Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Nnang lo Disitse”!

“Nnang lo Disitse”!

“Nnang lo Disitse”!

“Se ke se lo rayang ke se raya botlhe, Nnang lo disitse.”—MAREKO 13:37.

1, 2. (a) Monna mongwe o ne a ithuta thuto efe malebana le kgang ya go disa dithoto tsa gagwe? (b) Setshwantsho sa ga Jesu sa legodu se re ruta eng malebana le go nna re tsogile?

JUAN o ne a baya dilo tsa gagwe tse di tlhwatlhwakgolo kwa legaeng la gagwe. O ne a di baya ka fa tlase ga bolao jwa gagwe—lefelo le a neng a akanya gore le babalesegile go feta otlhe mo ntlong. Le fa go ntse jalo, bosigo bongwe fa ene le mosadi wa gagwe ba ntse ba robetse, legodu le ne la tsena mo kamoreng ya bone. Go bonala sentle gore legodu leno le ne le itse sentle gore le batlele kae. Le ne la ntsha sengwe le sengwe se se tlhwatlhwakgolo ka fa tlase ga bolao ka tidimalo mmogo le madi a Juan a neng a a tlogetse mo llaeng ya tafole e e fa thoko ga bolao. Mo mosong o o latelang, Juan o ne a lemoga gore o utsweditswe. Ga a kitla a lebala thuto eno e e botlhoko e a e ithutileng: Motho yo o robetseng ga a ka ke a kgona go disa dithoto tsa gagwe.

2 Seno se ka direga le ka tsela ya semoya. Ga re ka ke ra kgona go disa tsholofelo ya rona le tumelo ya rona fa re thulamela. Ke gone ka moo Paulo a neng a kgothatsa jaana: “A re se nneng re robetse jaaka ba bangwe botlhe ba dira, mme a re nneng re tsogile re bo re nne re thantse mo ditlhaloganyong.” (1 Bathesalonika 5:6) Jesu o ne a dirisa setshwantsho sa legodu go bontsha kafa go leng botlhokwa ka teng gore re nne re tsogile. O ne a tlhalosa ditiragalo tse di neng di tla lebisa kwa nakong ya fa a tla bo a tla e le Moatlhodi, go tswa foo a bo a tlhagisa jaana: “Jalo, nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse gore Morena wa lona o tla ka letsatsi lefe. Mme itseng selo se le sengwe, gore fa mong wa ntlo a ne a itsile gore legodu le tla ka tebelo efe, o ka bo a ne a nna a tsogile mme a se ka a letlelela gore go thubiwe mo ntlong ya gagwe. Ka lebaka leno le lona itshupeng lo iketleeditse, ka gonne ka ura e lo sa akanyeng gore ke yone, Morwa motho o tla ka yone.” (Mathaio 24:42-44) Legodu ga le nke le bolela go sa le gale gore le tla tla leng. Le solofela gore le tla fitlha go se na ope yo o le lebeletseng. Ka tsela e e tshwanang, jaaka Jesu a ne a bolela, bokhutlo jwa tsamaiso eno bo tla tla ka ‘ura e re sa akanyeng gore ke yone.’

“Nnang lo Tsogile, Emang lo Nitame mo Tumelong”

3. Jesu o ne a bontsha jang botlhokwa jwa go nna re tsogile a dirisa setshwantsho sa batlhanka ba ba neng ba letetse mong wa bone go boa kwa lenyalong?

3 Mo mafokong a a kwadilweng mo Efangeleng ya ga Luke, Jesu o ne a bapisa Bakeresete le batlhanka ba ba letetseng mong wa bone go boa kwa lenyalong. Ba tshwanetse go nna ba ntshitse matlho dinameng gore fa mong wa bone a goroga ba bo ba thantse, ba ipaakanyeditse go mo amogela. Gape Jesu o ne a bolela jaana: “Morwa motho o tla ka nako e lo sa akanyeng gore e ka nna yone.” (Luke 12:40) Bangwe ba ba ileng ba direla Jehofa ka dingwaga di le dintsi ba ka nna ba se ka ba tlhola ba nna le boikutlo jwa gore metlha e re tshelang mo go yone e potlakile. E bile ba ka nna ba swetsa ka gore bokhutlo bo sa ntse bo le kgakala. Mme go akanya ka tsela eno go ka dira gore re tlogele go akanya ka dilo tsa semoya mme re simolole go akanya ka mekgele ya senama, e leng dilo tse di itayang tsebe tse di ka dirang gore re otsele semoyeng.—Luke 8:14; 21:34, 35.

4. Re ka tlhotlheletsega go nna re disitse fa re tlhatswegile pelo ka eng, mme Jesu o ne a bontsha seno jang?

4 Re ka ithuta thuto e nngwe gape mo setshwantshong sa ga Jesu. Le mororo batlhanka ba ne ba sa itse ura e mong wa bone a neng a tla goroga ka yone, go bonala ba ne ba itse gore o tla tla mo bosigong bofe. Go ne go ka nna thata gore ba nne ba thantse bosigo joo jotlhe fa e le gore ba ne ba akanya gore mong wa bone a ka nna a tla mo bosigong jo bongwe. Mme go ne go sa nna jalo, ba ne ba itse gore o tlile go tla mo bosigong bofe, mme seo se ne sa ba naya lebaka le le utlwalang la gore ba nne ba tsogile. Ka tsela e e batlileng e tshwana, dipolelelopele tsa Baebele di bontsha sentle gore re tshela mo motlheng wa bofelo; mme ga di re bolelele gore bokhutlo bo tla tla ka letsatsi kgotsa ka ura efe. (Mathaio 24:36) Lebaka fela la gore re dumela gore bokhutlo bo a tla le re thusa go nna re tsogile, mme fa e le gore re tlhatswegile pelo gore ruri letsatsi la ga Jehofa le atametse, re tla ikutlwa re tlhotlheletsega go feta le fa e le leng pele gore re nne re disitse.—Sefania 1:14.

5. Re ka tsaya tsia jang kgakololo ya ga Paulo ya gore re ‘nne re tsogile’?

5 Fa Paulo a ne a kwalela Bakorintha, o ne a rotloetsa jaana: “Nnang lo tsogile, emang lo nitame mo tumelong.” (1 Bakorintha 16:13) Ee, go nna re tsogile go amana le gore re eme re nitame mo tumelong ya Bokeresete. Re ka dira jang gore re nne re tsogile? Ka go nna le kitso e e oketsegileng ka Lefoko la Modimo. (2 Timotheo 3:14, 15) Go nna le mekgwa e mentle ya go ithuta le go nna teng ka metlha kwa dipokanong go thusa go nonotsha tumelo ya rona, mme go nna re akantse thata ka letsatsi la ga Jehofa ke karolo ya botlhokwa thata ya tumelo ya rona. Ka jalo, go sekaseka gangwe le gape bosupi jwa Dikwalo jwa gore re setse re le gaufi le bokhutlo jwa tsamaiso eno go tla re thusa gore re se ka ra lebala dithuto tsa botlhokwa tsa boammaaruri tse di malebana le bokhutlo joo jo bo tlang. * Gape go molemo go ela tlhoko ditiragalo tsa lefatshe tse di diragatsang boporofeti jwa Baebele. Mokaulengwe mongwe kwa Jeremane o ne a kwala jaana: “Nako le nako fa ke leba dikgang—dintwa, dithoromo tsa lefatshe, thubakanyo le go kgotlelwa ga polanete ya rona—ke bona gore tota bokhutlo bo gaufi.”

6. Jesu o ne a bontsha jang tshekamelo e re ka nnang ra nna le yone ya go felelwa ke tlhoafalo ya semoya fa nako e ntse e tsamaya?

6 Mo go Mareko kgaolo 13, re bona pego e nngwe ya fa Jesu a ne a kgothatsa balatedi ba gagwe gore ba nne ba tsogile. Mo kgaolong eno, Jesu o bapisa boemo jwa bone le jwa molebedi wa kgoro yo o letetseng mong wa gagwe gore a boe mo loetong lo a lo tsereng go ya kwa nageng e e kgakala. Molebedi wa kgoro o ne a sa itse ura e mong wa gagwe a tla boang ka yone. O ne a tshwanetse go nna fela a disitse. Jesu o ne a bua ka dinako tse nnè tse di farologaneng tsa go disa tse ka tsone mong a ka nnang a boa ka tsone. Nako ya bonè ya go disa e ne e simologa mo e ka nnang ka ura ya boraro mo mosong go fitlha letsatsi le tlhaba. Ka nako eo ya bofelo ya go disa, go ne go le motlhofo gore molebedi wa kgoro a ka fekeediwa ke boroko. Go begwa gore masole a tsaya ura ya pele fela ga masa e le nako e e molemolemo ya go tshoganyetsa mmaba. Ka mo go tshwanang, mo nakong eno ya bofelo, e mo go yone lefatshe le le re dikologileng le leng mo borokong jo bo kwa teng jwa semoya, re ka nna ra tshwanelwa ke go kgaratlha gore re nne re tsogile. (Baroma 13:11, 12) Ke gone ka moo Jesu mo setshwantshong sa gagwe gangwe le gape a kgothatsang jaana: “Nnang lo lebile, nnang lo tsogile . . . Jalo nnang lo disitse . . . Se ke se lo rayang ke se raya botlhe, Nnang lo disitse.”—Mareko 13:32-37.

7. Ke eng se ruri se ka diragalang, mme ke kgothatso efe e re balang ka yone gangwe le gape mo Baebeleng malebana le sone?

7 Ka makgetlho a le mantsi mo bodireding jwa ga Jesu le fa a sena go tsosiwa, o ne a kgothaletsa gore re nne re thantse. Tota e bile, mo e ka nnang nako nngwe le nngwe fa Dikwalo di bua ka bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo, di tlhagisa gore re nne re tsogile kgotsa re nne re disitse. * (Luke 12:38, 40; Tshenolo 3:2; 16:14-16) Go bonala sentle gore go otsela semoyeng ruri ke sengwe se se ka diragalang. Rotlhe re tlhoka ditlhagiso tseo!—1 Bakorintha 10:12; 1 Bathesalonika 5:2, 6.

Baaposetoloi ba Bararo ba ba Neng ba sa Kgone go Nna ba Tsogile

8. Kwa tshimong ya Gethesemane, baaposetoloi ba bararo ba ga Jesu ba ne ba dirang fa a ne a ba kopa gore ba nne ba disitse?

8 Go nna re tsogile go tlhoka se se fetang go nna le maitlhomo a a siameng fela, jaaka re bona mo sekaing sa ga Petere, Jakobe le Johane. Batho ba bararo bano e ne e le banna ba ba ratang dilo tsa semoya ba ba neng ba latela Jesu ka boikanyegi e bile ba mo rata thata. Le fa go ntse jalo, mo bosigong jwa Nisane 14, 33 C.E., ga ba a ka ba kgona go nna ba tsogile. Fa ba tswa mo phaposing e e kwa godimo e ba neng ba keteka Tlolaganyo mo go yone, baaposetoloi bano ba bararo ba ne ba tsamaya le Jesu go ya kwa tshimong ya Gethesemane. Fa ba le koo Jesu o ne a ba raya a re: “Moya wa me o hutsafetse thata, le eleng go ya losong. Nnang fano mme lo nne lo disitse le nna.” (Mathaio 26:38) Jesu o ne a rapela Rraagwe yo o kwa legodimong ka tlhoafalo ka makgetlho a le mararo, mme nako le nako fa a boela kwa ditsaleng tsa gagwe o ne a ba fitlhela ba robetse.—Mathaio 26:40, 43, 45.

9. Ke eng se se ka tswang se ile sa dira gore baaposetoloi ba otsele?

9 Ke ka ntlha yang fa banna ba ba ikanyegang bano ba ne ba swabisa Jesu mo bosigong joo? Lebaka lengwe e ne e le go lapa mo mmeleng. Go ne go le bosigo, gongwe morago ga bosigogare mme “matlho a bone a ne a le boima” ka ntlha ya boroko. (Mathaio 26:43) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a re: “Nnang lo disitse mme lo rapele lo sa kgaotse, gore lo tle lo se ka lwa tsena mo thaelong. Gone, moya o tlhaga, mme nama yone e bokoa.”—Mathaio 26:41.

10, 11. (a) Le mororo Jesu a ne a lapile, ke eng se se ileng sa mo thusa gore a nne a disitse kwa tshimong ya Gethesemane? (b) Re ka ithuta eng mo go se se ileng sa diragalela baaposetoloi ba bararo fa Jesu a ne a ba kopa gore ba nne ba disitse?

10 Ga go na pelaelo gore Jesu le ene o ne a lapile mo bosigong jo bo botlhokwa joo. Le fa go ntse jalo, mo boemong jwa gore a robale, o ne a dirisa metsotso eo ya bofelo ya kgololesego go rapela ka tlhoafalo. Malatsi a se kae pele ga moo, o ne a ile a kgothatsa balatedi ba gagwe gore ba rapele, a re: “Jaanong, nnang lo tsogile, lo dira mokokotlelo ka nako yotlhe gore lo tle lo atlege mo go faloleng dilo tseno tsotlhe tse di laoletsweng go diragala, le go ema fa pele ga Morwa motho.” (Luke 21:36; Baefeso 6:18) Fa re tsaya tsia kgakololo ya ga Jesu re bo re latela sekao sa gagwe se se molemo mo kgannyeng ya thapelo, dithapelo tsa rona tse di tswang pelong tse re rapelang Jehofa ka tsone di tla re thusa go nna re tsogile semoyeng.

11 Gone ke boammaaruri gore ka nako eo Jesu o ne a tlhaloganya gore go ise go ye kae o tla tshwarwa a bo a atlholelwa loso—mme ka nako eo barutwa ba gagwe ba ne ba ise ba tlhaloganye seo. Diteko tsa gagwe di ne di tla felela ka tsela e e botlhoko thata fa a le mo koteng ya tlhokofatso. Jesu o ne a tlhagisitse baaposetoloi ba gagwe ka dilo tseno mme ba ne ba sa tlhaloganye se a se buang. Ka jalo, ba ne ba thulamela fa ene a ntse a tsogile a rapela. (Mareko 14:27-31; Luke 22:15-18) Fela jaaka go ne go ntse ka baaposetoloi, le rona nama ya rona e bokoa e bile go na le dilo tse re iseng re di itse. Le fa go ntse jalo, fa re sa lemoge go potlaka ga metlha e re tshelang mo go yone, re ka thulamela ka tsela ya semoya. Re tla kgona go nna re tsogile fela fa re nna re ntshitse matlho dinameng.

Dinonofo Tse Tharo Tse di Botlhokwa

12. Ke dinonofo dife tse tharo tse Paulo a di amanyang le go nna ga rona re thantse?

12 Re ka kgona jang go nna re tlhagafetse? Re setse re bone gore go rapela go botlhokwa go le kana kang le gore re tlhoka go nna re akantse ka letsatsi la ga Jehofa. Mo godimo ga moo, Paulo o umaka dinonofo tse tharo tse re tshwanetseng go leka go nna le tsone. A re: “Rona ba re leng ba motshegare, a re nneng re thantse mo ditlhaloganyong mme re apareng seiphemelo sa sehuba sa tumelo le lorato le tsholofelo ya poloko jaaka tlhoro ya phemelo.” (1 Bathesalonika 5:8) A re sekasekeng ka bokhutshwane tsela e tumelo, tsholofelo le lorato di ka re thusang go nna re tsogile semoyeng ka yone.

13. Tumelo e re thusa jang gore re nne re ntshitse matlho dinameng?

13 Re tshwanetse go nna le tumelo e e nonofileng ya gore Jehofa o teng le gore “o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” (Bahebera 11:6) Go diragadiwa ga ntlha ga boporofeti jwa ga Jesu jo bo malebana le bokhutlo mo go diragetseng ka lekgolo la ntlha la dingwaga go nonotsha tumelo ya rona ya gore bo tla diragadiwa ka tsela e kgolwane mo motlheng wa rona. Mme tumelo ya rona e dira gore re nne re lebeletse letsatsi la ga Jehofa ka tlhoafalo, re tlhomamisegile gore “ruri [ponatshegelo ya boporofeti] e tla diragala. Ga e kitla e tla morago ga nako.”—Habakuke 2:3.

14. Tsholofelo e botlhokwa go le kana kang gore re nne re tsogile?

14 Tsholofelo ya rona e e tlhomameng e tshwana le “tshetledi ya moya” e e re thusang go itshokela mathata le fa re ka tshwanelwa ke gore re letele ditsholofetso tsa Modimo tse ruri di tla diragadiwang. (Bahebera 6:18, 19) Margaret, kgaitsadi mongwe yo o tloditsweng ka moya yo o mo dingwageng tsa gagwe tsa bo90 yo o kolobeditsweng dingwaga di le 70 tse di fetileng, a re: “Fa monna wa me a ne a gateletswe ke kankere ka 1963, ke ne ka akanya gore go ne go ka nna molemo fa bokhutlo bo ne bo ka tla ka bonako. Mme gone jaanong ke lemoga gore ke ne ke akantse ka se se ka solegelang nna fela molemo. Ka nako eo re ne re sa itse gore tiro e ne e tla oketsega go le kana kang mo lefatsheng lotlhe. Tota le gone jaanong, go sa ntse go na le mafelo a mantsi a mo go one tiro e sa tswang go simologa. Ka jalo, ke itumelela go bo Jehofa a ile a nna pelotelele.” Moaposetoloi Paulo o re tlhomamisetsa jaana: “Boitshoko [bo tsala] boemo jo bo amogelesegang; boemo jo bo amogelesegang jone, tsholofelo, mme tsholofelo ga e swabise.”—Baroma 5:3-5.

15. Lorato lo tla re tlhotlheletsa jang le fa go bonala e kete re letile nako e telele?

15 Lorato lwa Bokeresete ke nonofo e e tlhomologileng ka gonne ke lone lo re tlhotlheletsang go dira sengwe le sengwe se re se dirang. Re direla Jehofa ka go bo re mo rata, le fa a ka tswa a beile nako efe go diragatsa maikaelelo a gagwe. Lorato lo re ratang baagelani ka lone lo re tlhotlheletsa go dira tiro ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi, le fa Modimo a ka tswa a batla gore re e dire ka lobaka lo loleele go le kana kang, le fa re ka tswa re tshwanelwa ke go boela kwa matlong a le mangwe fela ka makgetlho a le mantsi go le kana kang. Jaaka Paulo a ne a kwala, “go sala tumelo, tsholofelo, lorato, tse tharo tseno; mme se segolo thata mo go tseno ke lorato.” (1 Bakorintha 13:13) Lorato lo dira gore re itshoke e bile lo re thusa gore re nne re tsogile. “[Lorato] lo solofela dilo tsotlhe, lo itshokela dilo tsotlhe. Lorato ga lo ke lo fela.”—1 Bakorintha 13:7, 8

“Nna o Ngangatlele se o Nang le Sone”

16. Go na le gore re ngodiege, re tshwanetse go leka go nna le boikutlo bofe?

16 Re tshela mo metlheng e e botlhokwa e mo go yone ditiragalo tsa lefatshe di nnang di re gakolola gore re tsamaela kwa bokhutlong jwa metlha ya bofelo. (2 Timotheo 3:1-5) Eno ga se nako ya go ngodiega mme ke nako ya gore re ‘ngangatlele se re nang le sone.’ (Tshenolo 3:11) Fa re nna re “thantse malebana le dithapelo” mme re tlhagolela tumelo, tsholofelo le lorato, go tla bonala gore re ipaakantse ka nako ya teko. (1 Petere 4:7) Re na le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena. Go nna re tshwaregile ka ditiro tsa boineelo jwa bomodimo go tla re thusa gore re nne re thantse.—2 Petere 3:11.

17. (a) Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go kgobega marapo fa ka dinako tse dingwe dilo tse re di lebeletseng di sa direge? (Bona lebokose le le mo go tsebe 21.) (b) Re ka etsa Jehofa jang, mme batho ba ba mo etsang ba tla segofadiwa jang?

17 Jeremia o ne a kwala jaana: “Jehofa ke kabelo ya me, . . . ke gone ka moo ke tla bontshang boikutlo jwa go mo leta. Jehofa o molemo mo go yo o solofetseng mo go ene, mo moyeng o o nnang o mmatla. Go molemo gore motho a lete poloko ya ga Jehofa, le eleng ka tidimalo.” (Dikhutsafalo 3:24-26) Bangwe ba rona ba letile nako e khutshwane fela. Ba bangwe ba letile dingwaga di le dintsi go bona poloko ya ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, a bo nako eno e ba e letileng e le khutshwane jang ne fa e bapisiwa le nako ya bosakhutleng e e tlang! (2 Bakorintha 4:16-18) Mme fa re ntse re letile nako e Jehofa a e beileng, re ka tlhagolela dinonofo tse di botlhokwa tsa Bokeresete le go thusa ba bangwe gore ba solegelwe molemo ke bopelotelele jwa ga Jehofa ba bo ba amogele boammaaruri. Ka jalo, e kete rotlhe re ka nna re disitse. A re etseng Jehofa mme re nne pelotelele, re mo lebogela tsholofelo e a re e neileng. Mme fa re ntse re ntshitse matlho dinameng ka dinako tsotlhe, e kete re ka nna re ngangatletse tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng. Fa re dira jalo, ruri ditsholofetso tseno tsa boporofeti di tla diragadiwa mo go rona: “[Jehofa] o tla go godisa gore o rue lefatshe. Fa baikepi ba kgaolwa, o tla bona seo.”—Pesalema 37:34.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Go ka nna molemo go sekaseka gape dilo tse thataro tse e leng bosupi jo bo bontshang gore re tshela mo “metlheng ya bofelo,” tse di neng di kwadilwe mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya January 15, 2000, tsebe 12-13.—2 Timotheo 3:1.

^ ser. 7 Fa mokwadi wa dikishinare W. E. Vine a bua ka lediri la Segerika le le ranotsweng e le “nnang lo tsogile,” o tlhalosa gore fa le tsewa fela jaaka le ntse le kaya go ‘leleka boroko,’ ga le “kaye fela go thanya, mme le bua ka botlhaga jwa batho ba ba ikaeletseng go dira sengwe.”

O ka Araba Jang?

• Re ka nonotsha jang tumelo ya rona ya gore bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo gaufi?

• Re ka ithuta eng mo sekaing sa ga Petere, Jakobe le Johane?

• Ke dinonofo dife tse tharo tse di tla re thusang go nna re thantse semoyeng?

• Ke ka ntlha yang fa eno e le nako ya go ‘nna re ngangatletse se re nang le sone’?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 21]

“Go Itumela yo o Nnang a Lebeletse.”—Daniele 12:12

Akanya fela molebedi a belaela gore legodu le rulaganya go tla go utswa mo dikagong tse a di disitseng. Fa go nna bosigo, molebedi yono o reetsa ka kelotlhoko gore a utlwe modumo ope fela o o ka tswang o supa gore legodu le teng. Fa diura di ntse di feta o dira ka natla gore a utlwe le go bona sepe fela se se belaetsang. Go motlhofo gore a ka tsiediwa ke sengwe se a sa se letelang—modumo wa phefo e e tsubutlang ditlhare kgotsa wa katse e diga sengwe.—Luke 12:39, 40.

Batho ba ba ‘letetseng tshenolo ya Morena wa rona Jesu Keresete ka tlhoafalo’ le bone ba ka diragalelwa ke sengwe se se tshwanang. (1 Bakorintha 1:7) Baaposetoloi ba ne ba akanya gore Jesu o ne a tla “busetsa bogosi mo Iseraele” ka bonako fela morago ga tsogo ya gagwe. (Ditiro 1:6) Dingwaga di le dintsi moragonyana, Bakeresete kwa Thesalonika ba ne ba tshwanelwa ke go gakololwa gore go nna gone ga ga Jesu go ne go sa ntse go tla direga mo nakong e e tlang. (2 Bathesalonika 2:3, 8) Le fa go ntse jalo, ditsholofelo tse di neng tsa se ka tsa diragadiwa malebana le letsatsi la ga Jehofa ga di a ka tsa dira gore balatedi bao ba ga Jesu ba bogologolo ba tlogele tsela e e isang kwa botshelong.—Mathaio 7:13.

Mo motlheng wa rona, lebaka la go bo go bonala e kete bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo diega go tla ka nako e re e lebeletseng ga le a tshwanela go dira gore re kgaotse go nna re disitse. Molebedi yo o podimatseba a ka nna a tsiediwa ke sengwe se a neng a sa se letela, mme le fa go ntse jalo o tshwanetse go nna a disitse! Ke tiro ya gagwe. Go ntse fela jalo le ka Bakeresete.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

A o tlhatswegile pelo gore letsatsi la ga Jehofa le gaufi?

[Ditshwantsho mo go tsebe 19]

Dipokano, thapelo le mekgwa e mentle ya go ithuta di re thusa go nna re disitse

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Fela jaaka Margaret, a re nneng re disitse ka bopelotelele le ka tlhoafalo