Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Modimo, Ke ka Ntlha Yang fa o Letleletse Seno?’

‘Modimo, Ke ka Ntlha Yang fa o Letleletse Seno?’

‘Modimo, Ke ka Ntlha Yang fa o Letleletse Seno?’

RICARDO o sa ntse a gakologelwa nako ya fa a ne a ntse le mosadi wa gagwe e bong Maria, mo phaposing e go letelwang ngaka mo go yone. * Ga go ope wa bone yo o neng a le pelokgale go bala se se neng se bonwe fa go dirwa ditlhatlhobo tsa kalafi tse Maria a neng a sa tswa go di dira. Go tswa foo, Ricardo o ne a bula enfelopo, mme ba fetisa matlho ka bonako mo pegong e e neng e kwadilwe ka mafoko a tsa kalafi. Ba ne ba bona lefoko “kankere,” mme boobabedi ba ne ba simolola go lela e re ka ba ne ba lemoga bokao jo bo feletseng jwa lefoko leo.

Ricardo o gakologelwa jaana: “Ngaka ya rona e ne e le pelonomi tota, mme ga go pelaelo gore o ne a lemoga bomasisi jwa seemo seno ka gonne o ne a nna a re bolelela gore re tshwanetse go ikanya Modimo.”

Pele kalafi ya marang e simololwa, ngaka ya ga Maria e ne ya lemoga gore leoto la ga Maria la moja le ne le itshikinya fela mme e se ene a le laolang. Diteko tse dingwe tse di neng tsa dirwa di ne tsa bontsha gore kankere e ne e fetetse kwa bobokong. Fa a sena go fetsa beke e le nngwe fela a ntse a alafiwa, kalafi ya marang e ne ya nama e emisitswe. Maria o ne a tsena mo kidibalong e kgolo mme a tlhokafala dikgwedi tse pedi moragonyana. Ricardo o tlhalosa jaana: “Ke ne ka itumelela gore a bo a sa tlhole a boga mme le fa go ntse jalo, ke ne ke mo tlhoafalela thata mo ke neng ke iphitlhela ke eletsa gore le nna ke swe. Gantsi ke ne ke a tle ke botse Modimo jaana ka kutlobotlhoko: ‘Ke ka ntlha yang fa o letleletse gore seno se diragale?’”

Fa go Tlhaga Masetlapelo, go Nna le Dipotso Tse Dintsi

Fela jaaka Ricardo, batho ba le bantsi mo lefatsheng ba patelesega go dumela gore pogo e teng. Gantsi batho ba ba se nang molato ke bone ba ba bogang. Akanya ka kutlobotlhoko e kgolo e e bakiwang ke dintwa tse di setlhogo tse di aparetseng batho. Kgotsa akanya ka botlhoko jo bo utlwiwang ke batho ba bantsi ba ba amiwang ke petelelo, go sotliwa ga bana, tirisodikgoka mo lelapeng le ditiro tse dingwe tse di bosula tse di dirwang ke batho. Go bonala banna le basadi ba ile ba direlana tshiamololo le go utlwisana botlhoko ka tsela e e se nang selekanyo mo nakong yotlhe e e fetileng. (Moreri 4:1-3) Gape batho ba ba amilweng ke masetlapelo a tlholego kgotsa ba ba nang le malwetse a maikutlo, a tlhaloganyo le a mmele ba mo tlalelong e kgolo. Ke gone ka moo batho ba le bantsi ba botsang jaana: “Ke ka ntlha yang fa Modimo a letlelela pogo e e ntseng jalo?”

Tota le batho ba bodumedi ba fitlhela go le thata go itshokela pogo. Le wena o ka tswa o ipotsa gore ke ka ntlha yang fa Modimo yo o lorato, yo o maatla otlhe a letla gore batho ba boge. Go bona karabo e e kgotsofatsang le e e boammaaruri ya potso eno e e gakang go ka re thusa gore re nne le kagiso ya mogopolo re bo re nne le kamano e e molemo le Modimo. Baebele e naya karabo e e ntseng jalo. Tsweetswee sekaseka se e se buang jaaka setlhogo se se latelang se bontsha.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Maina a fetotswe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 3

Ngaka e ne ya nna e re bolelela gore re tshwanetse go ikanya Modimo