Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A re tshwanetse go konela ka gore go ya ka se re se balang mo go Tshenolo 20:8, go tla nna le palo e kgolo thata ya batho ba ba tla timediwang ke Satane mo tekong ya bofelo?

Tshenolo 20:8 e tlhalosa nako ya fa Satane a tlhasela batho ba ba tla bong ba tshela mo lefatsheng kwa bokhutlong jwa puso ya dingwaga tse di sekete ya Bogosi Jwa ga Mesia. Fa temana eno e bua ka Satane ya re: “O tla tswa a ya go timetsa ditšhaba tse di mo dikhutlong tse nnè tsa lefatshe, Gogo le Magogo, go ba phutha mmogo go ya ntweng. Palo ya bano e ntse jaaka moshawa wa lewatle.”

Le fa saense le didiriswa tsa yone di gatetse pele thata jaana, ga go itsiwe gore “moshawa wa lewatle” o kana kang ka bontsi kana ka palo. Ka jalo go ka twe polelo eno e emela palo e e sa itsiweng, e e sa kgoneng go lekanngwa. A mme e raya palo e kgolo thata, e e boitshegang, e kgolo ka tsela e motho a ka se kgoneng go e akanyetsa, kgotsa ke palo fela e e sa itsiweng mme e le kgolo thata?

Mo Baebeleng polelo e e reng “jaaka moshawa wa lewatle” e dirisiwa ka ditsela di le mmalwa. Ka sekai, mo go Genesise 41:49, re bala jaana: “Mme Josefa a tswelela go koaganya dijo tsa ditlhaka tse dintsi thata, jaaka moshawa wa lewatle, go fitlha la bofelo ba tlogela go di bala, ka gonne di ne di se na palo.” Fano go gatelelwa ntlha ya gore palo eo ga e kgone go balega. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o ne a re: “Fela jaaka masomosomo a magodimo a ka se ka a balwa, le motlhaba wa lewatle o ka se ka wa lekanngwa, ke tla ntsifatsa losika lwa ga Dafide motlhanka wa me.” Fela jaaka go se na kafa motho a ka balang ka teng dinaledi tsa legodimo le moshawa wa lewatle, fela jalo Jehofa o tla diragatsa se a se solofeditseng Dafide.—Jeremia 33:22.

Gantsi polelo e e reng “jaaka moshawa wa lewatle” e raya sengwe se sentsi thata kgotsa se segolo thata. Baiseraele kwa Gilegale ba ne ba tshwentswe thata ke masole a Bafilisitia a a neng a phuthegile kwa Mikemashe, a a neng a ‘lekana le moshawa o o fa losing lwa lewatle ka bontsi.’ (1 Samuele 13:5, 6; Baatlhodi 7:12) Mme “Modimo a tswelela a naya Solomone botlhale le tlhaloganyo ka selekanyo se segolo thata le pelo e e bulegileng, jaaka moshawa o o fa losing lwa lewatle.” (1 Dikgosi 4:29) Le fa se go neng go buiwa ka sone mo makgetlong ano se ne se le sentsi thata, gone se ne se ka kgona go lekanngwa kgotsa go balwa.

Gape “moshawa wa lewatle” o ka raya palo e e sa itsiweng, mme go sa reye gore e kgolo thata. Jehofa o ne a raya Aborahame a re: “Ruri ke tla go segofatsa e bile ke tla ntsifatsa losika lwa gago jaaka dinaledi tsa magodimo le jaaka moshawa o o fa losing lwa lewatle.” (Genesise 22:17) Fa Jehofa a ne a boeletsa tsholofetso eno mo setlogolong sa ga Aborahame, e bong Jakobe, o ne a dirisa polelo e e reng “lorole lwa lefatshe” e Jakobe ene a neng a re ke “moshawa wa lewatle.” (Genesise 28:14; 32:12) Kwantle ga Jesu Keresete palo ya “losika” lwa ga Aborahame e ile ya nna 144 000, e Jesu a neng a e bitsa “letsomanyane.”—Luke 12:32; Bagalatia 3:16, 29; Tshenolo 7:4; 14:1, 3.

Re ithuta eng mo dikaing tseno? Re ithuta gore ga se ka metlha polelo e e reng “jaaka moshawa wa lewatle” e rayang palo e e se nang selekanyo, e kgolo thata; e bile ga se ka metlha e dirisiwang go tlhalosa sengwe se segolo thata kgotsa se se boitshegang. Gantsi e raya palo e e sa itsiweng mme e lekanetse. Ka jalo go a utlwala go dumela gore boidiidi jwa batho ba ditsuolodi ba ba tla bong ba eme Satane nokeng fa a tlhasela batho ba Modimo la bofelo, e tla bo e le batho ba bantsi mo go lekaneng gore ba ka ba tshosetsa, mme e se batho ba bantsi ka tsela e e boitshegang. Le fa go ntse jalo, gone jaanong palo eo ga e itsiwe.