Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A motho o tlamiwa ke maikano otlhe a a a direlang Modimo?

Mo Dikwalong, maikano ke tsholofetso e e masisi e motho a e direlang Modimo gore o tla dira sengwe, o tla ntsha setlhabelo, o tla tsenela tirelo nngwe kgotsa go nna mo seemong se se rileng, kgotsa o tla ithiba mo go direng dilo dingwe tse ka botsone di seng kgatlhanong le molao. Mo Baebeleng go na le dipego tsa maikano a a neng a laolwa ke maemo ka gonne motho o ne a itlama go latela tsela nngwe fa Modimo a ne a ka mo direla sengwe pele. Ka sekai, mmaagwe moporofeti Samuele e bong Hana o ne a “dira ikano a re: ‘Ao Jehofa wa masomosomo, fa . . . [o ka] se ka wa lebala lelata la gago mme ruri wa naya lelata la gago ngwana wa mosimane, ke tla mo naya Jehofa ka malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe, mme legare ga le kitla le tla mo tlhogong ya gagwe.’” (1 Samuele 1:11) Gape Baebele e tlhalosa maikano e le sengwe se se dirwang ka go rata. Maikano a a direlwang Modimo a tlama motho go le kana kang?

Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo o bolela jaana: “Le fa e le leng fela fa o direla Modimo maikano, o se ka wa okaoka go a diragatsa.” O oketsa jaana: “Se o se ikanelang, se diragatse. Go botoka gore o se ka wa ikana go na le gore o ikane o bo o sa diragatse.” (Moreri 5:4, 5) Molao o o neng wa newa Baiseraele ka Moshe o bolela jaana: “Fa go direga gore o dire maikano mo go Jehofa Modimo wa gago, o se ka wa nna bonya go a duela, ka gonne ruri Jehofa Modimo wa gago o tla a batla mo go wena, mme ruri e ka nna boleo mo go wena.” (Duteronome 23:21) Go bonala sentle gore go direla Modimo maikano ke kgang e e masisi. A tshwanetse go dirwa ka maitlhomo a a siameng, mme motho yo o a dirang o tshwanetse go tlhomamisega gore o tla kgona go dira sengwe le sengwe se a se solofetsang mo maikanong a gagwe. E seng jalo, go botoka gore a se ka a ikana. Le fa go ntse jalo, a motho o tlamiwa ke maikano otlhe a a setseng a a dirile?

Go tweng fa e le gore motho o dirile maikano a a tlhokang gore a dire sengwe se moragonyana a lemogang gore ga se tsamaisane le thato ya Modimo? Gongwe e le maikano a ka tsela nngwe a neng a tla golaganya boitsholo jo bo sa siamang le kobamelo ya boammaaruri? (Duteronome 23:18) Go bonala sentle gore maikano a a ntseng jalo ga a tlame motho. Mo godimo ga moo, mo Molaong wa ga Moshe, maikano a a neng a dirilwe ke mosadi a ne a ka phimolwa ke rraagwe kgotsa ke monna wa gagwe.—Dipalo 30:3-15.

Gape akanya ka kgang ya motho yo o dirileng maikano mo Modimong a gore o tla nna a sa nyala kgotsa a sa nyalwa mme jaanong a iphitlhela a le mo bothateng. Maikano a gagwe a mo tsentse mo seemong se mo go sone a akanyang gore go a diragatsa go mo tsenya mo kotsing ya go tlola melao ya Modimo malebana le boitsholo. A o sa ntse a tshwanetse go leka go diragatsa maikano a gagwe? A go ne go ka se nne botoka gore a tile go nna le molato wa boitsholo jo bo sa siamang ka gore a se ka a diragatsa maikano a gagwe mme go na le moo a kope gore Modimo a mo utlwele botlhoko a bo a mo itshwarele? Ke ene fela a ka dirang tshwetso ka kgang eno. Ga go na motho ope o sele yo o ka mo direlang tshwetso eno.

Go tweng fa motho a dira maikano a moragonyana a lemogang gore o a dirile ka mafega? A o sa ntse a tshwanetse go leka go diragatsa maikano ao? Go ne go se motlhofo gore Jefetha a diragatse maikano a a neng a a diretse Modimo, mme o ne a a diragatsa fela jaaka a ne a a boletse. (Baatlhodi 11:30-40) Fa motho a sa diragatse maikano a gagwe seno se ka dira gore Modimo a ‘galefe’ mme a phimole sotlhe se motho yono a setseng a se dirile. (Moreri 5:6) Fa motho a sa tseye masisi kgang ya go diragatsa maikano, seno se ka felela ka gore a se ka a tlhola a amogelwa ke Modimo.

Jesu Keresete o ne a re: “Fela a lefoko la lona la Ee le reye Ee, Nnyaa wa lona, Nnyaa; gonne se se fetang tseno se tswa kwa go yo o boikepo.” (Mathaio 5:37) Mokeresete ga a tshwanela go tshwenyega fela ka go diragatsa maikano a a diretsweng Modimo mme o tshwanetse go tshwenyega le ka go ikanyega mo go se a se buang—se a se buang le Modimo le se a se buang le batho. Go tweng fa a iphitlhela a le mo bothateng jwa gore o dirile tumalano le motho yo mongwe e kwa tshimologong e neng e lebega e siame mme moragonyana fa a sena go tlhatlhoba maemo ka kelotlhoko e bo e lebega e se botlhale? Ga a tshwanela go tsaya dikgang tse di ntseng jalo motlhofo. Mme motho yo a dirileng tumalano le ene a ka nna a swetsa ka gore a mo golole mo tumalanong eo morago ga gore ba buisane ka tlhoafalo.—Pesalema 15:4; Diane 6:2, 3.

Re tshwanetse ra tshwenyega thata ka eng malebana le maikano le dilo tse dingwe tsotlhe? A ka metlha re lekeng go nna re na le kamano e e molemo le Jehofa Modimo.

[Ditshwantsho mo go tsebe 30, 31]

Hana ga a ka a okaoka go diragatsa maikano a gagwe

[Ditshwantsho mo go tsebe 30, 31]

Jefetha o ne a diragatsa maikano a gagwe le fa go ne go le thata go dira jalo