Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mo Tafoleng ya Kapotene

Mo Tafoleng ya Kapotene

Mo Tafoleng ya Kapotene

BATHO ba ba kgatlhang, dijo tse di monate, le go nna le motlotlo o o itumedisang di dira gore go nne monate go jela fa tafoleng ya kapotene fa o tsere loeto lwa sekepe. Mme motlotlo o o neng wa tsewa mo tafoleng ya ga Kapotene Robert G. Smith, yo o neng a bereka mo khampaning ya dikepe e e neng e bidiwa White Star Line, e ne e le wa mokete wa dijo tsa semoya.—Isaia 25:6.

Ka 1894, fa Robert a ne a na le dingwaga di le 24, o ne a nna kapotene wa sekepe sa Kinclune of Dundee fa se ne se tsaya loeto lwa sone lwa ntlha lwa go dikologa lefatshe. Morago ga moo o ne a nna kapotene wa dikepe tsa White Star tse di jaaka, Cedric, Cevic, le Runic. * Fa Robert a ne a kgabaganya Lewatle la Atlantic ka sengwe sa dikepe tseo a tswa kwa New York a ya Liverpool, kwa Engelane, o ne a nna le Charles Taze Russell kwa tafoleng ya kapotene. Motlotlo o Robert a nnileng le one le Russell o ne wa dira gore a kgatlhegele molaetsa wa Baebele, mme o ne a itumelela go tsaya dikhopi tsa buka ya Studies in the Scriptures mo go Russell, gore a kgone go ithuta mo go oketsegileng.

Russell o ne a nna a ikgolaganya le Robert ka makwalo, mme seo se ne sa dira gore Robert a kgatlhegele molaetsa wa Baebele thata. Robert o ne a bolelela mosadi wa gagwe dilo tse a neng a sa tswa go di ithuta. Go ise go ye kae, boobabedi ba ne ba nna Baithuti ba ba matlhagatlhaga ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsiwe ka nako eo. Moragonyana Robert o ne a nna le tshiamelo ya go neela dipuo tsa Baebele. Ka sekai, kwa Brisbane, kwa Australia, o ne a bua ka “Balema ya Gileade” mme a bontsha kafa Lefoko la Modimo le nang le molaetsa o e leng “pheko ya mathata otlhe a lefatshe.” Kwa Engelane, mosadi wa gagwe le bana ba gagwe ba babotlana ba ne ba thusa go bontsha diselaete tsa “Photo-Drama of Creation,” ba tshameka direkoto tsa dipuo tsa ga Russell fa diselaete di ntse di tsweletse.

Robert o ne a naya bana ba gagwe boswa jwa boammaaruri jwa Bogosi jo a neng a bo amogetse. Gompieno, morago ga dikokomana tse tlhano, maloko a le 18 a lelapa leno a tlhagafaletse go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo, ba lebogela dijo tsa semoya tse di neng tsa jewa fa tafoleng ya kapotene.

Basupi ba ga Jehofa ba thusa batho mo lefatsheng lotlhe go ithuta ka molaetsa wa Baebele o o neng wa kgatlha Kapotene Smith, ba dirisa dibuka tsa bone e bile ba dira tiro ya bone ya go ruta Baebele. Le wena o ka ithuta gore ke eng se se neng se kgatlha thata jalo mo tafoleng ya kapotene.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Kapotene E. J. Smith (ga ba amane ka gope ka losika) e ne e le kapotene wa sekepe sa Titanic, e leng sekepe se sengwe se se tshwanang le tseno, se se neng sa senyega fa se ne se tsaya loeto lwa sone lwa ntlha.

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Robert G. Smith

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Charles T. Russell