Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nnang lo Tsogile, go Feta Le fa E le Leng Pele!

Nnang lo Tsogile, go Feta Le fa E le Leng Pele!

Nnang lo Tsogile, go Feta Le fa E le Leng Pele!

“A re se nneng re robetse jaaka ba bangwe botlhe ba dira, mme a re nneng re tsogile re bo re nne re thantse mo ditlhaloganyong.”—1 BATHESALONIKA 5:6.

1, 2. (a) Pompeii le Herculaneum e ne e le metse e e ntseng jang? (b) Baagi ba le bantsi ba kwa Pompeii le Herculaneum ba ne ba tlhokomologa tlhagiso efe, mme seo se ne sa felela ka eng?

MO LEKGOLONG la ntlha la dingwaga la Motlha wa Rona, Pompeii le Herculaneum e ne e le metse e mebedi e e neng e atlegile thata kwa Roma, e e neng e le gaufi le Thaba ya Vesuvius. Baroma ba ba humileng ba ne ba rata go itapolosa kwa go yone. Mafelo a yone a bobogelo a ne a ka lekana babogedi ba feta sekete, mme kwa Pompeii go ne go na le lefelo le legolo la bobogelo le le neng le na le manno a a ka lekanang batho botlhe ba motse. Baribolodi ba ile ba fitlhela gore go ne go na le dibara di le 118 kwa Pompeii, mme dingwe tsa tsone di ne di dirisiwa jaaka matlo a go betšha kgotsa a boaka. Go ne go tletse boitsholo jo bo sa siamang le lorato lwa dikhumo, jaaka ditshwantsho tse di takilweng mo dipoteng le masalela a dilo tse dingwe a bontsha.

2 Ka August 24, 79 C.E., Thaba ya Vesuvius e ne ya simolola go thunya. Batho ba ba ithutang ka makgwamolelo ba dumela gore fa thaba eno e thunya la ntlha, seretse se se molelo le molora di ne tsa tshologela mo metseng eno e mebedi, mme gongwe seno se ne se ka se thibele banni ba metse eo go tshaba. Ee ruri, go lebega ba le bantsi ba ile ba tshaba. Le fa go ntse jalo, batho ba bangwe ba ba neng ba tsaya kotsi eo motlhofo kgotsa ba tlhokomologa matshwao a tlhagiso ba ne ba nna fela. Go tswa foo, mo e ka nnang gare ga bosigo, motswako wa digase tse di gotetseng thata, wa seretse le maje o ne wa goromela mo Herculaneum, wa hupetsa baagi botlhe ba ba neng ba sa ntse ba le mo motseng. Phakela mo mosong o o latelang, motswako o o tshwanang le oo o ne wa bolaya batho botlhe kwa Pompeii. A bo e le phelelo e e botlhoko jang ne ya go sa tseye tsia matshwao a tlhagiso!

Bokhutlo Jwa Tsamaiso ya Dilo ya Sejuda

3. Go senngwa ga Jerusalema go tshwana ka tsela efe le go senngwa ga Pompeii le Herculaneum?

3 Tsela e e boifisang e Pompeii le Herculaneum di neng tsa senngwa ka yone e ne e sa lekane le masetlapelo a a neng a wela Jerusalema fa e ne e senngwa dingwaga di le robongwe pele ga moo, le mororo masetlapelo ano a ne a bakilwe ke batho. Go begwa gore a ne a felela ka dintsho tsa Bajuda ba feta milione mme a tlhalosiwa e le “nngwe ya ditiragalo tsa go thopiwa ga batho tse di maswe go feta tsotlhe mo hisitoring.” Le fa go ntse jalo, fela jaaka masetlapelo a kwa Pompeii le Herculaneum, Jerusalema ga e a ka ya senngwa kwantle ga tlhagiso.

4. Jesu o ne a naya sesupo sefe sa boporofeti go tlhagisa balatedi ba gagwe gore bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo bo ne bo atametse, mme se ne sa diragadiwa jang la ntlha mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

4 Jesu Keresete o ne a boleletse pele gore motse o ne o tla senngwa, mme o ne a bolelela pele ditiragalo tse di neng di tla direga pele ga moo—mathata a a jaaka dintwa, ditlhaelo tsa dijo, dithoromo tsa lefatshe le go tlhoka molao. Go ne go tla nna le baporofeti ba maaka, mme dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo di ne di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 24:4-7, 11-14) Le fa mafoko a ga Jesu a diragadiwa ka tsela e kgolwane gompieno, a ne a diragadiwa ka tsela e potlana morago koo. Hisitori e bontsha gore go ne ga nna le leuba le legolo kwa Judea. (Ditiro 11:28) Mokwalahisitori wa Mojuda e bong Josephus o bega gore go ne ga nna le thoromo ya lefatshe kwa kgaolong ya Jerusalema nakwana fela pele motse ono o senngwa. Fa bokhutlo jwa Jerusalema bo ntse bo atamela, go ne ga nna le dikhuduego gangwe le gape, dintwa tsa selegae gareng ga ditlhopha tsa Bajuda tsa bopolotiki, le go gailwa ga batho kwa metseng e le mmalwa e go neng go nna Bajuda le Baditšhaba kwa go yone. Le fa go ntse jalo, dikgang tse di molemo tsa Bogosi di ne di rerwa “mo popong yotlhe e e kafa tlase ga legodimo.”—Bakolosa 1:23.

5, 6. (a) Ke mafoko afe a ga Jesu a boporofeti a a neng a diragadiwa ka 66 C.E.? (b) Ke ka ntlha yang fa go ne ga swa batho ba le bantsi jaana fa kgabagare Jerusalema e ne e wa ka 70 C.E.?

5 Kgabagare ka 66 C.E., Bajuda ba ne ba tsuologela Roma. Fa Cestius Gallus a ne a eteletse pele masole a gagwe go ya go tlhasela Jerusalema, balatedi ba ga Jesu ba ne ba gakologelwa mafoko ano a ga Jesu: “Fa lo bona Jerusalema a dikologilwe ke masole a a thibeletseng, itseng gore go kgakgabadiwa ga gagwe go atametse. A ba ba kwa Judea ba simolole go tshabela kwa dithabeng, mme a ba ba mo gare ga gagwe ba tloge, le ba ba mo mafelong a selegae a ba se ka ba tsena mo go ene.” (Luke 21:20, 21) E ne e setse e le nako ya gore ba tswe kwa Jerusalema—mme ba ne ba tla tswa jang? Gallus o ne a busetsa masole a gagwe morago go sa lebelelwa, ka go dira jalo a naya Bakeresete ba ba kwa Jerusalema le Judea sebaka sa gore ba ikobele mafoko a ga Jesu mme ba tshabele kwa dithabeng.—Mathaio 24:15, 16.

6 Dingwaga di le nnè moragonyana, mo e ka nnang ka nako ya Tlolaganyo, masole a Roma a ne a boa a eteletswe pele ke Mojenerale Titus, yo o neng a ikemiseditse go fedisa botsuolodi jwa Bajuda. Masole a gagwe a ne a dikanyetsa Jerusalema a bo a aga “legoratshireletso la dikota tse di motsu,” gore ope a se ka a kgona go tshaba. (Luke 19:43, 44) Le fa go ne go na le matshosetsi ano a ntwa, Bajuda go tswa kwa dikarolong tsotlhe tsa Mmusomogolo wa Roma ba ne ba thelegetse kwa Jerusalema ba tlile moketeng wa Tlolaganyo. Jaanong ba ne ba gaeletswe. Go ya ka Josephus, ka maswabi bontsi jwa batho ba ba neng ba amega botlhoko fa Baroma ba ne ba tlhasetse motse e ne e le baeng bano. * Fa kgabagare Jerusalema e wa, mo Bajudeng botlhe ba ba kwa Mmusomogolong wa Roma go ne ga swa a le mongwe mo go ba le supa. Go senngwa ga Jerusalema le tempele ya yone go ne go kaya bokhutlo jwa naga ya Bajuda le tsamaiso ya yone ya bodumedi e e neng e theilwe mo Molaong wa ga Moshe. *Mareko 13:1, 2.

7. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba ba ikanyegang ba ile ba falola fa Jerusalema e senngwa?

7 Ka 70 C.E., Bakeresete ba Bajuda ba ka bo ba ile ba bolawa kgotsa ba dirwa makgoba le batho ba bangwe botlhe ba ba neng ba le kwa Jerusalema. Le fa go ntse jalo, go ya ka bosupi jwa hisitori, ba ne ba tsere tlhagiso ya ga Jesu tsia e ba neng ba e neilwe dingwaga di le 37 pele ga moo. Ba ne ba dule mo motseng mme ba se ka ba boela kwa go one.

Ditlhagiso Tsa Baaposetoloi Tse di mo Nakong

8. Ke eng se Petere a neng a bona se tlhokega, mme go bonala a ne a akantse ka mafoko afe a ga Jesu?

8 Gompieno, nako ya tshenyego e kgolo go gaisa tsotlhe e ntse e atamela, e leng tshenyego e e tla tlisang bokhutlo jwa tsamaiso eno yotlhe ya dilo. Dingwaga di le thataro pele Jerusalema e senngwa, moaposetoloi Petere o ne a naya kgakololo eno e e botlhokwa le e e mo nakong e e amang thata Bakeresete ba motlha wa rona: Nnang lo ntshitse matlho dinameng! Petere o ne a bona go tlhokega gore Bakeresete ba kuruse ‘bokgoni jwa bone jwa go akanya jo bo phepa’ gore ba se ka ba tlhokomologa “taolo ya Morena,” Jesu Keresete. (2 Petere 3:1, 2) Fa Petere a ne a rotloetsa Bakeresete gore ba nne ba ntshitse matlho dinameng, go bonala a ne a akantse ka mafoko ano a a neng a utlwa Jesu a a bolelela baaposetoloi ba Gagwe malatsi a le mmalwa pele ga loso lwa Gagwe: “Nnang lo lebile, nnang lo tsogile, gonne ga lo itse gore nako e e tlhomilweng e leng.”—Mareko 13:33.

9. (a) Batho bangwe ba ne ba tla nna le boikutlo bofe jo bo kotsi? (b) Ke ka ntlha yang fa go nna le dipelaelo go le kotsi thata?

9 Gompieno bangwe ba botsa jaana ba sotla: “Go kae go nna gone mono ga gagwe mo go solofeditsweng?” (2 Petere 3:3, 4) Go bonala sentle gore batho bao ba akanya gore tota dilo ga di fetoge mme di ntse di tswelela pele fela ka tsela e e tshwanang le e di neng di ntse ka yone fa e sa le lefatshe le bopiwa. Go nna le dipelaelo jalo go kotsi. Dipelaelo di ka dira gore re se ka ra tlhola re bona kafa dinako di potlakileng ka teng, mme ra tlhotlheletsega gore re rate boitlhapediso. (Luke 21:34) Kwantle ga moo, jaaka Petere a bontsha, batho ba ba sotlang jalo ba lebala Morwalela wa motlha wa ga Noa, o o neng wa senya tsamaiso ya lefatshe lotlhe ya dilo. Ruri lefatshe le ile la fetoga ka nako eo!—Genesise 6:13, 17; 2 Petere 3:5, 6.

10. Petere o dirisa mafoko afe go kgothatsa batho ba ba ka felang pelo?

10 Petere o thusa batho ba ba balang lokwalo lwa gagwe go nna pelotelele ka go ba gakolola lebaka la go bo gantsi Modimo a sa tseye kgato ka bonako. Petere o simolola ka go re: “Letsatsi le le lengwe mo go Jehofa le ntse jaaka dingwaga di le sekete le dingwaga di le sekete di ntse jaaka letsatsi le le lengwe.” (2 Petere 3:8) E re ka Jehofa a tshelela ruri, a ka kgona go sekaseka maemo otlhe a bo a tlhopha nako e e tshwanelang thata gore a ka tsaya kgato. Go tswa foo Petere o bontsha kafa Jehofa a eletsang ka teng gore batho botlhe ba ikwatlhaye. Go nna pelotelele ga Modimo go tla thusa gore batho ba le bantsi ba ba neng ba ka senngwa fa a ka bo a tsere kgato ka bonako ba bolokwe. (1 Timotheo 2:3, 4; 2 Petere 3:9) Le fa go ntse jalo, go nna pelotelele ga ga Jehofa ga go kaye gore a ka se tsoge a tsere kgato. Petere a re: “Letsatsi la ga Jehofa le tla tla jaaka legodu.”—2 Petere 3:10.

11. Ke eng se se tla re thusang gore re nne re tsogile semoyeng, mme seno se tla lebega se “akofisa” letsatsi la ga Jehofa ka tsela efe?

11 Papiso e Petere a e dirisang e tshwanelwa ke go elwa tlhoko. Ga go motlhofo go tshwara magodu, mme fa modisa a nna a tsogile bosigo jotlhe a ka bona legodu go feta modisa yo o nnelang go otsela. Modisa a ka dira jang gore a nne a tsogile? Se se ka mo thusang gore a nne a thantse ke go tsamayatsamaya, go na le go nna a dutse bosigo jotlhe. Ka tsela e e tshwanang, fa re nna re tlhagafetse semoyeng seno se tla thusa rona Bakeresete gore re nne re tsogile. Ka gone, Petere o re rotloetsa go nna re tshwaregile “mo ditirong tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo.” (2 Petere 3:11) Go dira jalo go tla re thusa gore re nne re “akantse thata ka go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa.” Lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe “akantse thata” le ka ranolwa ka tlhamalalo go twe “go akofisa.” (2 Petere 3:12; ntlha e e kwa tlase mo go NW) Ke boammaaruri gore re ka se ka ra fetola nako e Jehofa a e beileng. Letsatsi la gagwe le tla tla ka nako e e beilweng ke ene. Mme fa re nna re tshwaregile mo tirelong ya gagwe, nako e tla lebega e tsamaya ka bonako thata go tloga jaanong go fitlha ka letsatsi leo.—1 Bakorintha 15:58.

12. Mongwe le mongwe wa rona a ka solegelwa molemo jang ke bopelotelele jwa ga Jehofa?

12 Ka gone, batho bape ba ba akanyang gore letsatsi la ga Jehofa le a diega ba kgothalediwa gore ba tseye tsia kgakololo ya ga Petere ya gore ba letele ka bopelotelele nako e Jehofa a e beileng. Ee ruri, re ka dirisa ka botlhale nako e e oketsegileng e Modimo a re nayang yone ka ntlha ya bopelotelele jwa gagwe. Ka sekai, re ka kgona go nna re tlhagolela dinonofo tsa botlhokwa tsa Bokeresete le go bolela dikgang tse di molemo mo bathong ba bantsi go feta ba re neng re ka di ba bolelela fa Modimo a ka bo a sa bontsha bopelotelele. Fa re nna re tsogile, Jehofa o tla fitlhela re ‘se na selabe, re se na molato e bile re le mo kagisong’ kwa bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo. (2 Petere 3:14, 15) A bo seo e tla bo e le tshegofatso jang ne!

13. Ke mafoko afe a Paulo a neng a a kwalela Bakeresete ba kwa Thesalonika a a tshwanelang thata gompieno?

13 Paulo le ene, mo lokwalong lwa ntlha lo a lo kwaletseng Bakeresete ba kwa Thesalonika, o bolela ka botlhokwa jwa gore re nne re tsogile. O gakolola jaana: “A re se nneng re robetse jaaka ba bangwe botlhe ba dira, mme a re nneng re tsogile re bo re nne re thantse mo ditlhaloganyong.” (1 Bathesalonika 5:2, 6) A bo seo se le botlhokwa jang ne gompieno, e re ka tshenyego ya tsamaiso ya lefatshe lotlhe ya dilo e atamela! Baobamedi ba ga Jehofa ba tshela mo lefatsheng le le tletseng batho ba ba sa kgatlhegeleng dilo tsa semoya, mme seno se ka ba ama. Ke gone ka moo Paulo a gakololang jaana: “A re nneng re thantse mo ditlhaloganyong mme re apareng seiphemelo sa sehuba sa tumelo le lorato le tsholofelo ya poloko jaaka tlhoro ya phemelo.” (1 Bathesalonika 5:8) Go ithuta Lefoko la Modimo ka metlha le go kopanela le bakaulengwe ba rona kwa dipokanong ka metlha go tla re thusa gore re latele kgakololo ya ga Paulo mme re nne re gopotse gore dinako di potlakile.—Mathaio 16:1-3.

Batho ba le Dimilione ba Nna ba Disitse

14. Ke dipalo dife tse di bontshang gore batho ba le bantsi gompieno ba latela kgakololo ya ga Petere ya gore re nne re tsogile?

14 A go na le batho ba le bantsi gompieno ba ba tsayang tsia kgothatso e e tlhotlheleditsweng ya gore ba nne ba ntshitse matlho dinameng? Ee. Ka ngwaga wa tirelo wa 2002, tlhora ya baboledi ba le 6 304 645—koketsego ya diperesente di le 3,1 go feta tlhora ya 2001—ba ne ba bontsha gore ba nna ba ntshitse matlho dinameng ka tsela ya semoya ka go dirisa diura di le 1 202 381 302 ba bua le batho ba bangwe ka Bogosi Jwa Modimo. Batho bano ba ne ba sa dire tiro eno ka go ikgolola fela. E ne e le botlhokwa mo matshelong a bone. Ba le bantsi ba bone ba ne ba na le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga Eduardo le Noemi ba kwa El Salvador.

15. Ke boitemogelo bofe go tswa kwa El Salvador jo bo bontshang gore batho ba le bantsi koo ba nna ba tsogile semoyeng?

15 Dingwaga di se kae tse di fetileng, Eduardo le Noemi ba ne ba tsaya tsia mafoko ano a ga Paulo: “Seemo sa lefatshe leno se a fetoga.” (1 Bakorintha 7:31) Ba ne ba simolola go tshela ka tsela e e sa raraanang mme ba tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng jwa bobulatsela. Fa nako e ntse e ya, ba ne ba segofadiwa ka ditsela tse dintsi ba bo ba dira tiro ya bolebedi jwa potologo le jwa kgaolo. Le fa Eduardo le Noemi ba ile ba nna le mathata a magolo, ba tlhatswegile pelo gore ba dirile tshwetso e e siameng ka go tlogela manobonobo a dilo tse di bonalang ba bo ba tsenela tirelo ya nako e e tletseng. Bontsi jwa baboledi ba kwa El Salvador ba ba 29 269—go akaretsa babulatsela ba le 2 454—ba ile ba bontsha boikutlo jo bo ntseng jalo jwa go ithontsha dilo, mme leo ke lengwe la mabaka a go bo baboledi ba naga eo ba ile ba oketsega ka diperesente di le 2 ngogola.

16. Mokaulengwe mongwe yo mosha wa kwa Côte d’Ivoire o ne a bontsha boikutlo bofe?

16 Lekawana lengwe la Mokeresete kwa Côte d’Ivoire le ne la nna le boikutlo jo bo tshwanang le joo mme la kwalela ofisi ya lekala jaana: “Ke motlhanka wa bodiredi. Mme nka se ka ka bolelela bakaulengwe gore e nne babulatsela fa nna ke sa tlhome sekao se se molemo. Ka jalo ke tlogetse tiro e e duelang sentle mme jaanong ke a ipereka, mme seo se mpha nako e e oketsegileng mo bodireding.” Lekawana leno le ne la nna mongwe wa babulatsela ba ba 983 ba ba direlang kwa Côte d’Ivoire, e e neng ya bega palo ya baboledi ba le 6 701 ngogola, e leng koketsego ya diperesente di le 5.

17. Mosha mongwe wa Mosupi kwa Belgium o ne a bontsha jang gore ga a tshosiwe ke letlhoo?

17 Go se amogelwe, letlhoo le tlhaolele di ntse di bakela baboledi ba Bogosi ba ba 24 961 ba kwa Belgium mathata. Le fa go ntse jalo, ba tlhoafetse mme ga ba boife. Fa Mosupi mongwe wa dingwaga tse 16 a ne a utlwa Basupi ba ga Jehofa ba bidiwa lekoko mo tlelaseng e go neng go tlhalosiwa melaometheo ya boitsholo mo go yone kwa sekolong, o ne a kopa tetla ya go tlhalosa se tota e leng boammaaruri. O ne a dirisa bidio ya Jehovah’s Witnesses—The Organization Behind the Name le boroutšhara jwa Basupi ba ga Jehofa—Ke Bomang? mme a kgona go tlhalosa gore tota Basupi ke bomang. Tshedimosetso eo e ne ya anaanelwa thata, mme mo bekeng e e latelang baithuti ba ne ba kwadisiwa tlhatlhobo e mo go yone dipotso tsotlhe di neng di le ka bodumedi jwa Bokeresete jwa Basupi ba ga Jehofa.

18. Ke bosupi bofe jo bo bontshang gore mathata a ikonomi ga a ka a kgoreletsa baboledi ba kwa Argentina le Mozambique go direla Jehofa?

18 Bontsi jwa Bakeresete ba tshwanelwa ke go lebana le mathata a magolo mo metlheng eno ya bofelo. Le fa go ntse jalo, ba leka gore ba se ka ba iteega tsebe. Le fa Argentina e na le mathata a ikonomi a a itsegeng thata, e ne ya bega tlhora e ntšha ya Basupi ba le 126 709 ngogola. Mozambique e sa ntse e na le lehuma le legolo. Le fa go ntse jalo, go ne ga begwa gore batho ba le 37 563 ba ne ba nna le seabe mo tirong ya go rera, e leng koketsego ya diperesente di le 4. Botshelo bo ketefalela batho ba le bantsi kwa Albania, le fa go ntse jalo go ne ga begwa koketsego ya diperesente di le 12 kwa nageng eo, mme ga nna le tlhora ya baboledi ba le 2 708. Go bonala sentle gore moya wa ga Jehofa ga o kgorelediwe ke mathata fa batlhanka ba gagwe ba dira gore dilo tse di direlwang Bogosi di tle pele mo matshelong a bone.—Mathaio 6:33.

19. (a) Ke eng se se bontshang gore go sa ntse go na le batho ba le bantsi ba sekadinku ba ba nyoretsweng boammaaruri jwa Baebele? (b) Ke dintlha dife tse dingwe tsa pego ya ngwaga le ngwaga tse di bontshang gore batlhanka ba ga Jehofa ba nna ba tsogile semoyeng? (Bona tšhate e e mo go tsebe 12-15.)

19 Palogare ya kgwedi le kgwedi ya baithuti ba Baebele ba le 5 309 289 e e begilweng mo lefatsheng lotlhe ngogola e bontsha gore go sa ntse go na le batho ba le bantsi ba sekadinku ba ba nyoretsweng boammaaruri jwa Baebele. Mo tlhoreng e ntšha ya batho ba le 15 597 746 ba ba nnang teng kwa Segopotsong, bontsi jwa bone ga ba ise ba simolole go direla Jehofa ka tlhoafalo. E kete ba ka tswelela pele ba gola mo kitsong le mo loratong lo ba ratang Jehofa le bakaulengwe botlhe ka lone. Go a itumedisa go bona gore “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku tse dingwe” ba tswelela go nna le matswela fa ba ntse ba direla Mmopi “motshegare le bosigo mo tempeleng ya gagwe” mmogo le bakaulengwe ba bone ba ba tloditsweng ka moya.—Tshenolo 7:9, 15; Johane 10:16.

Se re Ka se Ithutang mo go Lote

20. Sekai sa ga Lote le mosadi wa gagwe se re ruta eng?

20 Gone ke boammaaruri gore tota le batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ka lebala ka nakwana gore dinako di potlakile. Akanya ka setlogolo sa ga Aborahame e bong Lote. Baengele ba le babedi ba ba neng ba mo etetse ba ne ba mmolelela gore Modimo o ne a tla tloga a fedisa Sodoma le Gomora. Dikgang tseo di ne di ka se ka tsa gakgamatsa Lote, yo o “neng a tshwenyegile thata ka go itlhapedisa mo boitshwarong jo bo repileng ga batho ba ba tlhokomologang molao.” (2 Petere 2:7) Le fa go ntse jalo, fa baengele ba babedi ba ne ba tla go mo ntsha mo Sodoma, o ne a “nnela go diega.” Baengele bao ba ne ba batla ba tshwanelwa ke go goga ene le ba lelapa la gagwe ba ba ntsha mo motseng. Morago ga moo, mosadi wa ga Lote o ne a tlhokomologa tlhagiso ya baengele ya gore ba se ka ba leba kwa morago. O ne a swa ka ntlha ya go tsaya dilo motlhofo. (Genesise 19:14-17, 26) Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Gakologelwang mosadi wa ga Lote.”—Luke 17:32.

21. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore jaanong re nne re tsogile go feta le fa e le leng pele?

21 Masetlapelo a kwa Pompeii le Herculaneum le ditiragalo tsa nako ya go senngwa ga Jerusalema, mmogo le sekai sa Morwalela wa motlha wa ga Noa le sa ga Lote, tsotlhe di bontsha gore go botlhokwa go tsaya ditlhagiso tsia. Rona batlhanka ba ga Jehofa, re lemoga sesupo sa motlha wa bofelo. (Mathaio 24:3) Re ikgaogantse le bodumedi jwa maaka. (Tshenolo 18:4) Fela jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, re tshwanetse go ‘nna re akantse thata ka go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa.’ (2 Petere 3:12) Ee, jaanong re tshwanetse go nna re tsogile, go feta le fa e le leng pele! Re ka tsaya dikgato dife, mme ke dinonofo dife tse re ka di tlhagolelang gore re nne re tsogile? Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa dikgang tseo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 Ga go bonale Jerusalema e ne e na le baagi ba feta 120 000 mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Eusebius o fopholetsa gore baagi ba le 300 000 go tswa kwa porofenseng ya Judea ba ne ba tsaya mosepele go ya kwa Jerusalema ba ya moketeng wa Tlolaganyo wa 70 C.E. Batho ba bangwe ba ba neng ba amiwa ke masetlapelo ano ba tshwanetse ba bo ba ne ba tswa kwa dikarolong tse dingwe tsa mmusomogolo.

^ ser. 6 Gone ke boammaaruri gore go ya ka tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone, Molao wa ga Moshe o ne wa tseelwa sebaka ke kgolagano e ntšha ka 33 C.E.—Baefeso 2:15.

O ka Araba Jang?

• Ke tiragalo efe e e neng ya naya Bakeresete ba Bajuda sebaka sa gore ba falole go senngwa ga Jerusalema?

• Kgakololo e e kwadilweng mo makwalong a ga moaposetoloi Petere le moaposetoloi Paulo e re thusa jang gore re nne re tsogile?

• Ke bomang gompieno ba ba bontshang gore ba thantse eleruri?

• Pego ya ga Lote le mosadi wa gagwe e re ruta eng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Tšhate mo go tsebe 12-15]

PEGO YA BASUPI BA GA JEHOFA LEFATSHE KA BOPHARA YA NGWAGA WA TIRELO WA 2002

(Leba kgatiso)

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Ka 66 C.E., Bakeresete ba kwa Jerusalema ba ne ba tsaya tlhagiso ya ga Jesu tsia

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Se se ka thusang Bakeresete gore ba nne ba tsogile ke gore ba nne ba tlhagafetse