Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boitshoko Jwa Gagwe bo ne Jwa Duelwa

Boitshoko Jwa Gagwe bo ne Jwa Duelwa

Boitshoko Jwa Gagwe bo ne Jwa Duelwa

Batho ba bantsi ba ba dipelo di siameng ba batla gore baratiwa ba bone ba ithute ka maikaelelo a Modimo mme ba tshele matshelo a a itumetseng. Fa mongwe a ineela mo Modimong, batho ba bangwe, ba bannye le ba bagolo, ka boitshwaro jwa bone ba ka tswa ba thusitse motho yoo gore a dire tshwetso e e botlhale eo. Go ne go ntse jalo ka Jearim, mosetsana mongwe yo mosha wa kwa Mexico, yo o neng a kwala lekwalo le le latelang kwa kopanong e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ya Basupi ba ga Jehofa:

“Ke batla go lo bolelela sengwe se se intumedisitseng thata. E re ke lo boleleleng lebaka. Dingwaga di le 18 tse di fetileng, pele ga ke tsholwa, batsadi ba me ba ne ba ithuta boammaaruri. Mmè o ne a gatela pele, mme moragonyana ga latela nna le kgaitsadiake. Re ne ra rapela Jehofa mmogo gore rre le ene a tsene mo tseleng e e isang botshelong. Go setse go fetile dingwaga di le 18, mme gompieno ke letsatsi le le kgethegileng thata mo go rona. Rre o a kolobediwa. Ke leboga Jehofa go bo a sa tlisa bofelo pele ga tiragalo eno e re sa bolong go e letela e fitlha. Ke a go leboga Jehofa!”

Fa dingwaga di ntse di feta, lelapa la mosetsanyana yono le ne le akantse ka melaometheo e e fitlhelwang mo kgakolong e e tlhotlheleditsweng e e mo go 1 Petere 3:1, 2, e e reng: “Lona basadi ba lo nyetsweng, nnang mo taolong ya banna ba lona, e le gore, fa bangwe ba sa utlwe lefoko, ba gapiwe kwantle ga lefoko ka boitshwaro jwa basadi ba bone, ka ntlha ya go bo ba nnile basupi ba ba boneng ka matlho ba boitshwaro jwa lona jo bo itshekileng mmogo le tlotlo e e boteng.” Mme eleruri Jearim yo mmotlana o ne a dirisa mafoko a Duteronome 5:16 a a reng: “Tlotla rrago le mmago, fela jaaka Jehofa Modimo wa gago a go laetse.” Go dirisa melaometheo e e ntseng jalo le go leta Jehofa ka bopelotelele eleruri go tliseditse Jearim le lelapa la gabone masego.