Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nonotshang Diatla Tsa Lona

Nonotshang Diatla Tsa Lona

Nonotshang Diatla Tsa Lona

MO Baebeleng, go buiwa ka seatla ka makgetlho a a fetang 1 800. Go dirisiwa maele a a farologaneng a a buang ka seatla. Ka sekai, seatla se se phepa se raya gore motho ga a na molato. (2 Samuele 22:21; Pesalema 24:3, 4) Go bula seatla go raya go nna pelotshweu mo bathong ba bangwe. (Duteronome 15:11; Pesalema 145:16) Fa motho a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing, ga twe o tsenya moya wa gagwe mo seatleng sa gagwe. (1 Samuele 19:5) Go repisa diatla go raya go kgobega marapo. (2 Ditiragalo 15:7) Mme fa motho a nonotsha seatla ke fa a na le maatla a go dira sengwe.—1 Samuele 23:16.

Gompieno go potlakile gore re nonotshe diatla tsa rona. Re tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.’ (2 Timotheo 3:1) Fa re kgobega marapo, gantsi re a itlhoboga, re repisa diatla. Go tlwaelegile gore basha ba tlogele sekolo, banna ba tlogele malapa a bone mme bommè ba tlogele bana ba bone. Jaaka Bakeresete re tlhoka go nonotsha diatla tsa rona gore re kgone go itshokela diteko tse re nnang le tsone fa re ntse re direla Modimo. (Mathaio 24:13) Fa re dira jalo, re itumedisa pelo ya ga Jehofa.—Diane 27:11.

Kafa Diatla di Nonotshiwang ka Teng

Bajuda ba motlha wa ga Esera ba ne ba tshwanetse go nonotsha diatla tsa bone gore ba kgone go fetsa go agiwa sesha ga tempele ya ga Jehofa kwa Jerusalema. Diatla tsa bone di ne tsa nonotshiwa jang? Pego ya re: “Ba tswelela go tshwara moletlo wa dikuku tse di sa bedisiwang malatsi a le supa ka boipelo; gonne Jehofa o ne a dirile gore ba ipele, e bile o ne a retoloseditse pelo ya kgosi ya Asiria kwa go bone gore e nonotshe diatla tsa bone mo tirong ya ntlo ya Modimo wa boammaaruri, Modimo wa Iseraele.” (Esera 6:22) Go bonala sentle gore moya o o dirang wa ga Jehofa o ne wa tlhotlheletsa “kgosi ya Asiria” gore e letle batho ba Modimo gore ba boe, mme O ne a tlhotlheletsa batho ba gagwe gore ba fetse tiro e ba neng ba e simolotse.

Moragonyana, fa dipota tsa Jerusalema di ne di tlhoka go baakanngwa, Nehemia o ne a nonotsha diatla tsa batho ba gabone gore ba dire tiro. Re bala jaana: “Ka tswelela ka ba bolelela ka seatla sa Modimo wa me, gore se ne se le molemo jang mo go nna, le ka mafoko a kgosi a e neng e a buile le nna. Foo ba re: ‘A re nanogeng, mme re ageng.’ Ka jalo ba nonotsha diatla tsa bone go dira tiro e e molemo.” Nehemia le Bajuda ba gabone ba ne ba kgona go aga sesha dipota tsa Jerusalema mo malatsing a le 52 fela ka gonne ba ne ba nonotshitse diatla tsa bone!—Nehemia 2:18; 6:9, 15.

Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o nonotsha diatla tsa rona go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. (Mathaio 24:14) O dira seno ka go ‘re tlhomelela ka selo sengwe le sengwe se se molemo gore re dire thato ya gagwe.’ (Bahebera 13:21) O re neile didirisiwa tse di molemo thata. Re na le Baebele le dibuka tse di theilweng mo Baebeleng, dimakasine, diboroutšhara, dipampitshana, le dikhasete le dibidio tse re ka di dirisang go fitlhelela batho mo lefatsheng lotlhe. Tota e bile, dikgatiso tsa rona di gone ka dipuo di feta 380. Mo godimo ga moo, Jehofa o dirisa dipokano tsa phuthego, dikopano tse dinnye le tse dikgolo go re naya thuto ya Modimo le go re thapisa gore re ka dirisa jang didirisiwa tse di molemo tseno go dira bodiredi jwa rona.

Le fa gone Jehofa a nonotsha diatla tsa rona ka ditsela tse di farologaneng, gone o lebeletse gore le rona re dire ka natla. Gakologelwa se moporofeti Elisha a neng a se bolelela Kgosi Jehoashe, yo a neng a tla go kopa Elisha gore a mo thuse go lwantsha Baasiria ba ba neng ba mo tlhasetse. Elisha o ne a re kgosi e tseye metswi mengwe mme e iteye fa fatshe ka yone. Pego ya Baebele ya re: “Ka jalo a itaya gararo mme a emisa. Mme monna wa Modimo wa boammaaruri a mo galefela; ka gone a re: ‘Go ne go tshwanetse go itewa ga tlhano kgotsa garataro! Ka tsela e e ntseng jalo o ne o tla kgemetha Siria go fitlha o e fedisa, mme jaanong o tla kgemetha Siria gararo.’” (2 Dikgosi 13:18, 19) Ka gonne Jehoashe a ne a sa iteka ka natla, ga a ka a kgona go fenya Baasiria gotlhelele.

Le rona re tshwanetse go dirisa molaomotheo o o tshwanang fa re batla go dira tiro e Jehofa a re neileng yone. Go na le gore re tshwenyege ka dilo tse di re kgoreletsang kgotsa re tshwenyege ka gore tiro eo e thata go le kana kang, re tshwanetse go e dira ka tlhoafalo le ka pelo yotlhe. Re tshwanetse go nonotsha diatla tsa rona le go ikaega ka Jehofa gore a re thuse.—Isaia 35:3, 4.

Jehofa o Tla Nonotsha Diatla Tsa Rona

Jehofa ga a kitla a palelwa ke go re thusa le go nonotsha diatla tsa rona go dira thato ya gagwe. Le gale, Modimo ga a kitla a dira kgakgamatso a bo a re direla sengwe le sengwe. O lebeletse gore le rona re dire seabe sa rona—re bale Baebele letsatsi le letsatsi, re baakanyetse dipokano le go nna kwa go tsone ka metlha, re nne le seabe mo bodireding ka moo re ka kgonang ka teng, e bile re mo rapele ka metlha. Fa re dira seabe sa rona ka boikanyego le ka tlhoafalo fa re sa ntse re bulegetswe ke sebaka, Jehofa o tla re naya maatla a go dira se a batlang gore re se dire.—Bafilipi 4:13.

Akanya ka Mokeresete mongwe yo o neng a swelwa ke mosadi le mmaagwe mo ngwageng o le mongwe. O ne a sa ntse a utlwile botlhoko fa ngwetsi ya gagwe e tlogela monna wa gagwe e bo e tlogela tsela ya Bokeresete. Mokaulengwe yono o ne a re: “Ke ne ka ithuta gore ga re kgone go itlhophela diteko, e bile ga re itlhophele gore di tle leng kgotsa gore di tle ga kae.” O kgona jang go tswelela pele a itshokile? A re: “Ke thusitswe thata ke thapelo le thuto ya botho. Go engwa nokeng ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba semoya go nkgomoditse fela thata. Mo godimo ga tsotlhe, ke ithutile botlhokwa jwa go nna le kamano e e gaufi le Jehofa pele ga mathata a tla.”

Go sa kgathalesege gore o diragaletswe ke eng mo botshelong, ikemisetse go ikanya Jehofa ka botlalo le go dirisa dithulaganyo tsotlhe tse a di dirang go go nonotsha diatla. Fa o dira jalo o tla kgona go direla Jehofa tirelo ya boleng jo bo kwa godimo, mme ka tsela e e ntseng jalo o tla baka le go tlotla leina la gagwe le le botlhokwa thata.—Bahebera 13:15.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Ka gonne Jehoashe a ne a sa iteka ka natla, ga a ka a kgona go fenya Baasiria gotlhelele