Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Yo o Molemo o Amogelwa ke Modimo’

‘Yo o Molemo o Amogelwa ke Modimo’

Yo o Molemo o Amogelwa ke Modimo’

JEHOFA MODIMO ke ene a neileng dilo tsotlhe botshelo. (Pesalema 36:9) Ee, “ka ene re na le botshelo mme re a tshikhinyega e bile re gone.” (Ditiro 17:28) Mme a dipelo tsa rona ga di phophome ka kanaanelo fa re akanya ka melemo e a e nayang batho ba ba nang le kamano e e gaufi le ene? Aitsane, “mpho e Modimo a e nayang ke botshelo jo bo sa khutleng.” (Baroma 6:23) A bo go le botlhokwa jang ne gore re batle gore Jehofa a re amogele!

Mopesalema o re tlhomamisetsa gore ‘Modimo o boutlwelobotlhoko.’ (Pesalema 84:11) Mme o bo bontsha bomang? Gantsi gompieno batho ba rata ba bangwe ba lebile thutego ya motho, khumo, mmala, lotso le dilo tse dingwe tse di ntseng jalo. Modimo o utlwela bomang botlhoko? Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo o araba jaana: “Yo o molemo o amogelwa ke Jehofa, mme o bolela motho wa dikgopolo tse di boikepo e le yo o boikepo.”Diane 12:2.

Go bonala sentle gore Jehofa o itumedisiwa ke motho yo o molemo. Motho yo o molemo o na le dinonofo tse di tshwanang le go kgona go ikgalemela, o dira dilo ka tshiamo, o boikokobetso, o kutlwelobotlhoko e bile o matsetseleko. Dikakanyo tsa gagwe di siame, mafoko a gagwe a a kgothatsa mme se a se dirang se siame e bile se solegela ba bangwe molemo. Karolo ya ntlha ya kgaolo 12 ya buka ya Baebele ya Diane e bontsha kafa bomolemo bo tshwanetseng jwa tlhotlheletsa botshelo jwa rona jwa letsatsi le letsatsi ka teng, mme e bontsha melemo e motho a ka e bonang ka ntlha ya go bontsha nonofo eno. Go sekaseka se se buiwang mo kgaolong eo go tla re naya “temogo ya go dira molemo.” (Pesalema 36:3) Fa re dirisa kgakololo ya yone e e botlhale, seno se tla re thusa gore re amogelwe ke Modimo.

Kotlhao e Botlhokwa

Solomone o bolela jaana: “Morati wa kotlhao ke morati wa kitso, mme yo o tlhoileng kgalemelo ga a akanye.” (Diane 12:1) E re ka motho yo o molemo a batla go tokafatsa botshelo jwa gagwe, o rata kotlhao. O bonako go dirisa kgakololo e a e newang kwa dipokanong tsa Bokeresete kgotsa fa a ntse a tlotla le ba bangwe. Mafoko a a mo Dikwalong le mo dikgatisong tse di theilweng mo Baebeleng a tshwana le sengwe se se mo tlhabang gore a latele tsela e e siameng. O batla kitso mme o e dirisetsa go tlhamalatsa ditselana tsa gagwe. Ee, motho yo o ratang kotlhao gape ke morati wa kitso.

A bo kotlhao e le sengwe se se botlhokwa thata jang ne mo baobameding ba boammaaruri—segolo jang gore motho a ikgaleme! Re ka eletsa gore re ka bo re na le kitso e e boteng ya Lefoko la Modimo. Re ka nna ra eletsa gore re nne le matswela thata mo bodireding jwa Bokeresete le go nna barutisi ba ba molemo ba Lefoko la Modimo. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Le fa go ntse jalo, motho o tshwanetse go ikgalema gore a kgone go dira dilo tseno tse a di eletsang. Gape motho o tshwanetse go ikgalema le mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo. Ka sekai, gompieno go na le dilo tse dintsi tse di tsosang keletso e e sa siamang. Ka jalo, seno se tlhoka gore motho a ikgaleme gore a laole leitlho la gagwe gore le se ka la leba dilo tse di sa siamang. Mo godimo ga moo, e re ka “tshekamelo ya pelo ya motho e [le] bosula go tloga bosheng,” go ka direga gore motho a simolole go nna le dikakanyo tse di sa siamang tse di fitlhegileng mo mogopolong. (Genesise 8:21) Motho o tlhoka go ikgalema gore a se ka a akanya ka dilo tse di ntseng jalo.

Kafa letlhakoreng le lengwe, motho yo o sa rateng go kgalemelwa, ga a rate go otlhaiwa e bile ga a rate kitso. Fa motho a ineela mo tlwaelong ya boleo e batho ba nang le yone ya go sa batle go kgalemelwa, o tshwana fela le phologolo e e sa akanyeng—phologolo e e sa itseng se se siameng le se se sa siamang. Re tshwanetse go dira bojotlhe go tila tlwaelo eno.

‘Medi E e Ka se Kumolweng’

Mme gone, motho yo o siameng a ka se nne motho yo o bosula kgotsa yo o sa siamang. Ka jalo go tlhokega gore motho e nne yo o siameng gore Jehofa a mo amogele. Kgosi Dafide o ne a opela jaana: “Wena ka bowena Jehofa, o tla segofatsa ope fela yo o siameng; o tla ba dikanyetsa ka kamogelo, jaaka e kete ke ka thebe e kgolo.” (Pesalema 5:12) Solomone o bua jaana fa a bapisa boemo jwa basiami le jwa baikepi: “Ga go na motho yo boikepo bo tla mo tlhomamisang thata; mme fa e le modi o o itsetsepetseng wa basiami, ga o na go kgokgweediwa.”Diane 12:3.

Baikepi ba ka nna ba lebega ba atlega. Akanya ka se se diragaletseng mopesalema Asafe. A re: “Fa e le nna, dinao tsa me di ne di batlile di fapoga, dikgato tsa me di ne di batlile di reledisiwa.” Ka ntlha yang? Asafe o araba jaana: “Ke ne ka tswela baipelafatsi pelo, fa ke ne ke bona kagiso ya baikepi.” (Pesalema 73:2, 3) Mme fa a ne a tsena mo lefelong le le boitshepo la tempele ya Modimo, o ne a lemoga gore Jehofa o ne a ba beile mo lefelong le le reledisang. (Pesalema 73:17, 18) Tsela epe e go bonalang baikepi ba atlega ka yone ke ya nakwana fela. A re tshwanetse go ba tswela pelo?

Go farologana le moo, motho yo o amogelwang ke Jehofa o tlhomame. Fa Solomone a dirisa tshwantshiso ya kafa medi ya setlhare e itsetsepetseng ka teng, o ne a re: “Medi ya basiami ga nke e kumolwa.” (Diane 12:3, The New English Bible) Medi e e sa bonaleng ya setlhare se segolo sa sequoia sa kwa California, e ka fitlhelela diheketara tse di fetang 1,5 mme e ka dira gore setlhare se itsetsepele fa go na le merwalela le fa go na le difefo tse dikgolo. Setlhare sa sequoia se se goletseng kwa godimo thata se ka sala se eme le fa go ka nna le thoromo e kgolo ya lefatshe.

Fela jaaka medi e e mo mmung o o nonneng, ditlhaloganyo tsa rona le dipelo tsa rona di tshwanetse go epa Lefoko la Modimo le go solegelwa molemo ke metsi a lone a a nayang botshelo. Ka jalo, tumelo ya rona e a itsetsepela e bile e a nonofa, mme tsholofelo ya rona e a tlhomama. (Bahebera 6:19) Ga re kitla re “heheutlwa ke makhubu e bile re akgaakgelwa kwa le kwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto [ya maaka].” (Baefeso 4:14) Mme gone, diteko tse di boima di tla re utlwisa botlhoko e bile re ka nna ra boifa fa re lebane le mathata. Mme ‘medi e e itsetsepetseng ga e na go kgokgweediwa.’

“Mosadi yo o Nang le Bokgoni ke Serwalo mo go Mong wa Gagwe”

Go tlwaelegile go utlwa go twe, “Monna mongwe le mongwe yo o atlegileng o engwe nokeng ke mosadi yo o molemo.” Solomone o ne a bua jaana fa a ne a bontsha botlhokwa jwa mosadi yo o emang monna wa gagwe nokeng: “Mosadi yo o nang le bokgoni ke serwalo mo go mong wa gagwe, mme o tshwana le sebodu mo marapong a mong wa gagwe fa a itshwara ka matlhabisa ditlhong.” (Diane 12:4) Lefoko le le reng “bokgoni” le akaretsa dikarolo tse dintsi tsa bomolemo. Bomolemo jwa mosadi yo o siameng, jaaka bo tlhalosiwa mo go Diane kgaolo 31, bo akaretsa go dira ka natla, go ikanyega, le go nna botlhale. Mosadi yo o nang le dinonofo tseno ke serwalo mo monneng wa gagwe ka gonne boitshwaro jwa gagwe jo bontle bo dira gore monna wa gagwe a tlotlege e bile o nna le seriti mo bathong ba bangwe. Ga a ke a itirela dilo fela kgotsa a gaisana le monna wa gagwe. Go na le moo, ke mothusi wa monna wa gagwe.

Mosadi o ka itshwara jang ka tsela e e tlhabisang ditlhong, mme seo se ka felela jang? Boitshwaro jono jwa matlhabisa ditlhong bo ka akaretsa go nna manganga le go dira boaka. (Diane 7:10-23; 19:13) Fa mosadi a dira jalo o utlwisa monna wa gagwe botlhoko thata. Buka nngwe ya re o ntse jaaka “sebodu mo marapong a gagwe” ka tsela ya gore “o a mo koafatsa, jaaka bolwetse bo koafatsa mmele wa motho.” Buka e nngwe ya re “gompieno re ka nna ra re mosadi yo o ntseng jalo ‘o ntse jaaka kankere’—e leng bolwetse jo bo fetsang maatla a motho.” E kete basadi ba Bakeresete ba ka leka go dira gore Modimo a ba amogele ka go nna le dinonofo tse di molemo tsa mosadi yo o nang le bokgoni.

Go Simolola ka Dikakanyo, go Latele Ditiro, go Felele ka Ditlamorago

Dikakanyo di gogela mo ditirong mme ditiro tsone di nna le ditlamorago. Go tswa foo Solomone o tlhalosa kafa dikakanyo di fetogang ditiro ka gone, a bapisa batho ba ba siameng le ba ba boikepo. A re: “Dikakanyo tsa basiami ke tshiamiso; kaelo ya baikepi ke tsietso. Mafoko a baikepi ke go lalela madi, mme molomo wa bathokgami ke one o tla ba gololang.”Diane 12:5, 6.

Batho ba ba molemo ga ba akanye ka dilo tse di sokameng mme ba akanya ka dilo tse di molemo le tse di siameng. E re ka batho ba ba siameng ba tlhotlhelediwa ke go bo ba rata Modimo le batho ba bangwe, ba na le maitlhomo a a siameng. Kafa letlhakoreng le lengwe baikepi bone ba tlhotlhelediwa ke bopelotshetlha. Ka gone, maano a bone—ditsela tse ba fitlhelelang maikaelelo a bone ka tsone—ke tsa tsietso. Ditiro tsa bone ke tsa boferefere. Ga ba tshabe go beela batho ba ba se nang molato serai, gongwe e le kwa kgotlatshekelo ka go ba latofatsa ka maaka. Mafoko a bone ke “go lalela madi” ka gonne ba batla go utlwisa batho ba ba se nang molato botlhoko. E re ka batho ba ba siameng ba itse ka maano a bone a a bosula e bile ba na le botlhale jo bo ka ba thusang gore ba nne kelotlhoko, ba kgona go tila kotsi eno. Mme e bile ba ka nna ba kgona go tlhagisa batho ba ba seng kelotlhoko, ba ba thusa gore ba se ka ba tsiediwa ke maano a ba ba boikepo.

Go tla diragala eng ka batho ba ba siameng le ba ba boikepo? Solomone o araba jaana: “Baikepi ba a ribegediwa ba bo ba sa tlhole ba le teng, mme ntlo ya basiami e tla nna e eme.” (Diane 12:7) Buka nngwe ya re ntlo “e emela legae le sengwe le sengwe se motho a se tsayang se le botlhokwa, gore a kgone go itumelela botshelo.” E bile e ka raya lelapa le bana ba motho yo o siameng. Mme gone, ntlha e e tlhalosiwang ke seane seno e utlwala sentle: Batho ba ba siameng ba tla ema ba nitame fa ba lebane le mathata.

Yo o Ikokobeditseng o mo Boemong jo bo Botoka

Fa kgosi ya Iseraele e ne e gatelela botlhokwa jwa go nna le temogo e ne ya re: “Gonne motho o tla bakelwa molomo wa gagwe o o botlhale, mme yo o pelo e e sokameng o tla nyadiwa.” (Diane 12:8) Motho yo o nang le temogo ga a itlhaganelele go bua. O akanya pele a bua mme o nna ka kagiso le batho ba bangwe ka gonne “molomo wa gagwe o o botlhale” o dira gore a tlhophe mafoko a gagwe ka kelotlhoko. Fa motho yo o nang le temogo a bodiwa dipotso tsa boeleele kgotsa tsa go fopholetsa, o kgona go ‘thibela mafoko a gagwe.’ (Diane 17:27) Motho yo o ntseng jalo o a bakwa e bile o itumedisa Jehofa. A bo a farologane jang ne le motho yo o nang le dikakanyo tse di sokameng tse di tswang mo ‘pelong e e sokameng’!

Ee, motho yo o botlhale o a bakwa mme seane se se latelang se re ruta ka mosola wa go nna boikokobetso. Sa re: “Go botoka yo o tseelwang kwa tlase mme a na le motlhanka go na le yo o ikgalaletsang mme a tlhoka senkgwe.” (Diane 12:9) Go bonala Solomone a kaya gore go botoka go nna motho yo o ikokobeditseng yo o sa humang, yo o nang le motlhanka a le mongwe fela, go na le go senya madi a o ka bong o a dirisa go reka dilo tse o di tlhokang thata mo botshelong e le fela go leka go tshela botshelo jwa maemo a a kwa godimo. Ruri eno ke kgakololo e e molemo mo go rona—gore re tshele ka se re nang le sone!

Botshelo Jwa Temothuo bo re Ruta Sengwe ka go Nna Molemo

Solomone o re ruta dithuto tse pedi malebana le go nna molemo ka go dirisa botshelo jwa temothuo e le setshwantsho. A re: “Mosiami o tlhokomela moya wa seruiwa sa gagwe, mme mautlwelobotlhoko a baikepi a setlhogo.” (Diane 12:10) Motho yo o siameng o tshwara diphologolo tsa gagwe sentle. O itse se di se tlhokang e bile o amega ka boitekanelo jwa tsone. Motho yo o boikepo a ka nna a bolela gore o amega ka diphologolo mme a sa tshwenyege ka se di se tlhokang. Maitlhomo a gagwe ke a bopelotshetlha mme tsela e a tshwarang diphologolo ka yone e ikaegile ka poelo e a tla e dirang ka tsone. Motho yo o ntseng jalo a ka nna a tshwara diphologolo setlhogo a tsaya gore ke yone tsela ya go di tlhokomela sentle.

Molaomotheo wa go tshwara diphologolo sentle o tshwanetse go dirisiwa le mo kgannyeng ya go tlhokomela diruiwa. Go tla bo go le setlhogo jang ne go rua diruiwa mme o bo o sa di tlhokomele kgotsa o di sotla! Fa phologolo e lwala thata kgotsa e gobetse, go ka nna ga nna molemo go e bolaya.

Fa Solomone a dira sekai ka karolo e nngwe ya botshelo jwa temothuo—go lema mmu—a re: “Yo o lemang mmu wa gagwe o tla kgora senkgwe.” Ee, go dira ka natla go na le maduo. “Mme yo o latelelang dilo tse di se nang mosola ga a botlhale.” (Diane 12:11) Ka ntlha ya go sa akanyetse dilo sentle kgotsa go sa tlhaloganye sentle, motho yo o ‘seng botlhale’ o lekeletsa dikgwebo tse di se nang mosola tse di belaetsang le tse di kotsi. Dithuto tse re di rutiwang mo ditemaneng tse pedi tseno di utlwala sentle: Nna kutlwelobotlhoko mme o dire ka natla.

Motho yo o Siameng o a Atlega

Kgosi e e botlhale ya re: “Moikepi o eleditse se se tsomilweng se se mo letloweng sa batho ba ba bosula.” (Diane 12:12a) Moikepi o dira seo jang? Gongwe ka go eletsa dithoto tsa boferefere.

Go ka tweng ka motho yo molemo? Motho yo o ntseng jalo o rata go kgalemelwa e bile o na le tumelo e e nonofileng. O siame, o botlhale mme o boikokobetso, o pelotlhomogi e bile o dira ka natla. Solomone a re: “Mme fa e le modi wa basiami o a ungwa.” (Diane 12:12b) An American Translation ya re: “Modi wa mosiami o tla nnela ruri.” Motho yo o ntseng jalo o tlhomame e bile o babalesegile. Eleruri, ‘yo o molemo o amogelwa ke Modimo.’ Ka jalo, a re ‘ikanye Jehofa mme re dire molemo.’—Pesalema 37:3.

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Fela jaaka setlhare se se itekanetseng, tumelo ya motho yo o siameng e nonofile