Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Ruri O na Le Tumelo mo Dikgannyeng Tse di Molemo?

A Ruri O na Le Tumelo mo Dikgannyeng Tse di Molemo?

A Ruri O na Le Tumelo mo Dikgannyeng Tse di Molemo?

“Bogosi jwa Modimo bo atametse. Ikwatlhayeng, mme lo nne le tumelo mo dikgannyeng tse di molemo.”—MAREKO 1:15.

1, 2. O ka tlhalosa Mareko 1:14, 15 jang?

E NE e le ka ngwaga wa 30 C.E. Jesu Keresete o ne a sa tswa go simolola bodiredi jwa gagwe jo bo botlhokwa kwa Galalea. O ne a rera “dikgang tse di molemo tsa Modimo,” mme Bagalalea ba le bantsi ba ne ba tlhotlhelediwa ke se a neng a se bua fa a re: “Nako e e tlhomilweng e diragaditswe, mme bogosi jwa Modimo bo atametse. Ikwatlhayeng, mme lo nne le tumelo mo dikgannyeng tse di molemo.”—Mareko 1:14, 15.

2 “Nako e e tlhomilweng” e ne e gorogile ya gore Jesu a simolole bodiredi jwa gagwe le gore batho ba dire tshwetso e e neng e tla dira gore ba amogelwe ke Modimo. (Luke 12:54-56) ‘Bogosi jwa Modimo bo ne bo atametse’ ka gonne Jesu o ne a le teng e le ene Kgosi ya jone e e Tlhomilweng. Tiro ya gagwe ya go rera e ne ya tlhotlheletsa batho ba ba dipelo di siameng gore ba ikwatlhaye. Le fa go ntse jalo, ba ne ba bontsha jang “tumelo mo dikgannyeng tse di molemo,” mme rona re ka e bontsha jang?

3. Batho ba ile ba dira eng go bontsha gore ba na le tumelo mo dikgannyeng tse di molemo?

3 Fela jaaka Jesu, moaposetoloi Petere o ne a rotloetsa batho go ikwatlhaya. Fa Petere a ne a bua le Bajuda kwa Jerusalema ka Pentekosete ya 33 C.E., o ne a re: “Ikwatlhayeng, mme a mongwe le mongwe wa lona a kolobediwe mo leineng la ga Jesu Keresete gore lo itshwarelwe maleo a lona, mme lo tla amogela mpho ya mahala ya moya o o boitshepo.” Batho ba le diketekete ba ne ba ikwatlhaya, ba kolobediwa ba bo ba nna balatedi ba ga Jesu. (Ditiro 2:38, 41; 4:4) Ka 36 C.E., Baditšhaba ba ba ikwatlhaileng ba ne ba dira se se tshwanang. (Ditiro 10:1-48) Mo motlheng wa rona, tumelo mo dikgannyeng tse di molemo e tlhotlheletsa batho ba le diketekete gore ba ikwatlhaele maleo a bone, ba ineele mo Modimong ba bo ba kolobediwe. Ba amogetse dikgang tse di molemo tsa poloko mme ba bontsha tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu sa thekololo. Mo godimo ga moo, ba dira se se siameng mme ba eme ka fa letlhakoreng la Bogosi Jwa Modimo.

4. Tumelo ke eng?

4 Mme tumelo ke eng? Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Tumelo ke go lebelela ka tlhomamisego dilo tse di solofetsweng, pontsho e e bonalang sentle ya dilo tsa mmatota le fa di sa bonwe.” (Bahebera 11:1) Tumelo ya rona e re tlhomamisetsa gore sengwe le sengwe se Modimo a se solofetsang mo Lefokong la gagwe ruri se tla diragala. Go ntse jaaka e kete re na le lekwalo la semolao le le supang gore re beng ba kago nngwe. Gape tumelo ke “pontsho e e bonalang sentle,” kgotsa bosupi jo bo bontshang gore re tlhatswegile pelo ka dilo dingwe tse di sa bonweng. Tsela e re akanyang ka yone le e re anaanelang ka yone go tswa pelong e re tlhomamisetsa gore dilo tseo ke tsa mmatota, le fa re ise re di bone.—2 Bakorintha 5:7; Baefeso 1:18.

Re Tlhoka Tumelo!

5. Ke ka ntlha yang fa tumelo e le botlhokwa jaana?

5 Re tshotswe re na le tlala ya semoya mme ga re a tsholwa re na le tumelo. Tota e bile “tumelo ga se selo se batho botlhe ba nang le sone.” (2 Bathesalonika 3:2) Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba tshwanetse go nna le tumelo gore ba rue ditsholofetso tsa Modimo. (Bahebera 6:12) Paulo o ne a kwala jaana fa a sena go umaka dikai di le dintsi tsa batho ba ba nang le tumelo: “Ka gonne re na le leru le legolo jaana la basupi le le re dikanyeditseng, a le rona re apoleng bokete bongwe le bongwe le boleo jo bo re rareetsang motlhofo, mme a re tabogeng ka boitshoko lobelo lo re lo tlhomilweng pele, jaaka re leba ka tlhomamo kwa Moemeding yo Mogolo le Moitekanedisi wa tumelo ya rona, e bong Jesu.” (Bahebera 12:1, 2) “Boleo jo bo re rareetsang motlhofo” ke eng? Ke go tlhoka tumelo, le e leng go felelwa ke tumelo e motho a kileng a bo a na le yone. Gore re nne le tumelo e e nonofileng re tshwanetse go ‘leba ka tlhomamo kwa go Jesu’ le go latela sekao sa gagwe. Gape re tshwanetse go gana boitsholo jo bo sa siamang, go lwa le ditiro tsa nama le go tila lorato lwa dikhumo, difilosofi tsa lefatshe le dingwao tse e seng tsa Dikwalo. (Bagalatia 5:19-21; Bakolosa 2:8; 1 Timotheo 6:9, 10; Jude 3, 4) Mo godimo ga moo, re tshwanetse go dumela gore Modimo o na le rona le gore ruri kgakololo e e mo Lefokong la gagwe e a dira.

6, 7. Ke ka ntlha yang fa go se phoso go rapelela gore re nne le tumelo?

6 Re ka se ka ra kgona go nna le tumelo ka bogarona fela. Tumelo ke lengwe la maungo a moya wa Modimo o o boitshepo, kgotsa maatla a gagwe a a dirang. (Bagalatia 5:22, 23) Ka jalo, go tweng fa e le gore re tlhoka go nonotsha tumelo ya rona? Jesu o ne a re: “Fa lona . . . lo itse kafa lo ka nayang bana ba lona dimpho tse di molemo ka gone, a bo Rara yo o kwa legodimong bogolo jang a tla naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang!” (Luke 11:13) Ee, a re rapeleleng moya o o boitshepo, ka gonne o ka re thusa gore re nne le tumelo e re e tlhokang go dira thato ya Modimo tota le fa re lebane le maemo a a lekang tota.—Baefeso 3:20.

7 Ga go phoso go rapelela tumelo e e oketsegileng. Fa Jesu a ne a tloga a ntsha ledimona mo mosimanyaneng mongwe, rraagwe mosimanyana yono o ne a ikuela jaana: “Ke na le tumelo! Nthuse fa ke tlhokang tumelo gone!” (Mareko 9:24) Barutwa ba ga Jesu ba ne ba re: “Re neye tumelo e e oketsegileng.” (Luke 17:5) Ka jalo, a re rapeleleng gore re nne le tumelo, re tlhatswegile pelo gore Modimo o araba dithapelo tse di ntseng jalo.—1 Johane 5:14.

Go Botlhokwa go Nna le Tumelo mo Lefokong la Modimo

8. Go nna le tumelo mo Lefokong la Modimo go ka re thusa jang?

8 Nakwana pele Jesu a swa loso lwa setlhabelo, o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Lo se ka lwa letla dipelo tsa lona go tshwenyega. Dumelang mo Modimong, dumelang le mo go nna.” (Johane 14:1) Rona Bakeresete re na le tumelo mo Modimong le mo go Morwawe. Mme go tweng ka Lefoko la Modimo? Fa re le ithuta re bo re le dirisa ka tumelo ya gore le ka re naya kgakololo le kaelo e e molemo go gaisa tsotlhe tse di leng teng, le ka re tlhotlheletsa go dira se se molemo mo botshelong jwa rona.—Bahebera 4:12.

9, 10. O ne o ka tlhalosa jang se se bolelwang mo go Jakobe 1:5-8 malebana le tumelo?

9 E re ka re le batho ba ba sa itekanelang botshelo jwa rona bo tletse mathata. Le fa go ntse jalo, go nna le tumelo mo Lefokong la Modimo go ka re thusa eleruri. (Jobe 14:1) Ka sekai, a re re gongwe ga re itse gore re ka lepalepana jang le teko nngwe. Lefoko la Modimo le re naya kgakololo eno: “Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a nne a kope Modimo, gonne o naya botlhe ka bopelotshweu e bile a sa kgobe; mme o tla bo newa. Mme a a nne a kope ka tumelo, a sa belaele ka gope, gonne yo o belaelang o tshwana le lekhubu la lewatle le le kgweediwang ke phefo e bile le phailakwa. Tota e bile, a motho yoo a se ka a tsaya gore o tla amogela sengwe mo go Jehofa; ke motho yo o sa kgoneng go dira tshwetso, yo o sa nitamang mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe.”—Jakobe 1:5-8.

10 Jehofa Modimo ga a kitla a re kgalela gore ga re na botlhale e bile re a bo rapelela. Mo boemong jwa moo, o tla re thusa gore re lebe teko eo ka tsela e e siameng. Badumedi ka rona ba ka nna ba re gopotsa ditemana dingwe tse di mosola kgotsa re ka di bona fa re ntse re ithuta Baebele. Kgotsa moya wa ga Jehofa o o boitshepo o ka re kaela ka tsela nngwe e sele. Rraarona yo o kwa legodimong o tla re naya botlhale jo bo tla re thusang go lepalepana le diteko fa re bo ‘kopa ka tumelo, re sa belaele ka gope.’ Fa re ka bo re tshwana le lekhubu la lewatle le le kgweediwang ke phefo, re ne re ka se ka ra lebelela gore re ka amogela sepe fela se se tswang kwa Modimong. Ka ntlha yang? Ka gonne seno se ne se ka kaya gore re a etsaetsega e bile ga re a tlhomama mo thapelong ya rona kgotsa mo dilong tse dingwe—ee, tota le mo tseleng e re bontshang tumelo ya rona ka yone. Ka jalo, re tshwanetse go nna le tumelo e e tlhomameng mo Lefokong la Modimo le mo kaelong e e le nayang. A re sekasekeng dikai dingwe tse di bontshang kafa le re thusang le go re kaela ka gone.

Tumelo le Dilo Tse re Itlamelang ka Tsone

11. Fa re na le tumelo mo Lefokong la Modimo, ke eng se re tlhomamisegang ka sone malebana le dilo tse re di tlhokang letsatsi le letsatsi?

11 Go tweng fa jaanong re tlhoka kgotsa re humanegile? Tumelo mo Lefokong la Modimo e re thusa gore re nne le tsholofelo e e tlhomameng gore Jehofa o tla re naya dilo tse re di tlhokang letsatsi le letsatsi le gore kgabagare o tla dira gore batho botlhe ba ba mo ratang ba nne le letlotlo la dilo tse ba di tlhokang. (Pesalema 72:16; Luke 11:2, 3) Re ka kgothadiwa ke go akanya ka tsela e Jehofa a neng a otla moporofeti wa gagwe Elija ka yone fa go ne go le leuba. Moragonyana, Modimo o ne a dira ka kgakgamatso gore selekanyo sengwe sa bupi le leokwane se se ka sa fela, e le gore mosadi mongwe le morwawe mmogo le Elija ba kgone go itshedisa ka tsone. (1 Dikgosi 17:2-16) Jehofa o ne a otla moporofeti Jeremia ka tsela e e tshwanang fa Bababelona ba ne ba dikanyeditse Jerusalema. (Jeremia 37:21) Le mororo Jeremia le Elija ba ne ba se na dijo tse di lekaneng, Jehofa o ne a ba tlhokomela. Le ba ba dumelang mo go ene gompieno o ba tlhokomela fela jalo.—Mathaio 6:11, 25-34.

12. Tumelo e tla re thusa jang gore re kgone go nna le se re ka itshedisang ka sone?

12 Ga se gore go nna le tumelo le go dirisa melaometheo ya Baebele go tla re humisa, mme go tla re thusa gore re nne le se re ka itshedisang ka sone. Ka sekai: Baebele e re gakolola gore re nne batho ba ba ikanyegang, ba ba dirisang bokgoni jwa bone le ba ba dirang ka natla. (Diane 22:29; Moreri 5:18, 19; 2 Bakorintha 8:21) Ga re a tshwanela gore le ka motlha re tlhaetse matlho mosola wa go nna modiri yo o nang le leina le lentle. Tota le kwa mafelong a mo go one go leng thata go bona ditiro tse di duelang sentle, badiri ba ba ikanyegang, ba ba ditswerere le ba ba dirang ka natla ke bone ba ba atlegang go feta ba bangwe. Le mororo badiri bano ba ka tswa ba sa huma, gantsi ba na le dilo tsa konokono tse ba di tlhokang e bile ba kgotsofalela go ja dijo tse ba di bereketseng.—2 Bathesalonika 3:11, 12.

Tumelo e re Thusa go Itshokela Kutlobotlhoko

13, 14. Tumelo e re thusa jang gore re itshokele kutlobotlhoko?

13 Lefoko la Modimo le bontsha sentle gore ke ga tlholego fela gore motho a hutsafale fa mongwe yo a mo ratang a swa. Aborahame yo o ikanyegang yo e neng e le tlhogo ya lotso o ne a lela fa mosadi wa gagwe yo o rategang e bong Sara a ne a swa. (Genesise 23:2) Dafide o ne a hutsafala fa a sena go utlwa ka loso lwa ga Abesalome morwawe. (2 Samuele 18:33) Tota le monna yo o itekanetseng Jesu o ne a lela fa Lasaro tsala ya gagwe a ne a swa. (Johane 11:35, 36) Fa mongwe yo re mo ratang a swa, re ka nna le maikutlo a a batlang a re fekeetsa a kutlobotlhoko, mme go nna le tumelo mo ditsholofetsong tsa Lefoko la Modimo go ka re thusa go itshokela kutlobotlhoko e e ntseng jalo.

14 Paulo o ne a re: ‘Ke na le tsholofelo mo Modimong, ya gore go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng le ba ba sa siamang.’ (Ditiro 24:15) Re tshwanetse go nna le tumelo mo thulaganyong ya Modimo ya gore o tla tsosa matshutitshuti a batho. (Johane 5:28, 29) Bangwe ba bone e tla bo e le Aborahame le Sara, Isake le Rebeka, Jakobe le Lea—ba botlhe ba robetseng mo losong mme ba emetse go tsosediwa mo lefatsheng le lesha la Modimo. (Genesise 49:29-32) Ruri go tla nna le boitumelo jo bogolo fa baratiwa ba rona ba tsosiwa mo borokong jwa loso ba bo ba tshela mo lefatsheng! (Tshenolo 20:11-15) Ga jaanong, tumelo ga e kitla e fedisa kutlobotlhoko yotlhe, mme e tla dira gore re nne re atamalane le Modimo, yo o re thusang go itshokela kutlobotlhoko ya go swelwa ke mongwe.—Pesalema 121:1-3; 2 Bakorintha 1:3.

Tumelo e Nonotsha ba ba Tshwenyegileng Thata mo Maikutlong

15, 16. (a) Ke ka ntlha yang fa re ka re go tshwenyega thata mo maikutlong ga batho ba ba nang le tumelo ga se selo se sesha? (b) Re ka dira eng go lepalepana le bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong?

15 Gape Lefoko la Modimo le bontsha gore tota le batho ba ba nang le tumelo ba ka tshwenyega thata mo maikutlong. Fa Jobe a ne a lekwa thata o ne a ikutlwa e kete Modimo o mo latlhile. (Jobe 29:2-5) Tsela e Jerusalema le dipota tsa yone di neng di swafetse ka yone e ne ya dira gore Nehemia a kgobege marapo. (Nehemia 2:1-3) Petere o ne a utlwile botlhoko thata fa a sena go itatola Jesu mo a neng a “lela mo go botlhoko.” (Luke 22:62) Mme Paulo o ne a rotloetsa badumedi ka ene mo phuthegong ya Thesalonika gore ba ‘bue ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo.’ (1 Bathesalonika 5:14) Ka jalo, go tshwenyega thata mo maikutlong ga batho ba ba nang le tumelo gompieno, ga se selo se sesha. Jaanong he re ka dira jang gore re kgone go lepalepana le bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong?

16 Re ka nna ra tshwenyega thata mo maikutlong ka gonne re lebane le mathata a le mantsinyana a a masisi. Go na le gore re a tseye e le bothata bo le bongwe fela jo bogolo, re ka nna ra kgona go a rarabolola kgato ka kgato ka go dirisa melaometheo ya Baebele. Seno se ka re thusa gore re se ka ra tshwenyega thata mo maikutlong. Go dira dilo ka tekatekano le go ipha nako e e lekaneng ya go ikhutsa le gone go ka thusa. Boammaaruri ke gore: Go nna le tumelo mo Modimong le mo Lefokong la gagwe go dira gore re itekanele semoyeng ka gonne go re tlhomamisetsa thata gore ruri o a re kgathalela.

17. Re itse jang gore Jehofa o a re kgathalela?

17 Petere o re tlhomamisetsa jaana ka tsela e e gomotsang: “Ikokobetseng kafa tlase ga seatla se se thata sa Modimo, gore a tle a lo godise mo nakong e e tshwanetseng; lo ntse lo latlhela tlhobaelo yotlhe ya lona mo go ene, ka gonne o a lo kgathalela.” (1 Petere 5:6, 7) Mopesalema o ne a opela jaana: “Jehofa o tshegetsa botlhe ba ba wang, e bile o tsholetsa botlhe ba ba inameng.” (Pesalema 145:14) Re tshwanetse go dumela mafoko ano a a re kgothatsang, ka gonne a fitlhelwa mo Lefokong la Modimo. Le fa re ka tswelela pele re tshwenyegile thata mo maikutlong, a bo go nonotsha tumelo jang ne go itse gore re ka latlhela tlhobaelo yotlhe ya rona kwa go Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong!

Tumelo le Diteko Tse Dingwe

18, 19. Tumelo e re thusa jang gore re kgone go lepalepana le bolwetse le go gomotsa badumedi ka rona ba ba lwalang?

18 Tumelo ya rona e ka lekwa thata fa re lwala thata kgotsa go lwala bangwe ba re ba ratang. Le mororo Baebele e sa bolele gore Bakeresete ba ba jaaka Epaforodito, Timotheo le Terofimo ba ile ba fodisiwa ka tsela ya kgakgamatso, ga go na pelaelo gore Jehofa o ne a ba thusa gore ba itshoke. (Bafilipi 2:25-30; 1 Timotheo 5:23; 2 Timotheo 4:20) Mo godimo ga moo, malebana le “ope fela yo o dirang ka go akanyetsa motho wa maemo a a kwa tlase,” mopesalema o ne a opela jaana: “Jehofa ka boene o tla mo tshegetsa mo bolawaneng jwa bolwetse; ruri o tla fetola bolao jotlhe jwa gagwe fa a sa ntse a bobola.” (Pesalema 41:1-3) Mafoko a mopesalema a ka re thusa jang gore re gomotse badumedi ka rona ba ba lwalang?

19 Tsela nngwe e re ka thusang batho ba ba lwalang ka yone ka tsela ya semoya ke ka go rapela le bone le ka go ba rapelela. Le fa gompieno re sa kope gore Modimo a ba fodise ka tsela ya kgakgamatso, re ka kopa gore a ba nonotshe gore ba itshokele bolwetse jwa bone le gore a ba neye nonofo ya semoya e ba e tlhokang gore ba itshokele dinako tseo tsa bokoa. Jehofa o tla ba tshegetsa, mme tumelo ya bone e tla nonotshiwa ke go lebelela pele kwa nakong ya fa go tla bo ‘go se na monni ope yo o reng ke a bobola.’ (Isaia 33:24) Ruri go a gomotsa go itse gore ka ntlha ya ga Jesu Keresete yo o tsositsweng le Bogosi Jwa Modimo, batho ba ba kutlo ba tla gololwa go ya go ile mo boleong, mo bolwetseng le mo losong! Jehofa ‘o tla fodisa matlhoko otlhe a rona,’ mme re a mo leboga ka ntlha ya ditebelelo tseno tse di itumedisang.—Pesalema 103:1-3; Tshenolo 21:1-5.

20. Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore tumelo e ka re thusa go itshokela “malatsi a masetlapelo” a botsofe?

20 Gape tumelo e ka re thusa go itshokela “malatsi a masetlapelo” a botsofe, fa re simolola go felelwa ke botsogo jo bontle le go koafala. (Moreri 12:1-7) Ka jalo, batsofe ba ba leng mo gare ga rona ba ka rapela fela jaaka go ne ga dira mopesalema yo o neng a ntse a tsofala, yo o neng a opela jaana: “O tsholofelo ya me, wena Morena Molaodimogolo Jehofa . . . O se ka wa ntatlha mo motlheng wa botsofe; fa maatla a me a fela, o se ka wa ntlogela.” (Pesalema 71:5, 9) Mopesalema o ne a ikutlwa a tlhoka tshegetso ya ga Jehofa, fela jaaka go ntse ka Bakeresete ka rona ba le bantsi ba ba tsofaletseng mo tirelong ya Modimo. E re ka ba na le tumelo, ba ka tlhomamisega gore mabogo a ga Jehofa a a nnang ka bosakhutleng a tla ba tshegetsa ka dinako tsotlhe.—Duteronome 33:27.

Nna O na Le Tumelo mo Lefokong la Modimo

21, 22. Go nna le tumelo go ama jang kamano ya rona le Modimo?

21 Go nna le tumelo mo dikgannyeng tse di molemo le mo Lefokong lotlhe la Modimo go re thusa go atamalana thata le Jehofa. (Jakobe 4:8) Ee, ke Morena Molaodimogolo wa rona, mme gape ke Mmopi le Rraarona. (Isaia 64:8; Mathaio 6:9; Ditiro 4:24) Mopesalema o ne a opela jaana: “O Rre, Modimo wa me le Lefika la poloko ya me.” (Pesalema 89:26) Fa re nna le tumelo mo go Jehofa le mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng, le rona re ka mo tsaya e le ‘Lefika la poloko ya rona.’ A tshiamelo e e itumedisang!

22 Jehofa ke Rre wa Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya le balekane ba bone ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. (Baroma 8:15) Mme tumelo ya rona mo go Rraarona yo o kwa legodimong, le ka motlha e ka se re swabise. Dafide o ne a re: “Fa rre le mme ba ne ba ka ntlogela, Jehofa o ne a tla ntshola.” (Pesalema 27:10) Mo godimo ga moo, re tlhomamisediwa jaana: “Jehofa ga a kitla a tlogela batho ba gagwe ka ntlha ya leina la gagwe le legolo.”—1 Samuele 12:22.

23. Re tshwanetse go dira eng gore re nne le kamano e e nnelang ruri le Jehofa?

23 Gone ke boammaaruri gore fa re batla go nna le kamano e e nnelang ruri le Jehofa, re tshwanetse go nna le tumelo mo dikgannyeng tse di molemo re bo re amogele Dikwalo fela jaaka ruri di ntse—gore ke Lefoko la Modimo. (1 Bathesalonika 2:13) Re tshwanetse go nna le tumelo e e feletseng mo go Jehofa re bo re letle gore Lefoko la gagwe le bonese tsela ya rona. (Pesalema 119:105; Diane 3:5, 6) Tumelo ya rona e tla gola fa re mo rapela re tlhatswegile pelo gore o tla re utlwela botlhoko, a re tlhomogele pelo a bo a re thuse.

24. Ke ntlha efe e e gomotsang e e kwadilweng mo go Baroma 14:8?

24 Tumelo e re tlhotlheleditse gore re ineele mo Modimong ka bosakhutleng. Fa re na le tumelo e e nonofileng, le fa re ka swa, re batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng ba ba nang le tsholofelo ya tsogo. Ee, “fa re tshela le fa re swa, re ba ga Jehofa.” (Baroma 14:8) A re nneng re ntse re akantse ka ntlha eo e e gomotsang fa re ntse re tswelela pele re tshepa Lefoko la Modimo e bile re na le tumelo mo dikgannyeng tse di molemo.

O ka Araba Jang?

• Tumelo ke eng, mme ke ka ntlha yang fa re tlhoka nonofo eno?

• Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re nne le tumelo mo dikgannyeng tse di molemo le mo Lefokong lotlhe la Modimo?

• Tumelo e re thusa jang gore re kgone go lepalepana le diteko tse di farologaneng?

• Ke eng se se tla re thusang gore re nne re na le tumelo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 12]

Jehofa o ne a otla Jeremia le Elija ka gonne ba ne ba na le tumelo

[Ditshwantsho mo go tsebe 13]

Jobe, Petere le Nehemia ba ne ba na le tumelo e e nonofileng

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Gore re nne le kamano e e nnelang ruri le Jehofa, re tshwanetse go nna le tumelo mo dikgannyeng tse di molemo