Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Banna ba Bararo ba ba Botlhale”—E ne E le Bomang?

“Banna ba Bararo ba ba Botlhale”—E ne E le Bomang?

“Banna ba Bararo ba ba Botlhale”—E ne E le Bomang?

Gantsi ditshwantsho tse di bontshang botsalo jwa ga Jesu di bontsha banna ba bararo ba ba apereng diaparo tse ditelele ba palame dikamele, ba goroga mo ntlong ya dipitse kwa lesea Jesu le beilweng teng mo bojelong jwa diphologolo. Gantsi baeng bano ba ba apereng diaparo tse dintlentle ba bidiwa banna ba bararo ba ba botlhale. Baebele ya reng ka bone?

Go ya ka Baebele, banna bano ba go tweng ba botlhale ba ne ba tswa kwa “dikarolong tsa botlhaba,” mme ba ne ba utlwa ka go tsalwa ga ga Jesu fa ba le koo. (Mathaio 2:1, 2, 9) Banna bano ba tshwanetse ba bo ba tsere lobaka lo loleele go fitlha kwa Judea. Fa la bofelo ba bona Jesu, o ne a sa tlhole a le lesea le le sa tswang go tsholwa mo ntlong ya dipitse. Go na le moo, banna bao ba fitlhetse Marea le “ngwana yo mmotlana” ba nna mo ntlong.—Mathaio 2:11.

Baebele e bitsa banna bano e re ke “balepadinaledi,” mme ga e bue gore ba ne ba le kae ka palo. The Oxford Companion to the Bible e tlhalosa jaana: “Tsela e maselamose le bolepadinaledi di amanang ka teng e bonala mo tseleng e baeti bano ba neng ba kgatlhwa thata ka teng ke naledi e e neng e ba isitse Bethelehema.” Baebele e nyatsa mefuta yotlhe ya maselamose le mokgwa wa Bababelona wa go leka go bona tshedimosetso mo dinaleding.—Duteronome 18:10-12; Isaia 47:13.

Tshedimosetso e banna bano ba neng ba e newa ga e a felela ka tsela e e molemo. E ne ya dira gore Kgosi Herode yo o bosula a galefe a bo a nne lefufa. Seno se ne sa dira gore Josefa, Marea le Jesu ba tshabele kwa Egepeto mme kwa Bethelehema go bolawe bana botlhe ba basimane, “go tloga ka ba ba nang le dingwaga di le pedi go ya kwa tlase.” Herode o ne a kgona go itse nako ya go tsalwa ga ga Jesu go ya ka se a neng a se boleletswe ke balepadinaledi. (Mathaio 2:16) Ka ntlha ya mathata otlhe a a bakilweng ke loeto lwa banna bano, go a utlwala go swetsa ka gore naledi e ba e boneng le molaetsa o ba o amogetseng ka ga “yo o tsetsweng e le kgosi ya Bajuda,” di ne di tswa kwa mmabeng wa Modimo, e bong Satane Diabolo, yo o neng a batla go bolaya Jesu.—Mathaio 2:1, 2.