Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pele le Morago ga go Ithuta Baebele—Lefoko la Modimo le a Dira

Pele le Morago ga go Ithuta Baebele—Lefoko la Modimo le a Dira

Atamelang Modimo, Mme o Tla lo Atamela”

Pele le Morago ga go Ithuta Baebele—Lefoko la Modimo le a Dira

A O ka bo o kile wa kopana le Tony a sa le mmotlana o ka bo o bone mosimane yo o makgakga yo o ratang ntwa yo o atisang go ya kwa dikarolong dingwe tse di itsegeng ka thubakanyo tsa kwa Sydney, Australia. Dingwe tsa ditsala tsa gagwe e ne e le maloko a digongwana. Ba ne ba tlhola ba thuba ba utswa, ba lwa le digongwana tse dingwe le go thuntshana mo mmileng.

Tony o ne a simolola go goga motsoko a na le dingwaga di le robongwe. Fa a na le dingwaga tse 14, o ne a goga matekwane ka metlha e bile a tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang. Fa a le dingwaga di 16, o ne a tshwakgotswe ke heroine, mme seno sa felela ka gore a dirise khokeine, LSD—“tota ke ne ke dirisa sengwe le sengwe fela se se ka ntsenyang mo maibing,” Tony o tlhalosa jalo. Go tswa foo o ne a ikgolaganya le digopa tse pedi tse di itsegeng tsa dikebekwa gore di nne di mo naya diokobatsi. Go ise go ye kae, Tony o ne a itsege e le mongwe wa batho ba ba ikanyegang thata ba ba rekisang diokobatsi fa lotshitshing lo lo ka fa botlhaba lwa Australia.

Mokgwa wa ga Tony wa go goga heroine le matekwane o ne o mo tseela mo e ka nnang $160 (U.S.) go ya go $320 (U.S.) ka letsatsi. Mme lelapa la gagwe le ne le boga le ka ditsela tse dingwe. A re: “Ka makgetlo a le mmalwa dikebekwa di ne tsa supa nna le mosadi wa me ka ditlhobolo le dithipa di batla diokobatsi le madi a re neng re na le one mo ntlong.” Morago ga gore Tony a tsene mo kgolegelong gararo, o ne a ikutlwa a tshwanelwa ke go sekaseka gore botshelo jwa gagwe bo mo isa kae.

Le fa Tony a ne a tle a ye kerekeng, o ne a ikutlwa a sa rate Modimo yo go tweng o otlhaya baleofi ka go ba fisa kwa diheleng ka bosakhutleng. Le fa go ntse jalo, fa Tony a ne a etelwa ke Basupi bangwe ba babedi ba ga Jehofa, o ne a gakgamalela go utlwa gore Modimo ga a nna jalo. Mme Tony o ne a itumelela go itse gore tota a ka kgona go baakanya botshelo jwa gagwe a bo a segofadiwe ke Modimo. Tony o ne a tlhotlhelediwa ke mafoko ano a ga Jesu Keresete: “Dilo tsotlhe di a kgonega mo Modimong.” (Mareko 10:27) Tony o ne a amiwa thata ke mafoko ano a a kgothatsang: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.”—Jakobe 4:8.

Jaanong Tony o ne a lebane le kgwetlho ya gore a tshele go dumalana le melao ya Baebele. A re: “Selo sa ntlha se ke ileng ka se tlogela ke go goga, mme e le gore ke ne nkile ka leka go go tlogela gantsi ka palelwa. Jehofa o ne a mpha maatla a gore ke kgone go tlogela go dirisa heroine le matekwane, mekgwa e e neng e ntshwakgotse ka dingwaga di le 15 pele ga foo. Ke ne ke ise ke tsamaye ke akanye gore nka kgona go tlogela mekgwa eno.”

Mo boemong jwa go boifa Modimo yo o tlhokofatsang batho mo diheleng ka bosakhutleng—thuto e e seyong mo Baebeleng—Tony le mosadi wa gagwe ba ne ba simolola go nna le tsholofelo ya gore ba tla tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. (Pesalema 37:10, 11; Diane 2:21) Tony o bolela jaana: “Go ne ga ntlhoka nako e ntsi le maiteko a magolo gore ke kgone go simolola go tshela ka melao ya Modimo, mme ke kgonne ka thuso ya ga Jehofa.”

Ee, motho yono yo pele a neng a tshwakgotswe ke diokobatsi o ne a nna Mokeresete. Ene le mosadi wa gagwe ba dirisitse nako ya bone le dithoto tsa bone ka go rata gore ba kgone go dirisa diketekete tsa diura ba ruta batho Baebele. Gape ba tshwaregile ka go godisa bana ba le babedi ba ba boifang Modimo. Phetogo eno e kgolo e ne ya kgonega ka ntlha ya maatla a magolo a Lefoko la Modimo, Baebele. Ee ruri, fela jaaka moaposetoloi Paulo a bolela, “lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla.”—Bahebera 4:12.

Le fa go na le dikai tse di molemo jaaka seno, go na le batho ba ba tatalalang kwantle ga mabaka ba re tiro ya Basupi ba ga Jehofa ya go ruta e e theilweng mo Baebeleng e thuba malapa e bile e senya mekgwa e mentle ya basha. Kgang ya ga Tony e bontsha gore seo ga se boammaaruri.

Fela jaaka Tony, batho ba le bantsi ba ithutile gore go tshwakgoga mo go kotsi go ka fenngwa. Jang? Ka go dumela mo Modimong le go ikaega ka ene le ka Lefoko la gagwe, mmogo le ka tshegetso ya Bakeresete ba bangwe ba ba amegang le ba ba lorato. Tony o konela jaana a itumetse: “Ke bone kafa melaometheo ya Baebele e sireleditseng bongwanake ka teng. Dilo tse ke di ithutileng mo Baebeleng di thusitse gore lenyalo la me le se ka la thubega. Le baagelani ba me ba robala boroko jaanong ka gonne ga ke tlhole ke le kotsi mo go bone.”

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

‘Jehofa o ne a mpha maatla a gore ke kgone go tlogela mokgwa wa go dirisa diokobatsi o ke neng ke sa le ke nna le one ka dingwaga di le 15’

[Lebokoso mo go tsebe 9]

Melaometheo ya Baebele e a Dira

Melaometheo e e farologaneng ya Baebele e ile ya thusa batho ba le bantsi ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi gore ba tlogele mokgwa ono o o koafatsang. Mengwe ya melaometheo eo ke e:

“A re intlafatseng leswe lengwe le lengwe la nama le moya, re itekanedisa boitshepo mo go boifeng Modimo.” (2 Bakorintha 7:1) Go dirisa diokobatsi go kgatlhanong le molao wa Modimo.

“Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale, mme kitso ya Yo O Boitshepotshepo ke se tlhaloganyo e leng sone.” (Diane 9:10) Go boifa Jehofa ka ntlha ya go nna le kitso ya boammaaruri ka ga gagwe le ditsela tsa gagwe go thusitse batho ba le bantsi gore ba tlogele go laolwa ke diokobatsi.

“Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.” (Diane 3:5, 6) Mekgwa e e kotsi e ka latlhwa ka go ikanya Modimo ka pelo yotlhe le go ikaega gotlhelele ka ene.