Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Maiteko a a Rotloetsang Maitsholo a Mantle

Maiteko a a Rotloetsang Maitsholo a Mantle

Maiteko a a Rotloetsang Maitsholo a Mantle

Fa ngwaga wa 2001 o ya kwa bokhutlong, batho ba ba neng ba reeditse kgaso ya setšhaba mo Radio Mozambique ba ne ba utlwa kitsiso eno:

“Poresidente ya Repaboliki e ne e etetse dikago tsa lekala la Basupi ba ga Jehofa kwa Maputo. O ne a kgothaletsa batho ba phuthego eno ya bodumedi gore ba dire ka natla mo maitekong a bone a go rotloetsa maitsholo a mantle mo malapeng le a go ruta batho ba ba godileng ka dithulaganyo tsa bone tsa go ruta go bala le go kwala. Dithulaganyo tseno di setse di solegetse batho ba ka nna 10 000 molemo. Go ya ka Poresidente Chissano, dithulaganyo tse di tshwanang le tseno di tshwanetse go akgolwa, e re ka di thusa thata mo setšhabeng go rarabolola mathata a thuto, a naga eno e sa ntseng e lebane le one.”

Kitsiso eno e ne ya tswelela ka mafoko a a latelang a a gatisitsweng a puo ya poresidente: “Go a kgothatsa eleruri go bona batho ba le bantsi jaana ba kgatlhegela gore batho ba itse go bala le go kwala. Go re bontsha gore batho fela mo setšhabeng ba tlile go re thusa go fokotsa palo ya batho ba ba sa itseng go bala le go kwala. Ka jalo, ke rata go kgothaletsa Basupi ba ga Jehofa gore ba dire ka natla mo dithulaganyong tsa bone tsa go ruta batho go bala le go kwala, le fa e ka tswa e le ka puo epe fela. Selo se tota se leng botlhokwa ke gore batho ba itse go bala le go kwala ba bo ba kgone go buisana ka tsela e e motlhofo mme mo isagweng ba nne le seabe se segolo mo thutong.”

Basupi ba ga Jehofa kwa Mozambique ba tshwara ditlelase tsa go ruta batho go bala le go kwala mo mafelong a le 850 mo nageng eo yotlhe gore batho ba kgone go ipalela Lefoko la Modimo ka bobone. Mo godimo ga moo, beke le beke ba tshwara dithuto tsa legae tsa Baebele di ka nna 50 000 mahala. Tiro eno yotlhe ke karolo ya thulaganyo ya go ruta Baebele mo lefatsheng lotlhe e ga jaana e dirwang mo dinageng di le 235. (Mathaio 24:14) Le wena o ka solegelwa molemo ke thulaganyo eno. Tsweetswee ikutlwe o gololesegile go ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa ba lefelo la lona.