Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Leba Dilo ka Tsela e Modimo a di Lebang ka Yone

Leba Dilo ka Tsela e Modimo a di Lebang ka Yone

Leba Dilo ka Tsela e Modimo a di Lebang ka Yone

LETSATSI le ne le tlhabile sentle kwa New York, U.S.A., ka September 14, 2002. Mo letsatsing leo, boidiidi jwa batho ba le 6 521, ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe ba ne ba kopane mmogo kwa Lefelong la Thuto la Patterson le mo dikagong tse dingwe tse pedi tsa Basupi ba ga Jehofa mo kgaolong eo. Boidiidi bo ne bo phuthegile go tla go bona go aloga ga setlhopha sa bo113 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade. Baithuti ba ne ba tswa kwa dinageng di le 14, mme ba ne ba feditse dikgwedi tse tlhano tse di fetileng ba ipaakanyetsa tirelo ya borongwa ya go ya kwa dinageng tse 19 tse ba abetsweng kwa go tsone.

Carey Barber, yo o setseng a tshetse dingwaga di le 98 e bile e le leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, e ne e le modulasetulo wa thulaganyo. O ne a bua ka se se neng sa direga mo dingwageng di ka nna 60 tsa Sekolo sa Gileade, se se tlhomeletseng diketekete gore di ye go dira tiro ya borongwa. Mokaulengwe Barber o ne a re: “Go bolela gore go nnile le matswela a magolo ka ntlha ya go thapisiwa ga bone ga se go feteletsa dilo. Ka ntlha ya go thusiwa ke barongwa bao ba ba thapisitsweng, diketekete tsa batho ba ba pelonomi mo lefatsheng lotlhe, ba neetse matshelo a bone mo go Jehofa e bile ba amogetse kobamelo ya gagwe ya boammaaruri le tirelo e e boitshepo.”

Pele baithuti ba le bantsi ba ya Gileade, ba ne ba bontsha gore ba batla go oketsa bodiredi jwa bone. Banyalani bangwe ba ne ba feditse sebaka se se fetang ngwaga ba ithuta Se-China sa Mandarin gore ba kgone go bua le batho ba le bantsi ba Ba-China ba ba mo lefelong la gabone kwa Canada. Banyalani ba bangwe ba ne ba simolola go ithuta Se-Albania mme kgabagare ba fudugela kwa Albania gore ba kgone go thusa batho ba le bantsi ba ba kgatlhegelang go ithuta Baebele koo. Ba bangwe mo setlhopheng seo ba ne ba tla Gileade ba tswa kwa Hungary, Guatemala, le kwa Dominican Republic, e leng dinaga tse ba neng ba fudugetse kwa go tsone gore ba ye go direla kwa go neng go na le tlhokego e kgolo gone ya go ruta batho Lefoko la Modimo.

Jaanong, pele ba ya kwa mafelong a ba abetsweng kwa go one kwa Afrika, Amerika Bogare le Amerika Bokone, Yuropa Botlhaba le kwa dinageng tse di kwa Botlhaba jo bo Kgakala, baithuti botlhe ba ba alogang ba ne ba kgothalediwa gore ba ikaege ka Modimo mo go sotlhe se ba se dirang.

Leba Dilo ka Tsela e Modimo a di Lebang ka Yone

Fa Mokaulengwe Barber a sena go dira dikakgelo tse di bulang, o ne a bitsa Maxwell Lloyd, e leng leloko la Komiti ya Lekala la United States. O ne a bua ka setlhogo se se reng “Leba Dilo Tsotlhe ka Tsela e Modimo a di Lebang ka Yone.” Mokaulengwe Lloyd o ne a bua ka sekai sa ga Dafide le sa ga Jesu, Morwa Modimo. (1 Samuele 24:6; 26:11; Luke 22:42) Fa sebui se sena go gakolola baithuti gore go ithuta Baebele ga bone dikgwedi di le tlhano go ba thapisitse go leba dilo ka tsela e Modimo a di lebang ka yone, se ne sa re: “Fa lo ruta batho Baebele kwa dikabelong tsa lona tse disha, a lo tla ba thusa go leba dilo ka tsela e Modimo a di lebang ka yone?” Fa a gakolola baithuti malebana le go neela ba bangwe kgakololo, o ne a re: “Lo se ka lwa re ‘Go ya ka pono ya me, ke akanya gore . . . ’ Go na le moo, ba thuseng go bona gore Modimo o leba dilo jang. Fa lo dira jalo, lo tla kgona go thusa thata batho ba lo kopanang le bone mo kabelong ya lona.”

Morago ga moo, go ne ga latela Gerrit Lösch, yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang. Fa a bua ka setlhogo se se reng “Ke na Le Wena,” o ne a ba gakolola makgetlo a le mantsi a Jehofa a neng a raya batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang a re, “Ke na le wena.” (Genesise 26:23, 24; 28:15; Joshua 1:5; Jeremia 1:7, 8) Mo motlheng wa rona, re ka tshepa Jehofa ka tsela e e tshwanang fa re nna re ntse re ikanyega. Mokaulengwe Lösch o ne a botsa jaana: “A lo tshwenngwa ke gore gongwe ga lo kitla lo kopana le batho ba lo ka ithutang Baebele le bone? Gakologelwang gore Jehofa o rile ‘Ke na le wena.’ A lo tshwenngwa ke gore gongwe ga lo kitla lo nna le dilo tse di lekaneng tse lo di tlhokang? Jehofa o rile: ‘Ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.’” (Bahebera 13:5) Mokaulengwe Lösch o ne a konela ka go gakolola baithuti gore Jesu o ne a solofetsa gore o tla nna le balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang mo tirong ya go dira barutwa.—Mathaio 28:20.

Motlhatlheledi wa Gileade e bong Lawrence Bowen, o ne a bua ka setlhogo se se reng, “A o Tla Sireletsega mo Ditekong Tse di Bogale?” O ne a tlhalosa gore ka ntlha ya kganetsano e e neng ya tsosiwa kwa Edena, botlhe ba ba batlang go ineela ka botlalo mo go Jehofa, ba ile ba lebana le mathata mme ka dinako tse dingwe, diteko tse di bogale. O ne a kgothaletsa baithuti ba ba alogang go latela sekao sa ga Jesu, yo o neng a kgona go sireletsega ka mmatota ka go ikaega ka Jehofa ka botlalo, le go lebana le diteko tse di bogale tse Jehofa a neng a di letlelela gore di leke go nna kutlo ga Morwawe. (Bahebera 5:8, 9) Jehofa a ka tshwantshiwa le montlafatsi wa gouta, yo o dirisang mogote o o lekaneng sentle go tlosa dilabe mo go yone. Eleruri, tumelo e e lekilweng ka diteko tse di bogale e dira gore motho a sireletsege thata go feta go nna le gouta e e ntlafaditsweng. Ka ntlha yang? Mokaulengwe Bowen o ne a araba a re: “Ka gonne tumelo e e lekilweng e ka kgona go itshokela teko nngwe le nngwe, e bile e dira gore re kgone go itshoka ‘go ya bokhutlong.’”—Mathaio 24:13.

Motlhatlheledi yo mongwe wa Gileade, Mark Noumair o ne a botsa jaana: “A o Tla Ratega?” Setlhogo sa gagwe se ne se bua ka mafoko a 1 Samuele 2:26, a a tlhalosang gore Samuele o ne “a ratega mo ponong ya ga Jehofa le ya batho.” Fa Mokaulengwe Noumair yo o ileng a nna dingwaga di feta lesome mo tirelong ya borongwa mo Afrika a sena go bua ka ga Samuele, o ne a re: “Le lona lo ka ratega mo matlhong a Modimo ka go ngaparela ka boikanyegi tiro e Modimo a lo e neileng. O lo neile kabelo e e molemo ya borongwa.” Morago ga moo, Mokaulengwe Noumair o ne a kgothaletsa setlhopha se se alogang go leba dikabelo tsa bone jaaka tiro e e boitshepo e ba e neilweng ke Modimo le go leba dilo ka tsela e Modimo a di lebang ka yone fa ba ntse ba le mo dikabelong tsa bone.

Fa baithuti ba ntse ba le mo sekolong, ba ile ba nna le ditshono di le dintsi ka mafelobeke tsa go rerela batho ba mo tikologong eo ka “dilo tse dikgolo tsa Modimo” tse di mo Baebeleng. (Ditiro 2:11) Tota e bile, ba ne ba kgona go bua ka dilo tseno ka dipuo di le lesome. Motlhatlheledi yo mongwe wa Gileade e bong Wallace Liverance, o ne a botsolotsa setlhopha sa baithuti ba ba neng ba anela maitemogelo a bone fa go ne go tlotlwa ka setlhogo se se reng “‘Dilo Tse Dikgolo Tsa Modimo’ di Tlhotlheletsa Batho go Tsaya Kgato.” O ne a bolela jaana: “Moya o ne wa tlhotlheletsa batho ba ba neng ba le kwa phaposing e e kwa godimo ka Pentekosete go bolela ka ‘dilo tse dikgolo tsa Modimo.’ One moya oo, o a dira le gompieno mo batlhankeng botlhe ba Modimo ba ba ikanyegang.” Bangwe ba ile ba bo ba tlhotlheletsega go ithuta dipuo tse disha ka boikaelelo jwa go neela batho ba le bantsi bosupi.

Kgakololo e e Mosola ya go Leba Dilo ka Tsela e Modimo a di Lebang ka Yone

Morago ga dipuo tse di bulang, Gary Breaux le William Young, e leng maloko a lekala la United States ba ne ba botsolotsa maloko a dikomiti tse di farologaneng tsa makala a go nang le barongwa kwa go one le banyalani bangwe ba ba feditseng dingwaga di le 41 mo tirelong ya borongwa. Kakgelo nngwe e e neng ya dirwa e ne ya re: “Barongwa ba ba sa tladikeng matshelo a bone ka dilo di le dintsi ba nna lobaka lo loleele mo tirelong. Ba tlhoma mogopolo mo lebakeng la go bo ba tsenetse tiro ya borongwa. Ba a itse gore ba tlile go rera dikgang tse di molemo le go thusa batho go itse Jehofa.”

David Splane, leloko le lengwe la Setlhopha se se Laolang, o ne a konela thulaganyo ka puo ya setlhogo se se reng “Ga lo Ye Kgakala!” E re ka baalogi ba le 46 ba ne jaanong ba romelwa kwa dinageng di le dintsi go dikologa lefatshe, o ne a rayang fa a ne a rialo? O ne a tlhalosa jaana: “Go sa kgathalesege gore lo kwa kae mo lefatsheng, lo tla nna lo ntse lo le mo ntlong ya Modimo fa fela lo ntse lo ikanyega.” Ee, Bakeresete botlhe ba ba ikanyegang, go sa kgathalesege gore ba ka tswa ba le kwa kae, ba direla ba le mo karolong nngwe ya tempele e kgolo kgotsa mo ntlong ya semoya ya Modimo, e e nnileng teng fa Jesu a ne a kolobediwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga. (Bahebera 9:9) Botlhe ba ba neng ba le teng ba ne ba gomodiwa thata ke go itse gore Jehofa o gaufi le batlhanka botlhe ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba mo lefatsheng! Fela jaaka Jehofa a ne a amega ka Jesu fa a ne a le mo lefatsheng, O amega fela jalo le ka rona rotlhe le ka tiro e re mo e direlang, go sa kgathalesege gore re kwa kae. Ka jalo, mo dilong tse di amanang le kobamelo, ga re a katogana le ka motlha e bile ga re kgakala le Jehofa le Jesu.

Fa go sena go amogelwa ditumediso tse di tswang mo lefatsheng lotlhe, go sena go dirwa kitsiso ya gore baithuti ba abetswe go ya kae, le fa go sena go balwa lekwalo le mo go lone setlhopha se lebogelang thapiso e se e amogetseng mo Gileade, modulasetulo o ne a konela thulaganyo ka tsela e e kgothatsang. O ne a kgothaletsa barongwa ba basha go tswelela ka tiro ya bone e e molemo le go tswelela ba direla Jehofa ka boipelo.—Bafilipi 3:1.

[Lebokoso mo go tsebe 23]

DIPALOPALO TSA SETLHOPHA

Palo ya dinaga tse di emetsweng: 14

Palo ya dinaga tse ba abetsweng kwa go tsone: 19

Palo ya baithuti: 46

Palogare ya dingwaga tsa bone tsa bogodi: 35,0

Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo boammaaruring: 17,2

Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo bodireding jwa nako e e tletseng: 13,7

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Setlhopha sa bo113 sa Baalogi ba Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade

Mo lenaaneng le le fa tlase, mela e balwa go tloga kwa pele go ya kwa morago mme maina a tlhomagantswe go tloga kafa molemeng go ya kafa mojeng wa mola mongwe le mongwe.

(1) Ligthart, M.; Hosoi, S.; Berktold, A.; Liem, C.; Aoki, J. (2) Baglyas, J.; Bouqué, S.; Bossi, A.; Alton, J.; Escobar, I.; Escobar, F. (3) Stoica, A.; Stoica, D.; Freimuth, S.; Karlsson, M.; LeBlanc, R. (4) Bianchi, R.; Bianchi, S.; Kaminski, L.; Joseph, L.; Paris, S.; LeBlanc, L. (5) Paris, M.; Skidmore, B.; Horton, J.; Horton, L.; Skidmore, G. (6) Liem, B.; Alton, G.; Quirici, E.; Langlois, M.; Steininger, S.; Aoki, H. (7) Langlois, J.; Steininger, M.; Bossi, F.; Kaminski, J.; Bouqué, J.; Ligthart, E.; Hosoi, K. (8) Baglyas, J.; Quirici, M.; Karlsson, L.; Freimuth, C.; Berktold, W.; Joseph, R.