Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nnang lo Direle lo le Seoposengwe

Nnang lo Direle lo le Seoposengwe

Nnang lo Direle lo le Seoposengwe

“Ke tla fetolela ditšhaba mo puong e e itshekileng, gore botlhe ba bitse leina la ga Jehofa, e le gore ba mo direle ba le seoposengwe.”—SEFANIA 3:9.

1. Sefania 3:9 e diragadiwa jang?

GOMPIENO go buiwa dipuo di ka nna 6 000 mo lefatsheng lotlhe. Mo godimo ga moo go na le diteme tse di farologaneng kgotsa tse di dirisiwang fela ke batho ba mafelo a a rileng. Le fa go ntse jalo, le fa batho ba ka tswa ba bua dipuo tse di farologaneng thata jaaka Searabia le Sezulu, Modimo o dirile sengwe se se gakgamatsang eleruri. O dirile gore batho gongwe le gongwe ba kgone go ithuta le go bua puo e e leng yone fela e e itshekileng. Seno se diragatsa tsholofetso eno e e builweng ka moporofeti Sefania: “[Nna Jehofa Modimo] ke tla fetolela ditšhaba mo puong e e itshekileng [se tota se kayang ‘dipounama tse di phepa’], gore botlhe ba bitse leina la ga Jehofa, e le gore ba mo direle ba le seoposengwe.”—Sefania 3:9.

2. ‘Puo e e itshekileng’ ke eng, mme e dirile gore batho ba kgone go dirang?

2 ‘Puo e e itshekileng’ ke boammaaruri jwa Modimo jo bo fitlhelwang mo Lefokong la gagwe, Baebele. Segolobogolo ke boammaaruri jo bo malebana le Bogosi Jwa Modimo, jo bo tla itshepisang leina la ga Jehofa, bo tlotlomatse bolaodi jwa gagwe le go tlisetsa batho masego. (Mathaio 6:9, 10) E re ka puo e e itshekileng e le yone fela puo e e phepa ka tsela ya semoya mo lefatsheng, e buiwa ke batho ba ditšhaba tsotlhe le ditso tsotlhe. E dira gore ba kgone go direla Jehofa “ba le seoposengwe.” Ka jalo, ba mo direla ka kutlwano kgotsa “ka tumalano e le nngwe fela.”—Baebele e e Boitshepo.

Ga go A Tshwanela ga Nna le Tlhaolele

3. Ke eng se se dirang gore re kgone go direla Jehofa ka kutlwano?

3 Rona Bakeresete, re itumelela gore re dirisana mmogo le fa re bua dipuo tse di farologaneng. Le fa re rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi ka dipuo di le dintsi tse di buiwang ke batho, re direla Modimo ka kutlwano. (Pesalema 133:1) Re kgona go dira jalo ka gonne gongwe le gongwe kwa re nnang teng mo lefatsheng, re bua puo e le nngwe fela e e itshekileng go baka Jehofa.

4. Ke ka ntlha yang fa batho ba Modimo ba sa tshwanela go nna le tlhaolele?

4 Batho ba Modimo ga ba a tshwanela go nna le tlhaolele. Moaposetoloi Petere o ne a bontsha seo sentle fa a ne a rera kwa legaeng la modiredi mongwe wa masole wa Moditšhaba e bong Korenelio ka 36 C.E. a bo a tlhotlheletsega go bua jaana: “Ruri ke a lemoga gore Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.” (Ditiro 10:34, 35) E re ka go ntse jalo, mo phuthegong ya Bokeresete ga go a tshwanela ga nna le tlhaolele, ditlhotshwana kgotsa go ratiwa ga bangwe go feta ba bangwe.

5. Ke ka ntlha yang fa go le phoso go rotloetsa gore go nne le ditlhotshwana mo phuthegong?

5 Moithuti mongwe wa kholetšhe o ne a bolela jaana malebana le nako e a neng a etetse kwa Holong ya Bogosi ka yone: “Gantsi dikereke di ngoka batho ba setso kgotsa morafe mongwe. . . . Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ntse mmogo botlhe e seng ka ditlhotshwana tse di rileng.” Le fa go ntse jalo, bangwe mo phuthegong ya Korintha wa bogologolo ba ne ba dira gore go nne le makoko. Ka jalo e re ka ba ne ba baka dikgaogano, ba ne ba sa dire tumalanong le moya o o boitshepo wa Modimo, ka gonne o rotloetsa kutlwano le kagiso. (Bagalatia 5:22) Fa re ka rotloetsa gore go nne le ditlhotshwana mo phuthegong, re tla bo re sa dire tumalanong le kaelo ya moya o o boitshepo. Ka jalo, a re nneng re gakologetswe se moaposetoloi Paulo a neng a se bolelela Bakorintha: “Ke a lo rotloetsa, bakaulengwe, ka leina la Morena wa rona Jesu Keresete gore lotlhe lo bue ka tumalano, le gore go se nne le dikgaogano mo go lona, fa e se gore lo nne seoposengwe ka tsela e e tshwanetseng mo mogopolong o le mongwe fela le mo tseleng e le nngwe fela ya go akanya.” (1 Bakorintha 1:10) Gape Paulo o ne a gatelela gore go tshwanetse ga nna le kutlwano fa a ne a kwalela Baefeso.—Baefeso 4:1-6, 16.

6, 7. Jakobe o ne a naya kgakololo efe malebana le moya wa go rata batho bangwe go feta ba bangwe, mme re ka dirisa mafoko a gagwe jang?

6 Bakeresete ga ba bolo go nna ba laelwa gore ba se nne le tlhaolele. (Baroma 2:11) E re ka bangwe mo phuthegong ya lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba rata thata batho ba ba humileng, morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “Bakaulengwe ba me, ga lo a tshwara tumelo ya Morena wa rona Jesu Keresete, e bong kgalalelo ya rona ka go kgetholola, ga ke re? Gonne, fa monna yo o rweleng dipalamonwana tsa gouta mo menwaneng ya gagwe e bile a apere diaparo tse dintlentle a tsena mo phuthegong ya lona, mme monna yo o humanegileng yo o apereng diaparo tse di leswe le ene a tsena, le fa go ntse jalo lo kgatlhegela yo o apereng diaparo tse dintlentle mme lo re: ‘Wena nna fano mo,’ mme lo raya yo o humanegileng lo re: ‘Wena nna o eme,’ kgotsa: ‘Nna fale fa tlase ga sebeo sa me sa dinao,’ lo tlhaola batho ka maemo mo gare ga lona e bile lo fetogile baatlhodi ba ba dirang ditshwetso tsa boikepo, a ga go jalo?”—Jakobe 2:1-4.

7 Fa batho ba e seng badumedi ba ne ba tla pokanong ya Bokeresete, ba bangwe e le bahumi ba ba rweleng dipalamonwana tsa gouta e bile ba apere diaparo tse dintlentle, mme ba bangwe e le bahumanegi ba ba apereng diaparo tse di leswe, bahumi ba ne ba tshwarwa ka tsela e e kgethegileng. Ba ne ba newa manno “mo lefelong le le molemo,” fa bahumanegi bone ba ne ba bolelelwa gore ba eme kgotsa ba nne fa fatshe fa dinaong tsa mongwe. Mme Modimo o ne a rulaganyetsa bahumi mmogo le bahumanegi setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo a sa tlhaole ope. (Jobe 34:19; 2 Bakorintha 5:14) Ka jalo, fa re batla go itumedisa Jehofa le go mo direla re le seoposengwe, ga re a tshwanela go rata batho bangwe go feta ba bangwe kgotsa ‘go kgatlhwa ke batho ba maemo gore re iponele molemo.’—Jude 4, 16.

Lo se Ka Lwa Ngongorega

8. Go ngongorega ga Baiseraele go ne ga felela ka eng?

8 Re tshwanetse go tsaya kgakololo eno ya ga Paulo tsia gore re nne re na le kutlwano le gore Modimo a nne a re amogele: “Nnang lo dire dilo tsotlhe go se na dingongorego.” (Bafilipi 2:14, 15) Baiseraele ba ba neng ba sa ikanyege ba ba neng ba golotswe mo botshwarong jwa Egepeto ba ne ba ngongorega kgatlhanong le Moshe le Arone, mme ka jalo ba ngongorega kgatlhanong le Jehofa Modimo tota. Seno se ne sa felela ka gore banna botlhe ba ba nang le dingwaga tse 20 le go feta, kwantle ga Joshua le Kalebe ba ba ikanyegang le Balefi, ba se ka ba tsena kwa Nageng e e Solofeditsweng mme ba swele mo tseleng fa Baiseraele ba ne ba le mo mosepeleng wa dingwaga di le 40 kwa nageng. (Dipalo 14:2, 3, 26-30; 1 Bakorintha 10:10) A bo go ngongorega ga bone go nnile le ditlamorago tse di botlhoko jang ne!

9. Miriame o ne a diragalelwa ke eng ka ntlha ya go ngongorega?

9 Seno se bontsha se se ka diragalelang setšhaba sotlhe fa se ngongorega. Go tweng fa go ngongorega batho ba ba rileng? Aitsane, bomogolowe Moshe e bong Miriame le Arone ba ne ba ngongorega jaana: “A Jehofa o buile ka Moshe a le nosi fela? A ga a bua le ka rona?” Pego e tswelela jaana: “Jehofa o ne a reeditse.” (Dipalo 12:1, 2) Seno se ne sa felela ka eng? Miriame, yo e ka tswang e ne e le ene yo o di gogang kwa pele mo ngongoregong eno, o ne a kokobediwa ke Modimo. Jang? Ka go itewa ka lepero le go patelediwa gore a fetse malatsi a le supa a le ka kwa ntle ga bothibelelo go fitlha a itshekisiwa.—Dipalo 12:9-15.

10, 11. Fa motho a sa tlogele go ngongorega, seno se ka felela ka eng? Tshwantsha.

10 Go ngongorega ga se fela go tshwaya diphoso ka sengwe se se sa dirwang sentle. Batho ba ba ngongoregetseng ruri ba amega thata ka ga maikutlo kgotsa maemo a bone, ba lebisa tlhokomela thata mo go bone go na le mo Modimong. Mokgwa ono fa o sa tlogelwe o ka baka dikgaogano magareng ga bakaulengwe ba semoya o bo o kgoreletse maiteko a bone a go direla Jehofa ba le seoposengwe. Go ntse jalo ka gonne bangongoregi ba rata go bolelela batho ba bangwe dingongorego tsa bone, kwantle ga pelaelo ba solofela gore ba tla ba ema nokeng.

11 Ka sekai, motho a ka nna a tshwaya phoso tsela e mogolwane mongwe a neelang dipuo ka yone mo phuthegong kgotsa kafa a dirang ditiro tse a di abetsweng ka teng. Fa re reetsa motho yo o ngongoregang, re ka nna ra simolola go akanya jaaka ene. Pele ga re tsenngwa moya wa go se kgotsofale, re ka tswa re ne re sa tshwenyege ka ditiro tsa mogolwane yono, mme jaanong re setse re tshwenyega ka tsone. Kgabagare, re tla bo re bona sengwe le sengwe se mogolwane yono a se dirang se sa siama mme le rona re ka nna ra simolola go ngongorega ka ene. Boitshwaro jono ga bo tshwanele phuthego ya batho ba ga Jehofa.

12. Go ngongorega go ka ama kamano ya rona le Modimo jang?

12 Fa motho a ngongorega ka banna ba tiro ya bone e leng go disa letsomane la Modimo, seno se ka felela ka gore a bue ka go gobolola. Go ngongorega jalo ka bone kgotsa go ba hutsa ka go ba senya leina go ka ama kamano ya rona le Jehofa ka tsela e e sa itumediseng. (Ekesodo 22:28) Bagobolodi ba ba sa ikwatlhaeng ga ba kitla ba rua Bogosi Jwa Modimo. (1 Bakorintha 5:11; 6:10) Morutwa Jude o ne a kwala ka bangongoregi ba ba neng ba “itlhokomolosa borena e bile ba kgoba ba ba galalelang,” kgotsa banna ba ba nang le maikarabelo mo phuthegong. (Jude 8) Modimo ga a ka a amogela bangongoregi bao, mme re tshwanetse go tila tsela eo ya bone e e boikepo.

13. Ke ka ntlha yang fa e se dingongorego tsotlhe tse di phoso?

13 Le fa go ntse jalo, ga se dingongorego tsotlhe tse di sa itumediseng Modimo. Ga a ka a tlhokomologa “selelo sa ngongorego” ka ga Sodoma le Gomora mme o ne a senya metse eo e e boikepo. (Genesise 18:20, 21; 19:24, 25) Nakwana fela morago ga Pentekosete ya 33 C.E. kwa Jerusalema, go ne “ga tsoga ngongorego mo Bajudeng ba ba buang Segerika ka Bajuda ba ba buang Sehebera, ka gonne batlholagadi ba bone ba ne ba tlodisiwa matlho mo kabong ya letsatsi le letsatsi.” Ka gone, “ba ba lesome le bobedi” ba ne ba baakanya seemo ka go tlhoma ‘banna ba le supa ba ba tlhomamisitsweng,’ gore ba okamele “tiro e e botlhokwa eno” ya go aba dijo. (Ditiro 6:1-6) Bagolwane ba motlha wa gompieno ga ba a tshwanela go ‘thiba ditsebe tsa bone’ fa go na le dingongorego tse di tshwanetseng. (Diane 21:13) Mme go na le gore bagolwane ba tshwaye baobamedi ka bone diphoso, ba tshwanetse go ba kgothatsa le go ba aga.—1 Bakorintha 8:1.

14. Ke nonofo efe e e tlhokegang thata gore re se ka ra nnela go ngongorega?

14 Rotlhe re tshwanetse go nna batho ba ba sa ngongoregeng ka gonne go ngongorega go kotsi semoyeng. Boikutlo jo bo ntseng jalo bo ka senya kutlwano ya rona. Go na le moo, a ka dinako tsotlhe re letleng gore moya o o boitshepo o dire gore re nne le lorato. (Bagalatia 5:22) Go ikobela ‘molao wa segosi wa lorato’ go tla re thusa gore re nne re direle Jehofa re le seoposengwe.—Jakobe 2:8; 1 Bakorintha 13:4-8; 1 Petere 4:8.

Itiseng mo go Senyeng ba Bangwe Leina

15. O ka farologanya jang go seba le go senya motho leina?

15 E re ka go ngongorega go ka felela ka tshebo e e senyang, re tshwanetse ra nna kelotlhoko ka se re se buang. Go seba ke go bua dipuo tsa lefela ka batho le dikgang tsa bone. Le fa go ntse jalo, go senya motho leina ke go bua maaka ka ga gagwe ka boikaelelo jwa go mo dira motho yo o maswe. Puo e e ntseng jalo ke ya bopeloetlhoi e bile e boikepo. Ka jalo Modimo o ne a raya Baiseraele a re: “O se ka wa tsamayatsamaya mo gare ga batho ba gaeno ka boikaelelo jwa go senya motho leina.”—Lefitiko 19:16.

16. Paulo o ne a reng ka basebi bangwe, mme kgakololo ya gagwe e tshwanetse ya re ama jang?

16 Paulo o ne a kgalema basebi bangwe ka gonne puo ya lefela e ka felela ka go senya motho leina. Fa a sena go umaka batlholagadi ba ba neng ba tshwanelega gore ba ka thusiwa ke phuthego, o ne a bua ka batlholagadi ba ba neng ba ithuta “go nna ba sa dire sepe, ba dikologa le matlo; ee, e se fela gore ga ba dire sepe, mme gape e le basebi le ba ba itsenyatsenyang mo mererong ya batho ba bangwe, ba bua ka dilo tse ba sa tshwanelang go di bua.” (1 Timotheo 5:11-15) Fa mosadi mongwe wa Mokeresete a bona gore o na le bokoa jwa go bua dipuo tse di ka felelang ka go senya batho maina, o tshwanetse a tsaya kgakololo ya ga Paulo tsia ya gore a nne ‘yo o dirang dilo ka masisi, a sa senye batho maina.’ (1 Timotheo 3:11) Ke boammaaruri gore banna ba Bakeresete le bone ba tshwanetse ba itisa mo tshebong e e senyang.—Diane 10:19.

Tlogelang go Atlhola!

17, 18. (a) Jesu o ne a reng malebana le go atlhola mokaulengwe wa rona? (b) Re ka dirisa jang mafoko a ga Jesu a a malebana le go atlhola?

17 Tota le fa re sa senye ope leina, re ka nna ra tshwanelwa ke go leka thata gore re se ka ra nnela go atlhola ba bangwe. Jesu o ne a kgala boikutlo jo bo ntseng jalo fa a ne a re: “Tlogelang go atlhola gore lo tle lo se ka lwa atlholwa; gonne katlholo e lo atlholang ka yone, lo tla atlholwa ka yone; le selekanyo se lo lekanyang ka sone, ba tla lo lekanyetsa ka sone. Ka jalo, ke ka ntlha yang fa o leba lotlhaka lo lo mo leitlhong la mokaulengwe wa gago, mme o sa akanyetse tlhomeso e e mo leitlhong la gago? Kgotsa o ka raya jang mokaulengwe wa gago wa re, ‘Ntetlelela gore ke ntshe lotlhaka mo leitlhong la gago’; fa, bona! tlhomeso e le mo leitlhong la gago? Moitimokanyi! Santlha ntsha tlhomeso e e mo leitlhong la gago, mme ke gone o tla bonang sentle kafa o ka ntshang ka gone lotlhaka mo leitlhong la mokaulengwe wa gago.”—Mathaio 7:1-5.

18 Ga re a tshwanela go leka go thusa mokaulengwe wa rona ka go ntsha “lotlhaka” fela mo leitlhong la gagwe mme rona re sa kgone go leba dilo sentle ka gonne re kgorelediwa ke “tlhomeso” ya tshwantshetso. E bile tota, fa ruri re tlhaloganya bopelotlhomogi jwa Modimo, re ka se nnele go atlhola bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba semoya. Tota re ka kgona jang go ba tlhaloganya ka tsela e Rraarona yo o kwa legodimong a ba tlhaloganyang ka yone? Ke gone ka moo Jesu a neng a re tlhagisa gore re ‘tlogele go atlhola gore re se ka ra atlholwa’! Go sekaseka makoa a rona ka boikanyegi go tshwanetse ga re thibela go atlhola batho ka tsela e Modimo a ka bonang e sa siama.

Ba Bokoa Mme ba a Tlotlega

19. Re tshwanetse ra leba badumedi ka rona jang?

19 Fa re ititeile sehuba gore re batla go direla Modimo re le seoposengwe le badumedi ka rona, ga re ne re tila go ba atlhola fela. Re tla etelela pele mo go ba bontsheng tlotlo. (Baroma 12:10) E bile tota, re tla batla gore go solegelwe bone molemo, e seng rona, mme re tla itumelela go ba direla ditiro tse di lejwang e le tsa maemo a a kwa tlase. (Johane 13:12-17; 1 Bakorintha 10:24) Re ka dira jang gore re nne re na le boikutlo jo bo molemo jalo? Ka go se lebale gore modumedi mongwe le mongwe o botlhokwa mo go Jehofa le gore re a tlhokana, fela jaaka tokololo nngwe le nngwe ya mmele e ikaegile ka tse dingwe.—1 Bakorintha 12:14-27.

20, 21. Mafoko a 2 Timotheo 2:20, 21 a na le bokao bofe mo go rona?

20 Ke boammaaruri gore Bakeresete ke dijana tse di bokoa tsa letsopa tse di neilweng letlotlo le legolo la bodiredi. (2 Bakorintha 4:7) Fa re batla go galaletsa Jehofa ka go dira tiro eno e e boitshepo, re tshwanetse ra nna re na le seemo se se tlotlegang fa pele ga gagwe le Morwawe. Re ka nna re le dijana tse di tlotlegang gore re dirisiwe ke Modimo fa fela re nna re itshekile mo boitshwarong le semoyeng. Paulo o ne a kwala jaana malebana le ntlha eno: “Mo ntlong e kgolo go na le dijana e seng tsa gouta le selefera fela mme gape go na le tsa logong le letsopa, mme dingwe ke tsa boikaelelo jo bo tlotlegang mme tse dingwe ke tsa boikaelelo jo bo se nang go ka tlotlwa. Jalo, fa motho a nnela kgakala le tsa bobedi, o tla nna sejana sa boikaelelo jo bo tlotlegang, a itshepile, a na le mosola mo go mong wa gagwe, a ipaakanyeditse tiro nngwe le nngwe e e molemo.”—2 Timotheo 2:20, 21.

21 Batho ba ba sa itshwareng go dumalana le dilo tse di batlwang ke Modimo ke ‘dijana tse di se nang go ka tlotlwa.’ Le fa go ntse jalo, fa re latela tsela ya bomodimo, re tla bo re le ‘dijana tsa boikaelelo jo bo tlotlegang, re itshepile, kgotsa re seegetswe kwa thoko go dira tirelo ya ga Jehofa e bile re baakanyeditswe tiro nngwe le nngwe e e molemo.’ Ka jalo re tla bo re dira sentle fa re ka ipotsa jaana: ‘A ke “sejana se se tlotlegang”? A ke tlhotlheletsa badumedi ka nna ka tsela e e siameng? A ke mongwe wa batho mo phuthegong ba ba direlang ba le seoposengwe le baobamedi ka bone?’

Tswelelang Pele lo Direla lo le Seoposengwe

22. Phuthego ya Bokeresete e ka tshwantshiwa le eng?

22 Phuthego ya Bokeresete ke thulaganyo e e tshwanang le lelapa. Fa maloko otlhe a lelapa a obamela Jehofa, ba a ratana, ba a thusana e bile go monate mo lelapeng. Lelapa le ka tswa le na le batho ba ba nang le botho jo bo farologaneng, mme mongwe le mongwe o a tlotlega. Go ntse fela jalo le mo phuthegong. Le fa rotlhe re sa tshwane—e bile re sa itekanela—Modimo o re gogetse kwa go ene ka Keresete. (Johane 6:44; 14:6) Jehofa le Jesu ba a re rata, mme fela jaaka lelapa le le utlwanang, ruri re tshwanetse ra bontshana lorato.—1 Johane 4:7-11.

23. Re tshwanetse ra gakologelwa eng le gone re tshwanetse ra ititaya sehuba go dira eng?

23 Gape go a utlwala gore re bo re ka lebelela go fitlhela boikanyegi mo phuthegong ya Bokeresete e e tshwanang le lelapa. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ke eletsa gore mo lefelong lengwe le lengwe banna ba tswelele ba rapela, ba tsholetsa diatla tse di ikanyegang, kwantle ga tšhakgalo le dikganetsano.” (1 Timotheo 2:8) Ka jalo Paulo o ne a amanya boikanyegi le go rapela phatlalatsa “mo lefelong lengwe le lengwe” le Bakeresete ba kopanang kwa go lone. Banna ba ba ikanyegang ke bone fela ba tshwanetseng go emela phuthego ka thapelo ya phatlalatsa. Gone ke boammaaruri gore Modimo o letetse gore rotlhe re ikanyege mo go ene le mo go ba bangwe. (Moreri 12:13, 14) Ka jalo a re ititeyeng sehuba gore re tla dira mmogo ka kutlwano, fela jaaka ditokololo tsa mmele. Gape e kete re ka direla re le seoposengwe re le karolo ya lelapa la baobamedi ba ga Jehofa. Mo godimo ga tsotlhe, a re gakologelweng gore re a tlhokana le gore Jehofa o tla re amogela a bo a re segofatse fa re nna re mo direla re le seoposengwe.

O ka Araba Jang?

• Ke eng se se dirang gore batho ba ga Jehofa ba kgone go mo direla ba le seoposengwe?

• Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tila go nna le tlhaolele?

• O ka re go ngongorega go phoso ka eng?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tlotla badumedi ka rona?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Petere o ne a lemoga gore “Modimo ga a na tlhaolele”

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

A o itse gore ke eng fa Modimo a ne a kokobetsa Miriame?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Bakeresete ba ba ikanyegang ba direla Jehofa ka boitumelo ba le seoposengwe