Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ipelele go Ithuta Lefoko la Modimo O le Esi

Ipelele go Ithuta Lefoko la Modimo O le Esi

Ipelele go Ithuta Lefoko la Modimo O le Esi

“Ruri ke tla tlhatlhanya ka tiro yotlhe ya gago, ke tla akanya ka ditiro tsa gago.”—PESALEMA 77:12.

1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go beela nako kwa thoko gore re tlhatlhanye? (b) Go “tlhatlhanya” go kaya eng?

RONA barutwa ba ga Jesu Keresete, re tshwanetse ra amega thata ka kamano ya rona le Modimo le mabaka a re Mo direlang ka one. Le fa go ntse jalo, gompieno bontsi jwa batho ba nna ba tshwaregile mo ba sa ipheng nako ya go tlhatlhanya. Ba tseneletse thata mo go kokoanyeng dikhumo, mo go rekeng dithoto le mo go ijeseng monate ka tsela e e se nang tlhaloganyo. Re ka tila jang go dira dilo tseno tse di se nang mosola? Fela jaaka re beela nako kwa thoko letsatsi le letsatsi gore re dire dilo tsa botlhokwa tse di jaaka go ja le go robala, re tshwanetse ra ipha nako letsatsi le letsatsi gore re tlhatlhanye ka ditiro tsa ga Jehofa le ditsela tse a dirisanang le batho ka tsone.—Duteronome 8:3; Mathaio 4:4.

2 A o a tle o iphe nako ya go tlhatlhanya? Go tlhatlhanya go kaya eng? Lefoko leno le kaya go lebisa mogopolo mo sengweng: go akanya ka sone. Gape le ka kaya go akanyetsa sengwe, bogolo jang ka tidimalo, ka tsela e e masisi le e e boteng. Seno se kaya eng mo go rona?

3. Go dira botswelelopele jwa semoya go amana ka tlhamalalo le eng?

3 Selo sa botlhokwa ke gore go tshwanetse ga re gakolola mafoko ano a moaposetoloi Paulo a neng a a kwalela Timotheo motlhanka ka ene: “Fa ke sa ntse ke tla, tswelela o dira ka bojotlhe mo go baleng phatlalatsa, mo go rotloetseng, mo go ruteng. . . . Tlhatlhanya ka dilo tseno; nwelelela mo go tsone, gore botswelelopele jwa gago bo bonatshege mo bathong botlhe.” Ee, go ne go lebeletswe gore a tswelele pele a bo a gatele pele mme mafoko a ga Paulo a ne a bontsha gore go tlhatlhanya ka dilo tsa semoya go ne go amana ka tlhamalalo le go dira botswelelopele. Go ntse fela jalo le gompieno. Fa re batla go kgotsofalela botswelelopele jwa semoya, le gompieno re tshwanetse go “tlhatlhanya” le go “nwelelela” mo dilong tse di malebana le Lefoko la Modimo.—1 Timotheo 4:13-15.

4. O ka dirisa dilo dife go go thusa go tlhatlhanya ka Lefoko la ga Jehofa ka metlha?

4 Nako e e molemo ya go tlhatlhanya e ikaegile ka wena le thulaganyo ya lelapa la gago. Batho ba le bantsi ba tlhatlhanya ka temana ya Baebele mo mosong fa ba bala bukana ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe. Tota e bile baithaopi ba ka nna 20 000 mo magaeng a Bethele go dikologa lefatshe ba simolola letsatsi la bone ka go sekaseka temana ya Baebele ya letsatsi leo ka metsotso e le 15. Ke batho ba se kae fela mo lelapeng la Bethele ba ba akgelang moso le moso mme ba bangwe bone ba tlhatlhanya ka se se buiwang le se se balwang. Basupi ba bangwe ba tlhatlhanya ka Lefoko la ga Jehofa fa ba le mo tseleng ba ya tirong. Ba reetsa dikhasete tsa Baebele le tsa makasine wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang! tse di leng teng ka dipuo dingwe. Bommalapa ba le bantsi ba dira seno fa ba ntse ba bereka mo ntlong. Tota ba a bo ba etsa mopesalema Asafe, yo o neng a kwala jaana: “Ke tla gakologelwa ditiro tsa ga Jah; gonne ke tla gakologelwa tiro ya gago e e gakgamatsang ya bogologolo. Mme ruri ke tla tlhatlhanya ka tiro yotlhe ya gago, ke tla akanya ka ditiro tsa gago.”—Pesalema 77:11, 12.

Boikutlo jo bo Siameng Bo na Le Ditlamorago Tse di Molemo

5. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tsaya kgang ya go ithuta re le rosi e le botlhokwa?

5 Mo motlheng wa gompieno wa thelebishene, dibidio le dikhomputara, bontsi jwa batho ga ba tlhole ba bala jaaka pele. Ruri ga go a tshwanela gore go nne jalo ka Basupi ba ga Jehofa. Aitsane, go bala Baebele ke tsela e e botlhokwa ya go ikgolaganya le Jehofa. Diketekete tsa dingwaga tse di fetileng, Joshua o ne a tlhatlhama Moshe go nna moeteledipele wa Iseraele. Joshua o ne a tshwanetse go ipalela Lefoko la Modimo gore Jehofa a tle a mo segofatse. (Joshua 1:8; Pesalema 1:1, 2) Se se sa ntse se batlega le gompieno. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka nna ba fitlhela go bala go le thata kgotsa e le selo se se lapisang ka ntlha ya thutego e e kwa tlase. Ka jalo, ke eng se se ka re thusang gore re batle go bala le go ithuta Lefoko la Modimo? Re ka bona karabo mo mafokong a ga Kgosi Solomone a a kwadilweng mo go Diane 2:1-6. Tsweetswee bula Baebele ya gago mme o bale ditemana tseno. Morago ga moo re tla di sekaseka mmogo.

6. Re tshwanetse ra nna le boikutlo bofe ka kitso ya Modimo?

6 Sa ntlha, re fitlhela kgothatso eno: “Morwaaka, fa e le gore o tla amogela mafoko a me mme wa boloka ditaelo tsa me mo go wena, gore o tle o tlhwaele botlhale tsebe, gore o tle o sekamisetse pelo ya gago kwa temogong; . . . ” (Diane 2:1, 2) Re ithuta eng mo mafokong ano? Gore mongwe le mongwe wa rona o na le maikarabelo a go ithuta. Ela tlhoko ntlha eno, “fa e le gore o tla amogela mafoko a me.” Ke ga botlhokwa gore go bo go twe “fa e le gore” ka gonne bontsi jwa batho ga ba tlhwaele Lefoko la Modimo tsebe. Fa re batla go ipelela go ithuta Lefoko la Modimo, re tshwanetse ra iketleeletsa go amogela mafoko a ga Jehofa le go a tsaya e le letlotlo le re sa batleng le re latlhegela. Le ka motlha ga re a tshwanela go letla ditiro tsa rona tsa letsatsi le letsatsi di dira gore re tshwarege thata kgotsa re iteege tsebe mo re simololang go felelwa ke kgatlhego mo Lefokong la Modimo, le e leng go le belaela.—Baroma 3:3, 4.

7. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete nako le nako fa go kgonega re bo re tlhwaye tsebe?

7 A ruri re ‘tlhwaya tsebe’ le go reetsa ka kelotlhoko fa Lefoko la Modimo le tlhalosiwa kwa dipokanong tsa rona tsa Bokeresete? (Baefeso 4:20, 21) A re ‘sekamisetsa pelo’ mo temogong? Gongwe sebui ga se na boitemogelo go le kalo, mme fa a ntse a tlhalosa Lefoko la Modimo, o tshwanelwa ke gore re mo tlhwaele tsebe ka tlhoafalo. Boammaaruri ke gore fa re batla go tlhwaela botlhale jwa ga Jehofa tsebe re tshwanetse go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete nako le nako fa go kgonega. (Diane 18:1) Akanya fela gore batho bape ba ba ka tswang ba ne ba sa ya pokanong e e neng e tshwaretswe mo phaposing e e kwa godimo kwa Jerusalema ka Pentekosete ya 33 C.E. ba ka tswa ba ile ba utlwa botlhoko jang! Le fa dipokano tsa rona di sa tlala ditiragalo tse di gakgamatsang jaaka pokano eo, kwa go tsone go tlotliwa ka Baebele, buka ya konokono e re e ithutang. Ka gone, pokano nngwe le nngwe e ka re solegela molemo semoyeng fa re tlhwaya tsebe e bile re latela mo Dibaebeleng tsa rona.—Ditiro 2:1-4; Bahebera 10:24, 25.

8, 9. (a) Re tshwanetse go nna le boikutlo bofe fa re ithuta re le rosi? (b) O ka bapisa jang boleng jwa gouta le go tlhaloganya kitso ya Modimo?

8 Go tswa foo kgosi e e botlhale ya re: “Mo godimo ga moo, fa o tlhaeletsa tlhaloganyo mme o ntshetsa temogo lentswe la gago, . . . ” (Diane 2:3) Mafoko ano a re tlhalosetsa boikutlo bofe? Keletso e e tlhoafetseng ya go batla go tlhaloganya Lefoko la ga Jehofa. A kaya go iketleeletsa go ithuta ka boikaelelo jwa go nna le temogo, go bona se e leng thato ya ga Jehofa. Ee, seno se tlhoka boiteko, mme se re tlisa mo mafokong a a latelang a ga Solomone le setshwantsho sa gagwe.—Baefeso 5:15-17.

9 O tswelela pele jaana: “Fa o nna o e senka [tlhaloganyo] jaaka selefera o bo o nna o e batla jaaka matlotlo a a fitlhegileng, . . . ” (Diane 2:4) Seno se re gopotsa dilo tse di fitlheletsweng ke batho ba meepo ba mo makgolong a a ntseng a feta a dingwaga ba ntseng ba batla se go tweng ke dimetale tse di tlhokegang thata e leng selefera le gouta. Batho ba ile ba bolaya ba bangwe ba ba bolaela gouta. Ba bangwe ba feditse botshelo jotlhe jwa bone ba e senka. Le fa go ntse jalo, tota mosola wa gouta ke ofe? Fa o ne o latlhegile mo sekakeng e bile o sule ke lenyora, o ne o tla tlhopha eng: setena sa gouta kgotsa galase ya metsi? Le fa go ntse jalo, a bo batho ba ile ba batla gouta ka tlhoafalo jang ne, gouta e e nang le boleng jo bo sa nneleng ruri le jo bo fetofetogang! * Ruri re tshwanetse go senka go nna le botlhale le temogo le go tlhaloganya Modimo le thato ya gagwe ka tlhoafalo e e fetang eo! Mme go senka dilo tseno go na le melemo efe?—Pesalema 19:7-10; Diane 3:13-18.

10. Re ka bona eng fa re ithuta Lefoko la Modimo?

10 Tlhaloso ya ga Solomone e tswelela pele jaana: “Foo o tla tlhaloganya go boifa Jehofa, mme o tla bona e e leng kitso ya Modimo.” (Diane 2:5) A bo seo se gakgamatsa jang ne—gore rona batho ba ba nang le boleo re ka kgona go bona “e e leng kitso ya Modimo,” Jehofa, yo e leng Morena Molaodimogolo wa lobopo lotlhe! (Pesalema 73:28; Ditiro 4:24) Go fetile makgolokgolo a dingwaga bafilosofi le batho ba go tweng ba botlhale mo lefatsheng ba leka go tlhaloganya masaitseweng a botshelo le a lobopo. Le fa go ntse jalo, ga ba a kgona go bona “e e leng kitso ya Modimo.” Ka ntlha yang? Le mororo e sa bolo go nna teng mo Lefokong la Modimo, Baebele, ka dingwaga di le diketekete, ba e gana ba re e motlhofo thata, ka jalo ga ba e amogele e bile ga ba e tlhaloganye.—1 Bakorintha 1:18-21.

11. Melemo mengwe ya go ithuta re le rosi ke efe?

11 Solomone o tlhalosa selo se sengwe se se tlhotlheletsang a re: “Jehofa o naya botlhale; mo molomong wa gagwe go na le kitso le temogo.” (Diane 2:6) Jehofa o aba botlhale, kitso le temogo ka go rata le ka bopelotshweu, a di abela motho ope fela yo o iketleeleditseng go di senka. Ruri re na le mabaka a a utlwalang a go rata go ithuta Lefoko la Modimo re le rosi, tota le fa go tlhoka boiteko, go ikgalemela le go itima dilo dingwe. Rona re botoka ka gonne re na le dikhopi tse di gatisitsweng tsa Baebele mme ga re tlhoke go di ikwalela jaaka bangwe mo metlheng ya bogologolo ba ne ba tshwanelwa ke go dira!—Duteronome 17:18, 19.

Go Tsamaya Kafa go Tshwanetseng Jehofa

12. Maitlhomo a rona e tshwanetse ya nna afe fa re ntse re batla kitso ya Modimo?

12 Maitlhomo a rona e tshwanetse ya nna afe fa re ithuta re le rosi? Go lebega re le botoka mo go ba bangwe? Go supa kitso e ntsi e re nang le yone? Go itse Baebele yotlhe ka tlhogo? Nnyaa. Boikaelelo jwa rona ke go nna Bakeresete ba ba buang e bile ba dira jaaka ba bua, ka metlha ba iketleeleditse go thusa ba bangwe ka mokgwa o o lapolosang wa ga Keresete. (Mathaio 11:28-30) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa jaana: “Kitso e a gogomosa, mme lorato lone lo a aga.” (1 Bakorintha 8:1) Ka jalo, re tshwanetse go nna le boikutlo jwa boikokobetso jo Moshe a neng a bo bontsha fa a ne a bua le Jehofa a re: “Tsweetswee, ntira gore ke itse ditsela tsa gago, gore ke tle ke go itse, gore ke tle ke bone kamogelo mo matlhong a gago.” (Ekesodo 33:13) Ee, re tshwanetse go eletsa go nna le kitso gore re itumedise Modimo, e seng gore re kgatlhe batho. Re batla go nna batlhanka ba ba tshwanelegang, ba ba ikokobeditseng ba Modimo. Re ka fitlhelela mokgele oo jang?

13. Ke eng se se tlhokegang gore motho a nne motlhanka yo o tshwanelegang wa Modimo?

13 Paulo o ne a gakolola Timotheo gore a ka itumedisa Modimo jang, a re: “Dira bojotlhe jwa gago go itlhagisa o amogelwa ke Modimo, modiri yo o se nang sepe se se ka mo tlhabisang ditlhong, o tshwere lefoko la boammaaruri sentle.” (2 Timotheo 2:15) Mafoko a a reng “tshwere . . . sentle” a tswa mo polelwaneng ya lediri la Segerika e kwa tshimologong e neng e kaya “go sega o tlhamaladitse.” (Kingdom Interlinear) Kafa bangwe ba bolelang ka teng, seno se naya kgopolo ya moroki a sega letsela a dirisa paterone, molemi a epa diforo mo tshimong, jalo le jalo. Le fa seemo e ka tswa e le sefe, se se dirwang se tshwanetse sa tlhamalala. Ntlha ke gore fa Timotheo a ne a batla go nna motlhanka yo o tshwanelegang le yo o amogelwang wa Modimo, o ne a tshwanetse go ‘dira bojotlhe jwa gagwe’ gore a tlhomamise gore se a se rutang le tsela e a itshwarang ka yone e tsamaisana le lefoko la boammaaruri.—1 Timotheo 4:16.

14. Dilo tse re di ithutang fa re le rosi di tshwanetse tsa ama jang se re se dirang le se re se buang?

14 Paulo o ne a bontsha ntlha e e tshwanang le eo fa a ne a rotloetsa Bakeresete ka ene ba kwa Kolosa gore ba “tsamaye kafa go tshwanetseng Jehofa gore [ba] mo itumedise ka botlalo” ka go “ungwa maungo mo tirong nngwe le nngwe e e molemo e bile [ba] oketsega mo kitsong e e boammaaruri kaga Modimo.” (Bakolosa 1:10) Fano Paulo o bontsha gore kgang ya go tsamaya ka mo go tshwanetseng Jehofa e amana le go “ungwa maungo mo tirong nngwe le nngwe e e molemo” le go “oketsega mo kitsong e e boammaaruri kaga Modimo.” Ka mafoko a mangwe, selo sa botlhokwa mo go Jehofa ga se fela gore re leba kitso e le mosola go le kana kang mme gape ke gore se re se dirang le se re se buang se tsamaisana go le kana kang le Lefoko la Modimo. (Baroma 2:21, 22) Seno se raya gore se re se ithutang re le rosi se tshwanetse sa tlhotlheletsa tsela e re akanyang le e re itshwarang ka yone fa re batla go itumedisa Modimo.

15. Re ka sireletsa le go laola mogopolo le dikakanyo tsa rona jang?

15 Gompieno, Satane o ikaeletse go senya bomoya jwa rona ka go tlhotlheletsa megopolo ya rona. (Baroma 7:14-25) Ka jalo, re tshwanetse ra sireletsa megopolo le dikakanyo tsa rona le go di laola gore re tle re tshwanelege mo Modimong wa rona, Jehofa. Sebetsa se re nang le sone ke “kitso ka ga Modimo,” e e kgonang go “tsenya kakanyo nngwe le nngwe mo botshwarong go e dira gore e utlwe Keresete.” Leno ke lebaka le le utlwalang sentle la gore re ithute Baebele letsatsi le letsatsi, ka gonne re batla go tlosa dikakanyo tsa bopelotshetlha le tsa senama mo mogopolong wa rona.—2 Bakorintha 10:5.

Dilo Tse di re Thusang go Tlhaloganya

16. Re ka solegelwa molemo jang fa Jehofa a ntse a re ruta?

16 Thuto ya ga Jehofa e na le melemo ya semoya le ya senama. Ga se thutabodumedi e e sa kgatlheng, e e se nang mosola. Ka gone, re bala jaana: “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, Yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone.” (Isaia 48:17) Jehofa o dira jang gore re tsamaye mo tseleng ya gagwe e e mosola? Sa ntlha, re na le Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng, Baebele e e Boitshepo. Eno ke buka ya rona ya konokono e re ithutang ka yone e re lebang kwa go yone ka dinako tsotlhe. Ke gone ka moo go leng molemo go reetsa kwa dipokanong tsa Bokeresete o butse Baebele ya gago. Ditlamorago tse di molemo tsa go dira jalo di ka bonwa mo pegong ya moopafadiwa wa Moethiopia, e e kwadilweng mo go Ditiro kgaolo 8

17. Go ne ga diregang ka moopafadiwa wa Moethiopia, mme seno se bontshang?

17 Moopafadiwa wa Moethiopia o ne a sokologetse mo Sejudeng. O ne a dumela mo Modimong ka bopeloephepa e bile a ithuta Dikwalo. O ne a tsamaya ka kara ya gagwe a bala mafoko a ga Isaia fa Filipo a tla taboga fa thoko ga gagwe a bo a mmotsa a re: “A tota o itse se o se balang?” Moopafadiwa o ne a araba jang? “‘Tota, nka tlhaloganya jang, fa mongwe a sa nkaele?’ Mme a rapela Filipo gore a palame a nne le ene.” Go tswa foo Filipo o ne a kaelwa ke moya o o boitshepo gore a thuse moopafadiwa go tlhaloganya boporofeti jwa ga Isaia. (Ditiro 8:27-35) Seno se bontshang? Gore go ipalela Baebele re le rosi ga go a lekana. Jehofa ka moya wa gagwe o dirisa setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale go re thusa go tlhaloganya Lefoko la gagwe ka nako e e tshwanetseng. Seno se dirwa jang?—Mathaio 24:45-47; Luke 12:42.

18. Setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale se re thusa jang?

18 Le fa setlhopha sa motlhanka se tlhalosiwa se le ‘boikanyego le botlhale,’ Jesu ga a ka a re se ka se dire diphoso. Setlhopha seno sa bakaulengwe ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng se sa ntse se na le Bakeresete ba ba sa itekanelang. Le fa ba na le maitlhomo a a molemolemo, le bone ba ka dira diphoso fela jaaka banna ba ba tshwanang le bone ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tle ba di dire. (Ditiro 10:9-15; Bagalatia 2:8, 11-14) Le fa go ntse jalo, ba na le maitlhomo a a siameng, mme Jehofa o ba dirisa go re naya dilo tse di re thusang go ithuta Baebele gore re nonotshe tumelo ya rona mo Lefokong la Modimo le mo dilong tse a di solofetsang. Sengwe sa konokono se re se neilweng ke motlhanka yono go re thusa go ithuta re le rosi ke Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo. Gone jaanong e teng, e feletse kgotsa bontlhanngwe jwa yone, ka dipuo di le 42 mme go na le dikgatiso di le mmalwa tsa yone tse go gatisitsweng dikhopi tsa tsone di le dimilione tse 114. Re ka e dirisa jang ka tsela e e molemo fa re ithuta re le rosi?—2 Timotheo 3:14-17.

19. New World Translation—With References e na le dikarolo dife tse di ka thusang fa o ithuta o le esi?

19 Ka sekai, akanya ka New World Translation of the Holy Scriptures—With References. E na le dikholomo tsa lenaane la ditemana tse di tsamaisanang, dintlha tse di kwa tlase, khonkhodense e e khutshwafaditsweng ya “Bible Words Indexed” le “Footnote Words Indexed,” le Mametlelelo e e tlhalosang dintlha tse di farologaneng di le 43, go akaretsa dimmapa le ditšhate. Gape go na le “Introduction” e e tlhalosang metswedi e mentsi e e dirisitsweng go dira thanolo eno e e sa tshwaneng le epe ya Baebele. Fa e le gore e teng ka puo e o e tlhaloganyang, itlwaelanye sentle le dikarolo tseno mme o di dirise. Aitsane, Baebele ke yone buka ya konokono e re e ithutang fa re le rosi, mme Thanolo ya Lefatshe le Lesha ke thanolo e e gatelelang sentle leina la Modimo fa e ntse e tlhalosa puso ya Bogosi Jwa Modimo.—Pesalema 149:1-9; Daniele 2:44; Mathaio 6:9, 10.

20. Ke dipotso dife tse jaanong di tlhokang go arabiwa malebana le go ithuta re le rosi?

20 Jaanong re ka nna ra botsa jaana: ‘Ke eng gape se se ka re thusang go tlhaloganya Baebele? Re ka dira jang gore re nne le nako ya go ithuta re le rosi? Re ka dira jang gore go ithuta ga rona go nne le matswela thata? Go ithuta ga rona go tshwanetse ga ama batho ba bangwe jang?’ Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa dintlha tseno tsa botlhokwa tsa kgatelopele ya rona ya Bokeresete.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Fa e sa le ka 1979 tlhwatlhwa ya gouta e ne ya nna e ntse e fetofetoga go tloga mo mading a a kwa godimo a didolara di le 850,00 onse e le nngwe ka 1980 go ya kwa mading a a kwa tlase a didolara di le 252,80 onse e le nngwe ka 1999.

A o A Gakologelwa?

• Go “tlhatlhanya” go kaya eng?

• Re tshwanetse ra nna le boikutlo bofe ka go ithuta Lefoko la Modimo?

• Boikaelelo jwa rona e tshwanetse go nna bofe fa re ithuta re le rosi?

• Ke dilo dife tse di ka re thusang go tlhaloganya Baebele?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Maloko a lelapa la Bethele a fitlhela go nonotsha semoyeng go simolola letsatsi lengwe le lengwe ka go tlhatlhoba temana ya Baebele

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Re ka dirisa nako ka tsela e e mosola ka go reetsa dikhasete tsa Baebele fa re ntse re le mo mosepeleng

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Batho ba ne ba dira ka natla lobaka lo loleele gore ba bone gouta. O dira boiteko jo bo kana kang go ithuta Lefoko la Modimo?

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy of California State Parks, 2002

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Baebele ke letlotlo le le ka re nayang botshelo jo bo sa khutleng