Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tumelo ya Gago e Nonofile go le Kana Kang?

Tumelo ya Gago e Nonofile go le Kana Kang?

Tumelo ya Gago e Nonofile go le Kana Kang?

“Lo eme ka tumelo ya lona.”—2 BAKORINTHA 1:24.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna le tumelo, mme e ka nonofa jang?

BATLHANKA ba ga Jehofa ba itse gore ba tshwanetse go nna le tumelo. Tota e bile, ‘kwantle ga tumelo ga go kgonege go itumedisa Modimo sentle.’ (Bahebera 11:6) Ka jalo, re tla bo re dira ka botlhale fa re rapelela gore re nne le moya o o boitshepo le tumelo, e e leng lengwe la maungo a a molemo a moya oo. (Luke 11:13; Bagalatia 5:22, 23) Go etsa tumelo ya badumedi ka rona le gone go ka nonotsha tumelo ya rona.—2 Timotheo 1:5; Bahebera 13:7.

2 Tumelo ya rona e tla nonofa fa re nna re latelela tsela e Lefoko la Modimo le reng Bakeresete botlhe ba tsamaye ka yone. Re ka nna le tumelo e e oketsegileng fa re bala Baebele letsatsi le letsatsi le go ithuta Dikwalo ka tlhoafalo re dirisa dikgatiso tse re di newang ke “molebedi yo o boikanyego.” (Luke 12:42-44; Joshua 1:7, 8) Fa re nna gone ka metlha kwa dipokanong, kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo tsa Bokeresete, mongwe le mongwe o kgothadiwa ke tumelo ya ba bangwe. (Baroma 1:11, 12; Bahebera 10:24, 25) Gape fa re bua le ba bangwe mo bodireding tumelo ya rona e a nonofa.—Pesalema 145:10-13; Baroma 10:11-15.

3. Bagolwane ba ba lorato ba Bakeresete ba re thusa jang mo kgannyeng ya tumelo?

3 Fa bagolwane ba ba lorato ba Bakeresete ba re naya kgakololo le kgothatso e e tswang mo Dikwalong, ba re thusa go nonotsha tumelo ya rona. Ba na le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga moaposetoloi Paulo, yo o neng a raya Bakorintha a re: “Re badirimmogo gore lo ipele, gonne lo eme ka tumelo ya lona.” (2 Bakorintha 1:23, 24) Thanolo e nngwe ya re: “Re dira le lona gore re lo itumedise, ka gonne tumelo ya lona e nonofile.” (Contemporary English Version) Basiami ba tshela ka ntlha ya tumelo. Gone ke boammaaruri gore ga go na ope yo o ka bontshang tumelo mo boemong jwa rona kgotsa yo o ka dirang gore re boloke bothokgami ka boikanyegi. Mo ntlheng eno, ‘re tshwanetse go ithwalela morwalo.’—Bagalatia 3:11; 6:5.

4. Dipego tsa Dikwalo kaga batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo di ka thusa jang go nonotsha tumelo ya rona?

4 Mo Dikwalong go na le dipego di le dintsi tsa batho ba ba neng ba na le tumelo. Re ka tswa re itse ka ditiro tsa bone tse dintsi tse di tlhomologileng, mme go tweng ka tumelo e ba neng ba e bontsha letsatsi le letsatsi, gongwe e bile ba e bontshitse botshelo jotlhe jwa bone? Fa gone jaanong re akanya ka tsela e ba neng ba bontsha nonofo eno ka yone mo maemong a a tshwanang le a rona seo se ka re thusa go nonotsha tumelo ya rona.

Tumelo e re Naya Bopelokgale

5. Go na le bosupi bofe mo Dikwalong jo bo bontshang gore tumelo e re nonotsha gore re bolele lefoko la Modimo ka bopelokgale?

5 Tumelo e re nonotsha gore re kgone go bolela lefoko la Modimo ka bopelokgale. Enoke o ne a bolelela pele ka bopelokgale gore katlholo ya Modimo e ne e tla diragadiwa. O ne a re: “Bona! Jehofa o ne a tla le dimiriate tsa gagwe tse di boitshepo, go tla go diragatsa katlholo mo go botlhe, le go supa baikepi botlhe ba le molato mabapi le ditiro tsotlhe tsa bone tsa boikepo tse ba di dirileng ka boikepo, le ka ga dilo tsotlhe tse di tsitsibanyang tse baleofi ba e leng baikepi ba di buileng ka ene.” (Jude 14, 15) Ga go na pelaelo gore baba ba ga Enoke ba ba boikepo ba ne ba batla go mmolaya fa ba sena go utlwa mafoko ano. Le fa go ntse jalo, o ne a bua ka bopelokgale a na le tumelo mme Modimo o ne a “mo tsaya” ka go mo robatsa mo losong, mme go lebega e ne e le ka tsela e e neng ya dira gore a se ka a utlwa botlhoko jwa loso. (Genesise 5:24; Bahebera 11:5) Ga re diragalelwe ke dikgakgamatso tse di tshwanang le eno, mme Jehofa o araba dithapelo tsa rona gore re kgone go bolela lefoko la gagwe ka tumelo le ka bopelokgale.—Ditiro 4:24-31.

6. Noa o ne a thusiwa jang ke tumelo le bopelokgale tse a neng a di neilwe ke Modimo?

6 Ka tumelo, Noa o ne “a aga araka gore go bolokwe ba ntlo ya gagwe.” (Bahebera 11:7; Genesise 6:13-22) Gape Noa e ne e le “moreri wa tshiamo” yo o neng a bolelela batho ba motlha wa gagwe tlhagiso ya Modimo ka bopelokgale. (2 Petere 2:5) Ba tshwanetse ba bo ba ile ba tshega molaetsa wa gagwe wa gore Morwalela o etla, fela jaaka bangwe ba sotla fa re ba naya bosupi jo bo tswang mo Dikwalong jwa gore tsamaiso ya gone jaanong ya dilo e tla tloga e senngwa. (2 Petere 3:3-12) Le fa go ntse jalo, fela jaaka Enoke le Noa, re ka bolelela batho molaetsa o o ntseng jalo ka ntlha ya tumelo le bopelokgale jwa rona jo re bo neilweng ke Modimo.

Tumelo e Dira Gore re Nne Pelotelele

7. Aborahame le ba bangwe ba ne ba bontsha tumelo le bopelotelele jang?

7 Re tlhoka tumelo le bopelotelele, bogolo jang fa re ntse re letetse bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo. Mongwe wa ‘bao ka tumelo le bopelotelele ba tla ruang ditsholofetso’ ke tlhogo ya lotso e bong Aborahame yo o neng a boifa Modimo. (Bahebera 6:11, 12) Ka tumelo o ne a tlogela motse wa Ure le menate yotlhe ya one mme a nna moagi wa moeng kwa nageng e sele e a neng a e solofeditswe ke Modimo. Isake le Jakobe e ne e le baruaboswa ba yone tsholofetso eo. Le fa go ntse jalo, “bano botlhe ba ne ba swa ba na le tumelo, le mororo ba ne ba se ka ba bona go diragadiwa ga ditsholofetso.” Ka tumelo ba ne ‘ba gagamalela lefelo le le botoka, ke gore, la legodimo.’ Ka gone, Modimo “o ba baakanyeditse motse.” (Bahebera 11:8-16) Ee, Aborahame, Isake le Jakobe—le basadi ba bone ba ba boifang Modimo—ba ne ba letela Bogosi Jwa Modimo jwa legodimo ka bopelotelele, jo bo tla dirang gore ba tsosediwe go tshela mo lefatsheng.

8. Aborahame, Isake le Jakobe ba ne ba bontsha bopelotelele le tumelo le fa ba ne ba le mo maemong afe?

8 Aborahame, Isake le Jakobe ga ba a ka ba felelwa ke tumelo. Naga e e Solofeditsweng ga e a ka ya nna ya bone, mme ga ba a ka ba bona ditšhaba tsotlhe di itshegofatsa ka losika lwa ga Aborahame. (Genesise 15:5-7; 22:15-18) Le mororo ‘motse o o agilweng ke Modimo’ o ne o tla nna gone dingwaga di le makgolo a le mantsi moragonyana, banna bano ba ne ba tswelela pele ba bontsha tumelo le bopelotelele mo botshelong jotlhe jwa bone. Ga go na pelaelo gore re tshwanetse go dira se se tshwanang e re ka jaanong Bogosi Jwa ga Mesia bo busa kwa legodimong.—Pesalema 42:5, 11; 43:5.

Tumelo e Dira Gore re Ipeele Mekgele ya Maemo a a Kwa Godimo

9. Tumelo e tlhotlheletsa mekgele e re e ipeelang jang?

9 Batho ba ba ikanyegang ba e neng e le ditlhogo tsa lotso ga ba a ka ba simolola go nna le mekgwa e e bosula ya Bakanana, ka gonne ba ne ba ipeetse mekgele ya maemo a a kwa godimo. Ka tsela e e tshwanang tumelo e dira gore re ipeele mekgele ya semoya e e re thusang gore re se ka ra tshwaediwa ke lefatshe le le namaletseng mo maatleng a yo o boikepo e bong Satane Diabolo.—1 Johane 2:15-17; 5:19.

10. Re itse jang gore Josefa o ne a ipeetse mokgele wa maemo a a kwa godimo go feta go batla go nna motho yo o tlotlometseng mo lefatsheng?

10 Go ya ka kaelo ya Modimo, Josefa morwa Jakobe o ne a nna molaodi wa dijo kwa Egepeto, mme mokgele wa gagwe e ne e se go nna monna yo o tseelwang kwa godimo mo lefatsheng. E re ka Josefa yo o neng a setse a na le dingwaga di le 110 a ne a na le tumelo ya gore Jehofa o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe, o ne a raya bomorwarraagwe a re: “Ke a swa; mme ruri Modimo o tla lebisa tlhokomelo ya gagwe kwa go lona, mme ruri o tla lo ntsha mo lefatsheng leno a lo isa kwa lefatsheng le a neng a le ikanela Aborahame, Isake le Jakobe.” Josefa o ne a kopa gore a fitlhwe kwa nageng e e solofeditsweng. Fa a sena go swa, o ne a omisiwa a bo a tsenngwa mo lekesing kwa Egepeto. Mme fa Baiseraele ba ne ba gololwa mo bokgobeng kwa Egepeto, moporofeti Moshe o ne a rulaganya gore ba tsamaye le marapo a ga Josefa go ya go a fitlha kwa Nageng e e Solofeditsweng. (Genesise 50:22-26; Ekesodo 13:19) Tumelo e e tshwanang le ya ga Josefa e tshwanetse ya re tlhotlheletsa gore re ipeele mekgele ya maemo a a kwa godimo go feta go batla go nna batho ba ba tlotlometseng mo lefatsheng.—1 Bakorintha 7:29-31.

11. Moshe o ne a bontsha ka tsela efe gore o ne a ipeetse mekgele ya semoya?

11 Moshe o ne a “tlhopha go tshwarwa setlhogo le batho ba Modimo go na le go ja monate wa boleo ka nakwana” e le mongwe yo o rutegileng thata wa lelapa la segosi la Egepeto. (Bahebera 11:23-26; Ditiro 7:20-22) Seno se ne sa dira gore a se ka a nna motho wa maemo a a kwa godimo mo lefatsheng le gore gongwe a se ka a direlwa phitlho e kgolo ka lekesi le le kgabisitsweng thata kwa lefelong lengwe le le itsegeng kwa Egepeto. Le fa go ntse jalo, mosola wa seo e ka bo e nnile eng fa o bapisiwa le tshiamelo e a neng a nna le yone ya go nna “monna wa Modimo wa boammaaruri,” motsereganyi wa kgolagano ya Molao, moporofeti wa ga Jehofa le mokwadi wa Baebele? (Esera 3:2) A o batla go gatela pele gore o nne le maemo mo lefatsheng, kgotsa a tumelo e dirile gore o ipeele mekgele ya semoya ya maemo a a kwa godimo go feta seo?

Tumelo e re Naya Botshelo jo bo Kgotsofatsang

12. Tumelo e ile ya ama botshelo jwa ga Rahabe jang?

12 Tumelo ga e dire gore batho ba ipeele mekgele ya maemo a a kwa godimo fela mme gape e dira gore ba nne le botshelo jo bo kgotsofatsang. Rahabe wa kwa Jeriko o tshwanetse a bo a ne a sa kgotsofadiwe ke botshelo jwa gagwe a le seaka. Le fa go ntse jalo, a bo seemo se ne sa fetoga thata jang ne fa a simolola go nna le tumelo! O ne a “bolelwa a siame ka ditiro [tsa tumelo], fa a sena go amogela barongwa [ba Baiseraele] ka tsholo e ntle le go ba ntshetsa kwa ntle ka tsela e nngwe,” gore ba tswe baba ba bone ba Bakanana diatleng. (Jakobe 2:24-26) E re ka Rahabe a ne a tsaya Jehofa e le Modimo wa boammaaruri, gape o ne a bontsha tumelo ka go tlogela go nna seaka. (Joshua 2:9-11; Bahebera 11:30, 31) O ne a nyalana le motlhanka wa ga Jehofa, e seng Mokanana yo o sa dumeleng. (Duteronome 7:3, 4; 1 Bakorintha 7:39) Rahabe o ne a nna le tshiamelo e kgolo ya go nna mmèmogologolwane wa ga Mesia. (1 Ditiragalo 2:3-15; Ruthe 4:20-22; Mathaio 1:5, 6) O tla amogela tuelo e nngwe gape ya go tsosediwa mo lefatsheng la paradaise—jaaka batho ba bangwe, bao bangwe ba bone ba ileng ba tlogela go tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang.

13. Dafide o ne a leofa jang mo kgannyeng ya ga Bathesheba, mme o ne a nna le boikutlo bofe?

13 Go bonala gore fa Rahabe a sena go tlogela botshelo jwa gagwe jwa go nna moleofi, o ne a tswelela a tsamaya ka tsela e e siameng. Le fa go ntse jalo, bangwe ba batho ba ba sa bolong go ineela mo Modimong ba ile ba dira maleo a a masisi. Kgosi Dafide o ne a dira boaka le Bathesheba, a dira gore monna wa gagwe a bolawe mo ntweng a bo a mo tsaya gore e nne mosadi wa gagwe. (2 Samuele 11:1-27) Dafide o ne a ikwatlhaya ka kutlobotlhoko e kgolo mme a kopa Jehofa jaana: “O se ka wa tlosa moya wa gago o o boitshepo mo go nna.” Moya wa Modimo ga wa ka wa tloga mo go Dafide. O ne a na le tumelo ya gore Jehofa ka bopelotlhomogi jwa gagwe ga a kitla a nyatsa “pelo e e phatlogileng le e e gateletsweng” ka ntlha ya boleo. (Pesalema 51:11, 17; 103:10-14) Ka ntlha ya tumelo ya bone, Dafide le Bathesheba ba ile ba nna le tshiamelo ya go nna bangwe ba bagologolwane ba ga Mesia.—1 Ditiragalo 3:5; Mathaio 1:6, 16; Luke 3:23, 31.

Tumelo e Nonotshiwa ke go Tlhomamisega

14. Gidione o ne a tlhomamisediwa ka ditsela dife, mme pego eno e ka ama tumelo ya rona jang?

14 Le mororo re tsamaya ka tumelo, ka dinako tse dingwe re ka nna ra tlhoka go tlhomamisediwa gore Modimo o tla re thusa. Go ne ga nna jalo ka Moatlhodi Gidione, mongwe wa batho “ba ka tumelo ba neng ba fenya magosi mo tlhabanong.” (Bahebera 11:32, 33) Fa Bamidiana le ditšhaba tse ba neng ba ikgolagantse le tsone di ne di tlhasela Iseraele, Gidione o ne a aparelwa ke moya wa Modimo. E re ka a ne a batla gore Jehofa a mo tlhomamisetse gore o na le ene, o ne a akantsha go dira diteko ka boboa jo a neng a tla bo baya mo pontsheng mo seboaneng bosigo jotlhe. Mo tekong ya ntlha, monyo o ne wa nna mo boboeng fela, mme lefatshe la nna le omile. Mo tekong ya bobedi boboa bo ne jwa oma mme lefatshe la tlala monyo. E re ka Gidione yo o kelotlhoko a ne a kgothaditswe ke go tlhomamisediwa jalo, o ne a tsaya kgato ka tumelo mme a fenya baba ba Iseraele. (Baatlhodi 6:33-40; 7:19-25) Fa re batla go tlhomamisediwa ka gonne re tshwanetse go dira tshwetso nngwe, ga go reye gore ga re na tumelo. Tota re bontsha gore re na le tumelo ka go bala Baebele le dikgatiso tsa Bokeresete le ka go rapelela gore re kaelwe ke moya o o boitshepo fa re dira ditshwetso.—Baroma 8:26, 27.

15. Re ka thusiwa jang ke go akanya ka tumelo ya ga Barake?

15 Tumelo ya ga Moatlhodi Barake e ne ya nonotshiwa fa a ne a tlhomamisediwa ka go kgothadiwa. Moporofeti wa mosadi e bong Debora o ne a mo rotloetsa gore a tseye kgato go golola Baiseraele mo kgatelelong ya ga Kgosi Jabine wa Mokanana. E re ka Barake a ne a na le tumelo e bile a tlhomamisegile gore Modimo o tla mo thusa, o ne a etelela pele banna ba le 10 000 ba ba neng ba sa tlhomelela sentle gore ba ye go lwa le mophato o mogolo wa masole a ga Jabine a a neng a eteletswe pele ke Sisera mme ba a fenya. Phenyo eo e ne ya itumelelwa ka pina e e kgatlhang ya ga Debora le Barake. (Baatlhodi 4:1–5:31) Debora o ne a kgothaletsa Barake go tsaya kgato jaaka moeteledipele wa Iseraele yo o tlhomilweng ke Modimo, mme e ne e le mongwe wa batlhanka ba ga Jehofa ba ka tumelo ba neng ba “falatsa masole a batswakwa.” (Bahebera 11:34) Go akanya ka tsela e Modimo a neng a segofatsa Barake ka yone ka ntlha ya go dira ka tumelo go ka re tlhotlheletsa go tsaya kgato fa ka tsela nngwe re okaoka go diragatsa kabelo nngwe e e thata mo tirelong ya ga Jehofa.

Tumelo e Thusa Gore go Nne le Kagiso

16. Aborahame o ne a tlhoma sekao sefe se se molemo sa go senka kagiso le Lote?

16 Fela jaaka tumelo e re thusa go dira ditiro tse di boima mo tirelong ya Modimo, e thusa gape gore go nne le kagiso le thetebalo. Aborahame yo o godileng o ne a letla setlogolo sa gagwe se sebotlana e bong Lote gore a tlhophe mafulo a a molemo fa badisa ba bone ba ne ba omana mme go felela ka gore ba kgaogane. (Genesise 13:7-12) Aborahame o tshwanetse a bo a ne a rapela a na le tumelo gore Modimo o tla mo thusa go rarabolola bothata jono. Go na le gore a ikakanyetse a le nosi, o ne a rarabolola dilo ka kagiso. Fa re iphitlhela re sa utlwane le mokaulengwe wa rona wa Mokeresete, a re rapeleng ka tumelo mme re “senke kagiso,” re ntse re gakologelwa sekao sa ga Aborahame sa go akanyetsa ba bangwe ka lorato.—1 Petere 3:10-12.

17. Ke ka ntlha yang fa re ka bolela gore kganetsano e go lebegang e ne e le teng magareng ga Paulo, Barenabase le Mareko e ne ya fedisiwa ka kagiso?

17 Akanya kafa go dirisa melaometheo ya Bokeresete ka tumelo go ka re thusang ka teng go dira gore go nne le kagiso. Fa Paulo a ne a tla tloga a simolola loeto lwa gagwe lwa bobedi lwa borongwa, Barenabase o ne a dumela kakantsho ya gore ba etele diphuthego tse di kwa Kupero le kwa Asia Minor gape. Le fa go ntse jalo, Barenabase o ne a batla go tsamaya le ntsalae e bong Mareko. Paulo o ne a gana ka gonne Mareko o ne a kile a ba tlogela kwa Pamfilia. Go ne ga tsoga “kgalefelano e e botlhoko” mme kganetsano eno e ne ya dira gore ba kgaogane. Barenabase o ne a tsamaya le Mareko go ya kwa Kupero, mme Paulo ene o ne a tlhopha go tsamaya le Silase mme “a ralala Siria le Kilikia, a nonotsha diphuthego.” (Ditiro 15:36-41) Fa nako e ntse e tsamaya, kgotlhang e go lebegang e ne e le teng e ne ya fela, ka gonne Mareko o ne a na le Paulo kwa Roma, mme moaposetoloi yoo o ne a mmua sentle. (Bakolosa 4:10; Filemone 23, 24) Fa Paulo e ne e le legolegwa kwa Roma mo e ka nnang ka 65 C.E., o ne a raya Timotheo a re: “Tsaya Mareko mme o tle le ene, gonne o mosola mo go nna mo go direleng.” (2 Timotheo 4:11) Go lebega Paulo a ile a rapelela kamano ya gagwe le Barenabase le Mareko fa a ne a rapela ka tumelo, mme seno se ne sa felela ka thetebalo e e amanang le “kagiso ya Modimo.”—Bafilipi 4:6, 7.

18. Go ka tswa go ile ga diragalang mo kgannyeng ya ga Yudia le Sentike?

18 Gone ke boammaaruri gore e re ka re sa itekanela, “rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi.” (Jakobe 3:2) Go ne ga nna le mathata magareng ga basadi bangwe ba babedi ba Bakeresete, ba Paulo a ileng a kwala jaana ka bone: “Yudia ke a mo rotloetsa le Sentike ke a mo rotloetsa gore ba nne ba mogopolo o o tshwanang mo Moreneng. . . . Nna o thuse basadi bano ba ba oleng ba tsoga le nna mo dikgannyeng tse di molemo.” (Bafilipi 4:1-3) Basadi bano ba ba ratang Modimo ba tshwanetse ba bo ba ile ba rarabolola bothata jwa bone ka kagiso ka go dirisa kgakololo e e tshwanang le e e kwadilweng mo go Mathaio 5:23, 24. Go dirisa melaometheo ya Dikwalo ka tumelo go ka thusa thata go dira gore go nne le kagiso gompieno.

Tumelo e re Thusa go Itshoka

19. Ke boemo bofe jo bo boima jo bo sa kang jwa fedisa tumelo ya ga Isake le Rebeka?

19 Fa re na le tumelo gape re ka itshokela mathata. Gongwe re tshwenyegile thata ka gonne mongwe yo o kolobeditsweng wa lelapa la rona o ile a tlola molao wa Modimo ka go nyalana le mongwe yo o sa dumeleng. (1 Bakorintha 7:39) Isake le Rebeka ba ne ba boga ka gonne morwa wa bone Esau o ne a nyetse basadi ba ba sa obameleng Modimo. Basadi ba gagwe ba Bahite ‘ba ne ba utlwisa moya wa bone botlhoko’—mo e leng gore Rebeka o ne a re: “Ke simolotse go ila botshelo jono jwa me ka ntlha ya bomorwadia Hethe. Fa go ka diragala gore Jakobe a tseye mosadi mo go bomorwadia Hethe jaaka bano ba ba tswang mo go bomorwadia lefatshe leno, botshelo bo na le molemo wa eng mo go nna?” (Genesise 26:34, 35; 27:46) Le fa go ntse jalo, seemo seno se se boima ga se a ka sa fedisa tumelo ya ga Isake le Rebeka. E kete re ka nna re na le tumelo e e nonofileng fa re lebana le mathata a a boima.

20. Naomi le Ruthe ba re tlhometse sekao sefe sa tumelo?

20 Motlholagadi yo o neng a tsofetse e bong Naomi e ne e le Mojudea mme o ne a itse gore basadi bangwe ba kwa Juda ba ne ba ka nna ba tshola barwa ba ba neng ba tla nna bagologolwane ba ga Mesia. Le fa go ntse jalo, e re ka barwa ba gagwe ba ne ba sule ba se na bana e bile ene a ne a sa tlhole a kgona go tshola, go ne go lebega go ka se kgonege gore bangwe ba lelapa la gagwe e nne bagologolwane ba ga Mesia. Le fa go ntse jalo, ngwetsi ya gagwe ya motlholagadi e bong Ruthe o ne a nyalwa ke Boase yo o tsofetseng, a mo tsholela morwa, mme ka jalo a nna mmemogologolwane wa ga Jesu, Mesia! (Genesise 49:10, 33; Ruthe 1:3-5; 4:13-22; Mathaio 1:1, 5) Naomi le Ruthe ba ile ba tswelela pele ba na le tumelo e e neng ya ba tlisetsa boipelo le fa ba ne ba na le mathata. Le rona re tla ipela thata fa re nna re na le tumelo le fa re na le mathata.

21. Tumelo e re thusa jang, mme re tshwanetse ra ikemisetsa go dira eng?

21 Le fa mongwe le mongwe wa rona a ka se ka a itse gore o tla diragalelwa ke eng mo isagweng, re ka kgona go lebana le bothata bongwe le bongwe fela fa re na le tumelo. Tumelo e dira gore re nne pelokgale re bo re nne pelotelele. E dira gore re ipeele mekgele ya maemo a a kwa godimo re bo re nne le botshelo jo bo kgotsofatsang. Tumelo e dira gore re nne le kamano e e molemo le ba bangwe e bile e tswelela e le teng le fa go na le mathata. Ka jalo a re nneng “mofuta o o nang le tumelo gore re kgone go boloka moya o tshela.” (Bahebera 10:39) A re tsweleleng pele re na le tumelo e e nonofileng ka maatla a re a newang ke Modimo wa rona yo o lorato, Jehofa, mme re mo isetse kgalalelo.

O ka Araba Jang?

• Ke bosupi bofe jwa Dikwalo jo bo bontshang gore tumelo e ka dira gore re nne pelokgale?

• Ke ka ntlha yang fa re ka bolela gore tumelo e re naya botshelo jo bo kgotsofatsang?

• Tumelo e dira jang gore go nne go na le kagiso?

• Ke bosupi bofe jo bo bontshang gore tumelo e re thusa go itshokela mathata?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Tumelo e ile ya thusa Noa le Enoke gore ba nne le bopelokgale jwa go bolela melaetsa ya ga Jehofa

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Tumelo e e tshwanang le ya ga Moshe e re rotloetsa go ipeela mekgele ya semoya

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Tumelo ya ga Barake, Debora le Gidione e ile ya nonotshiwa ke go tlhomamisediwa gore Modimo o tla ba thusa