Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa go Kopa Maitshwarelo go le Thata Jaana?

Ke Eng fa go Kopa Maitshwarelo go le Thata Jaana?

Ke Eng fa go Kopa Maitshwarelo go le Thata Jaana?

KA July 2000, Lekgotla le le Tlhomang Melao la Naga ya California kwa United States le ne la tlhoma molao o boikaelelo jwa one e neng e le go dira gore batho ba se ka ba bonwa molato fa ba utlwela botlhoko motho yo o gobetseng mo kotsing e ba neng ba amega mo go yone. Ke eng fa go ne go tlhomiwa molao oo? Go ne ga lemogiwa gore fa mongwe a gobala kgotsa go senyega sengwe mo kotsing, gantsi batho ba okaoka go kopa maitshwarelo e re ka ba boifa gore kwa kgotlatshekelong seo se ka tsewa e le go dumela molato. Ka fa letlhakoreng le lengwe, ba ba akanyang gore ba tshwanetse ba kopiwa maitshwarelo ka bonako ba ka kgopisega, mme kotsi e e seng ya sepe e ka fetoga kgotlhang e kgolo.

Gone ke boammaaruri gore ga o tlhoke go kopa maitshwarelo ka ntlha ya kotsi e e sa bakiwang ke wena. Mme ka dinako tse dingwe go ka nna botlhale gore o ele tlhoko se o se buang. Seane sengwe sa bogologolo sa re: “Ga go nke go tlhokega tlolo mo mafokong a mantsi, mme yo o thibang dipounama tsa gagwe o dira ka botlhale.” (Diane 10:19; 27:12) Le fa go ntse jalo, o ka nna le maitseo mme wa thusa.

A mme ga go boammaaruri gore batho ba le bantsi ga ba tlhole ba kopa maitshwarelo, tota le fa e le kgang e e sa ameng kgotlatshekelo? Kwa gae mosadi a ka bolela jaana ka khutsafalo, ‘Le ka motlha monna wa me ga a ke a kopa maitshwarelo.’ Kwa tirong foromane e ka ngongorega ka gore, ‘Batho ba ke ba thapileng ga ba ke ba dumela gore ba dirile diphoso, mme ke ka sewelo fela ba kopang maitshwarelo.’ Kwa sekolong morutabana a ka re, ‘Bana ga ba rutiwe gore ba re intshwarele.’

Lebaka lengwe la go bo motho a okaoka go kopa maitshwarelo e ka nna ya bo e le gore o tshaba go se amogelwe. E re ka a boifa go kgaphelwa kwa thoko, a ka nna a se ka a bontsha kafa tota a ikutlwang ka teng. Aitsane, motho yo o utlwisitsweng botlhoko a ka tila gotlhelele go kopana le motho yo o mo utlwisitseng botlhoko, a dira gore go nne thata gore ba agisane.

Lebaka le lengwe le le dirang gore bangwe ba okaoke go kopa maitshwarelo e ka nna gore ga ba amege ka maikutlo a batho ba bangwe. Ba ka nna ba akanya jaana, ‘Go kopa maitshwarelo ga go kitla go dirolola phoso e ke setseng ke e dirile.’ Ba bangwe bone ba okaoka go kopa maitshwarelo ka ntlha ya ditlamorago tse di ka nnang teng. Ba ipotsa jaana, ‘A ke tla pegwa molato ke bo ke kopiwa gore ke o duelele?’ Le fa go ntse jalo, selo se segolo se se kgoreletsang motho go dumela gore o dirile phoso ke boikgodiso. Motho yo o boikgodiso thata mo a sa kgoneng go re “Intshwarele” a ka tswa tota a re, ‘Ga ke batle go itlontlolola ka go dumela gore ke dirile phoso. Seo se ka nkisa kwa tlase.’

Le fa lebaka e ka tswa e le lefe, batho ba le bantsi ba fitlhela go le thata go kopa maitshwarelo. A mme tota go a tlhokega gore motho a kope maitshwarelo? Go kopa maitshwarelo go na le melemo efe?

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

“Bana ga ba rutiwe gore ba re intshwarele”

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

“Batho ba ke ba thapileng ga ba ke ba dumela gore ba dirile diphoso”

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

“Le ka motlha monna wa me ga a ke a kopa maitshwarelo”