong ya Modimo,’ yo o amegang ka rona. (Jakobe 4:7, 8) Setlhogo se se latelang se tla bontsha kafa re ka dirang seno ka gone.

O ka Araba Jang?

• Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tshwanetse go tila dirai dife tsa ga Satane?

• Gompieno Satane o dirisa maano afe a boferefere go leka go raela batlhanka ba ga Jehofa?

• Jesu o ne a ganetsa dithaelo tsa ga Diabolo jang?

• Ke seaparo sefe sa semoya sa tlhabano se se re thusang go ganetsa Diabolo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Jesu o ne a ganetsa Diabolo a nitame

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba gana boitlosobodutu jo bo tletseng thubakanyo le boitsholo jo bo sa siamang

[Motswedi wa Setshwantsho]

The Complete Encyclopedia of Illustration/J. G. Heck