Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tsholwa ga ga Jesu—Kafa go Diragetseng ka Teng le Lebaka la Gone

Go Tsholwa ga ga Jesu—Kafa go Diragetseng ka Teng le Lebaka la Gone

Go Tsholwa ga ga Jesu—Kafa go Diragetseng ka Teng le Lebaka la Gone

“GO KA se kgonege!” Batho ba le bantsi ba e seng Bakeresete ba ka bolela jalo fa ba utlwa pego ya go tsholwa ga ga Jesu. Ba re ga go tsamaisane le saense go dumela gore mosetsana wa lekgarebana a ka tshola ngwana wa mosimane a sa kopana le monna. O akanya jang?

Ka 1984, lokwalodikgang lwa The Times lwa kwa Lontone lo ne lwa gatisa lokwalo lo lo neng lo bua ka kgang eno, lo re: “Ga go utlwale go dirisa saense go bontsha gore dikgakgamatso ga di ise di direge. Go dumela gore dikgakgamatso di ka se direge ke kgang ya tumelo, fela jaaka go dumela gore di ka direga e le kgang ya tumelo.” Lokwalo lono lo ne lwa saeniwa ke boporofesa ba le 14 ba saense kwa diyunibesithing tsa kwa Boritane. Ba ne ba re: “Re dumela gore kgang ya go tsholwa ke lekgarebana, dikgakgamatso tse di mo Efangeleng le go tsoga ga ga Keresete ke ditiragalo tsa mmatota.”

Le fa go ntse jalo, go a utlwala gore motho a bo a ka gakgamala fa a simolola go utlwa ka pego ya go tsholwa ga ga Jesu ke lekgarebana. Mmaagwe Jesu wa lekgarebana ka boene o ne a gakgamala fa moengele wa Modimo a ne a re: “Bona! o tla ithwala mo sebopelong sa gago o bo o tshola ngwana wa mosimane, mme o mo reye leina o re Jesu.” Marea o ne a botsa a re: “Seno se tla nna jang, e re ka ke sa tlhakanele dikobo le monna?” Go tswa foo moengele o ne a tlhalosa gore Modimo o ne a tla dira kgakgamatso eno ka moya wa Gagwe o o boitshepo, a bo a oketsa jaana: “Mo Modimong ga go polelo e e se kitlang e kgonega.” (Luke 1:31, 34-37) Ga go pelaelo gore Ene yo o dirileng thulaganyo e e gakgamatsang ya go tsholwa ga motho gape o ne a ka kgona go dira gore Jesu a imiwe a bo a tsholwe ke lekgarebana. Fa e le gore Modimo o dirile lobopo le melao ya lone e e tlhomameng, gape o ne a ka kgona go dira Morwa yo o itekanetseng wa motho a dirisa sele ya lee go tswa mo kgelesweng ya mae ya ga Marea.

Lebaka La go Bo go Ne go Tlhokega

Ka nako ya fa Marea a ne a ima o ne a beeleditswe ke monna yo o boifang Modimo e bong Josefa. Moengele wa Modimo o ne a bua le Josefa ka toro a mo tlhalosetsa lebaka le le gakgamatsang la go bo lekgarebana le a le beeleditseng le imile. Moengele o ne a re: “O se ka wa tshaba go isa Marea mosadi wa gago gae, gonne boimana jwa gagwe ke jwa moya o o boitshepo. O tla tshola morwa, mme o tshwanetse go mo raya leina o re Jesu, gonne o tla boloka batho ba gagabo mo maleong a bone.” (Mathaio 1:20, 21) Leina Jesu ka Sehebera le kaya “Jehofa ke Poloko.” Le re gakolola gore re tlhoka go bolokwa mo boleong le mo losong e bile le re gakolola ka thulaganyo ya ga Jehofa Modimo ya gore re bone poloko eo ka Jesu.

E re ka motho wa ntlha e bong Adame a ile a leofa, bana ba gagwe botlhe ba tshotswe ba sa itekanela, ba sekametse mo go robeng melao ya Modimo. (Baroma 5:12) Ditlogolwana tsa ga Adame di ne di ka bolokwa jang gore di tswe mo boleong mme di itekanele? Go ne go tshwanetse ga duelwa ka botshelo jo bongwe jwa motho yo o itekanetseng, e le jwa boleng jo bo lekanang le jwa ga Adame gore tshiamiso e diragale. Ke gone ka moo Modimo a ileng a dira gore motho yo o itekanetseng e bong Jesu a tsholwe ka tsela e e gakgamatsang, e bile ke gone ka moo Jesu a ileng a letla baba ba gagwe gore ba mmolaye. (Johane 10:17, 18; 1 Timotheo 2:5, 6) Fa Jesu a sena go tsosiwa a bo a tlhatlogela kwa legodimong go ya go tshela teng, o ne a ka bolela jaana a tlhatswegile pelo: “Ke ne ka swa, mme, bona! ke tshela ka bosaengkae le go ya go ile, mme ke na le dilotlolo tsa loso le tsa Hadese [lebitla le le tlwaelegileng la batho].”—Tshenolo 1:18.

Jesu o dirisa dilotlolo tsa tshwantshetso tsa loso le Hadese go bulela batho ba ba leofileng tsela ya go bona se Adame a se latlhileng. Jesu o ne a tlhalosa jaana: “Ke nna tsogo le botshelo. Yo o supang tumelo mo go nna le mororo aa swa, o tla tshela; mme mongwe le mongwe yo o tshelang e bile a supa tumelo mo go nna ga a kitla a swa ka gope.” (Johane 11:25, 26) A tsholofetso e e itumedisang jang ne! Mme go na le lebaka le lengwe la botlhokwa le go feta la go bo Jesu a tshotswe.

Lebaka la Botlhokwa go Feta Otlhe

Fa Jesu a ne a imiwa mo popelong ya ga Marea, e ne e se gone a simololang go tshela. O ne a bolela sentle a re: “Ke fologile kwa legodimong.” (Johane 6:38) Jesu o ne a tshedile le Rraagwe kwa lefelong la moya go tswa fela kwa tshimologong ya popo. E bile tota, Baebele e mo tlhalosa e le “tshimologo ya popo ka Modimo.” (Tshenolo 3:14) Fa Jesu a ntse a le kwa legodimong o ne a bona go tsuologa ga moengele mongwe yo o boikepo yo o neng a dira gore batho ba ntlha ba tlhanogele puso ya Modimo. Seno se ne sa naya Jesu lebaka la botlhokwa go feta otlhe la gore a dumele go tsholwa e le Morwa Modimo yo o itekanetseng wa motho. Lebaka leo ke lefe?

E ne e le go supa gore Rraagwe wa selegodimo o na le tshwanelo ya go busa lobopo. E re ka Jesu a ile a nna a ikanyega go tloga ka nako ya fa a tsholwa mo lefatsheng go fitlha a swa, o ne a bontsha gore o rata go ikobela tsela e Jehofa a busang dibopiwa tsa Gagwe ka yone. Pele Jesu a bolawa ke baba ba Modimo, o ile a tlhalosa sentle lebaka la go bo a ne a ikemiseditse go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo. O ne a re e ne e le gore lefatshe le itse gore o ne a rata Rara. (Johane 14:31) Fa batho ba ntlha, Adame le Efa, ba ka bo ba nnile le lorato lo lo ntseng jalo, ba ka bo ba ile ba ikanyega mo tekong ya bone e e neng e se boima go le kalo.—Genesise 2:15-17.

Gape go ikanyega ga ga Jesu go ile ga senola gore moengele yo o boikepo e bong Satane ke moaki. Satane o ne a sentse leina la Modimo le la batho ka go bolela jaana fa pele ga baengele kwa legodimong: “Tsotlhe tse motho o nang natso o tlaa di ntshetsa botshelo jwa gagwe.” (Jobe 2:1, 4, Baebele e e Boitshepo) Satane o ne a bua maaka a re batho botlhe ba ne ba ka se ka ba utlwa Modimo fa matshelo a bone a le mo kotsing.

Dikgang tse di fa godimo di ne di tsosa dipelaelo tsa gore a Modimo o tshwanelwa ke go busa. Jesu o ne a ikemiseditse go di fedisa ka gore a tsholwe e le motho mme a ikanyege go fitlha a swa.

Ka jalo lebaka la konokono la gore Jesu a tsholwe mo lefatsheng, jaaka a ile a bolela, e ne e le gore a “supe ka ga boammaaruri.” (Johane 18:37) O ne a dira seo ka go bontsha ka lefoko le ka ditiro gore puso ya Modimo e siame ka ditsela tsotlhe le gore go e ikobela go tlisa boitumelo jo bo nnelang ruri. Gape Jesu o ne a tlhalosa gore o ne a tlile mo lefatsheng go tla go ntsha botshelo jwa gagwe e le motho go nna “thekololo gore a bone ba le bantsi,” ka go rialo a bulela batho ba ba leofileng tsela ya gore ba itekanele ba bo ba tshelele ruri. (Mareko 10:45) Gore batho ba kgone go tlhaloganya dintlha tseno tsa botlhokwa, go ne go tlhokega gore go kwalwe pego ka go tsholwa ga ga Jesu. Mo godimo ga moo, ditiragalo tse di amanang le go tsholwa ga ga Jesu di na le dithuto tse dingwe tsa botlhokwa, jaaka setlhogo se se latelang se tla bontsha.

[Ditshwantsho mo go tsebe 4]

Ditlogolwana tsa ga Adame di ne di ka bolokwa jang gore di tswe mo boleong?