Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Satane—A ke Tlhamane Kgotsa Motho wa Mmatota yo o Bosula?

Satane—A ke Tlhamane Kgotsa Motho wa Mmatota yo o Bosula?

Satane—A ke Tlhamane Kgotsa Motho wa Mmatota yo o Bosula?

O TLOGA mo metlheng ya bogologolo batho ba ba akanyang ba ntse ba kgatlhiwa ke kgang ya gore bosula bo tswa kae. A Dictionary of the Bible, e e kwadilweng ke James Hastings e bolela jaana: “Fa motho a simolola go akanya ka maemo a a mo dikologileng o ne a iphitlhela a lebane le meya e a neng a sa kgone go e laola, e e neng e na le tlhotlheletso e e kotsi kgotsa e e senyang.” Yone buka eo gape ya re: “Batho ba bogologolo ka tlholego fela ba ne ba senka dilo tse di bakang maemo a a rileng, e bile ba ne ba tlhalosa gore meya le dilo tse dingwe tsa masaitseweng mo tlholegong ke batho.”

Go ya ka bakwalahisitori, go tloga fela kwa tshimologong ya hisitori ya Mesopotamia, batho ba ntse ba dumela gore go na le madimona a e leng medimo le gore go na le meya e e bosula. Bababelona ba bogologolo ba ne ba dumela gore lefatshe la masaitseweng kgotsa “lefatshe le motho a ka se boeng kwa go lone,” le ne le okametswe ke Neregale, modimo yo o ratang thubakanyo yo o bidiwang “mofisi.” Gape ba ne ba boifa madimona, a ba neng ba leka go a reba bogale ka dipuo tsa maselamose. Go ya ka ditlhamane tsa Baegepeto, Set e ne e le modimo wa bosula, “yo o tlhalosiwang a na le dipopego tsa sebatana se se tshosang se se nang le nko e tshesane, e e kgopameng, ditsebe tse di tlhamaletseng tse di sekwere le mogatla o o thata o e keteng foroko.”—Larousse Encyclopedia of Mythology.

Le mororo Bagerika le Baroma ba ne ba na le medimo e e molemo le e e bosula, ba ne ba se na modimo yo o bosula yo o okametseng e mengwe. Bafilosofi ba bone ba ne ba ruta gore go na le dikgopolo tse pedi tse di ganetsanang. Empedocles o ne a ruta gore dikgopolo tseo ke Lorato le Kgotlhang. Plato o ne a re lefatshe le na le “Meya” e mebedi, o mongwe o baka molemo mme o mongwe o baka bosula. Jaaka Georges Minois a bolela mo bukeng ya gagwe ya Le Diable (Diabolo), “bodumedi jwa boheitane jwa metlha eo [jwa Gerika le Roma] bo ne bo sa dumele gore Diabolo o teng.”

Kwa Iran, Bo-Zoroaster bo ne bo ruta gore modimo yo mogolo e bong Ahura Mazda kgotsa Ormazd o ne a bopa Angra Mainyu kgotsa Ahriman, yo o neng a tlhopha go dira bosula mme ka jalo a nna Moya o o Senyang, kgotsa Mosenyi.

Mo Tumelong ya Sejuda, Satane o ne a tlhalosiwa ka tsela e e sa raraanang e le Mmaba wa Modimo yo o neng a tlisa boleo. Mme morago ga makgolo a le mantsi a dingwaga, tumelo eo e ne ya kgotlelwa ke dikgopolo tsa boheitane. Encyclopaedia Judaica e bolela jaana: “Go ne go diragetse phetogo e kgolo . . . mo lekgolong la bofelo la dingwaga B.C.E. Mo nakong eno bodumedi [jwa Sejuda] . . . bo ne jwa amogela mekgwa e mentsi ya tumelo ya gore go na le dikgopolo tse pedi tse di ganetsanang e mo go yone Modimo le meya ya bomolemo le boammaaruri e neng e ganediwa mo lefatsheng le kwa legodimong ke meya e e nonofileng ya bosula le tsietso. Go lebega seno se ne se tlhotlhelediwa ke bodumedi jwa kwa Peresia.” The Concise Jewish Encyclopedia e bolela jaana: “Batho ba ne ba ka itshireletsa mo [madimoneng] ka go latela melao le go dirisa dipheko.”

Thutabodumedi ya Bakeresete ba Batlhanogi

Fela jaaka Tumelo ya Sejuda e ne ya amogela dikgopolo tse di seyong mo Baebeleng malebana le Satane le madimona, Bakeresete ba batlhanogi ba ne ba atolosa dikgopolo tse e seng tsa Dikwalo. The Anchor Bible Dictionary e bolela jaana: “Nngwe ya dikgopolo tse di feteletseng thata tsa thutabodumedi ya bogologolo ke gore Modimo o ne a rekolola batho ba gagwe ka go duela Satane gore a ba golole.” Kgopolo eno e ne ya simololwa ke Irenaeus (wa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E.) E ne ya atolosiwa ke Origen (wa lekgolo la boraro la dingwaga C.E.), yo o neng a bolela gore “batho e ne e le ba ga diabolo ka fa molaong” mme o ne a tsaya “loso lwa ga Keresete . . . e le thekololo e e neng e duelwa diabolo.”—History of Dogma, e e kwadilweng ke Adolf Harnack.

Go ya ka The Catholic Encyclopedia, “mo e ka nnang ka lobaka lwa dingwaga di le sekete [kgopolo ya gore thekololo e ne e duelwa Diabolo] e ne ya nna le seabe se segolo mo hisitoring ya thutabodumedi” mme e ne ya tswelela pele e le sengwe sa dilo tse kereke e di dumelang. Borara ba bangwe ba Kereke, go akaretsa Augustine (wa lekgolo la bonè le la botlhano la dingwaga C.E.), ba ne ba amogela kgopolo eno ya gore thekololo e duetswe Satane. La bofelo, ka lekgolo la bo12 la dingwaga C.E., baithutabodumedi ba Katoliki e bong Anselm le Abelard ba ne ba konela ka gore setlhabelo sa ga Keresete se ne se iseditswe Modimo e seng Satane.

Tumelobotlhodi ya Metlha ya Bogare

Le mororo bontsi jwa makgotla a Kereke ya Katoliki a ile a se ka a bua sepe ka ga Satane, ka 1215 C.E., Lekgotla la Bonè la Lateran le ne la bolela se New Catholic Encyclopedia e se bitsang “polelo e e masisi ya tumelo.” Molao wa Kereke 1 o bolela jaana: “Diabolo le madimona a mangwe ba ne ba bopilwe ke Modimo ba le molemo ka tlholego, mme ba ne ba nna bosula ka bogabone fela.” E oketsa ka gore ba leka ka natla go raela batho. Kgopolo eno e ne ya tshwenya megopolo ya batho ba le bantsi mo Metlheng ya Bogare. Sengwe le sengwe se se neng se lebega se sa tlwaelega, jaaka bolwetse jo bo sa itseweng, loso lwa tshoganyetso kgotsa thobo e e sa kgotsofatseng, se ne se tsewa se bakilwe ke Satane. Ka 1233 C.E., Mopapa Gregory IX o ne a kwala dikwalo di le dintsi tsa semolao kgatlhanong le bakgelogi, go akaretsa lo longwe lo lo neng lo le kgatlhanong le Balusifa, ba go neng go twe ba obamela Diabolo.

Go ise go ye kae, tumelo ya gore Diabolo kgotsa madimona a gagwe a ka tlhotlheletsa batho e ne ya dira gore batho ba le bantsi ba nne le poifo—poifo e e feteletseng ya go boifa boloi. Go tloga ka lekgolo la bo13 go ya go la bo17 la dingwaga, poifo ya baloi e ne ya anama ka tshoganetso go ralala Yuropa mme ya fitlha kwa Amerika Bokone ka batho ba Yuropa ba ba neng ba dira dinaga tse dingwe dikolone. Tota le badiradiphetogo ba Baporotesetanta e bong Martin Luther le John Calvin ba ne ba dumelela matsholo a go tsoma baloi. Kwa Yuropa, Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Bokgelogi le dikgotlatshekelo tse di tlwaelegileng di ne di sekisa batho ba go tweng ke baloi mme seo e le magatwe fela kgotsa dipuo tsa batho ba ba batlang go senya ba bangwe leina. Gantsi batho ba ne ba tlhokofadiwa gore ba ipolele melato mme tota ba se molato.

Batho ba ba bonweng molato ba ne ba ka atlholelwa go bolawa ka go fisiwa kgotsa fa e le kwa Engelane le Scotland, ka go kgwagediwa. Malebana le palo ya ba ba bolailweng, The World Book Encyclopedia e bolela jaana: “Go ya ka bakwalahisitori bangwe, go tloga ka 1484 go ya go 1782, kereke ya Bokeresete e ne ya bolaya basadi ba ka nna 300 000 e ba bolaela boloi.” Fa e le gore Satane ke ene yo o bakileng masetlapelo ano a metlha ya bogare, o ne a dirisa bomang—batho bano ba ba bolailweng kgotsa babogisi ba bone ba bodumedi ba ba neng ba feteletsa dilo?

Se Gone Jaanong se Dumelwang Kana se sa Dumelweng

Mo lekgolong la bo18 la dingwaga go ne ga tlhaga tsela e nngwe ya go akanya ka go baya mabaka e e bidiwang Tshedifalelo. Encyclopædia Britannica e bolela jaana: “Filosofi le thutabodumedi ya Tshedifalelo e ne ya leka go tlosa diabolo mo kakanyong ya Bokeresete e bolela gore o tswa mo ditlhamaneng tse di ikakanyeditsweng tsa Metlha ya Bogare.” Kereke ya Katoliki ya Roma e ne ya tsibogela seo mme kwa Lekgotleng la Ntlha la Vatican (1869-70) e ne ya tlhomamisa bosha tumelo ya gore Satane Diabolo o teng, mme ya boeletsa seno ka go etsaetsega kwa Lekgotleng la Bobedi la Vatican (1962-65).

Jaaka fa New Catholic Encyclopedia e dumela, ka fa molaong, “Kereke e dumela mo baengeleng le mo madimoneng.” Le fa go ntse jalo, Théo, e leng bukantswe ya Sefora ya Bokatoliki, e bolela gore “Bakeresete ba le bantsi gompieno ga ba batle go dumela gore bosula jo bo mo lefatsheng bo bakwa ke diabolo.” Mo dingwageng tsa bosheng jaana baithutabodumedi ba Katoliki ba ntse ba le kelotlhoko thata, ba eme fa gare malebana le thuto ya Katoliki le dikakanyo tsa segompieno. Encyclopædia Britannica e bolela jaana: “Thutabodumedi ya Bokeresete e e se nang dithibelo e na le go tsaya se Baebele e se buang ka ga Satane e le ‘puo ya tshwantshetso’ e e sa tshwanelang go tsewa jaaka e ntse mme e tsewe e le maiteko a go dirisa ditlhamane go tlhalosa gore bosula bo teng mo lobopong le gore bo teng ka selekanyo se se kana kang.” Buka yone eno e bolela jaana malebana le Baporotesetanta: “Boporotesetanta jwa motlha wa gompieno jo bo se nang dithibelo bo na le go bona go sa tlhokege gore batho ba dumele fa go na le diabolo yo e leng motho.” A mme Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse ba tsaya gore se Baebele e se buang ka ga Satane ke “puo ya tshwantshetso” fela?

Se Dikwalo di se Rutang

Filosofi ya batho le thutabodumedi ga di a tlhalosa sepe se se botoka malebana le kwa bosula bo tswang teng go feta se se tlhalosiwang ke Baebele. Se Dikwalo di se bolelang malebana le Satane se botlhokwa gore re tlhaloganye matso a bosula le pogo ya batho mmogo le gore ke ka ntlha yang fa go direga thubakanyo e e boitshegang jaana ngwaga le ngwaga.

Bangwe ba ka nna ba botsa jaana: ‘Fa e le gore Modimo ke Mmopi yo o molemo le yo o lorato, o ne a ka bopa jang sebopiwa sa moya se se boikepo jaaka Satane?’ Baebele e bolela molaomotheo wa gore ditiro tsotlhe tsa ga Jehofa Modimo di itekanetse le gore dibopiwa tsotlhe tsa gagwe tse di botlhale di kgona go itlhophela se di se batlang. (Duteronome 30:19; 32:4; Joshua 24:15; 1 Dikgosi 18:21) Ka gone, motho wa moya yo o neng a nna Satane o tshwanetse a bo a bopilwe a itekanetse mme a tswa mo tseleng ya boammaaruri le tshiamo ka bogagagwe.—Johane 8:44; Jakobe 1:14, 15.

Tsela ya ga Satane ya botsuolodi e tshwana ka ditsela di le dintsi le ya “kgosi ya Ture,” yo o tlhalosiwang ka tsela ya poko a le “bontle jo bo itekanetseng” e bile a ‘se na molato mo ditseleng tsa gagwe go tloga mo letsatsing la go bopiwa ga gagwe go fitlha tshiamololo e fitlhelwa mo go ene.’ (Esekiele 28:11-19) Satane o ne a sa lwele bogolo jwa ga Jehofa kgotsa gore ke Mmopi. Tota Satane o ne a ka dira jalo jang, e re ka a ne a bopilwe ke Modimo? Le fa go ntse jalo, gone Satane o ne a gwetlha tsela e Jehofa a neng a dirisa bolaodi jwa gagwe ka yone. Kwa tshimong ya Edene, Satane o ne a kaya gore Modimo o ne a tima banyalani ba ntlha ba batho sengwe se ba neng ba na le tshwanelo ya sone e bile ba se tlhoka gore ba tshele sentle. (Genesise 3:1-5) O ne a kgona go dira gore Adame le Efa ba tsuologele bolaodi jwa ga Jehofa jo bo siameng mme a tlisetsa bone le bana ba bone boleo le loso. (Genesise 3:6-19; Baroma 5:12) Ka gone, Baebele e bontsha gore Satane ke ene yo tota a bakang go boga ga batho.

Nako nngwe pele ga Morwalela, baengele ba bangwe ba ne ba kopanela le Satane mo botsuoloding jwa gagwe. Ba ne ba ikapesa mebele ya batho gore ba kgotsofatse dikeletso tsa bone tsa go tlhakanela dikobo le bomorwadia batho. (Genesise 6:1-4) Ka Morwalela, baengele bano ba batlhanogi ba ne ba boela kwa lefelong la moya mme e seng kwa ‘boemong jwa bone jwa kwa tshimologong’ jwa go nna le Modimo kwa legodimong. (Jude 6) Ba ne ba digelwa kwa seemong se se kwa tlase sa lefifi le legolo la semoya. (1 Petere 3:19, 20; 2 Petere 2:4) Ba ne ba nna madimona, ba sa tlhole ba direla ka fa tlase ga bolaodi jwa ga Jehofa mme ba tshela mo taolong ya ga Satane. Le fa go lebega madimona a sa tlhole a kgona go ikapesa mebele ya batho, a sa ntse a ka tlhotlheletsa megopolo le matshelo a batho fela thata, mme kwantle ga pelaelo ke one a bakang thubakanyo e ntsi e re e bonang gompieno.—Mathaio 12:43-45; Luke 8:27-33.

Bofelo Jwa Puso ya ga Satane bo Gaufi

Go bonala sentle gore meya e e bosula e tlhotlheletsa batho mo lefatsheng gompieno. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.”—1 Johane 5:19.

Le fa go ntse jalo, boporofeti jo bo diragaditsweng jwa Baebele bo bontsha gore Diabolo o gakatsa mathata a lefatshe ka gonne o itse gore o saletswe ke “lobaka lo lokhutshwane lwa nako” gore a ka fudua lefatshe pele a golegwa. (Tshenolo 12:7-12; 20:1-3) Fa puso ya ga Satane e fela go tla tla lefatshe le lesha la tshiamo le mo go lone dikeledi, loso le botlhoko di ‘tla bong di seyo.’ Go tswa foo, thato ya Modimo e tla “dirwa mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.”—Tshenolo 21:1-4; Mathaio 6:10, New International Version.

[Ditshwantsho mo go tsebe 4]

Bababelona ba ne ba dumela mo go Neregale (ka fa thoko mo molemeng), modimo yo o ratang thubakanyo; Plato (ka fa molemeng) o ne a dumela gore go na le “Meya” e mebedi e e ganetsanang

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Cylinder: Musée du Louvre, Paris; Plato: National Archaeological Museum, Athens, Greece

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Irenaeus, Origen le Augustine ba ne ba ruta gore thekololo e ne e duetswe Diabolo

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Origen: Culver Pictures; Augustine: From the book Great Men and Famous Women

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Go boifa baloi go ne ga felela ka gore go bolawe batho ba le dikete di le makgolo a le mantsi

[Motswedi wa Setshwantsho]

From the book Bildersaal deutscher Geschichte