Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A go betšhela madi a mannye go phoso?

Lefoko la Modimo ga le bue ka go betšha ka tlhamalalo, mme gone le bua mo go lekaneng go re bontsha gore go betšha ga go dumalane le melaometheo ya Baebele. * Ka sekai, go dumelwa thata gore go betšha go dira gore batho ba nne pelotshetlha. Seno ke sengwe se Bakeresete ba tshwanetseng go se akanyetsa thata, e re ka Baebele e re “batho ba ba bogagaru” ga ba kitla ba rua Bogosi jwa Modimo, mme go eletsa dilo ka bopelotshetlha go tshwana le kobamelo ya medingwana.—1 Bakorintha 6:9, 10; Bakolosa 3:5.

Gape go betšha go dira gore batho ba itseye ba le kwa godimo thata e bile ba nne le moya o o sa siamang wa go gaisana, le keletso e e nonofileng ya go fenya. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa ka dilo tse di ntseng jalo fa a ne a kwala jaana: “A re se ikgogomoseng, re gaisana, re fufegelana.” (Bagalatia 5:26) Gape, go betšha go dira gore batho ba bangwe ba dumele gore ba tla nna lesego. Batho ba ba betšhang ba dumela mo botlhoding jwa mefuta yotlhe, ba akanya gore seo se tla dira gore ba nne lesego. Ba re gopotsa Baiseraele ba ba sa ikanyegeng ba ba neng ba ‘rulaganyetsa modimo wa Masego tafole le ba ba tlaletsang modimo wa Bokamoso beine e e tlhakantsweng.’—Isaia 65:11.

Bangwe ba ka nna ba re go betšha ka madi a le mannye fa ba tshameka dikarata kgotsa ba tshameka morabaraba le ba losika kgotsa ditsala, ke boitlosobodutu fela jo bo seng kotsi. Ee, motho yo o betšhang ka madi a mannye a ka nna a bo a sa ipone a le pelotshetlha, a itseela kwa godimo thata, a rata go gaisana kgotsa a dumela mo botlhoding. Le fa go ntse jalo, go betšha ga gagwe go ka ama jang batho ba a betšhang le bone? Batho ba bantsi ba ba lemaletseng go betšha ba simolola ka go betšha ka madi a mannye e le ‘go itlosa bodutu fela.’ (Luke 16:10) Mo go bone, selo se se simologileng se lebega se se kotsi se ne sa felela ka masetlapelo.

Gantsi seno se diragalela bana. Bana ba le bantsi ba ne ba itumela fa ba fentse madi a mannye mme ba ile ba raelesega gore ba betšhele madi a mantsi. (1 Timotheo 6:10) Patlisiso e e neng ya gatisiwa kwa United States ke Lekgotla la Batho ba ba Lemaletseng go Betšha la Arizona, e tlhalosa gore batho ba le bantsi ba ba lemaletseng go betšha ba simolotse ba le bannye “ka go betšha madi a le mannye mo metshamekong kgotsa ka go tshameka dikarata le ditsala kgotsa ba losika.” Pego e nngwe ya re “bana ba simolola go betšha kwa gae, gantsi fa ba tshameka dikarata le ba malapa le ditsala.” Pego eo e oketsa ka gore “diperesente di le masomeamararo tsa bana ba ba betšhang ba simolotse go betšha pele ba nna le dingwaga di le lesomelebongwe.” Go ya ka patlisiso ya Why Do People Gamble Too Much—Pathological and Problem Gambling, basha ba le bantsi ba duelela go lemalela go betšha ga bone ka bokebekwa kgotsa ka go dira boitsholo jo bo sa siamang. Selo se pele se neng se lebega se se kotsi se felela se le kotsi!

E re ka re tshela mo lefatsheng le le setseng le na le dirai le dithaelo tse dintsi, a tota re tshwanetse go itsenya mo kotsing e nngwe go sa tlhokege? (Diane 27:12) Go betšha—go dirwa ke bana kgotsa bagolo, ka madi a mannye kgotsa a mantsi—go ka tsenya bomoya jwa motho mo kotsing, ka jalo go tshwanetse ga tilwa. Go botoka gore Bakeresete ba ba ratang go tshameka morabaraba kgotsa dikarata go itlosa bodutu, ba kwale fela gore ba tshamekile jang kgotsa ba tshameke fela go itlosa bodutu ba sa kwale gore ba tshamekile jang. Bakeresete ba ba botlhale ba ba amegileng ka bomoya jwa bone le jwa ditsala tsa bone le jwa malapa a bone, ba tila go betšha—le fa e le ka madi a le mannye fela.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 World Book Encyclopedia e tlhalosa go betšha e le “go betšha gore motshameko kana tiragalo e tla felela jang, kgotsa go iteka lesego.” Gape e tlhalosa gore “batho ba ba betšhang kgotsa batshameki gantsi ba betšha ka madi mo . . . metshamekong ya go iteka lesego e e tshwanang le dilothari, metshameko ya dikarata le mataese.”