Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A go siame go ya ka Dikwalo gore Mokeresete a beye seatla sa gagwe mo godimo ga Baebele a bo a ikana gore o tla bua boammaaruri fela kwa kgotlatshekelo?

Mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso mo kgannyeng eno. (Bagalatia 6:5) Le fa go ntse jalo, Baebele ga e iletse ope go ikana gore o tla bua boammaaruri kwa kgotlatshekelo.

Go ikana ke selo se se sa bolong go dirwa mo lefatsheng lotlhe. Ka sekai, mo metlheng ya bogologolo, Bagerika ba ne ba tsholeletsa seatla kwa legodimong kgotsa ba ama sebeso fa ba ntse ba ikana. Fa Moroma a ne a ikana, o ne a tshwara leje ka seatla a bo a ikana a re: “Fa nka tsietsa ka boomo, a [modimo] Jupitara yo o bolokang motse le kago ya phemelo, a ntatlhe ka go nkamoga sengwe le sengwe se se molemo jaaka ke latlha leje leno.”—Cyclopedia of Biblical, Theological, and Ecclesiastical Literature, ya ga John McClintock le James Strong, Bolumo VII, tsebe 260.

Dilo tse di ntseng jalo di ne di supa gore batho ba dumela gore go na le modimo o o kgonang go bona batho, o batho ba ikarabelelang mo go one. Go tloga bogologolo, baobamedi ba boammaaruri ba ga Jehofa ba ne ba dumela gore o itse se ba se buang le se ba se dirang. (Diane 5:21; 15:3) Ba ne ba ikana e kete ba fa pele ga Modimo, kgotsa ke mosupi wa bone. Ka sekai, Boase, Dafide, Solomone le Sedekia ba ne ba dira jalo. (Ruthe 3:13; 2 Samuele 3:35; 1 Dikgosi 2:23, 24; Jeremia 38:16) Gape baobamedi ba Modimo wa boammaaruri ba ne ba letla batho ba bangwe gore ba ba ikanise. Aborahame le Jesu Keresete ba ne ba dira jalo.—Genesise 21:22-24; Mathaio 26:63, 64.

Ka dinako tse dingwe motho yo o neng a ikana fa pele ga ga Jehofa o ne a dira letshwao lengwe ka seatla go supa gore o a ikana. Aberame (Aborahame) o ne a raya kgosi ya Sodoma a re: “Ke tsholeletsa seatla sa me ka ikano kwa go Jehofa Modimo Mogodimodimo, Modiri wa legodimo le lefatshe.” (Genesise 14:22) Moengele yo o neng a bua le moporofeti Daniele o ne “a tsholeletsa seatla sa gagwe sa moja le seatla sa gagwe sa molema kwa magodimong mme a ikana ka Yo o tshelang ka bosakhutleng.” (Daniele 12:7) Ka tsela ya tshwantshetso le Modimo tota ga twe o ikana ka go tsholetsa seatla sa gagwe.—Duteronome 32:40; Isaia 62:8.

Dikwalo ga di gane gore motho a ikane. Le fa go ntse jalo, Mokeresete ga a tlhoke go ikana go supela sengwe le sengwe se a se buang. Jesu o ne a re: “Fela a lefoko la lona la Ee le reye Ee, Nnyaa wa lona, Nnyaa.” (Mathaio 5:33-37) Morutwa Jakobe le ene o ne a tlhalosa ntlha e e ntseng jalo. Fa a ne a re “tlogelang go ikana” o ne a tlhagisa kgatlhanong le go ikanela dilo tse di sa reng sepe. (Jakobe 5:12) Jesu le Jakobe ga ba ise ba ko ba re ga go a siama go ikana gore o tla bua boammaaruri kwa kgotlatshekelo.

Mme go tweng fa Mokeresete a kopiwa kwa kgotlatshekelo gore a ikane go supa gore se a se buang se boammaaruri? A ka nna a akanya gore a ka dira ikano e e ntseng jalo. Go seng jalo, a ka nna a newa tetla ya gore a tlhomamise gore ga a bue maaka le fa a sa ikane.—Bagalatia 1:20.

Fa e le gore thulaganyo ya kgotlatshekelo ke gore motho a tsholetse seatla kgotsa a se beye mo godimo ga Baebele fa a ikana, Mokeresete a ka nna a dumela go dira jalo. A ka nna a bo a gopotse dikai tsa Dikwalo tsa fa go ne go dirwa letshwao lengwe ka seatla fa go ikanwa. Se se botlhokwa thata mo Mokereseteng go feta go dira letshwao lengwe ka seatla fa motho a ikana ke gore a gakologelwe gore o ikana fa pele ga Modimo gore o tla bua boammaaruri. Go ikana jalo ke kgang e e masisi. Fa Mokeresete a bodiwa potso mo maemong ao mme a akanya gore a ka kgona go e araba e bile o tshwanetse, a a gakologelwe gore o ikanne go bua boammaaruri, e leng se tota Mokeresete a batlang go se bua ka dinako tsotlhe.