Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baitlhaodi ba Bakeresete mo Metlheng ya Bofelo

Baitlhaodi ba Bakeresete mo Metlheng ya Bofelo

Baitlhaodi ba Bakeresete mo Metlheng ya Bofelo

“Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.”—JOHANE 17:16.

1, 2. Jesu o ne a reng malebana le tsela e balatedi ba gagwe ba amanang le lefatshe ka yone, mme mafoko a gagwe a tsosa dipotso dife?

JESU o ne a rapela thapelo e telele barutwa ba gagwe ba mo reeditse mo bosigong jwa bofelo jwa botshelo jwa gagwe e le motho yo o itekanetseng. Mo thapelong eo, o ne a bua sengwe se se tlhalosang matshelo a Bakeresete botlhe ba boammaaruri. O ne a bua jaana ka balatedi ba gagwe: “Ke ba neile lefoko la gago, mme lefatshe le ba tlhoile, ka gonne ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe. Ke a go kopa, e seng gore o ba ntshe mo lefatsheng, fa e se gore o ba tlhokomele ka ntlha ya yo o boikepo. Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.”—Johane 17:14-16.

2 Jesu o ne a bolela ka makgetlho a le mabedi gore balatedi ba gagwe ba ne ba se kitla ba nna karolo ya lefatshe. Mo godimo ga moo, go itlhaola gono ga bone go ne go tla felela ka mathata—lefatshe le ne le tla ba tlhoa. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ne ba sa tlhoke go boifa; Jehofa o ne a tla ba sireletsa. (Diane 18:10; Mathaio 24:9, 13) Ka ntlha ya mafoko a ga Jesu, re ka nna ra botsa jaana: ‘Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba boammaaruri ba se karolo ya lefatshe? Go se nne karolo ya lefatshe go kayang? Fa e le gore lefatshe le tlhoile Bakeresete, bone ba leba lefatshe jang? Mme segolobogolo ba leba dipuso tsa lefatshe jang?’ Dikarabo tse di tswang mo Dikwalong tsa dipotso tseno di botlhokwa ka gonne di re ama rotlhe.

“Re Tswa mo Modimong”

3. (a) Ke eng se se dirang gore re se nne karolo ya lefatshe? (b) Ke eng se se supang gore lefatshe le “mo maatleng a yo o boikepo”?

3 Lebaka lengwe la go bo re se karolo ya lefatshe ke gore re na le kamano e e gaufi le Jehofa. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Re a itse gore re tswa mo Modimong, mme lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) Go bonala sentle gore mafoko a ga Johane malebana le lefatshe a boammaaruri. Go anama mo go kana kana gompieno ga dintwa, thubakanyo, bosetlhogo, kgatelelo, go se ikanyege le boitsholo jo bo sa siamang go supa gore Satane ke ene a tlhotlheletsang dilo, e seng Modimo. (Johane 12:31; 2 Bakorintha 4:4; Baefeso 6:12) Fa motho e nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ga a kitla a dira kgotsa a amogela dilo tseno tse di sa siamang, mme seo se dira gore a se ka a nna karolo ya lefatshe.—Baroma 12:2; 13:12-14; 1 Bakorintha 6:9-11; 1 Johane 3:10-12.

4. Re bontsha ka ditsela dife gore re ba ga Jehofa?

4 Johane o ne a bolela gore Bakeresete ba farologane le lefatshe ka gonne ‘ba tswa mo Modimong.’ Batho botlhe ba ba ineelang mo go Jehofa ke ba gagwe. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Fa re tshela, re tshelela Jehofa, mme fa re swa, re swela Jehofa. Jalo fa re tshela le fa re swa, re ba ga Jehofa.” (Baroma 14:8; Pesalema 116:15) E re ka re le ba ga Jehofa, re obamela ene fela. (Ekesodo 20:4-6) Ka gone, Mokeresete wa boammaaruri ga a ineele mo mokgeleng mongwe wa lefatshe. Le fa a tlotla ditshwantshetso tsa setšhaba, ga a di obamele, e ka tswa e le ka ditiro kgotsa ka maikutlo. Ga go pelaelo gore ga a obamele bagaka ba tsa metshameko kgotsa medingwana e mengwe ya segompieno. Gone ke boammaaruri gore o tlotla tshwanelo e ba bangwe ba nang le yone ya go dira jaaka ba batla, mme o obamela Mmopi fela. (Mathaio 4:10; Tshenolo 19:10) Seno le sone se dira gore a se ka a nna karolo ya lefatshe.

“Bogosi Jwa Me ga Se Karolo ya Lefatshe Leno”

5, 6. Go ikobela Bogosi Jwa Modimo go dira gore re se nne karolo ya lefatshe jang?

5 Bakeresete ke balatedi ba ga Keresete Jesu e bile ke babusiwa ba Bogosi Jwa Modimo, se le sone se dirang gore ba se nne karolo ya lefatshe. Fa Jesu a ne a sekisiwa fa pele ga Ponto Pilato, o ne a re: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno. Fa bogosi jwa me e ne e le karolo ya lefatshe leno, batlhokomedi ba me ba ka bo ba tlhabane gore ke se ka ka neelwa Bajuda. Mme, kafa go ntseng ka gone, bogosi jwa me ga bo tswe mo motsweding ono.” (Johane 18:36) Jehofa o tla dirisa Bogosi go dira gore leina la gagwe le itshepisiwe, bolaodi jwa gagwe bo tlotlomadiwe le gore thato ya gagwe e dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong. (Mathaio 6:9, 10) Jesu o ne a rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo bodireding jotlhe jwa gagwe mme o ne a bolela gore balatedi ba gagwe ba ne ba tla bolela ka jone go fitlha fela kwa bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo. (Mathaio 4:23; 24:14) Ka 1914 mafoko ano a boporofeti a Tshenolo 11:15 a ne a diragadiwa: “Bogosi jwa lefatshe bo fetogile bogosi jwa Morena wa rona le jwa ga Keresete wa gagwe, mme o tla busa e le kgosi ka bosaengkae le go ya go ile.” Go ise go ye kae, Bogosi joo jwa selegodimo e tla bo e le jone fela bo busang batho. (Daniele 2:44) Go na le nako e tota le babusi ba lefatshe ba tla patelesegang go amogela gore ke jone jo bo laolang.—Pesalema 2:6-12.

6 E re ka Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba itse seo sotlhe, ke babusiwa ba Bogosi Jwa Modimo mme ba latela kgakololo ya ga Jesu ya gore ‘ba batle pele bogosi le tshiamo ya Modimo.’ (Mathaio 6:33) Seno ga se reye gore ga ba ikanyege mo nageng e ba tshelang mo go yone, mme gone se raya gore ga ba karolo ya lefatshe ka tsela ya semoya. Fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, tiro ya konokono ya Bakeresete gompieno ke go “naya bosupi ka botlalo kaga bogosi jwa Modimo.” (Ditiro 28:23) Ga go na puso epe ya motho e e nang le tshwanelo ya go kgoreletsa tiro eno e ba e neilweng ke Modimo.

7. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba boammaaruri ba sa tseye letlhakore, mme ba bontshitse seo jang?

7 Basupi ba ga Jehofa ba ile ba nna ba sa tseye letlhakore mo dintweng tsa merafe le tsa ditšhabatšhaba tsa lekgolo la bo20 le la bo21 la dingwaga ka gonne ke ba ga Jehofa, ke balatedi ba ga Jesu e bile ke babusiwa ba Bogosi Jwa Modimo. Ga ba a ka ba tlhopha go ema le letlhakore lepe, ga ba a ka ba tlhabana le ope, mme ga ba a ka ba anamisa dikgopolo dipe go tshegetsa letlhakore lepe fela mo lefatsheng. Ba ile ba latela melaometheo eno e e neng ya bolelelwa babusi ba Banasi ba kwa Jeremane ka 1934, ba bontsha tumelo ka tsela e e gakgamatsang le fa go ne go na le kganetso e e neng e lebega e ka ba fekeetsa: “Ga re kgatlhegele ka gope dilo tse di amanang le dipolotiki, mme re ineetse gotlhelele mo bogosing jwa Modimo ka Keresete e le Kgosi. Ga re kitla re gobatsa le fa e le go utlwisa ope botlhoko. Re eletsa go nna ka kagiso le go direla batho botlhe molemo fa re bona sebaka sa go dira jalo.”

Baemedi le Barongwa ba ga Keresete

8, 9. Basupi ba ga Jehofa gompieno ke baemedi le barongwa ka tsela efe, mme seno se ama jang kamano ya bone le ditšhaba?

8 Paulo o ne a tlhalosa gore ene le Bakeresete ka ene ba ba tloditsweng ke “baemedi ba ba emetseng Keresete, jaaka e kete Modimo o rapela ka rona.” (2 Bakorintha 5:20; Baefeso 6:20) Fa e sa le ka 1914, Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya ba ka tlhalosiwa sentle e le baemedi ba Bogosi Jwa Modimo, jo ba leng “bana” ba jone. (Mathaio 13:38; Bafilipi 3:20; Tshenolo 5:9, 10) Mo godimo ga moo, Jehofa o ntshitse “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku tse dingwe” mo merafeng, Bakeresete ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng, gore ba tshegetse barwa ba ba tloditsweng mo tirong ya bone ya go nna baemedi. (Tshenolo 7:9; Johane 10:16) Bano ba “dinku tse dingwe” ba ka tlhalosiwa e le “barongwa” ba Bogosi Jwa Modimo.

9 Moemedi le badiri ka ene ga ba itshunye mo dikgannyeng tsa naga e ba direlang kwa go yone. Bakeresete le bone fela jalo ga ba tseye letlhakore mo dikgannyeng tsa dipolotiki tsa ditšhaba tsa lefatshe. Ga ba tshegetse le fa e le go nna kgatlhanong le setlhopha sepe sa morafe, sa setso, sa loago kgotsa sa ikonomi. (Ditiro 10:34, 35) Go na le moo, ba ‘dira se se molemo mo go botlhe.’ (Bagalatia 6:10) Go se tseye letlhakore ga Basupi ba ga Jehofa go raya gore ga go na ope yo o ka nnang le lebaka le le utlwalang la go gana molaetsa wa bone a re ba amana le lekgamu le lengwe la matlhakore a a lwang a lotso, setšhaba kgotsa morafe.

Ba Lemogiwa ka Lorato

10. Lorato lo botlhokwa go le kana kang mo Mokereseteng?

10 Mo godimo ga se se setseng se tlhalositswe, Bakeresete ga ba tseye letlhakore mo dikgannyeng tsa lefatshe ka ntlha ya kamano e ba nang le yone le Bakeresete ba bangwe. Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Lorato lwa bokaulengwe ke selo sa botlhokwa mo Mokereseteng. (1 Johane 3:14) Mokeresete o na le kamano e e gaufiufi le Bakeresete ba bangwe mme kamano eno e tsamaisana le e a nang le yone le Jehofa le Jesu. Lorato lwa gagwe ga lo felele mo malokong a phuthego ya gagabo fela. Lo akaretsa “bakaulengwe botlhe ba [gagwe] mo lefatsheng.”—1 Petere 5:9.

11. Lorato lo Basupi ba ga Jehofa ba ratanang ka lone lo amile boitshwaro jwa bone jang?

11 Gompieno Basupi ba ga Jehofa ba bontsha lorato lwa bone lwa bokaulengwe ka go diragatsa mafoko ano a Isaia 2:4: “Ba tla thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang. Setšhaba ga se kitla se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka, le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.” E re ka Bakeresete ba boammaaruri ba rutiwa ke Jehofa, ba tshela mmogo ka kagiso e bile ba na le kagiso le Modimo. (Isaia 54:13) Ka gonne ba rata Modimo le bakaulengwe ba bone, go ka se direge gore ba tlhabane le Bakeresete ka bone—kgotsa le ope fela—kwa dinageng tse dingwe. Kagiso ya bone le kutlwano ke karolo ya botlhokwa ya kobamelo ya bone, e bontsha gore ruri ba na le moya wa Modimo. (Pesalema 133:1; Mika 2:12; Mathaio 22:37-39; Bakolosa 3:14) Ba ‘senka kagiso ba bo ba e latelela,’ ba itse gore “matlho a ga Jehofa a mo basiaming.”—Pesalema 34:14, 15.

Kafa Bakeresete ba Lebang Lefatshe ka Gone

12. Basupi ba ga Jehofa ba etsa boikutlo bofe jo Jehofa a nang le jone ka lefatshe mme ba dira seo jang?

12 Jehofa o boletse gore lefatshe leno le tlelwa ke katlholo e e botlhoko, mme ga a ise a atlhole batho botlhe mo lefatsheng. O tla dira jalo a dirisa Jesu ka nako ya Gagwe e e tshwanetseng. (Pesalema 67:3, 4; Mathaio 25:31-46; 2 Petere 3:10) Fa nako eo e ise e tle, o bontsha batho lorato lo logolo. O ile a ba a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi gore mongwe le mongwe a kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 3:16) Rona Bakeresete, re etsa lorato lwa Modimo ka go bolelela ba bangwe ka dithulaganyo tsa Modimo tsa go re boloka, le fa gantsi maiteko a rona a ganediwa.

13. Re tshwanetse go leba babusi ba lefatshe jang?

13 Re tshwanetse go leba babusi ba lefatshe leno jang? Paulo o ne a araba potso eo fa a ne a kwala jaana: “A moya mongwe le mongwe o nne mo taolong ya balaodi ba bagolo, gonne ga go na taolo epe fa e se ka Modimo; balaodi ba ba leng gone ba eme ba tlhomilwe ke Modimo mo maemong a bone a a lekanyeditsweng.” (Baroma 13:1, 2) Batho ba na le maemo a a “lekanyeditsweng” a taolo (a ka boone a fetafetanang mme ka dinako tsotlhe a le kwa tlase ga a ga Jehofa) ka gonne Mothatayotlhe o ba letla go nna le one. Mokeresete o ikobela balaodi ba lefatshe ka gonne eo ke tsela nngwe ya go bontsha gore o utlwa Jehofa. Le fa go ntse jalo, go tweng fa se puso ya batho e se batlang se thulana le melao ya Modimo?

Molao wa Modimo Le wa Ga Kaesara

14, 15. (a) Daniele o ne a kgona jang go tila bothata jo bo malebana le se a neng a tshwanetse go nna kutlo mo go sone? (b) Bahebera ba bararo ba ne ba tlhopha go dirang fa go nna le bothata jo ba neng ba ka se ka ba kgona go bo tila malebana le se ba tshwanetseng go nna kutlo mo go sone?

14 Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo ke sekai se se molemo sa ka fa re ka nnang tekatekano ka teng malebana le go ikobela dipuso tsa batho le go ikobela taolo ya Modimo. Fa makawana ano a manè a Bahebera a ne a le kwa botshwarwa kwa Babelona, ba ne ba ikobela melao ya naga eo mme go ise go ye kae ba ne ba tlhophiwa gore ba newe thapiso e e kgethegileng. E re ka Daniele a ne a lemoga gore thapiso eno e ne e ka nna ya thulana le Molao wa ga Jehofa, o ne a tlotla ka kgang eno le motlhankedi yo o ikarabelang. Seo se ne sa felela ka gore go dirwe dithulaganyo tse di kgethegileng go tlotla digakolodi tsa Bahebera ba banè bano. (Daniele 1:8-17) Basupi ba ga Jehofa ba latela sekao sa ga Daniele fa ba tlhalosetsa balaodibagolo ka botlhale gore seemo sa bone ke sefe gore go se ka ga nna le mathata a a sa tlhokegeng.

15 Le fa go ntse jalo, moragonyana go ne ga nna le bothata bongwe jo ba neng ba ka se ka ba kgona go bo tila malebana le se ba tshwanetseng go se ikobela. Kgosi ya Babelona e ne ya tlhoma setshwantsho se segolo sa modingwana mo lebaleng la Dura mme ya laela badiredibagolo, go akaretsa le batsamaisi ba dikgaolo tse di laolang, gore ba phuthegele go kgakolwa ga sone. Mo nakong eno, ditsala tse tharo tsa ga Daniele di ne di tlhomilwe go nna batsamaisi ba kgaolo e e laolang ya Babelona, ka jalo taelo eno e ne e ba ama. Nako nngwe fa thulaganyo e ntse e tsweletse, botlhe ba ba neng ba phuthegetse koo ba ne ba tshwanelwa ke go ikoba fa pele ga setshwantsho seno. Mme Bahebera bano ba ne ba itse gore go dira jalo go ne go tla thulana le molao wa Modimo. (Duteronome 5:8-10) Ka jalo fa batho botlhe ba ikoba, bone ba ne ba nna ba eme. Go se utlwe ga bone taelo ya kgosi go ne ga dira gore ba tsene mo kotsing ya gore ba ka bolawa ka tsela e e setlhogo, mme ba ne ba bolokiwa fela ka tsela ya kgakgamatso; le fa go ntse jalo, ba ne ba bona go le botoka gore ba ipeye mo kotsing ya go ka bolawa go na le gore ba se ka ba utlwa Jehofa.—Daniele 2:49–3:29.

16, 17. Baaposetoloi ba ne ba araba jang fa ba ne ba laelwa gore ba emise go rera, mme ke ka ntlha yang fa ba ne ba araba jalo?

16 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, baaposetoloi ba ga Jesu Keresete ba ne ba bilediwa fa pele ga baeteledipele ba Bajuda kwa Jerusalema mme ba laelwa gore ba tlogele go rera mo leineng la ga Jesu. Ba ne ba itshwara jang? Jesu o ne a ba laetse gore ba dire barutwa mo ditšhabeng tsotlhe, tse di neng di tla akaretsa le Judea. Gape o ne a ba boleletse gore ba nne basupi ba gagwe kwa Jerusalema le mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 28:19, 20; Ditiro 1:8) Baaposetoloi ba ne ba itse gore dilo tse Jesu a neng a ba laela tsone e ne e le se Modimo a ratang gore ba se dire. (Johane 5:30; 8:28) Ka jalo, ba ne ba re: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.”—Ditiro 4:19, 20; 5:29.

17 Baaposetoloi ba ne ba sa tsuologe ka go dira jalo. (Diane 24:21) Le fa go ntse jalo, fa babusi ba batho ba ne ba ba kganela go dira thato Modimo, ba ne ba ka re fela, ‘Re tshwanetse go utlwa Modimo, e seng batho.’ Jesu o ne a re re tshwanetse go ‘duela Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.’ (Mareko 12:17) Fa re tlola taelo ya Modimo ka go bo motho mongwe a re bolelela gore re dire jalo, re a bo re naya motho dilo tse e leng tsa Modimo. Mo boemong jwa go dira jalo, re duela Kaesara sengwe le sengwe se re tshwanetseng go se mo duela, mme re tlotla bolaodi jo bogolo jwa ga Jehofa. Ke ene Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe, Mmopi, one Motswedi wa bolaodi.—Tshenolo 4:11.

Re Tla Ema re Nitame

18, 19. Bakaulengwe ba rona ba bantsi ba ile ba tsaya boemo bofe jo bo molemo, mme re ka latela sekao sa bone jang?

18 Gompieno dipuso di le dintsi tsa batho di tlotla seemo sa Basupi ba ga Jehofa sa go sa tseye letlhakore, mme re itumelela seo. Le fa go ntse jalo, mo dinageng dingwe, Basupi ba ile ba lebana le kganetso e kgolo. Mo lekgolong lotlhe la bo20 la dingwaga le go fitlha jaanong, bangwe ba bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ile ba lwa ka natla, ba tlhabana ka tsela ya semoya “tlhabano e e molemo ya tumelo.”—1 Timotheo 6:12.

19 Re ka kgona jang go ema re nitame jaaka bone? Sa ntlha, re gakologelwa gore re tshwanetse go lebelela gore re tla ganediwa. Ga re a tshwanela go tshoga kana go gakgamala fa re lebane le kganetso. Paulo o ne a tlhagisa Timotheo jaana: “Botlhe ba ba eletsang go tshela ka boineelo jwa bomodimo ba le seoposengwe le Keresete Jesu le bone ba tla bogisiwa.” (2 Timotheo 3:12; 1 Petere 4:12) Mo lefatsheng le le laolwang ke tlhotlheletso ya ga Satane, tota ke eng se se ka dirang gore re se ka ra ganediwa? (Tshenolo 12:17) Fa fela re ikanyega, ka metlha go tla nna le bangwe ba ba ‘akabetseng e bile ba tswelela ba bua ka rona ka go re kgoba.’—1 Petere 4:4.

20. Re gakololwa ka boammaaruri bofe jo bo re nonotshang?

20 Sa bobedi, re tlhatswegile pelo gore Jehofa le baengele ba gagwe ba tla re tshegetsa. Fela jaaka Elisha wa bogologolo a ne a bolela, “ba ba nang le rona ba bantsi go feta ba ba nang le bone.” (2 Dikgosi 6:16; Pesalema 34:7) Gongwe Jehofa a ka tswa a letlelela gore baganetsi ba tswelele ba re gatelela ka nakwana, gore go diragadiwe boikaelelo bongwe jwa gagwe jo bo molemo. Le fa go ntse jalo, ka metlha o tla re naya nonofo e re e tlhokang gore re itshoke. (Isaia 41:9, 10) Bangwe ba ile ba bolawa, mme seo ga se re boifise. Jesu o ne a re: “Lo se ka lwa boifa ba ba bolayang mmele mme ba sa ka ke ba bolaya moya; mme go na le moo boifang yo o ka senyang moya le mmele mo Gehena.” (Mathaio 10:16-23, 28) Re “baagi ba nakwana” fela mo tsamaisong eno ya dilo. Re dirisa nako ya rona mo go yone gore re “tshware botshelo jwa mmatota ka thata,” botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha la Modimo. (1 Petere 2:11; 1 Timotheo 6:19) Ga go na motho ope yo o ka re amogang tuelo eo fa fela re nna re ikanyega mo Modimong.

21. Ke eng se re tshwanetseng go nna re se gakologetswe ka metlha?

21 Ka gone, a re gakologelweng kamano e e botlhokwatlhokwa e re nang le yone le Jehofa Modimo. E kete re ka nna re lebogela ka metlha melemo ya go nna balatedi ba ga Keresete le babusiwa ba Bogosi. A re rateng bakaulengwe ba rona ka pelo yotlhe, mme e kete re ka nna re itumelela lorato lo ba re lo bontshang. Mo godimo ga dilo tsotlhe, a re tseyeng tsia mafoko ano a mopesalema: “Solofela mo go Jehofa; nna pelokgale mme o letle pelo ya gago e nonofe. Ee, solofela mo go Jehofa.” (Pesalema 27:14; Isaia 54:17) Mme le rona, fela jaaka Bakeresete ba bantsintsi ba ba tlileng pele ga rona, re tla ema re nitame re na le tsholofelo e e tlhomameng—re le baitlhaodi ba Bakeresete ba ba seng karolo ya lefatshe.

A o Ka Tlhalosa?

• Kamano ya rona le Jehofa e dira jang gore re se nne karolo ya lefatshe leno?

• E re ka re le babusiwa ba Bogosi Jwa Modimo, re dira jang gore re nne re sa tseye letlhakore mo lefatsheng leno?

• Ke ka ditsela dife lorato lo re ratang bakaulengwe ba rona ka lone lo dirang gore re itlhaole mo lefatsheng le gore re se nne karolo ya lone?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Go ikobela ga rona Bogosi Jwa Modimo go ama jang tsela e re amanang le lefatshe ka yone?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Mohutu le Motutsi ba dira mmogo ka boitumelo

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Bakaulengwe ba Bakeresete ba Bajuda le ba Baaraba

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Bakeresete ba kwa Serbia, Bosnia le kwa Croatia ba ipelela go nna mmogo

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Ke eng se re tshwanetseng go se dira fa babusi ba re laela go tlola molao wa Modimo?