Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se Joshua a Neng a se Gakologelwa

Se Joshua a Neng a se Gakologelwa

Se Joshua a Neng a se Gakologelwa

JEHOFA o ne a re: “Moshe motlhanka wa me o sule; mme jaanong nanoga, kgabaganya Joredane eno, wena le setšhaba seno sotlhe, o tsene mo lefatsheng le ke le ba nayang.” (Joshua 1:2) Joshua o ne a neilwe tiro e e bokete! O ne a nnile motlhokomedi wa ga Moshe ka dingwaga di ka nna 40. Jaanong o ne a bolelelwa gore a tseye maemo a mong wa gagwe mme a etelele pele bana ba Iseraele ba gantsi ba neng ba le ditlhogo di thata, go ya kwa Nageng e e Solofeditsweng.

Fa Joshua a akanya ka se se neng se tlile go direga, gongwe o ne a akanya thata ka diteko tse a neng a kile a lebana le tsone mme a di fenya. Ga go na pelaelo gore se Joshua a neng a se gakologelwa se ne sa mo thusa thata ka nako eo, mme se ka thusa le Bakeresete gompieno.

Motlhanka o Nna Molaodi

Joshua o ne a gakologelwa dingwaga tse dintsi tsa botlhanka. (Ekesodo 1:13, 14; 2:23) Re ka akanyetsa fela gore Joshua o ne a diragalelwa ke eng ka nako eo ka gonne Baebele ga e bue ka botlalo gore o ne a diragalelwa ke eng. Joshua o ka tswa a ne a ithutile go rulaganya dilo sentle fa a ne a direla kwa Egepeto, e bile o ka tswa a ne a thusa go rulaganya go tshaba ga Bahebera le “batho ba bantsi ba ba kopakopaneng” go tswa kwa nageng eo.—Ekesodo 12:38.

Joshua e ne e le wa lelapa la lotso lwa Eferaime. Rraagwemogolo, e bong Elishama e ne e le kgosana ya lotso loo e bile go lebega a ne a etelela pele lengwe la makgamu a ditso tse tharo tsa Iseraele la banna ba le 108 100 ba ba neng ba tshotse dibetsa. (Dipalo 1:4, 10, 16; 2:18-24; 1 Ditiragalo 7:20, 26, 27) Le fa go ntse jalo, fa Baamaleke ba ne ba tlhasela Iseraele fa Baiseraele ba sena go tswa kwa Egepeto, Moshe o ne a kopa Joshua gore a rulaganye tsela e ba neng ba tla itshireletsa ka yone. (Ekesodo 17:8, 9a) Ke eng fa a ne a kopa Joshua, a sa kope rraagwemogolo

kgotsa rraagwe? Kakantsho e nngwe ke gore: “Mo go Moshe, [Joshua] e ne e le ene moeteledipele yo o neng a tshwanelwa ke go tlhopha le go rulaganya masole ka gonne e ne e le kgosana ya lotso lwa botlhokwa lwa Eferaime, e bile a ne a itsege a na le bokgoni jwa go rulaganya dilo, e bile batho ba mo ikanya thata.”

Go sa kgathalesege gore lebaka le le neng le dira gore Joshua a tlhophiwe e ne e le eng, o ne a dira fela jaaka Moshe a mo laetse. Le fa Baiseraele ba ne ba sa tlwaela go tlhabana, Joshua o ne a tlhomamisegile gore Modimo o ne a tla ba thusa. Ka jalo, o ne a tlhomamisega le go feta fa Moshe a ne a mo raya a re, “ka moso ke ema mo godimo ga thota, thobane ya Modimo wa boammaaruri e le mo seatleng sa me.” Joshua o tshwanetse a bo a ne a gakologelwa gore Jehofa o ne a sa tswa go fedisa sesole se se maatla sa nako eo. Mo letsatsing le le latelang, fa Moshe a ne a tsholetsa diatla tsa gagwe go fitlha letsatsi le phirima, go ne go se na mmaba ope yo o neng a ka tlhabana le Iseraele, mme Baamaleke ba ne ba fentswe. Go tswa foo Jehofa o ne a laela Moshe gore a kwale buka mme a “ise mo ditsebeng tsa ga Joshua” taelo eno ya Modimo: “Ke tla phimola kgakologelo ya Amaleke gotlhelele kafa tlase ga magodimo.” (Ekesodo 17:9b-14) Ee, ruri Jehofa o ne a tla diragatsa katlholo eo ya gagwe.

E le Motlhanka wa ga Moshe

Se se ileng sa direga fa gare ga bone le Amaleke se ile sa dira gore Joshua le Moshe ba atamalane le go feta. Joshua o ne a nna le tshiamelo ya go nna motlhokomedi kgotsa “modiredi” wa ga Moshe “go simolola bokaung jwa gagwe” go fitlha Moshe a swa, lobaka lwa dingwaga di ka nna 40.—Dipalo 11:28.

Tiro eo e ne e dira gore a nne le ditshiamelo tse di kgethegileng le maikarabelo. Ka sekai, fa Moshe, Arone, bomorwa Arone le banna ba bagolwane ba le 70 ba Iseraele ba ne ba tlhatloga Thaba ya Sinai mme ba bona pono ya kgalalelo ya ga Jehofa, Joshua o ka tswa a ne a na le bone. Fa a ne a direla jaaka motlhokomedi, o ne a fetela kwa pele le Moshe ba tlhatloga thaba mme go lebega a ne a eme kgakajana fa Moshe a ne a tsena mo lerung le le neng le tshwantshetsa go nna teng ga ga Jehofa. Go lebega Joshua a ile a nna kwa thabeng malatsi a le 40 le masigo a le 40. O ne a emela mong wa gagwe gore a boe, ka gonne fa Moshe a ne a simolola go fologa ka dikwalelo tsa Tshupo, Joshua o ne a le foo a mo kgatlhantsha.—Ekesodo 24:1, 2, 9-18; 32:15-17.

Morago ga tiragalo ele ya gore Baiseraele ba obamele namane ya gouta, Joshua o ne a tswela pele a tlhokometse Moshe kwa mogopeng wa bokopanelo kwa ntle ga bothibelelo. Fa ba le koo Jehofa o ne a bua le Moshe ba lebane difatlhego. Mme fa Moshe a boela kwa bothibelelong Joshua “o ne a sa tloge mo teng ga mogope.” Gongwe go ne go tlhokega gore a nne teng go thibela Baiseraele go tsena mo mogopeng ba se phepa. Joshua o ne a tsaya boikarabelo joo ka tsela e e masisi tota!—Ekesodo 33:7, 11.

Go bo Joshua a ne a le tsala ya ga Moshe, yo go ya ka rahisitori Josephus a neng a mo feta ka dingwaga tse 35, go tshwanetse ga bo go ne ga nonotsha tumelo ya ga Joshua fela thata. Ga twe kamano ya bone ke “go kopana ga motho yo o godileng le mosha, ga morutisi le yo o rutwang” mo go neng ga felela ka gore Joshua e nne “monna yo o nang le maikemisetso, yo o ikanyegang.” Ga re na baporofeti ba ba tshwanang le Moshe mo gare ga rona gompieno, mme mo diphuthegong tsa batho ba ga Jehofa go na le batho ba ba godileng ba ba nonotshang ba bangwe e bile ba ba kgothatsa, ka ntlha ya maitemogelo a bone le bomoya jwa bone. A o a ba anaanela? A o solegelwa molemo ke go nna mo gare ga bone?

Setlhola Kwa Kanana

Tiragalo ya botlhokwa thata mo botshelong jwa ga Joshua e ne ya diragala fela fa Baiseraele ba sena go amogela Molao. O ne a tlhophilwe gore a emele lotso lwa gabone go ya go tlhola Naga e e Solofeditsweng. Kgang eno e itsege sentle. Ditlhola tsotlhe tse 12 di ne tsa dumalana gore eleruri naga eo e ne e “elela mashi le tswina ya dinotshe,” fela jaaka Jehofa a ne a solofeditse. Le fa go ntse jalo, ba le some mo go bone ba ne ba boifa gore Baiseraele ba ne ba ka se kgone go leleka banni ba naga eo. Ke Joshua le Kalebe fela ba ba neng ba kgothatsa batho gore ba se ka ba tsuologa ka ntlha ya go boifa, ka gonne eleruri Jehofa o ne a tla nna le bone. Fa ba rialo, botlhe ba ba neng ba phuthegile ba ne ba ngongorega mme ba batla go ba kgobotletsa ka maje. Gongwe ba ka bo ba ne ba dira jalo fa Jehofa a ne a sa tsenelela ka go bontsha kgalalelo ya gagwe. Ka gonne ba ne ba se na tumelo, Modimo o ne a laela gore go se ka ga nna le ope wa ba ba neng ba kwadisitswe kwa Iseraele, go simolola ka ba ba nang le dingwaga di le 20 go ya kwa godimo, yo o neng a tla tsena kwa Kanana. Mo go bano, go ne ga falola fela Joshua, Kalebe le Balefi.—Dipalo 13:1-16, 25-29; 14:6-10, 26-30.

A batho bano botlhe ba ne ba sa bona ditiro tsa ga Jehofa tse di maatla kwa Egepeto? Ke eng se se neng se dira gore Joshua a nne le tumelo mo Modimong fa bontsi jwa batho ba ne ba belaela? Joshua o tshwanetse a bo a ne a nna a gakologetswe sotlhe se Jehofa a neng a se solofeditse le se a neng a se dirile, mme o ne a akanya ka dilo tseno. Dingwaga tse dintsi moragonyana o ne a ka bua a re ‘ga go na le fa e le lefoko le le lengwe le le sa diragadiwang mo mafokong otlhe a a molemo a Jehofa a neng a a buile le Baiseraele. A ne a diragala otlhe fela.’ (Joshua 23:14) Ka jalo Joshua o ne a na le tumelo ya gore ruri ditsholofetso tsotlhe tsa ga Jehofa tse di malebana le isagwe le tsone di ne di tla diragadiwa. (Bahebera 11:6) Seno se tshwanetse go dira gore motho a ipotse jaana: ‘Go tweng ka nna? A maiteko a ke a dirang go ithuta le go akanya ka ditsholofetso tsa ga Jehofa a ntlhomamiseditse gore di a ikanyega? A ke dumela gore Modimo o ka ntshireletsa mmogo le batho ba gagwe mo pitlaganong e kgolo e e tlang?’

Joshua ga a ka a bontsha tumelo fela mme gape o ne a nna pelokgale go dira se se siameng. Ke ene le Kalebe fela ba ba neng ba emela Jehofa, mme phuthego yotlhe e ne e batla go ba kgobotletsa. Wena o ne o tla ikutlwa jang? A o ne o tla boifa? Joshua ga a ka a boifa. Ene le Kalebe ba ne ba bua ba tlhomame ka se ba neng ba se dumela. Letsatsi lengwe go ka nna ga tlhokega gore le rona re dire se se tshwanang go bontsha gore re ikanyega mo go Jehofa.

Kgang ya ditlhola gape e re ruta gore leina la ga Joshua le ne la fetolwa. Moshe o ne a tsenya noko e e emelang leina la Modimo mo leineng la gagwe la ntlhantlha, e bong Hoshea, le le rayang “Poloko,” mme a mmitsa Jehoshua, kgotsa Joshua—“Jehofa ke Poloko.” Thanolo ya Septuagint ya re leina la gagwe ke “Jesu.” (Dipalo 13:8, 16) Joshua o ne a dira go ya ka leina la gagwe, mme a bolela ka bopelokgale gore Jehofa ke poloko. Leina la ga Joshua le ne le ka se fetolwe fela. Go bo le fetotswe go bontsha gore Moshe o ne a tseela botho jwa ga Joshua kwa godimo, e bile go ne go tsamaisana le seabe sa ga Joshua se se kgethegileng se a neng a tla nna le sone fa a etelela pele kokomana e ntšha go tsena mo Nageng e e Solofeditsweng.

Fa borraabone ba ne ba swa, Baiseraele ba ne ba kgarakgatshega mo nageng ka dingwaga tse 40 tse di lapisang. Ga re itse gore go ne ga diragalang ka Joshua ka nako eo. Le fa go ntse jalo, o tshwanetse a bo a ne a ithuta dilo tse dintsi. O ka tswa a bone fa Modimo a ne a atlhola batsuolodi Kora, Dathane le Abirame le balatedi ba bone le ba ba neng ba nna le seabe mo kobamelong e e sa tshwanelang ya Baale wa Peore. Ga go na pelaelo gore Joshua o ne a itse gore Moshe le ene o ne a se na go tsena kwa nageng e e solofeditsweng ka gonne mong yoo wa gagwe a ne a sa galaletsa Jehofa, malebana le kgang ya metsi a Meriba.—Dipalo 16:1-50; 20:9-13; 25:1-9.

O Tlhongwa Gore a Tlhatlhame Moshe

Fa loso lwa ga Moshe lo ne lo atamela, o ne a kopa Modimo gore a tlhome motlhatlhami wa gagwe gore Baiseraele ba se ka ba nna “jaaka dinku tse di se nang modisa.” Jehofa o ne a arabela jang? Joshua “monna yo go nang le moya mo go ene,” o ne a tlhomiwa fa pele ga phuthego yotlhe. Ba ne ba tshwanetse go mo reetsa. O ne a bueletswe sentle tota! Jehofa o ne a bone tumelo ya ga Joshua le bokgoni jwa gagwe. Go ne go se na ope yo o neng a tshwanelega go mo feta yo o neng a ka etelela Baiseraele pele. (Dipalo 27:15-20) Le fa go ntse jalo, Moshe o ne a itse gore Joshua o ne a lebane le mathata a magolo. Ka jalo Moshe o ne a rotloetsa motlhatlhami wa gagwe gore a ‘nne pelokgale a nonofe,’ ka gonne Jehofa o ne a tla nna le ene.—Duteronome 31:7, 8.

Modimo ka boene o ne a boeletsa kgothatso eo mo go Joshua mme a oketsa a re: “Tlhokomela go dira kafa molaong otlhe o Moshe motlhanka wa me a o go laoletseng. O se ka wa o fapoga wa ya kafa mojeng kgotsa kafa molemeng, gore o dire ka botlhale gongwe le gongwe kwa o yang gone. Buka eno ya molao e se ka ya tloga mo molomong wa gago, o e balele kwa tlase motshegare le bosigo, gore o tlhokomele go dira kafa go sotlhe se se kwadilweng mo go yone; gonne o tla dira gore tsela ya gago e atlege e bile o tla dira ka botlhale. A ga ke a go laela? O nne pelokgale o bo o nonofe. O se ka wa garoga pelo kgotsa wa tshoga, gonne Jehofa Modimo wa gago o na le wena gongwe le gongwe kwa o yang gone.”—Joshua 1:7-9.

E re ka Joshua a ne a sa ntse a gakologelwa mafoko a ga Jehofa, o ne a ka belaela jang ka gonne a ne a setse a na le maitemogelo? O ne a tlhomamisegile gore ba ne ba tla gapa naga eo. Ee, go ne go tla nna le mathata, mme a ntlha e ne e tla nna go kgabaganya Noka ya Joredane e tletse. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a laela jaana: “Nanoga, kgabaganya Joredane eno.” Go ne go ka nna le mathata afe?—Joshua 1:2.

Ditiragalo tse di latelanang mo botshelong jwa ga Joshua—go gapa Jeriko, go nna ba fenya baba ba bone, le go kgaoganngwa ga naga—di senola gore o ne a sa lebale ditsholofetso tsa Modimo. Gaufi le bokhutlo jwa malatsi a gagwe, fa Jehofa a ne a dirile gore Baiseraele ba se ka ba tlhola ba tshwenngwa ke baba ba bone, Joshua o ne a phutha batho gore a ba gopotse tsela e Modimo a neng a dirisana le bone ka yone le gore a ba rotloetse go Mo direla ka pelo yotlhe. Ka ntlha ya seo, Baiseraele ba ne ba ntšhafatsa kgolagano ya bone le Jehofa, mme ga go na pelaelo gore ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke sekao sa moeteledipele wa bone, “Iseraele ya tswelela go direla Jehofa malatsi otlhe a ga Joshua.”—Joshua 24:16, 31.

Joshua o re beela sekao se se molemo thata. Gompieno Bakeresete ba lebana le diteko tse dintsi tsa tumelo. Go botlhokwa gore ba di fenye ka katlego gore Jehofa a tswele pele a ba amogela le gore la bofelo ba bone ditsholofetso tsa gagwe. Joshua o ne a tshwanetse go nna le tumelo e e nonofileng gore a atlege. Ke boammaaruri gore ga re ise re bone ditiro tse di maatla tsa Modimo jaaka Joshua, mme fa mongwe a belaela, buka ya Baebele e e bidiwang ka leina la ga Joshua e re naya bosupi jwa motho yo o boneng ka matlho gore se Jehofa a se buileng se a ikanyega. Rona, fela jaaka Joshua, re tla nna botlhale e bile re tla atlega fa re bala Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi e bile re dirisa se le se buang mo matshelong a rona.

A ka dinako tse dingwe o utlwisiwa botlhoko ke tsela e Bakeresete ba bangwe ba itshwarang ka yone? Akanya kafa Joshua, yo o neng a se na molato, a neng a itshoka ka teng ka dingwaga tse 40 fa a ne a patelesega go kgarakgatshega mo nageng a tsamaya le batho ba ba se nang tumelo. A o fitlhela go le thata go emela se o se dumelang? Gakologelwa se Joshua le Kalebe ba neng ba se dira. Ka gonne ba ne ba na le tumelo e bile ba le kutlo, ba ne ba amogela tuelo e e molemo thata. Ee, Joshua o ne a na le tumelo tota ya gore Jehofa o tla diragatsa ditsholofetso tsotlhe tsa gagwe. E kete le rona re ka ikutlwa fela jalo.—Joshua 23:14.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Go nna tsala le Moshe go ne ga nonotsha tumelo ya ga Joshua

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Joshua le Kalebe ba ne ba tshepile maatla a ga Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Boeteledipele jwa ga Joshua bo ne jwa tlhotlheletsa batho go ngaparela Jehofa