Kabelo ya Rona ya Borongwa E ne Ya Fetoga Legae la Rona
Kgang ya Botshelo
Kabelo ya Rona ya Borongwa E ne Ya Fetoga Legae la Rona
JAAKA GO BOLETSE DICK WALDRON
E ne e le ka Sontaga motshegare ka September 1953. Re ne re sa tswa go goroga kwa South-West Africa (e jaanong e bidiwang Namibia). Re ne re se na le beke re fitlhile kwa nageng eo mme re ne re tlile go tshwara pokano ya phatlalatsa kwa motsemogolong wa teng, Windhoek. Ke eng se se neng se dirile gore re tswe kwa Australia mme re tle mo nageng eno ya Afrika? Nna le mosadi wa me, le makgarebe a mangwe a mararo, re ne re tlile re le barongwa ba dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo.—Mathaio 24:14.
KE TSHOLETSWE kwa karolong e e kgakala ya lefatshe, kwa Australia ka ngwaga wa 1914. Fa ke ne ke sa ntse ke le mosha e ne e le nako ya Kwelotlase e Kgolo ya Ikonomi, mme ke ne ke tshwanetse go dira seabe sa me go thusa go tlamela lelapa la gaetsho. Go ne go se na tiro, mme ke ne ka simolola go tsoma bommutla, ba ba neng ba le bantsi thata kwa Australia. Ka jalo ke ne ke tlisetsa lelapa la gaetsho nama ya mmutla ka metlha.
Ka nako ya fa ntwa ya bobedi ya lefatshe e simologa ka 1939, ke ne ke setse ke bone tiro mo dithekising le mo dibeseng tsa toropokgolo ya Melbourne. Go ne go na le banna ba le 700 ba ba neng ba dira ka go refosana mo dibeseng, mme nako le nako ke ne ke kopana le mokgweetsi kgotsa moduedisi o sele. Ke ne ke na le go botsa jaana, “O mo bodumeding bofe?” mme ke ne ke dira gore ba ntlhalosetse se ba se dumelang. Motho a le esi fela yo o neng a kgona go araba dipotso tsa me ka tsela e e kgotsofatsang e ne e le Mosupi wa ga Jehofa. O ne a ntlhalosetsa se Baebele e se buang ka lefatshe la paradaise, le batho ba ba boifang Modimo Pesalema 37:29.
ba tla tshelelang ruri mo go lone.—Ka nako eo mmè le ene o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa. Gantsi e ne e re fa ke boa ke tswa tirong bosigo, ke ne ke fitlhela ke beetswe dijo le khopi ya makasine wa Consolation (o jaanong o bidiwang Tsogang!). Ke ne ke rata se ke neng ke se bala. Fa nako e ntse e ile ke ne ka bona gore seno ke bodumedi jwa boammaaruri, mme ka simolola go kopanela le phuthego ka ba ka kolobediwa ka May 1940.
Kwa Melbourne go ne go na le legae la babulatsela, kwa go neng go nna badiredi ba le 25 ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa gone. Ke ne ka ya go nna le bone. Letsatsi le letsatsi ke ne ke reetsa maitemogelo a bone a a kgatlhang a tiro ya bone ya go rera, mme le nna ke ne ka nna le keletso ya go nna mmulatsela. Kgabagare ke ne ka dira kopo ya go nna mmulatsela. Kopo ya me e ne ya amogelwa mme ke ne ka bidiwa gore ke ye go direla kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya Australia. Ka go rialo ke ne ka nna leloko la lelapa la Bethele.
Go Tswalelwa mo Kgolegelong le go Thibelwa
Nngwe ya dikabelo tsa me kwa Bethele e ne e le go bereka ka motšhine wa go saga. Re ne re saga dikgong go dira magala a a dirang lookwane. Lookwane lono lo ne lo dirisiwa mo dikoloing tsa ofisi ya lekala ka gonne lookwane lo lo rekisiwang lo ne lo tlhaela ka ntlha ya ntwa. Re ne re le 12 ba re neng re bereka kwa motšhining ono wa go saga, mme rotlhe re ne re tshwanetse go ya go ikwadisetsa bosole. Go ise go ye kae re ne ra atlholelwa go nna dikgwedi di le thataro kwa kgolegelong ka ntlha ya go gana ga rona go ya bosoleng ka mabaka a Baebele. (Isaia 2:4) Re ne ra romelwa kwa polasing nngwe ya kgolegelo gore re ye go dira tiro e e bokete. Ba ne ba re naya tiro efe? Ya go saga dikgong, yone tiro e re neng re rutilwe go e dira kwa Bethele!
Re ne re saga dikgong sentle thata mo e leng gore molaodi wa kgolegelo o ne a re letla go nna le Baebele le dibuka tsa rona tsa Baebele, le fa go ne go na le ditaelo tse di gagametseng tsa gore re se ka ra newa dilo tseno. Ke ne ka ithuta thuto e e botlhokwa thata ya go dirisana le batho ka nako eno. Fa ke ne ke dira kwa Bethele, go ne go na le mokaulengwe mongwe yo ke neng ke sa utlwane le ene. Botho jwa rona bo ne bo farologane thata. O akanya gore ke ne ka nna le mang mo seleng e le nngwe ya kgolegelo? Ee, le ene mokaulengwe yoo. Jaanong re ne re na le nako e ntsi ya gore re itsane botoka, mme ga felela ka gore re nne ditsala tse dikgolo.
Fa nako e ntse e tsamaya tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya thibelwa kwa Australia. Madi otlhe a ne a tsewa mme bakaulengwe ba kwa Bethele ba ne ba se na madi. Nako nngwe mongwe wa bone o ne a tla mo go nna, a nthaya a re: “Dick, ke batla go ya go rera kwa toropong, mme ga ke na ditlhako, ke ditlhako tse ke berekang ka tsone fela.” Ke ne ka itumelela go mo thusa, mme a tswa a ya toropong ka ditlhako tsa me.
Moragonyana ke ne ka utlwa gore o tshwerwe mme o tswaletswe kwa kgolegelong ka ntlha ya go rera. Ke ne ka mo romelela molaetsa o o reng: “Ke maswabi ka se se go diragaletseng. Mme ke itumelela gore ke ne ke se mo ditlhakong tsa me.” Mme go ise go ye kae le nna ke ne ka tshwarwa mme ka tsenngwa mo kgolegelong lekgetlho la bobedi ka ntlha ya go sa batle go ya bosoleng. Fa ke sena go gololwa, ke ne ka abelwa go tlhokomela polasi e e neng e tlamela lelapa la Bethele ka dijo. Ka nako eo re ne re fentse kwa kgotlatshekelo, mme tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya dumelelwa gape.
Go Nyala Moreri yo o Tlhoafetseng
Fa ke ntse ke le kwa polasing, ke ne ka simolola go akanyetsa kgang ya lenyalo thata mme ke ne ka kgatlhegela kgaitsadi mongwe yo mmotlana wa mmulatsela, e bong Coralie Clogan. Nkukuagwe Coralie e ne e le ene wa ntlha go kgatlhegela molaetsa wa Baebele mo lelapeng la gabone. Fa a ne a lwala mme a tloga a swa, o ne a raya mmaagwe Coralie, e bong Vera a re: “Godisa bana ba gago gore ba rate Modimo ba bo ba mo direle, mme letsatsi lengwe re tla kopana kwa lefatsheng la Paradaise.” Moragonyana, fa mmulatsela mongwe a ne a tla kwa ga Vera a tshwere bukana ya Millions Now Living Will Never Die, mafoko ao a ne a simolola go nna le bokao mo go ene. Bukana eno e ne ya bontsha Vera gore e ne e le boikaelelo jwa Modimo gore batho ba itumelele botshelo mo lefatsheng la paradaise. (Tshenolo 21:4) O ne a kolobediwa mo masimologong a bo1930, mme fela jaaka mmaagwe a ne a mo kgothaditse, o ne a thusa bomorwadie ba le bararo—Lucy, Jean, le Coralie—go rata Modimo. Le fa go ntse jalo, rraagwe Coralie o ne a ganetsa bodumedi jo ba lelapa la gagwe ba neng ba le mo go jone, fela jaaka Jesu a ne a tlhagisa gore go tla direga mo malapeng.—Mathaio 10:34-36.
BooraClogan e ne e le lelapa le le itseng go opela; mme mongwe le mongwe wa bana ba bone o ne a kgona go tshameka diletswa. Coralie o ne a tshameka baeyolene, mme ka 1939, a na le dingwaga di le 15, o ne a newa dipoloma mo mminong. Fa Ntwa ya Lefatshe II e simolola, Coralie o ne a akanya ka masisi ka isagwe ya gagwe. E ne e le nako ya gore a dire tshwetso ka se a tlileng go se dira ka botshelo jwa gagwe. Ka fa letlhakoreng le lengwe, o ne a ka bereka mo go tsa mmino. O ne a setse a kopilwe gore a letse mo Melbourne Symphony Orchestra. Ka fa letlhakoreng le lengwe, o ne a ka dirisa nako ya gagwe go dira tiro e e molemolemo ya go rera molaetsa wa Bogosi. Fa Coralie a sena go akanyetsa seno thata, ene le bomogolowe ba babedi ba ne ba kolobediwa ka 1940 mme ba baakanyetsa go tsenela tiro ya go rera ya nako e e tletseng.
Ka bonako fela fa Coralie a sena go dira tshwetso ya go tsenela tiro ya nako e e tletseng mokaulengwe mongwe yo o nang le maikarabelo mo lekaleng la Australia, e bong Lloyd Barry, yo moragonyana a neng a direla mo Setlhopheng se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, o ne a buisana le ene. O ne a sa tswa go neela puo kwa Melbourne mme a raya Coralie a re: “Ke boela kwa Bethele. A ga o batle go tsamaya le nna ka terena mme o ye go nna leloko la lelapa la Bethele?” O ne a tsamaya le ene.
Coralie le bokgaitsadi ba bangwe ba lelapa la Bethele ba ne ba dira tiro ya botlhokwa ya go naya bakaulengwe kwa Australia dikgatiso tsa Baebele fa tiro ya bone e ne e thibetswe ka dingwaga tsa ntwa. Tota e bile ba ne ba dira tiro e ntsi ya go gatisa ba okametswe ke Mokaulengwe Malcolm Vale. Dibuka tsa The New World le Children di ne di gatisiwa le go tshwaraganngwa, mme go ne ga gatisiwa dikgatiso tsotlhe tsa Tora ya Tebelo mo dingwageng tse di fetang tse pedi tsa fa re ne re thibetswe.
Motšhine o o gatisang o ne o tshwanelwa ke go fudusiwa makgetlho a ka nna 15 gore mapodise a se ka a o bona. Ka lekgetlho lengwe, go ne go gatisiwa dibuka tsa Baebele mo phaposing e e kwa tlase ya kago e go neng go gatisiwa dilo tse dingwe fela mo go yone gore ba se ka ba tshwarwa. Fa kgaitsadi yo o berekang kwa lefelong le batho ba gorogelang kwa go lone a ne a bona kotsi nngwe e e tlang o ne a tobetsa konopo e e neng e letsa tshipi kwa phaposing e e kwa tlase, gore bokgaitsadi ba ba koo ba kgone go fitlha dibuka pele ga kago e tlhatlhobiwa.
Nako nngwe fa go ntse go phuruphutshiwa, bokgaitsadi bangwe ba ne ba tshogile tota fa ba lemoga gore khopi ya makasine wa Tora ya Tebelo e ne e le mo godimo ga tafole mo e bonwang ke botlhe. Lepodise le ne la tsena, la baya kgetsi ya lone mo godimo ga Tora ya Tebelo eno, mme la simolola go phuruphutsha. Fa a sa bone sepe, o ne a tsaya kgetsi ya gagwe a tswa a tsamaya!
Fa thibelo e sena go tlosiwa e bile bakaulengwe ba buseditswe dithoto tsa lekala, ba le bantsi ba bone ba ne ba newa sebaka sa go ya tshimong go ya go nna babulatsela ba ba kgethegileng. E ne ya nna gone fa Coralie a ne a ithaopela go ya Glen Innes. Ke ne ka ya go nna le ene koo fa re ne re nyalana ka January 1, 1948. Fa re tswa kwa kabelong eo, go ne go na le phuthego e e golang koo.
Go tswa koo re ne ra abelwa go ya kwa Rockhampton, mme re ne re sa kgone go bona lefelo le re ka nnang mo go lone koo. Ka jalo re ne ra tlhoma tente mo lebaleng la polasi ya motho mongwe yo o neng a kgatlhega. Tente eo e ne e tlile go nna legae la rona mo dikgweding di le robongwe tse di latelang. Gongwe re ka bo re ne re nnile lobaka lo lo fetang loo mo go yone, mme e ne ya re fa go tla *
paka ya dipula, difefo di ne tsa gagolaka tente eo mme dipula tsa matsorotsoro tsa feta le yone.Go Fudugela Kwa Kabelong ya Kwa Nageng e Sele
Fa re le kwa Rockhampton, re ne ra amogela taletso ya gore re ye go kopanela le setlhopha sa bo19 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade go ya go thapisediwa go nna barongwa. Mme re ne ra romelwa jalo kwa nageng e ka nako eo e neng e bidiwa South-West Africa fa re sena go aloga ka 1952.
Baruti ba Labokeresete ba ne ba bontsha ka bonako gore ba ikutlwa jang ka tiro ya rona ya borongwa. Sontaga mongwe le mongwe, ka dibeke di le thataro tse di neng di latelana, ba ne ba tlhagisa diphuthego tsa bone ka rona fa ba rera. Ba ne ba raya batho ba re ba se ka ba re bulela dikgoro e bile ba se ka ba re letla gore re bale Baebele, ka gonne re ne re tla ba tlhakanya tlhogo. Mo lefelong lengwe, re ne ra tsamaisa dikgatiso di le mmalwa, mme moruti o ne a tsamaya a re setse morago ka ntlo le ntlo a di tsaya. Letsatsi lengwe re ne re tlotla le moruti yoo mo phaposing e a ithutelang mo go yone mme ra bona gore o na le dibuka tse dintsi tsa rona.
Go ise go ye kae balaodi ba lefelo leo le bone ba simolola go bontsha gore ba tshwenngwa ke tiro ya rona. Ba ne ba belaela gore re ka tswa re amana ka tsela nngwe le Makomonisi, mme ga go na pelaelo gore e ne e le ka ntlha ya se baruti ba neng ba se ba bolelela. Ka jalo re ne ra gatisiwa menwana, mme bangwe ba batho ba re neng re ba etela ba ne ba botsolodiwa. Le fa re ne re ganediwa jalo, batho ba ba neng ba tla dipokanong tsa rona ba ne ba ntse ba oketsega.
Go tloga fela fa re simolola re nna koo, re ne re eletsa thata go anamisa molaetsa wa Baebele mo gare ga Baovambo, Baherero, le Banama. Le fa go ntse jalo, go ne go se motlhofo. Ka nako eo, South-West Africa e ne e le kafa tlase ga puso ya tlhaolele ya Afrika Borwa. Ka re ne re le basweu, re ne re sa letlelelwa go rera mo mafelong a go nnang batho ba bantsho mo go one re se na tetla ya puso. Re ne re ntse re e kopa gangwe le gape, mme ba ne ba gana go e re naya.
Fa re sena go direla kwa nageng e sele dingwaga di le pedi, re ne ra diragalelwa ke sengwe se re neng re sa se lebelela. Coralie o ne a le moimana. Ka October 1955, go ne ga tsholwa morwadiarona, e bong Charlotte. Le mororo re ne re ka se ka ra kgona go tswelela re le barongwa, ke ne ka kgona go bona tiro ya nakwana mme ka tswelela pele ke le mmulatsela.
Dithapelo Tsa Rona di a Arabiwa
Ka 1960 re ne ra lebana le kgwetlho e nngwe. Coralie o ne a amogela lekwalo le le neng le tlhalosa gore mmaagwe o lwala thata, mme fa Coralie a ka se ka a tla gae, a ka nna a se ka a tlhola a bona
mmaagwe gape. Ka jalo re ne ra rulaganyetsa go tswa mo South-West Africa mme re fudugele gape kwa Australia. Ke fa go direga—ka yone beke e re neng re tshwanetse go tsamaya ka yone, ke ne ka amogela tetla go tswa kwa balaoding ya gore nka tsena mo lefelong la batho ba bantsho kwa Katutura. Re ne re tla dirang jaanong? A re ne re ka busa lekwalo leno la tetla morago ga go leka ka dingwaga di le supa go le bona? Re ne re ka nna ra ipolelela gore ba bangwe ba ne ba ka tswelela fa re tlogetseng teng. Mme a seno e ne e se mpho e e tswang kwa go Jehofa, a araba dithapelo tsa rona?Ke ne ka dira tshwetso ka bonako. Ke ne ka swetsa gore ke sale, ka ke ne ke tshaba gore fa re ne re ka tsamaya rotlhe ra ya Australia, re ne re se kitla re kgona go bona tetla ya go nna baagi ba naga eno. Letsatsi le le latelang ke ne ka busa thekete ya mokoro mme ka romela Coralie le Charlotte kwa Australia gore ba ye malatsing a maleele a boikhutso.
Fa ba ntse ba ile, ke ne ka simolola go rerela batho ba ba nnang mo makeisheneng a batho ba bantsho. Batho ba teng ba ne ba kgatlhega tota. Fa Coralie le Charlotte ba boa, batho ba le mmalwa go tswa kwa lekeisheneng la batho ba bantsho ba ne ba tla dipokanong tsa rona.
Ka nako eno, ke ne ke na le koloi ya bogologolo e ke neng ke pega batho ba ba kgatlhegang go tla dipokanong mo go yone. Mo pokanong nngwe le nngwe, ke ne ke boaboa ganè kgotsa gatlhano ke pegile batho ba le supa, ba le robedi kgotsa ba le robongwe. Fa motho wa bofelo a fologa mo koloing, Coralie o ne a tle a mpotse jaana a dira motlae: “O tsentse ba le bakae gape ka fa tlase ga setulo?”
Gore re kgone go atlega mo tirong ya go rera, re ne re tlhoka dibuka ka puo ya batho bao. Ka jalo ke ne ka rulaganyetsa gore pampitshana ya Life in a New World e ranolelwe mo dipuong tse nnè tsa lefelo leno: Seherero, Senama, Sendonga, le Sekwanyama. E ne e ranolwa ke batho ba ba rutegileng ba re neng re ithuta Baebele le bone, mme ke ne ke tshwanelwa ke go nna le bone gore ke bone gore ba ranola polelo nngwe le nngwe sentle. Senama ke puo e e se nang mafoko a mantsi. Ka sekai, ke ne ke leka go tlhalosa ntlha eno: “Kwa tshimologong, Adame o ne a itekanetse.” Moranodi o ne a ingwaya tlhogo mme a re ga a gakologelwe lefoko la puo ya Senama le le ranolang “itekanetse.” La bofelo a re: “Ke le gakologetswe jaanong. Kwa tshimologong, Adame o ne a tshwana le perekise e e buduleng.”
Re Itumeletse Kabelo ya Rona
Go setse go fetile dingwaga tse 49 fa re sa le re fitlha mo nageng eno, e gone jaanong e bidiwang Namibia. Ga re tlhole re tlhoka tetla ya go tsena mo makeisheneng a go nnang batho ba bantsho mo go one. Namibia e na le puso e e sa tlhaoleng batho ka mmala. Gompieno mo Windhoek re na le diphuthego tse nnè tse dikgolo tse di kopanelang mo Diholong Tsa Bogosi tse dintle.
Re ile ra akanya gantsi ka mafoko a re a boleletsweng kwa Gileade: “Dira kabelo ya gago ya kwa nageng e sele go nna legae la gago.” Ka tsela e Jehofa a ileng a tsamaisa dilo ka teng, re tlhomamisegile gore e ne e le thato ya gagwe gore naga eno e sele e nne legae la rona. Re ithutile go rata bakaulengwe ba ditso tse di farologaneng. Re ile ra tshega le bone fa ba itumetse mme ra lela le bone fa ba hutsafetse. Gone jaanong, bangwe ba batho ba re neng re tlhola re ba pega mo koloing ya rona re ba isa kwa dipokanong ke dipilara mo diphuthegong tsa bone. Fa re ne re fitlha mo nageng eno e kgolo ka 1953, go ne go na le baboledi ba ba kwa tlase ga ba le some ba ba neng ba rera dikgang tse di molemo. Go tswa mo palong eo e nnye, palo ya rona e oketsegile go nna baboledi ba ba fetang 1 200. Fela jaaka Jehofa a ile a solofetsa, o dirile gore go nne le koketsego koo rona le ba bangwe re neng re ‘jala le go nosetsa’ gone.—1 Bakorintha 3:6.
Fa re akanya ka dingwaga tse dintsi tse re nnileng mo tirelong ka tsone, go simolola kwa Australia mme jaanong mo Namibia, nna le Coralie re kgotsofetse thata. Re solofela e bile re rapela gore Jehofa o tla tswelela a re naya maatla a go dira thato ya gagwe gone jaanong le ka bosakhutleng.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 22 Pego e e kgatlhang, e go sa umakwang maina ape mo go yone e e bontshang se BooraWaldron ba neng ba se itshokela mo kabelong eno e e thata e kwadilwe mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa December 1, 1952, ditsebe 707-8 (ka Seesemane).
[Setshwantsho mo go tsebe 26, 27]
Re fudugela kwa kabelong ya rona kwa Rockhampton, Australia
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Kwa boemakepeng fa re ya kwa Sekolong sa Gileade
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Go rera mo Namibia go re itumedisa thata