Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bopeloephepa—Ke Selo se se Rategang, Mme a ke Jone Fela jo bo Tlhokegang?

Bopeloephepa—Ke Selo se se Rategang, Mme a ke Jone Fela jo bo Tlhokegang?

Bopeloephepa—Ke Selo se se Rategang, Mme a ke Jone Fela jo bo Tlhokegang?

A TOTA bopeloephepa ke nonofo e e rategang mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi? Dikishinare nngwe e tlhalosa “bopeloephepa” e le “go se itsheme kgotsa go se itimokanye; go ikanyega; go bua puo phaa; go nna boammaaruri.” Go phepafetse gore nonofo eno e mosola mo go direng gore motho a nne le dikamano tse di molemo le ba bangwe. Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola jaana: “Nnang kutlo mo go sengwe le sengwe mo go ba e leng beng ba lona ka tlhaloganyo ya senama, e seng ka ditiro tsa go direla fa lo lebilwe, jaaka bakgatlhi ba batho, fa e se ka bopeloephepa jwa pelo, ka go boifa Jehofa.” (Bakolosa 3:22) Ke mang yo o neng a ka se rate go berekelwa ke motho yo o ntseng jalo yo o peloephepa? Gompieno, batho ba ba peloephepa ba ka nna le tshono e e botoka ya go bona tiro le go dira gore e se ka ya ba latlhegela.

Le fa go ntse jalo, se se dirang gore bopeloephepa e nne selo se se rategang thata jaana, ke tsela e bo amang botsalano jwa rona le Modimo ka yone. Baiseraele ba bogologolo ba ne ba itumelela masego a Modimo fa ba ne ba ikobela melao le go keteka meletlo ka kelotlhoko. Fa Paulo a ne a tlhalosa ka bophepa jwa phuthego, o ne a kgothaletsa Bakeresete jaana: “A re bolokeng moletlo, e seng ka sebediso se segologolo, le fa e le ka sebediso sa bosula le boikepo, mme ka dikuku tse di sa bedisiwang tsa bopeloephepa le boammaaruri.” (1 Bakorintha 5:8) Gore Modimo a amogele kobamelo ya rona, ga se fela gore go gontle go nna le bopeloephepa mme gape go botlhokwa gore re nne le nonofo eno. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore bopeloephepa ka bojone fela ga bo a lekana. Bo tshwanetse go tsamaisana le boammaaruri.

Baagi le bapalami ba Titanic ba ka ne ba ne ba dumela ka bopeloephepa gore sekepe seo ga se ka ke sa nwela. Le fa go ntse jalo, mo loetong lwa sone lwa ntlha mo lewatleng ka 1912, se ne sa thula thabakgapetla mme go ne ga swa batho ba le 1 517. Bajuda bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ka tswa ba ne ba dumela ka bopeloephepa gore tsela e ba neng ba obamela Modimo ka yone e siame, mme tlhoafalo ya bone e ne ‘e se go ya ka kitso ya boammaaruri.’ (Baroma 10:2) Gore re tle re amogelwe ke Modimo, se re se dumelang ka bopeloephepa se tshwanetse sa bo se tswa mo tshedimosetsong e e boammaaruri. Basupi ba ga Jehofa mo lefelong la lona ba tla itumelela go go thusa go sekaseka se se batlegang gore re direle Modimo ka bopeloephepa le ka boammaaruri.