Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Aba Gore O bo O Felelwe

Go Aba Gore O bo O Felelwe

Go Aba Gore O bo O Felelwe

“LE FA lo ka mpitsa mokopi; nka se tshwenyege. Ke kopela Jesu.” Mafoko ano a a neng a buiwa ke moruti mongwe wa Moporotesetanta a bontsha kgang e e leng teng malebana le go tshegetsa bodumedi ka madi. Go bonala bodumedi jo bo ikemetseng bo kgona go tswelela pele fela fa bo tshegediwa ka madi a mantsi. Go tshwanetse ga ntshiwa dituelo, ditempele di tshwanetse go agiwa le go tlhokomelwa, matsholo a go bolela efangele a tshwanetse go tshegediwa ka madi. Madi ano a a tlhokegang a ka bonwa jang?

Mo dikerekeng di le dintsi a bonwa ka gore batho ba ntshe ditsabosome. * Moefangele Norman Robertson o bolela jaana: “Go ntshiwa ga ditsabosome ke tsela e Modimo a e dirisang go tshegetsa bogosi jwa Gagwe ka madi mo lefatsheng. Ke tsamaiso ya Gagwe ya tsa ikonomi e e thusang gore Efangele e bolelwe.” E re ka a sa okaoke go gakolola balatedi ba gagwe ka boikarabelo jwa bone jwa go aba, o bolela jaana a gatelela: ‘Motho ga a ntshe ditsabosome fela ka gonne a kgona. O go dira ka gonne a le kutlo. Go se ntshe ditsabosome ruri ke go tlola ditaelo tsa Modimo. Ke go dirisa madi a e seng a gago.’—Tithing—God’s Financial Plan.

O ka tswa o dumalana le kgang ya gore go aba e tshwanetse ya nna karolo ya kobamelo ya Bokeresete. Le fa go ntse jalo, a o fitlhela go tshwenya kgotsa e bile go kgopisa go bo go ntse go kopiwa batho madi? Moithutabodumedi mongwe wa kwa Brazil e bong Inácio Strieder o latofatsa dikereke ka la gore di dirisa ditsabosome go “rarabolola mathata a tsone a tsamaiso ya ditiro” mme a re mekgwa e e ntseng jalo “ga e ka fa molaong, e a sotla e bile ga e tsamaisane le thutabodumedi.” A re seno se felela ka gore “batho ba ba sa direng, batlholagadi, batho ba ba nnang mo ditakaneng le ba ba sa kgoneng go akanya ka kelotlhoko, ba swetse ka gore Modimo o ba latlhile le gore ba patelesega go naya ‘moreri’ madi a mantsi jaana mo malapa a bone a salang a le mo tlaleng.”

O ka nna wa ipotsa jaana: ‘A dikereke tse di reng batho ba ntshe ditsabosome di dirisa Dikwalo ka tsela e e tshwanetseng? Kgotsa a madumedi mangwe a ka tswa a dirisa poifo e batho ba nang le yone ya gore Modimo o tla ba otlhaya go pateletsa balatedi ba one go ntsha madi? A ruri Modimo o lebeletse gore re abe se re nang le sone go fitlha re felelwa?’

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Ditsabosome di tlhalosiwa e le diperesente di le 10 tsa madi otlhe a motho a a amogelang.