Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba “Utlwa” Molaetsa wa Bogosi Kwa Brazil

Ba “Utlwa” Molaetsa wa Bogosi Kwa Brazil

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Ba “Utlwa” Molaetsa wa Bogosi Kwa Brazil

E LE gore Basupi ba ga Jehofa kwa Brazil ba kgone go bolelela batho ba Bosusu dikgang tse di molemo tsa Bogosi, ba le bantsi ba bone ba amogetse kgwetlho ya go ithuta Puo ya Diatla ya Brazil. Maiteko a bone a nna le matswela a a molemo thata, jaaka fa maitemogelo a a latelang a bontsha.

Eva, * mosadi yo o susu kwa São Paulo, o ne a simolola go ithuta puo ya diatla fa ene le bana ba gagwe ba bararo ba sena go nna le monna mongwe yo o susu. Kwa marekelong, Eva le lekau la gagwe ba ne ba kopana le setlhopha sa bosusu sa Basupi mme ba ne ba ba laletsa go ya pokanong kwa Holong ya Bogosi. Ba ne ba amogela taletso eo, ba ithaya ba re e ne e le go ba etela fela.

Ka ntlha ya go bo Eva a ne a sa itse puo ya diatla go le kalo, o ne a tlhaloganya go le gonnye mo go se se neng se buiwa kwa dipokanong. Moragonyana, Basupi ba le mmalwa ba ne ba mo laletsa gore a tle dijong tse di motlhoswana kwa legaeng la bone. Ba ne ba dirisa ditshwantsho tse di mo boroutšhareng jwa Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng! go tlhalosa se Modimo a se solofeditseng ka paradaise ya mo lefatsheng mo isagweng. Eva o ne a rata se a neng a se ithuta mme o ne a simolola go nna gone kwa dipokanong ka metlha.

Go ise go ye kae morago ga moo, Eva o ne a tlogela lekau la gagwe gore a tle a kgone go tshela ka ditekanyetso tsa Baebele. Le mororo a ne a ganediwa ke ba lelapa la gagwe, o ne a tswelela go gatela pele semoyeng mme a kolobediwa ka 1995. Dikgwedi di le thataro moragonyana, Eva o ne a ikwadisa jaaka mmulatsela kgotsa mmoledi wa nako e e tletseng wa Bogosi. Fa e sa le ka nako eo o setse a thusitse bosusu ba le banè gore ba ineele ba bo ba kolobediwe.

Carlos o tsetswe e le susu. Go tloga fa a sa ntse a le monnye, o ne a dirisa diokobatsi, a sa itshware sentle e bile a utswa. E re ka a ne a tshosediwa ke maloko a mangwe a segongwana sa bone, o ne a tshabela kwa São Paulo mme a nna le João ka lobakanyana. João fela jaaka Carlos, e ne e le susu e bile a tshela botshelo jo bo sa siamang.

Dingwaga di le mmalwa moragonyana, Carlos o ne a ithuta molaetsa wa Bogosi, mme o ne wa mo tlhotlheletsa gore a fetole botshelo jwa gagwe a bo a kwadise lenyalo la gagwe semolao. Fa Carlos a sena go fetola botshelo jwa gagwe tumalanong le Dikwalo, o ne a kolobediwa go bontsha boineelo jwa gagwe go Jehofa. Go ntse go le jalo, Carlos a sa itse, João le ene o ne a setse a ile a utlwa dikgang tse di molemo mme le ene a dirile diphetogo di le dintsi mo botshelong jwa gagwe. Fa João a sena go ithuta gore Jehofa ga a amogele go dirisa ditshwantsho, o ne a latlha “ditshwantsho” tse a neng a na le tsone. Fa João a sena go tlogela mokgwa wa gagwe wa pele wa go tshela, o ne a kolobediwa.

A bo Carlos le João ba ne ba itumetse thata jang ne fa ba ne ba kopana kwa Holong ya Bogosi mme ba bona diphetogo tse mongwe le mongwe wa bone a di dirileng! Gone jaanong ka bobedi jwa bone ke ditlhogo tsa malapa e bile ke baboledi ba ba tlhagafetseng ba Bogosi.

Gone jaanong go na le diphuthego tsa bosusu di le 30 le ditlhopha di le 154 kwa Brazil, ka baboledi ba ba fetang 2 500 mme ba le 1 500 ba bone ke bosusu. Kwa Dikopanong Tsa Kgaolo Tsa “Barutisi ba Lefoko la Modimo” tsa bosusu tsa 2001 kwa Brazil, batho ba ba fetang 3 000 ba ne ba le gone mme go ne ga kolobediwa ba le 36. Re solofela gore bosusu ba le bantsi ba tla amogela molaetsa wa Bogosi ka thuso ya ga Jehofa.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Maina a fetotswe.