Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Gomotsa ba ba Bogang

Go Gomotsa ba ba Bogang

Go Gomotsa ba ba Bogang

MO MAKGOLONG a a ntseng a feta a dingwaga, potso ya gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letlelela pogo e ile ya gaka bafilosofi le baithutabodumedi ba le bantsi. Bangwe ba ile ba bolela gore e re ka Modimo a le maatla otlhe, tota e tshwanetse ya bo e le ene a bakang pogo. Mokwadi wa The Clementine Homilies, e leng buka ya lekgolo la bobedi la dingwaga e go sa tlhomamisiweng boammaaruri jwa yone, o ne a bolela gore Modimo o laola lefatshe ka matsogo a mabedi. Ka “letsogo la gagwe la molema,” le e leng Diabolo, o tlisetsa batho pogo le go ba tlhokofatsa, mme ka “letsogo la gagwe la moja,” le e leng Jesu, o boloka batho le go ba segofatsa.

Ba bangwe bone ba ile ba bona go le molemo gore ba se ka ba dumela gore pogo e teng e re ka ba sa kgone go amogela kgang ya gore Modimo a ka letlelela pogo, tota le fa a sa e bake. Mary Baker Eddy o ne a kwala jaana: “Bosula ke selo se tota se seyong, mme ga go na sepe se se supang gore bo teng. Fa boleo, bolwetse le loso di ka bo di tsewa e le dilo tse di seyong, di ne di tla nyelela.”—Science and Health With Key to the Scriptures.

Ka ntlha ya masetlapelo a a diragetseng mo hisitoring, bogolo jang go tloga ka ntwa ya ntlha ya lefatshe go fitlha mo motlheng wa rona, batho ba le bantsi ba sweditse ka go re tota Modimo ga a kgone go thibela pogo. Mokanoki wa Mojuda e bong David Wolf Silverman o ne a kwala jaana: “Ke akanya gore Go Gailwa ga Batho ke Banasi go dirile gore go se ka ga tlhola go nna motlhofo go tlhalosa Modimo e le yo o maatla otlhe.” O ne a oketsa jaana: “Gore re kgone go tlhaloganya Modimo ka tsela nngwe, bomolemo jwa Gagwe bo tshwanetse jwa bo bo tsamaisana le go nna teng ga bosula, mme go ka nna jalo fela fa e le gore ga A maatla otlhe.”

Le fa go ntse jalo, dipuo tsa gore Modimo o na le seabe ka tsela nngwe mo pogong ya batho, gore ga a kgone go e thibela kgotsa gore pogo ke sengwe se re se ikakanyetsang fela ga di neye batho ba ba bogang kgomotso epe e e kalo. Mme sa botlhokwa le go feta, ditumelo tse di ntseng jalo ga di dumalane gotlhelele le tsela e Modimo a tlhalosiwang ka yone mo Baebeleng go twe o tshiamiso, o na le maatla e bile o a amega. (Jobe 34:10, 12; Jeremia 32:17; 1 Johane 4:8) Ka jalo, Baebele ya re ke ka ntlha yang fa pogo e letleletswe?

Pogo e Simologile Jang?

Modimo ga a bopela batho gore ba boge. Go na le moo, o ne a naya batho ba ntlha ba babedi e bong Adame le Efa megopolo le mebele e e itekanetseng, a baakanya tshingwana e ntle gore ba nne mo go yone mme a ba abela tiro e e mosola le e e kgotsofatsang. (Genesise 1:27, 28, 31; 2:8) Le fa go ntse jalo, boitumelo jwa bone jo bo nnelang ruri bo ne bo ikaegile ka gore ba tlotle bobusi jwa Modimo le tshwanelo ya gagwe ya go swetsa gore ke eng se se molemo le gore ke eng se se bosula. Taelo eo ya Modimo e ne e tshwantshediwa ke setlhare se se bidiwang “setlhare sa kitso ya molemo le bosula.” (Genesise 2:17) Adame le Efa ba ne ba ka bontsha gore ba ikobela Modimo fa ba ne ba ka utlwa taelo ya gagwe ya gore ba se ka ba ja mo setlhareng seo. *

Ka maswabi, Adame le Efa ga ba a ka ba ikobela Modimo. Sebopiwa sa moya se se neng sa tsuologa, se moragonyana se neng sa bidiwa Satane Diabolo, se ne sa dira gore Efa a dumele gore go ikobela Modimo go ne go se kitla go mo solegela molemo. E bile tota, o ne a re Modimo o mo tima sengwe se se eletsegang thata: go ipusa, tshwanelo ya go itirela tshwetso ya gore se se molemo ke sefe, se se bosula ke sefe. Satane o ne a bolela gore fa a ne a ka ja mo setlhareng seo, ‘ruri matlho a gagwe a ne a tla bulega mme ba ne ba tla tshwana le Modimo, ba itse molemo le bosula.’ (Genesise 3:1-6; Tshenolo 12:9) Efa o ne a gogelwa ke kgopolo ya gore o tla kgona go ipusa mme a ja loungo lo lo ileditsweng, mme Adame le ene a dira fela jalo.

Mo go lone letsatsi leo, Adame le Efa ba ne ba simolola go utlwa ditlamorago tsa botsuolodi jwa bone. Modimo ga a ka a tlhola a ba naya tshireletso le tshegofatso e a neng a ba e naya fa ba ne ba mo ikobela ka gonne ba ne ba gana a ba busa. Modimo o ne a ba koba mo Paradaiseng mme a raya Adame a re: “Go hutsegile mmu ka ntlha ya gago. O tla ja maungo a one ka botlhoko malatsi otlhe a botshelo jwa gago. O tla ja dijo ka mofufutso wa sefatlhego sa gago go fitlha o boela mo mmung.” (Genesise 3:17, 19) Adame le Efa ba ne ba simolola go lwala, go utlwa botlhoko, go tsofala le go swa. Go boga e ne e setse e le karolo ya botshelo jwa motho.—Genesise 5:29.

Go Rarabolola Kgang

Mongwe a ka botsa jaana: ‘A Modimo o ne a ka se ka a tlodisa boleo jwa ga Adame le Efa matlho fela?’ Nnyaa, ka gonne seo se ka bo se ile sa dira gore bolaodi jwa gagwe bo nyadiwe le go feta pele, gongwe sa kgothaletsa batho go tsuologa gape mo nakong e e tlang mme sa felela ka pogo e kgolo le go feta. (Moreri 8:11) Mo godimo ga moo, go letlelela botlhokakutlo jo bo ntseng jalo go ka bo go dirile gore Modimo a nne le seabe mo go dirweng ga bosula. Mokwadi wa Baebele e bong Moshe o re gakolola jaana: “Tiro ya [Modimo] e itekanetse, gonne ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamiso. Modimo yo o ikanyegang, yo go se nang botlhoka tshiamiso mo go ene; o siame e bile o thokgame.” (Duteronome 32:4) Gore Modimo a dire tumalanong le melaometheo ya gagwe, o ne a tshwanelwa ke go letla gore Adame le Efa ba utlwe ditlamorago tse di botlhoko tsa go tlhoka kutlo ga bone.

Ke ka ntlha yang fa Modimo ka yone nako eo a sa ka a senya batho ba ntlha ba babedi mmogo le motlhotlheletsi yo o sa bonaleng wa botsuolodi jwa bone e bong Satane? O ne a na le maatla a go dira jalo. Adame le Efa ba ka bo ba sa tshola bana ba ba tla bogang ba bo ba swa. Le fa go ntse jalo, fa Modimo a ka bo a dirisitse maatla a gagwe ka tsela eo a ka bo a sa supa tshwanelo ya bolaodi jwa gagwe mo dibopiweng tsa gagwe tse di botlhale. Mo godimo ga moo, fa Adame le Efa ba ka bo ba sule ba se na bana, seo se ka bo se kaile gore Modimo o paletswe ke go diragatsa boikaelelo jwa gagwe jwa go tlatsa lefatshe ka ditlogolwana tsa bone tse di itekanetseng. (Genesise 1:28) Mme “Modimo ga a tshwane le batho . . . Sengwe le sengwe se a se solofetsang, o a se dira; o bua fela se bo se direga.”—Dipalo 23:19, Today’s English Version.

E re ka Jehofa Modimo a na le botlhale jo bo itekanetseng, o ne a swetsa ka gore a letlelele botsuolodi jono bo tswelele pele ka lobaka lo lo khutshwane. Ditsuolodi tseo di ne di tla nna le nako e e lekaneng ya go utlwa ditlamorago tsa go tshela kwantle ga taolo ya Modimo. Ditiragalo tsa lefatshe di ne di tla bontsha sentle gore batho ba tlhoka go kaelwa ke Modimo le gore taolo ya Modimo e botoka go na le ya motho kgotsa ya ga Satane. Gape Modimo o ne a tsaya dikgato go tlhomamisa gore boikaelelo jwa gagwe jwa kwa tshimologong ka lefatshe bo a diragadiwa. O ne a solofetsa gore go ne go tla tla “losika” lo lo neng lo tla ‘gobatsa Satane mo tlhogong,’ lo fedisetsa ruri botsuolodi jwa gagwe le tshenyo e bo e bakileng.—Genesise 3:15.

Jesu Keresete e ne e le ene Losika loo lo lo solofeditsweng. Mo go 1 Johane 3:8 re bala gore “Morwa Modimo o ne a bonadiwa ka boikaelelo [jwa] go senya ditiro tsa ga Diabolo.” O ne a dira seno ka go ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng setlhabelo le go duela tlhwatlhwa ya thekololo gore a rekolole bana ba ga Adame mo boleong le mo losong lo ba lo ruileng. (Johane 1:29; 1 Timotheo 2:5, 6) Batho ba tota ba bontshang tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu ba solofediwa gore ga ba kitla ba tlhola ba boga. (Johane 3:16; Tshenolo 7:17) Seno se tla diragala leng?

Go Fela ga Pogo

Go gana bolaodi jwa Modimo go bakile pogo e se kana ka sepe. Go a tshwanela he gore Modimo a dirise bolaodi jwa gagwe ka tsela e e kgethegileng go fedisa pogo ya batho le go diragatsa boikaelelo jwa gagwe jwa kwa tshimologong ka lefatshe. Jesu o ne a umaka thulaganyo eno ya Modimo fa a ne a ruta balatedi ba gagwe go rapela ba re: “Rraarona yo o kwa magodimong, . . . a bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”—Mathaio 6:9, 10.

Nako e Modimo a e fileng batho gore ba ipuse e tloga e fela. Boporofeti jo bo mo Baebeleng bo ne jwa diragadiwa fa Bogosi jwa gagwe bo ne bo tlhomiwa kwa magodimong ka 1914, Kgosi ya jone e le Jesu Keresete. * Mo bogautshwaneng, bo tla thubaganya bo bo bo fedisa dipuso tsotlhe tsa batho.—Daniele 2:44.

Mo bodireding jwa ga Jesu jo bokhutshwane fa a ne a le mo lefatsheng, o ne a bontsha go se kae fela gore puso ya Modimo e tla tlisetsa batho masego afe fa e setse e busa gape. Diefangele di naya bosupi jwa gore Jesu o ne a le kutlwelobotlhoko mo bathong ba ba neng ba humanegile e bile ba kgethololwa. O ne a fodisa balwetse, a fepa ba ba bolawang ke tlala e bile a tsosa baswi. Tota le maatla a tlholego a ne a utlwa lentswe la gagwe. (Mathaio 11:5; Mareko 4:37-39; Luke 9:11-16) Akanya fela gore Jesu o tla kgona go fitlhelela eng fa a dirisa maatla a go ntlafatsa a setlhabelo sa gagwe sa thekololo go solegela batho botlhe ba ba kutlo molemo! Baebele e solofetsa gore Modimo o tla dirisa puso ya ga Keresete go “phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a [batho], mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”—Tshenolo 21:4.

Go Gomotsa ba ba Bogang

A bo go kgothatsa jang ne go itse gore Modimo wa rona yo o lorato le yo o maatla otlhe e bong Jehofa o amega ka rona le gore mo bogautshwaneng o tla namola batho! Gantsi molwetse yo o gateletsweng o amogela ka go rata kalafi e e tla mo fodisang le fa e ka tswa e le botlhoko thata. Ka tsela e e tshwanang, fa re itse gore tsela e Modimo a dirang dilo ka yone e tla tlisa masego a a nnelang ruri, kitso eo e tla re nonotsha le fa re ka lebana le mathata ape a nakwana.

Ricardo, yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng, ke mongwe yo o ithutileng go ikgomotsa ka ditsholofetso tsa Baebele. O gakologelwa jaana: “Fa mosadi wa me a sena go tlhokafala, ke ile ka ikutlwa ke eletsa thata go itlhaola mo bathong, mme go ise go ye kae ka lemoga gore seo se ne se ka se ka sa busa mosadi wa me mme se ne se tla nkutlwisa botlhoko le go feta.” Mo boemong jwa moo, Ricardo o ne a tswelela pele le thulaganyo ya gagwe ya go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete ka metlha le go abela ba bangwe molaetsa wa Baebele. Ricardo a re: “Fa ke ntse ke lemoga kafa Jehofa a ntshegetsang ka lorato ka teng le kafa a arabang dithapelo tsa me ka teng mo dilong tse di lebegang e se tsa sepe, ke ne ka atamalana le ene. Go lemoga lorato lwa Modimo jalo ke gone go ileng ga nthusa go itshokela se tota e neng e le teko e kgolo go gaisa tsotlhe tse nkileng ka lebana le tsone.” O bolela jaana: “Ke sa ntse ke tlhoafalela mosadi wa me fela thata, mme le fa go ntse jalo, jaanong ke dumela ke sa belaele gore Jehofa ga a ka ke a letla sepe se se ka dirang gore re utlwe botlhoko go ya go ile.”

A le wena, fela jaaka Ricardo le batho ba bangwe ba le dimilione di le dintsi, o tlhoafaletse nako e ka yone go boga ga batho ga jaanong go ‘se kitlang go gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong’? (Isaia 65:17) Tlhomamisega gore o ka bona masego a Bogosi Jwa Modimo fa o latela kgakololo eno ya Baebele: “Batlang Jehofa, a sa ntse a ka bonwa. Mmitseng a sa ntse a le gaufi.”—Isaia 55:6.

Gore o kgone go dira jalo, dira gore go bala Lefoko la Modimo le go le ithuta ka tlhoafalo e nne sengwe sa botlhokwa mo botshelong jwa gago. Dira ka natla gore o itse Modimo le ene yo a mo romileng e bong Jesu Keresete. Leka go tshela ka ditekanyetso tsa Modimo mme ka jalo o bontshe gore o iketleeleditse go ikobela bolaodi jwa gagwe. Go dira jalo go tla go tlisetsa boitumelo jo bogolwane gone jaanong le fa o ka lebana le diteko dipe. Mme mo isagweng go tla felela ka gore o itumelele botshelo mo lefatsheng le le se nang pogo.—Johane 17:3.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 7 Mo ntlheng e e kwa tlase ya Genesise 2:17, The Jerusalem Bible e tlhalosa “kitso ya molemo le bosula” e le “maatla a go dira tshwetso . . . ya gore se se molemo ke eng, se se bosula ke eng le go dira tumalanong le tshwetso eo, boikutlo jwa go itaola gotlhelele mo boitsholong jo ka jone motho a ganang go amogela maemo a gagwe a go nna setshedi se se bopilweng.” E oketsa jaana: “Boleo jwa ntlha e ne e le go tlhaselwa ga bolaodi jwa Modimo.”

^ ser. 17 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka boporofeti jwa Baebele jo bo malebana le 1914, bona kgaolo 10 le 11 tsa buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso mo go tsebe 6, 7]

RE KA LEPALEPANA JANG LE POGO?

‘Latlhelang tlhobaelo yotlhe ya lona mo Modimong.(1 Petere 5:7) Ke ga tlholego fela gore re ikutlwe re tlhakane tlhogo, re galefile e bile re latlhegile fa re boga kgotsa re bona mongwe yo re mo ratang a boga. Le fa go ntse jalo, tlhomamisega gore Jehofa o tlhaloganya maikutlo a rona. (Ekesodo 3:7; Isaia 63:9) Fela jaaka banna ba ba ikanyegang ba bogologolo, re ka mo tshololela maikutlo a rona le go mmolelela dipelaelo le ditlhobaelo tsa rona. (Ekesodo 5:22; Jobe 10:1-3; Jeremia 14:19; Habakuke 1:13) A ka nna a se ka a fedisa diteko tsa rona ka tsela ya kgakgamatso, mme a ka araba dithapelo tsa rona tse di tswang pelong ka go re naya botlhale le maatla a go lepalepana le tsone.—Jakobe 1:5, 6.

“Lo se ka lwa gakgamadiwa ke diteko tse di botlhoko tse lo bogang ka ntlha ya tsone, jaaka e kete lo diragalelwa ke sengwe se se sa tlwaelegang.” (1 Petere 4:12, New International Version) Fano Petere o bua ka pogiso, mme mafoko a gagwe a ka dirisiwa ka tsela e e tshwanang le mo kgannyeng ya pogo epe fela e modumedi a ka e itshokelang. Batho ba a tlhoka, ba a lwala e bile ba swelwa ke baratiwa ba bone. Baebele e bolela gore botlhe ba diragalelwa ke “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Moreri 9:11) Dilo tseno ke karolo ya botshelo jwa batho gompieno. Go lemoga seno go tla re thusa go lepalepana le pogo le masetlapelo fa a tlhaga. (1 Petere 5:9) Selo sa botlhokwa le go feta ke gore re ka gomodiwa thata ke go gakologelwa mafoko a a kgothatsang a gore “matlho a ga Jehofa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe di ntlheng ya go goa ga bone ba kopa thuso.”—Pesalema 34:15; Diane 15:3; 1 Petere 3:12.

“Ipeleng mo tsholofelong.” (Baroma 12:12) Mo boemong jwa go nna re akanya ka dilo tse di neng di re itumedisa mo nakong e e fetileng, re ka tlhatlhanya ka tsholofetso ya Modimo ya gore o tla fedisa pogo yotlhe. (Moreri 7:10) Tsholofelo eno e e theilweng mo mabakeng a a utlwalang e tla re sireletsa jaaka tlhoro ya phemelo e sireletsa tlhogo. Tsholofelo e kokobetsa botlhoko jwa masetlapelo a botshelo mme e thusa go tlhomamisa gore ga a re koafaletse ruri mo tlhaloganyong, mo maikutlong, kgotsa mo semoyeng.—1 Bathesalonika 5:8.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Adame le Efa ba ne ba gana go busiwa ke Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Modimo o solofetsa gore go tla nna le lefatshe le le se nang pogo