Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Diholo Tsa Bogosi di Bulegetse Mongwe le Mongwe

Diholo Tsa Bogosi di Bulegetse Mongwe le Mongwe

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Diholo Tsa Bogosi di Bulegetse Mongwe le Mongwe

FA Jesu Keresete a ne a thapisa barutwa ba gagwe gore ba dire bodiredi jwa phatlalatsa, o ne a ba kgothaletsa go ‘rera kwa godimo ga matlo.’ (Mathaio 10:27) Ee, ba ne ba tshwanetse go dira bodiredi jwa bone jwa Bokeresete phatlalatsa ba bonwa ke batho botlhe. Basupi ba ga Jehofa le bone ba dira tiro ya bone phatlalatsa, ba dirisa kgakololo eno. Go e dira phatlalatsa jalo go dirile gore Basupi ba fenye kganetso e bile go dirile gore ba lebiwe sentle.

Le mororo batho botlhe ba letleletswe go tla dipokanong tsa phuthego tsa Basupi ba ga Jehofa, tsela e ba tlhoilweng ka yone e dira gore batho bangwe ba tshabe go tsena mo Holong ya Bogosi. Go ntse jalo kwa Finland. Ba bangwe ba dirwa fela ke gore ba tshaba go ya kwa lefelong le ba sa le itseng. Gantsi fa go agiwa Holo e ntšha ya Bogosi kgotsa go ntšhafadiwa holo e e ntseng e le teng, go rulaganngwa gore go lalediwe baagelani gore ba tle go e bona. Go ka nna ga dirwa boiteko jo bo kgethegileng go laletsa baagelani gore ba etele kwa Holong ya Bogosi mme ba itlwaelanye le tiro ya Basupi ba ga Jehofa.

Mo lefelong lengwe, Basupi ba ne ba rulaganyetsa go tsamaisa dimakasine ka letsatsi le baagelani ba neng ba laleditswe ka lone go tla go bona Holo ya bone e ntšha ya Bogosi. Basupi ba babedi ba ne ba kopana le monnamogolo mongwe yo o neng a re o rata go bala dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Bakaulengwe bano ba ne ba mmolelela ka thulaganyo ya gore baagelani ba ye go bona Holo ya bone ya Bogosi mme ba ithaopela go mo isa teng. Monna yono o ne a re a ka itumelela go tsamaya le bone. Mosadi wa gagwe, yo o neng a ntse a reeditse fa ba tlotla, o ne a tlhaeletsa jaana, “Lo se ka lwa ntlogela!”

E ne ya re fa monna yono a tsena mo Holong ya Bogosi, o ne a lebaleba mo go yone mme a re: “Ga e ntsho le e seng. Holo eno e ntle e bile mmala wa yone o galotse tota. Ke ne ke boleletswe gore Holo eno ya Bogosi e tla bo e le ntsho!” Banyalani bano ba ne ba nna nakonyana moo mme ba kopa dibuka dingwe tse di neng di beilwe moo.

Phuthego nngwe e ne e batla go tsenya kitsiso mo lokwalodikgannyeng lwa mo lefelong leo go itsise ka go bulwa ga Holo ya bone ya Bogosi ka letsatsi la go neelwa ga yone. E ne ya re fa morulaganyi mogolo wa lokwalodikgang lono a utlwa ka tiragalo eo, o ne a akantsha gore go kwalwe setlhogo sengwe mabapi le kgang eno. Bakaulengwe ba ne ba dumela mme morago ga lobakanyana, go ne ga tlhaga setlhogo sa boleele jwa halofo ya tsebe mo lokwalodikgannyeng loo, se se neng se bua ka tiragalo eno e bile se tlhalosa tiro ya phuthego ya lefelo leo ya Basupi ba ga Jehofa.

Fa setlhogo seo se sena go gatisiwa, Mosupi mongwe yo o godileng o ne a kopana le moagelani mongwe yo o neng a mo raya a re: “Gompieno mo lokwalodikgannyeng go na le setlhogo se se kgatlhang thata se se buang ka Basupi ba ga Jehofa!” Kgaitsadi yoo o ne a kgona go mo rerela mme morago ga moo o ne a mo tsamaisetsa boroutšhara jwa Basupi ba ga Jehofa mo Lekgolong la Dingwaga la Masome a Mabedi.

Mo godimo ga gore dithulaganyo tse di tshwanang le tseno tsa go bontsha baagelani Holo e ntšha ya Bogosi le go e neela di tlose megopolo e e sa siamang e batho ba nang le yone ka Basupi ba ga Jehofa, gape di tlhotlheleditse baboledi ka go ba kgothaletsa go laletsa batho ba bantsi go nna teng mo dipokanong. Ee, mo dinageng tse dintsi, go akaretsa le kwa Finland, batho ba ithutile gore Diholo Tsa Bogosi tsa Basupi ba ga Jehofa di bulegetse batho botlhe.