Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bakeresete Ba a Tlhokana

Bakeresete Ba a Tlhokana

Bakeresete Ba a Tlhokana

“Re ditokololo tsa mongwe go yo mongwe.”—BAEFESO 4:25.

1. Saetlopedia nngwe ya reng malebana le mmele wa motho?

MMELE wa motho ke sengwe se se gakgamatsang mo popong! The World Book Encyclopedia e bolela jaana: “Ka dinako tse dingwe batho ba re mmele wa motho ke motšhine—motšhine o o molemo go gaisa yotlhe e e kileng ya dirwa. Gone ke boammaaruri gore mmele wa motho ga se motšhine. Mme o ka tshwantshiwa le one ka ditsela di le dintsi. Fela jaaka motšhine, mmele o na le dikarolo di le dintsi. Karolo nngwe le nngwe ya mmele e dira ditiro tse di rileng, fela jaaka karolo nngwe le nngwe ya motšhine. Le fa go ntse jalo, dikarolo tsotlhe di dira mmogo mme ka jalo di dira gore mmele kgotsa motšhine o tsamaye ka thelelo.”

2. Mmele wa motho o tshwana le phuthego ya Bokeresete ka tsela efe?

2 Ee, mmele wa motho o na le dikarolo kgotsa ditokololo di le dintsi mme nngwe le nngwe ya tsone e dira sengwe se se tlhokegang. Ga go na tshika, mosifa kgotsa tokololo epe ya mmele e e se nang mosola. Ka mo go tshwanang, leloko lengwe le lengwe la phuthego ya Bokeresete le ka thusa ka tsela nngwe gore phuthego e itekanele e bo e nne ntle semoyeng. (1 Bakorintha 12:14-26) Le fa go se leloko lepe mo phuthegong le le tshwanetseng go ikutlwa le gaisa a mangwe, ga go na ope yo o tshwanetseng go akanya gore ga a botlhokwa.—Baroma 12:3.

3. Baefeso 4:25 e bontsha jang gore Bakeresete ba a tlhokana?

3 Fela jaaka tokololo nngwe le nngwe ya mmele e ikaegile ka tse dingwe, Bakeresete le bone ba a tlhokana. Moaposetoloi Paulo o ne a raya badumedi ka ene ba ba tloditsweng ka moya a re: “E re ka jaanong lo latlhile maaka, a mongwe le mongwe wa lona a bue boammaaruri le moagelani wa gagwe, ka gonne re ditokololo tsa mongwe go yo mongwe.” (Baefeso 4:25) E re ka maloko a Iseraele wa semoya—“mmele wa ga Keresete”—a le “ditokololo tsa mongwe go yo mongwe,” a buisana ka boikanyegi le go dirisana ka botlalo. Ee, mongwe le mongwe wa bone o ikaegile ka ba bangwe botlhe. (Baefeso 4:11-13) Bangwe ba ba itumelelang go nna seoposengwe le bone ke Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba nang le tirisanommogo ba tsholofelo ya bone e leng go tshela mo lefatsheng.

4. Batho ba ba sa tswang go kopanela bosheng ba ka thusiwa ka ditsela dife?

4 Ngwaga le ngwaga, go kolobediwa batho ba le diketekete ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng la paradaise. Maloko a mangwe a phuthego a ba thusa ka boitumelo gore ba ‘gagamalele kwa go goleng sentle.’ (Bahebera 6:1-3) Gape thuso eno e akaretsa go araba dipotso tse di malebana le Dikwalo kgotsa go thusa ka tsela e e mosola mo bodireding. Re ka thusa ba ba sa tswang go kopanela bosheng ka go tlhoma sekao se se molemo ka go nna le seabe ka metlha mo dipokanong tsa Bokeresete. Gape ka dinako tsa mathata re ka ba kgothatsa kgotsa ra ba gomotsa. (1 Bathesalonika 5:14, 15) Re tshwanetse go batla ditsela tsa go thusa ba bangwe gore ba ‘tswelele ba tsamaya mo boammaaruring.’ (3 Johane 4) Le fa re ka tswa re le bannye kgotsa re le bagolo, re sa tswa go simolola go tsamaya mo boammaaruring kgotsa re tsamaile mo go jone ka dingwaga di le dintsi, re ka nonotsha bomoya jwa badumedi ka rona—mme ruri ba a re tlhoka.

Ba ne Ba ba Naya Thuso E ba E Tlhokang

5. Akhwila le Perisila ba ne ba nna thuso jang mo go Paulo?

5 Banyalani ba Bakeresete le bone ke bangwe ba batho ba ba itumelelang go thusa badumedi ka bone. Ka sekai, Akhwila le mosadi wa gagwe Perisila (Periseka), ba ne ba thusa Paulo. Ba ne ba mo amogela mo legaeng la bone, ba dira le ene mo tirong ya go dira megope ba bo ba mo thusa go kgothatsa phuthego e ntšha ya kwa Korintha. (Ditiro 18:1-4) Ka tsela nngwe e e sa tlhalosiwang, ba ile ba bo ba tsenya matshelo a bone mo kotsing ka ntlha ya ga Paulo. Ba ne ba nna kwa Roma fa Paulo a ne a raya Bakeresete koo a re: “Ntumedisetsang Periseka le Akhwila badirimmogo le nna mo go Keresete Jesu, ba ba neng ba baya dithamo tsa bone mo kotsing ka ntlha ya moya wa me, ba e seng nna fela mme le diphuthego tsotlhe tsa ditšhaba di ba lebogang.” (Baroma 16:3, 4) Fela jaaka Akhwila le Perisila, Bakeresete bangwe ba motlha wa gompieno ba kgothatsa diphuthego le go thusa baobamedi ka bone ka ditsela tse di farologaneng, e bile ka dinako tse dingwe ba tsenya matshelo a bone mo kotsing gore batlhanka ba bangwe ba Modimo ba se ka ba nna mo kotsing ya go tshwarwa setlhogo kgotsa go bolawa ke babogisi ba bone.

6. Apolose o ne a thusiwa jang?

6 Gape Akhwila le Perisila ba ne ba thusa Apolose, Mokeresete yo o setswerere mo puong yo o neng a ruta baagi ba Efeso ka ga Jesu Keresete. Ka nako eo, Apolose o ne a itse fela ka kolobetso ya ga Johane e e neng e tshwantshetsa go ikwatlhaela maleo a a dirilweng kgatlhanong le kgolagano ya Molao. E re ka Akhwila le Perisila ba ne ba lemoga gore Apolose o tlhoka go thusiwa ka tsela nngwe, ba ne ba “mo tlhalosetsa tsela ya Modimo sentle ka botlalo.” Ba tshwanetse ba bo ba ile ba mo tlhalosetsa gore kolobetso ya Bakeresete e akaretsa go inwa mo metsing le go tshololelwa moya o o boitshepo. Apolose o ne a dirisa se a neng a se ithuta. Moragonyana kwa Akaia, o ne “a thusa thata ba ba neng ba dumetse ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo; gonne ka nonofo e kgolo thata o ne a supa ka botlalo phatlalatsa gore Bajuda ba ne ba le phoso, fa a ntse a bontsha ka Dikwalo gore Jesu e ne e le Keresete.” (Ditiro 18:24-28) Gantsi dikakgelo tsa baobamedi ka rona di ka re thusa go tlhaloganya Lefoko la Modimo botoka. Le mo kgannyeng eno re a tlhokana.

Go Thusa ka Dilo Tse di Bonalang

7. Bafilipi ba ne ba tsiboga jang fa Bakeresete ka bone ba ne ba tlhoka go thusiwa ka dilo tse di bonalang?

7 Maloko a phuthego ya Bokeresete kwa Filipi a ne a rata Paulo thata e bile a ne a mo romelela dilo tse a ka itlamelang ka tsone fa a le kwa Thesalonika. (Bafilipi 4:15, 16) Fa bakaulengwe kwa Jerusalema ba ne ba tlhoka go thusiwa ka dilo tse di bonalang, Bafilipi ba ne ba bontsha gore ba iketleeditse go ntsha moneelo ka dilo tse di fetang le tse ba nang le tsone. Paulo o ne a anaanela boikutlo jo bo molemo jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Filipi thata mo a neng a ba tlhalosa e le sekao mo badumeding ba bangwe.—2 Bakorintha 8:1-6.

8. Epaforodito o ne a bontsha boikutlo bofe?

8 Fa Paulo a ne a le kwa kgolegelong, Bafilipi ga ba a ka ba mo romelela fela dimpho tsa dilo tse a neng a di tlhoka mme gape ba ne ba mo romelela le morongwa wa bone e bong Epaforodito. Paulo o ne a re: “Ka ntlha ya tiro ya Morena [Epaforodito] o ne a nna gaufi thata le go swa, a baya moya wa gagwe mo kotsing, gore a emisetse lona ka botlalo e re ka lo seyo fano gore a ntirele.” (Bafilipi 2:25-30; 4:18) Ga re bolelelwe gore a Epaforodito e ne e le mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi. Le fa go ntse jalo, e ne e le Mokeresete yo o nang le moya wa go intsha setlhabelo le yo o thuso tota, mme Paulo o ne a mo tlhoka eleruri. A go na le mongwe yo o tshwanang le Epaforodito mo phuthegong ya lona?

Ba ne Ba Nna ‘Thuso e e Nonotshang’

9. Arisetareko o re tlhometse sekao sefe?

9 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lorato, ba ba jaaka Akhwila, Perisila le Epaforodito ba anaanelwa thata mo phuthegong epe fela. Bangwe ba baobamedi ka rona ba ka tswa ba tshwana thata le Mokeresete wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Arisetareko. Ene le ba bangwe ba ne ba le ‘thuso e e nonotshang,’ gongwe ba nametsa kgotsa ba thusa ka dilo tsa botlhokwa le tse di mosola. (Bakolosa 4:10, 11) Arisetareko o ne a nna tsala ya mmatota ka go thusa Paulo ka nako e a neng a mo tlhoka ka yone. E ne e le mofuta wa motho yo o umakiwang mo go Diane 17:17: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.” A rotlhe ga re a tshwanela go leka go nna ‘thuso e e nonotshang’ Bakeresete ka rona? Re tshwanetse segolobogolo ra thusa batho ba ba mo pitlaganong.

10. Petere o ne a tlhomela bagolwane ba Bakeresete sekao sefe?

10 Bagolwane ba Bakeresete bogolo jang ba tshwanetse go nna thuso e e nonotshang bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba semoya. Keresete o ne a raya moaposetoloi Petere a re: “Nonotsha bakaulengwe ba gago.” (Luke 22:32) Petere o ne a kgona go dira seo ka gonne o ne a bontsha dinonofo tse di tlhomameng, bogolo jang fa Jesu a sena go tsosiwa. Bagolwane, lekang ka bojotlhe jwa lona gore lo dire se se tshwanang ka go rata le ka bonolo ka gonne badumedi ka lona ba a lo tlhoka.—Ditiro 20:28-30; 1 Petere 5:2, 3.

11. Re ka solegelwa molemo jang ke go ela tlhoko boikutlo jwa ga Timotheo?

11 Timotheo, yo o neng a tsamaya le Paulo, e ne e le mogolwane yo o amegang thata ka Bakeresete ba bangwe. Le fa Timotheo a ne a na le mathata a a rileng a botsogo, o ne a bontsha tumelo e e nonofileng mme ‘a nna motlhanka le Paulo mo go tsweledisetseng pele dikgang tse di molemo.’ Ke gone ka moo moaposetoloi a neng a ka bolelela Bafilipi a re: “Ga ke na ope yo mongwe wa maikutlo a a tshwanang le a gagwe yo ruri a tla tlhokomelang dilo tse di lo amang.” (Bafilipi 2:20, 22; 1 Timotheo 5:23; 2 Timotheo 1:5) Re ka nna mosola mo bathong ba re obamelang Jehofa le bone ka go bontsha boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga Timotheo. Ke boammaaruri gore re tshwanetse go itshokela makoa a re nang le one le diteko tse di farologaneng, mme le rona re ka kgona e bile re tshwanetse go nna le tumelo e e nonofileng le go amega ka lorato ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba semoya. Le ka motlha re se lebale gore ba a re tlhoka.

Basadi ba ba Neng ba Amega ka ba Bangwe

12. Re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Dorekase?

12 Mongwe wa basadi ba ba neng ba boifa Modimo ba ba neng ba amega ka ba bangwe e ne e le Dorekase. E rile a sena go swa barutwa ba bitsa Petere mme ba mo isa kwa ntlwaneng e e kwa godimo. Koo “batlholagadi botlhe ba [ne ba] itlhagisa kwa go ene ba lela e bile ba mmontsha diaparo di le dintsi tsa kafa teng le diaparo tsa kafa ntle tse Dorekase a neng a tle a di dire fa a ne a ntse a na le bone.” Dorekase o ne a tsosiwa mme kwantle ga pelaelo a tswelela pele a “tota mo ditirong tse di molemo le dimpho tsa kutlwelobotlhoko.” Mo phuthegong ya motlha wa gompieno ya Bokeresete, go na le basadi ba ba jaaka Dorekase ba ba ka tswang ba dira diaparo kgotsa ditiro tse di bontshang lorato ba di direla ba ba tlhokang. Gone ke boammaaruri gore ditiro tsa bone tse di molemo di amana thata le go tsweledisa pele dilo tse di direlwang Bogosi le go nna le seabe mo tirong ya go dira barutwa.—Ditiro 9:36-42; Mathaio 6:33; 28:19, 20.

13. Lidia o ne a bontsha jang gore o amega ka Bakeresete ka ene?

13 Mosadi mongwe yo o boifang Modimo e bong Lidia o ne a amega ka batho ba bangwe. E ne e le motho wa kwa Thiatira mme o ne a nna kwa Filipi fa Paulo a ne a rera teng mo e ka nnang ka 50 C.E. Lidia o ka tswa a ne a sokologetse mo Sejudeng, mme go ka tswa go ne go na le Bajuda ba se kae fela kwa Filipi e bile go se na sinagoge. Ene le basadi ba bangwe ba ba ineetseng ba ne ba phuthegile go tla go obamela gaufi le noka fa moaposetoloi a ne a ba bolelela dikgang tse di molemo. Pego ya re: “Jehofa o ne a bula pelo ya [ga Lidia] thata gore a tlhwaele tsebe dilo tse di buiwang ke Paulo. Jaanong e rile ene le ba ntlo ya gagwe ba kolobediwa, a bua jaana a kopa ka tlhoafalo: ‘Fa lo nkatlhotse gore ke a ikanyega mo go Jehofa, tsenang mo ntlong ya me mme lo nne gone.’ Mme a re patelela go tla.” (Ditiro 16:12-15) E re ka Lidia a ne a batla go direla ba bangwe dilo tse di molemo, o ne a kgona go dira gore Paulo le ba a tsamayang nabo ba nne kwa ga gagwe. A bo re anaanela jang ne fa Bakeresete ba ba pelontle le ba ba lorato gompieno ba bontsha moya o o ntseng jalo wa go amogela baeng!—Baroma 12:13; 1 Petere 4:9.

Le Lona Basha Re a Lo Tlhoka

14. Jesu Keresete o ne a tshwara basha jang?

14 Phuthego ya Bokeresete e ne ya simololwa ke Morwa Modimo yo o pelontle le yo o lorato e bong Jesu Keresete. Batho ba ne ba ikutlwa ba gololesegile fa ba na le ene ka gonne o ne a le lorato e bile a le pelotlhomogi. Nako nngwe fa batho ba ne ba simolola go tlisa bana ba bone ba bannye kwa go Jesu, barutwa ba gagwe ba ne ba leka go ba busetsa morago. Mme Jesu o ne a re: “Lesang bana ba babotlana ba tle kwa go nna; lo se ka lwa leka go ba thiba, gonne bogosi jwa Modimo ke jwa ba ba ntseng jalo. Ammaaruri ke a lo raya ka re, Le fa e le mang yo o sa amogeleng bogosi jwa Modimo jaaka ngwana yo mmotlana ga a na go tsena mo go jone ka gope.” (Mareko 10:13-15) Fa re batla go amogela masego a Bogosi, re tshwanetse ra nna boikokobetso mme ra nna bonolo go rutiwa fela jaaka bana ba babotlana. Jesu o ne a bontsha bana ba bannye lorato ka go ba tshwara ka mabogo a bo a ba segofatsa. (Mareko 10:16) Go tweng ka lona basha gompieno? Tlhomamisegang gore lo a ratiwa e bile lo a tlhokwa mo phuthegong.

15. Go kwadilwe dintlha dife ka ga botshelo jwa ga Jesu mo go Luke 2:40-52, mme o tlhometse basha sekao sefe?

15 Fa Jesu a ne a sa le mosha ka dingwaga, o ne a bontsha gore o rata Modimo le Dikwalo. E rile a le dingwaga di 12, ene le batsadi ba gagwe, Josefa le Marea, ba ne ba tsaya mosepele go tswa kwa nagagaeng ya bone kwa Nasaretha ba ya Jerusalema ba ya go keteka Tlolaganyo. Fa batsadi ba ga Jesu ba boa, ba ne ba lemoga gore ga a yo mo setlhopheng se se tsamayang mmogo. Kgabagare ba ne ba mo fitlhela a ntse mo go nngwe ya diholo tsa tempele, a reeditse barutisi ba Bajuda e bile a ba botsa dipotso. Jesu o ne a gakgamadiwa ke gore Josefa le Marea ba ne ba sa itse kwa ba ka mo fitlhelang teng, mme a botsa a re: “A lo ne lo sa itse gore ke tshwanetse ka bo ke le mo ntlong ya ga Rre?” O ne a boela gae le batsadi ba gagwe, a nna a ba ikobela le go tswelela a gatela pele mo botlhaleng le mo kgolong ya mmele. (Luke 2:40-52) A bo Jesu a ile a tlhomela basha ba rona sekao se se molemo jang ne! Eleruri ba tshwanetse go ikobela batsadi ba bone le go rata go ithuta ka dilo tsa semoya.—Duteronome 5:16; Baefeso 6:1-3.

16. (a) Basimane bangwe ba ne ba goa ba reng fa Jesu a ne a rera kwa tempeleng? (b) Basha ba Bakeresete ba na le tshiamelo efe gompieno?

16 Wena mosha, o ka tswa o rera ka ga Jehofa kwa sekolong le ka ntlo le ntlo o na le batsadi ba gago. (Isaia 43:10-12; Ditiro 20:20, 21) Fa Jesu a ne a rera a ba a fodisa batho kwa tempeleng nakwana fela pele ga loso lwa gagwe, basimane bangwe ba ne ba goa ba re: “Boloka Morwa Dafide, re a rapela!” E re ka baperesiti ba bagolo le bakwadi ba ne ba galefisiwa ke seno, ba ne ba re: “A o a utlwa gore bano ba reng?” Jesu o ne a ba raya a re: “Ee. A lo ne lo ise lo ke lo bale fa go tweng, ‘O lerile pako ka se se tswang mo molomong wa masea le ba ba anyang’?” (Mathaio 21:15-17) Fela jaaka bana bao, lona basha ba ba mo phuthegong lo na le tshiamelo e kgolo ya go baka Modimo le Morwawe. Re batla gore lo dire le rona lo le baboledi ba Bogosi e bile re a lo tlhoka.

Fa go Tsoga Mathata

17, 18. (a) Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a rulaganya gore Bakeresete ba kwa Judea ba kokoanyediwe madi? (b) Meneelo ya boithatelo e e neng e ntshediwa badumedi ba Bajudea e ne ya ama Bakeresete ba Bajuda le ba Baditšhaba jang?

17 Le fa maemo a rona e ka tswa e le afe, lorato lo re rotloetsa go thusa Bakeresete ka rona ba ba tlhokang. (Johane 13:34, 35; Jakobe 2:14-17) Paulo o ne a rotloediwa ke go rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba ba kwa Judea gore a rulaganye gore ba kokoanyediwe madi mo diphuthegong tsa kwa Akaia, Galatia, Makedonia le kgaolo ya Asia. Pogiso, dikhuduego tsa setšhaba le leuba tse barutwa ba neng ba di bona kwa Jerusalema di ka tswa di ile tsa felela ka se Paulo a neng a re ke “dipogo,” ‘dipitlagano’ le “go gapiwa ga dilo tsa [bone].” (Bahebera 10:32-34; Ditiro 11:27–12:1) Ka jalo o ne a tlhokomela gore Bakeresete ba ba humanegileng ba kwa Judea ba ntshediwa meneelo.—1 Bakorintha 16:1-3; 2 Bakorintha 8:1-4, 13-15; 9:1, 2, 7.

18 Meneelo e e neng e ntshediwa baitshepi kwa Judea ka go rata e ne e bontsha gore baobamedi ba ga Jehofa ba Bajuda le ba Baditšhaba ba ne ba kitlantswe ke lorato lwa bokaulengwe. Go tlisiwa ga meneelo gape go ne ga naya Bakeresete ba Baditšhaba sebaka sa go bontsha baobamedi ka bone ba kwa Judea gore ba lebogela letlepu la dilo tsa semoya le ba neng ba le ba neile. Ka jalo, ba ne ba abalana dilo tse di bonalang le tsa semoya. (Baroma 15:26, 27) Gompieno le gone re ntsha meneelo re e ntshetsa badumedi ka rona ba ba tlhokang mme re dira jalo ka boithatelo e bile re rotloediwa ke lorato. (Mareko 12:28-31) Le mo kgannyeng eno re a tlhokana gore go nne le go lekalekana mme ‘yo o nang le mo gonnye a se ka a nna le mo gonnye thata.’—2 Bakorintha 8:15.

19, 20. Naya sekai se se bontshang kafa batho ba ga Jehofa ba thusang ka teng fa go tsoga mathata.

19 E re ka re lemoga gore Bakeresete ba a tlhokana, re itlhaganelela go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba semoya. Ka sekai, akanya ka se se neng sa direga fa El Salvador e ne e welwa ke dithoromo tsa lefatshe le go gosomana ga mmu mo masimologong a ngwaga wa 2001. Pego nngwe e ne ya re: “Bakaulengwe mo dikarolong tsotlhe tsa El Salvador ba ne ba thusa ka tsa namolo. Ditlhopha tsa bakaulengwe go tswa Guatemala, United States le Canada ba ne ba tla go re thusa. . . . Go ne ga agiwa matlo a feta 500 le Diholo tse dintle Tsa Bogosi di le 3 mo lobakeng lo lo khutshwane. Tiro e kgolo le tirisano mmogo ya bakaulengwe bano ba ba nang le moya wa go intsha setlhabelo di ile tsa naya bosupi jo bogolo.”

20 Pego nngwe go tswa mo Afrika Borwa e ne ya re: “Merwalela e e boitshegang e e neng ya gogola mafelo a le mantsi kwa Mozambique e ne ya ama le bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ba le bantsi. Lekala la Mozambique le ne la rulaganya go ba thusa ka bontsi jwa dilo tse ba neng ba di tlhoka. Le fa go ntse jalo, ba ne ba re kopa gore re romele diaparo tse di dirisitsweng mme di sa ntse di siame gore di newe bakaulengwe ba ba tlhokang. Re ne ra kgobokanya diaparo tse di lekaneng gore re romelele bakaulengwe ba rona kwa Mozambique letoroko la dimetara di le 12 le tletse diaparo.” Ee, le ka ditsela tseno re a tlhokana.

21. Go tla tlhalosiwa eng mo setlhogong se se latelang?

21 Jaaka go bontshitswe pelenyana, dikarolo tsotlhe tsa mmele di botlhokwa. Eleruri go ntse fela jalo le ka phuthego ya Bokeresete. Maloko a yone otlhe a a tlhokana. Gape ba tlhoka go tswelela pele ba direla ka kutlwano. Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa dilo tse di ba thusang gore ba kgone go dira jalo.

O ka Araba Jang?

• Mmele wa motho o tshwana jang le phuthego ya Bokeresete?

• Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tsiboga jang fa badumedi ka bone ba ne ba tlhoka thuso?

• Dingwe tsa dikai tse di mo Dikwalong tse di bontshang gore Bakeresete ba a tlhokana e bile ba a thusana ke dife?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Akhwila le Perisila ba ne ba amega ka batho ba bangwe

[Ditshwantsho mo go tsebe 12]

Batho ba ga Jehofa ba a thusana fa go tsoga mathata e bile ba thusa le batho ba bangwe